Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Tumelo ya Bone

O ne A ba Sireletsa, a ba Tlamela A bo A Itshoka

O ne A ba Sireletsa, a ba Tlamela A bo A Itshoka

JOSEFA o ne a pega morwalo o mongwe mo tonking. Leka go mmona ka leitlho la mogopolo a leba motse o o lefifi wa Bethelehema a ntse a itaya letlhakore la phologotswana eno e e nonofileng e e rweleng morwalo. O tshwanetse a bo a ne a akantse ka loeto lo lo larileng kwa pele. Egepeto! Setšhaba se sele, puo e sele, dingwao di sele—tota lelapa la gagwe le lennye le ne le tla lebana jang le diphetogo tseo tse dintsi?

Go ne go se motlhofo gore Josefa a bolelele mosadi wa gagwe yo o rategang e bong Marea, dikgang tse di seng monate, mme o ne a ipeta pelo a bo a mmolelela. O ne a mmolelela ka toro e mo go yone moengele a neng a mmolelela molaetsa ono o o tswang kwa Modimong: Kgosi Herode o ne a batla go bolaya morwaabone yo mmotlana! Ba ne ba tshwanelwa ke go fuduga ka yone nako eo. (Mathaio 2:13, 14) Marea o ne a tshwenyegile thata. Go tla jang gore motho a bo a batla go bolaya ngwana wa gagwe yo o se nang molato e bile a ka se tlhagisetse ope kotsi? Josefa le Marea ba ne ba sa tlhaloganye. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ikanya Jehofa mme ba ipaakanyetsa go tsamaya.

E re ka batho ba kwa Bethelehema ba ne ba robetse mme ba sa bone se se diregang, Josefa, Marea le Jesu ba ne ba tswa mo motseng go le lefifi. Fa ba ntse ba ya kwa ntlheng ya borwa mme loapi lo simolola go apoga kwa ntlheng ya botlhaba, Josefa o tshwanetse a bo a ile a ipotsa gore go ne go larile eng kwa pele. Mmetli yono wa maemo a a kwa tlase o ne a ka sireletsa jang lelapa la gagwe mo mmusing yono yo o maatla? A o ne a tla kgona go tlamela ba lelapa la gagwe ka metlha? A o ne a tla kgona go itshoka fa a ntse a dira kabelo e e boima e Jehofa Modimo a mo neileng yone ya go tlhokomela le go godisa ngwana yono yo o sa tshwaneng le ope? Josefa o ne a lebane le dikgwetlho tse di boima. Fa re ntse re sekaseka kafa a ileng a kgona go lebana le nngwe le nngwe ya tsone ka teng, re tla bona gore ke ka ntlha yang fa borre gompieno—le mongwe le mongwe wa rona—ba tshwanetse go etsa tumelo ya ga Josefa.

Josefa O ne A Sireletsa Lelapa la Gagwe

Dikgwedi pele ga moo, kwa motseng wa gaabo wa Nasaretha, botshelo jwa ga Josefa bo ne jwa fetogela ruri fa a sena go beeletsa morwadia Heli. Josefa o ne a itse Marea e le lekgarebe le le siameng e bile le na le tumelo e e nonofileng. Mme o ne a utlwalela gore o ne a imile! O ne a ikaelela go mo tlhala mo sephiring gore a se ka a mo tlhabisa ditlhong. * Le fa go ntse jalo, moengele o ne a bua le ene mo torong a mo tlhalosetsa gore Marea o ne a imisitswe ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa. Moengele o ne a bo a oketsa ka gore morwa yo a mo imileng o ne a tla “boloka batho ba gagabo mo maleong a bone.” Mme o ne a tswelela go tlhomamisetsa Josefa jaana: “O se ka wa tshaba go isa Marea mosadi wa gago gae.”—Mathaio 1:18-21.

Josefa, monna yo o siameng e bile a le boikobo o ne a dira fela jalo. O ne a amogela dikabelo tse di boima thata: go godisa le go tlhokomela morwa yo e neng e se wa gagwe mme a le botlhokwa thata mo Modimong. Moragonyana, Josefa o ne a ikobela taelo ya kgosi mme a ya le mosadi wa gagwe yo o imileng kwa Bethelehema go ya go ikwadisa. Ke gone kwa ngwana a neng a tsholelwa gone. *

Josefa ga a ka a busetsa lelapa la gagwe kwa Nasaretha. Go na le moo, ba ne ba thibelela kwa Bethelehema, e e ka nnang dikilometara di se kae go tswa kwa Jerusalema. Ba ne ba humanegile mme Josefa o ne a dira sotlhe se a se kgonang gore Marea le Jesu ba se ka ba tlhoka kgotsa ba boga. Morago ga nakwana, ba ne ba nna mo ntlong ya maemo a a kwa tlase. Go tswa foo, fa Jesu e ne e sa tlhole e le losea mme e le ngwana yo mmotlana—gongwe a fetile ngwaga—botshelo jwa bone bo ne jwa fetoga gape ka tshoganyetso.

Go ne ga goroga setlhopha sa banna, balepadinaledi ba ba neng ba tswa kwa Botlhaba, gongwe ba tswa kwa kgakala kwa Babelona. Ba ne ba latetse naledi nngwe gore ba fitlhe kwa ntlong ya ga Josefa le Marea mme ba ne ba batla ngwana yo e neng e tla nna kgosi ya Bajuda. Banna bano ba ne ba na le tlotlo tota.

Le fa ba ka tswa ba ne ba itse kgotsa ba sa itse, balepadinaledi bano ba ne ba tsentse botshelo jwa ga Jesu yo mmotlana mo kotsing. Naledi e ba neng ba e bone ga e a ka ya ba isa pele kwa Bethelehema mme e ne ya ba isa kwa Jerusalema. Fa ba le koo ba ne ba bolelela Kgosi Herode yo o boikepo gore ba ne ba batla ngwana yo o neng a tla nna kgosi ya Bajuda. Seno se ne sa dira gore monna yono a fufege mo go maswe.—Bona setlhogo se se reng “Babadi ba a Botsa . . . Ke Mang yo o Neng a Romela ‘Naledi’?” se se mo go tsebe 29.

Le fa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore go ne go na le mongwe yo o nang le maatla a a fetang a ga Herode. Goreng re ka rialo? Baeng ba ne ba tlisa dimpho mme ba sa batle gore ba newe sepe. Ruri go tshwanetse ga bo go ile ga gakgamatsa Josefa le Marea go bo ka tshoganyetso fela ba na le “gouta le lebano le mera”—dilo tse di tlhwatlhwakgolo! Balepadinaledi ba ne ba ikaeletse go bolelela Kgosi Herode gore ba ne ba bone kae ngwana yo ba neng ba mmatla. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tsenelela. O ne a dirisa toro go laela balepadinaledi gore ba boele gae ka tsela e nngwe.—Mathaio 2:1-12.

Ka bonako fela fa balepadinaledi ba sena go tsamaya, moengele wa ga Jehofa o ne a tlhagisa Josefa jaana: “Nanoga, tsaya ngwana yo mmotlana le mmaagwe o tshabele mo Egepeto, mme o nne koo go fitlha ke go naya lefoko; gonne Herode o tloga a batla ngwana yo mmotlana yono gore a mo senye.” (Mathaio 2:13) Jaaka re bone kwa tshimologong ya setlhogo seno, Josefa o ne a dira fela jalo. O ne a tsaya go sireletsega ga ngwana wa gagwe go le botlhokwa go feta sepe fela se sengwe mme o ne a isa ba lelapa la gagwe kwa Egepeto. E re ka balepadinaledi bao ba baheitane ba ne ba neile lelapa leno dimpho tse di tlhwatlhwakgolo, jaanong ba ne ba na le dilo tse di neng di tla ba thusa go tsaya loeto lo lo neng lo larile kwa pele.

Moragonyana, ditlhamane tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone, di ne tsa leka go natetsha loeto lono lwa go ya kwa Egepeto, di re Jesu yo mmotlana o ne a khutshwafatsa loeto lwa bone ka kgakgamatso, a dira gore dinokwane di se nne kotsi a bo a dira gore ditlhare tsa mokolane di obege gore mmaagwe a kgetle maungo a tsone. * Boammaaruri ke gore e ne e le loeto lo loleele lo go neng go se motlhofo go lo tsaya e bile ba sa itse kwa ba yang teng.

Batsadi ba ka ithuta go le gontsi mo go Josefa. O ne a tlogela tiro ya gagwe le botshelo jo a neng a bo itumelela gore a sireletse lelapa la gagwe mo kotsing. Go bonala sentle gore o ne a tsaya lelapa la gagwe e le kabelo e e kgethegileng e e tswang kwa go Jehofa. Gompieno batsadi ba godisetsa bana ba bone mo lefatsheng le le kotsi, le le tletseng tlhotlheletso e e sa siamang kgotsa dilo tse di ka nnang kotsi mo baneng. Ruri re ka akgola borre le bommè ba ba iketleeleditseng go tsaya kgato fela jaaka Josefa, ba dira ka natla go sireletsa bana ba bone mo dilong tse di ntseng jalo tse di ka ba tlhotlheletsang!

Josefa O ne A Tlamela Lelapa la Gagwe

Go lebega lelapa leno le sa nna lobaka lo loleele kwa Egepeto ka gonne go ise go ye kae moengele o ne a itsise Josefa gore Herode o ne a sule. Josefa o ne a busetsa lelapa la gagwe kwa nagagaeng ya bone. Boporofeti jwa bogologolo bo ne bo boleletse pele gore Jehofa o ne a tla bitsa morwawe a mo “ntsha kwa Egepeto.” (Mathaio 2:15) Josefa o ne a nna le seabe mo go diragadiweng ga jone, mme o ne a tla isa lelapa la gagwe kae jaanong?

Josefa o ne a le kelotlhoko. O ne a boifa motlhatlhami wa ga Herode e bong Archelaus, yo le ene a neng a le setlhogo e bile e le mmolai. Modimo o ne a kaela Josefa gore a ise lelapa la gagwe kwa bokone, kgakala le Jerusalema le dikotsi tsotlhe tsa yone mme a boele kwa nagagaeng ya gagwe kwa Nasaretha e e kwa Galalea. Ke gone kwa ene le Marea ba neng ba godisetsa bana ba bone gone.—Mathaio 2:19-23.

Ba ne ba tshela botshelo jo bo sa raraanang—mme bo se motlhofo. Baebele e bitsa Josefa mmetli, e dirisa lefoko le le akaretsang ditsela tse dintsi tsa go dira ka logong, tse di jaaka go rema dikgong, go di goga le go di betla gore di dirisediwe go aga matlo, mekoro, maborogo a mannye, dikolotsana, maotwana, dijokwe le dilo tse dingwe tse di dirisediwang go lema. (Mathaio 13:55) E ne e le tiro e e boima. Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, gantsi mmetli o ne a berekela gaufi le kgoro ya ntlo ya gagwe ya maemo a a kwa tlase kgotsa mo ntlwaneng e e bapileng le yone.

Josefa o ne a dirisa didirisiwa tse di farologaneng, tse dingwe tsa tsone go ka diregang gore o ne a di tlogeletswe ke rraagwe. A ka tswa a ne a dirisa sekwere, selekanyi, chalk line, selepe, shaga, petlo, hamore, tšhisele, boro e a neng a e dirisa ka go gogela bora kwa pele le kwa morago, dikgomaretsi tse di farologaneng gongwe le dimapo le fa di ne di ja madi a mantsi.

Akanya Jesu e le mosimanyana a lebile rraagwe yo a mo godisitseng a bereka. Fa a ntse a tlhomile Josefa matlho a lebile sengwe le sengwe se a se dirang, ga go pelaelo gore o ne a kgatlhiwa ke maatla a a tswang mo magetleng a gagwe a a sephara le mo mabogong a gagwe a a nonofileng, bokgoni jwa diatla tsa gagwe le botlhale jwa gagwe. Gongwe Josefa o ne a simolola go ruta morwawe yo mmotlana ditiro tse di motlhofo tse di jaaka go rethefatsa logong ka letlalo le le omisitsweng la tlhapi. A ka tswa a ile a ruta Jesu kafa magong a a neng a a dirisa a farologanang ka teng—ka sekai, logong lwa setlhare sa mofeige wa mosikamore, lwa moakere kgotsa lwa motlhware.

Gape Jesu o ne a lemoga gore diatla tseo tse di nonofileng tse di neng di kgaola ditlhare, di dira dikota e bile di kopanya logong gape di ne di le bonolo di kgona go tlhokomela le go gomotsa ene, mmaagwe le bomonnawe. Ee, lelapa la ga Josefa le Marea le ne la gola mo kgabagare ba neng ba nna le bana ba ka nna barataro go akaretsa le Jesu. (Mathaio 13:55, 56) Josefa o ne a tshwanelwa ke go dira ka natla le go feta gore a ba tlamele botlhe.

Le fa go ntse jalo, Josefa o ne a itse gore go tlhokomela ba lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng go ne go le botlhokwa le go feta. Ka jalo, o ne a fetsa nako e ntsi a ruta bana ba gagwe ka ga Jehofa Modimo le ka melao ya gagwe. Ka metlha ene le Marea ba ne ba ba isa kwa sinagogeng e e mo lefelong la bone, kwa Molao o neng o balelwa kwa godimo le go tlhalosiwa teng. Jesu a ka tswa a ne a na le dipotso tse dintsi morago ga moo mme Josefa a leka ka natla go di araba gore a neye mosimane se a neng a se tlhoka semoyeng. Gape Josefa o ne a isa lelapa la gagwe kwa meletlong ya bodumedi kwa Jerusalema. Josefa a ka tswa a ne a tlhoka dibeke di le pedi gore a tseye loeto kwa dikilometara di le 113, a keteke Tlolaganyo ya ngwaga le ngwaga a bo a boe.

Gompieno Bakeresete ba e leng ditlhogo tsa malapa ba dira se se tshwanang. Ba ipha nako le bana ba bone, ba dira gore go ba ruta dilo tsa semoya go tle pele ga sengwe le sengwe go akaretsa le go nna le dilo tsa manobonobo. Ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba ye le bana ba bone kwa dipokanong tse dinnye le tse dikgolo tsa Bokeresete. Fela jaaka Josefa ba a itse gore ga go na sepe se se botlhokwa go feta seo, se ba ka se dirang go thusa bana ba bone.

‘Ba ne Ba Tshwenyegile mo Mogopolong’

Fa Jesu a ne a na le dingwaga di le 12, Josefa o ne a isa lelapa kwa Jerusalema jaaka tlwaelo. E ne e le Tlolaganyo, nako ya moletlo, mme malapa a magolo a ne a tsamaya mmogo ka ditlhopha mo nageng e tala ka paka ya dikgakologo. Fa ba ntse ba atamela lefelo le le sa tlalang dimela thata gaufi le Jerusalema e e tsholetsegileng, ba le bantsi ba ne ba tle ba opele dipesalema tse di itsegeng tsa tlhatlhogo. (Pesalema 120–134) Motse o ka tswa o ne o tlhanasela ka diketekete tsa batho. Morago ga moletlo, ditlhopha tsa malapa di ne di boela gae. E re ka gongwe Josefa le Marea ba ne ba na le dilo tse dintsi tse ba neng ba di dira, ba ka tswa ba ne ba akanya gore Jesu o tsamaya le batho ba bangwe, gongwe bangwe ba lelapa la gaabo. Fa ba sena go tsamaya sekgala sa letsatsi go tswa kwa Jerusalema ba ne ba lemoga sengwe se se tshosang—Jesu o ne a se yo!—Luke 2:41-44.

Ba tshwenyegile, ba ne ba ikgata motlhala ba boela kwa Jerusalema go ya go mmatla. Akanya kafa motse o neng o lebega o se na ope ka gone fa ba ntse ba tsamaya mo mebileng ba bitsa leina la morwaabone. Mosimanyana yono o ne a ka tswa a le kwa kae? A ka letsatsi la boraro fa ba ntse ba mmatla, Josefa o ne a simolola go ipotsa gore a o paletswe ke go dira kabelo e e kgethegileng e Jehofa a mo neileng yone? La bofelo ba ne ba ya kwa tempeleng. Fa ba tsena koo ba ne ba mmatla go fitlha kwa ntlwaneng e e kwa teng kwa go neng go phuthegile banna ba bantsi ba ba rutegileng, ba ba itseng Molao—Jesu a ntse mo gare ga bone! Akanya kafa Josefa le Marea ba neng ba ikutlwa ba imologile ka teng!—Luke 2:45, 46.

Jesu o ne a reeditse banna ba ba rutegileng e bile a ba botsa dipotso ka tlhoafalo. Banna bano ba ne ba gakgamadiwa ke kitso le dikarabo tsa ngwana yono. Le fa go ntse jalo, Marea le Josefa ba ne ba jele kgakge. Mo pegong eno Josefa ga a bue sepe. Mme Marea o ne a bua mafoko ano a a neng a ba akaretsa ka bobedi: “Ngwanaka, ke ka ntlha yang fa o ne o re tshwara ka tsela eno? Bona, nna le rrago re ntse re go batla re tshwenyegile mo mogopolong.”—Luke 2:47, 48.

Ka jalo Lefoko la Modimo le dirisa dintlha di le mmalwa ka botswerere go tlhalosa kafa go nna motsadi go leng ka teng. Go ka ngomola pelo—tota le fa ngwana a itekanetse! Go godisa bana mo lefatsheng leno le le kotsi go ka dira gore motho a ‘tshwenyege mo mogopolong,’ mme borre le bommè ba ka kgothadiwa ke go itse gore Baebele e bua ka dikgwetlho tse ba lebanang le tsone.

Se se itumedisang ke gore Jesu o ne a setse kwa lefelong le kwa go lone a neng a ka ikutlwa a atamalane thata le Rraagwe yo o kwa legodimong, Jehofa, a iketleeleditse go ithuta ka ene. Ke gone ka moo a neng a araba batsadi ba gagwe jaana ka bopeloephepa ka tsela e e sa raraanang: “Ke ka ntlha yang fa lo ne lo tshwanetse go mpatla? A lo ne lo sa itse gore ke tshwanetse ka bo ke le mo ntlong ya ga Rre?”—Luke 2:49.

Josefa o tshwanetse a bo a ile a akanya ka mafoko ao gantsi. Gongwe o ne a ipela fa a akanya ka one. Aitsane, o ne a dirile ka natla go ruta morwawe yo a mo godisitseng gore a ikutlwe jalo ka ga Jehofa Modimo. Ka nako eo fa a sa ntse a le mosimanyana, Jesu o ne a setse a itse gore go nna le rre yo o lorato go kaya eng, mme o ne a bona seo mo go Josefa.

Fa e le gore o rre, a o lemoga tshiamelo e o nang le yone ya go thusa bana ba gago go itse gore rre yo o lorato le yo o sireletsang o ntse jang? Gape fa e le gore o godisa bana ba lenyalo la bobedi kgotsa bana ba e seng ba gago, gakologelwa sekao sa ga Josefa mme o dirisane le ngwana mongwe le mongwe go ya ka se a se tlhokang e bile o mo tseye a le botlhokwa. Ba thuse gore ba atamalane le Rraabone yo o kwa legodimong, Jehofa Modimo.

Josefa O ne A Itshoka ka Boikanyegi

Baebele e re senolela dintlha tse dingwe gape di se kae fela tse di ka ga botshelo jwa ga Josefa mme go molemo gore re di sekaseke. Re bala gore Jesu o ne “a tswelela a le mo taolong ya bone”—batsadi ba gagwe. Gape re bolelelwa gore “Jesu a tswelela a gatela pele mo botlhaleng le mo kgolong ya mmele le mo kamogelong ya Modimo le batho.” (Luke 2:51, 52) Mafoko ao a senola eng ka Josefa? Dilo di le mmalwa. Re ithuta gore Josefa o ne a nna a etelela lelapa la gagwe pele, ka gonne morwawe yo o itekanetseng o ne a tlotla bolaodi jwa ga rraagwe le go bo ikobela.

Gape re ithuta gore Jesu o ne a tswelela a gola mo botlhaleng. Josefa o tshwanetse a bo a ile a dira go le gontsi gore morwawe a gole jalo. Mo motlheng oo, go ne go na le seane se Bajuda ba neng ba se rata thata. Se ne se gatelela gore ke batho ba ba tshelang sentle fela ba ba ka nnang botlhale tota, mme bagwebi ba ba jaaka babetli, balemi le bathudi ba selefera “ba ka se ka ba phatlalatsa tshiamiso le katlholo; e bile ba ka se fitlhelwe kwa go buiwang ditshwantsho gone.” Moragonyana Jesu o ne a bontsha gore seane seo ga se boammaaruri. Fa a sa le mosimanyana, o tshwanetse a bo a ile a utlwa gantsi rraagwe yo o mo godisitseng, yo le fa e ne e le mmetli wa maemo a a kwa tlase, a neng a ruta ka “tshiamiso le katlholo” ya ga Jehofa!

Gape re ka lemoga seabe se Josefa a neng a nna le sone mo kgolong ya ga Jesu. E re ka Jesu e ne e le mosimanyana yo o neng a tlhokometswe sentle, o ne a gola go nna monna yo o nonofileng. Mo godimo ga moo, Josefa o ne a thapisa morwawe gore a nne le bokgoni mo tirong ya diatla. Jesu o ne a sa itsiwe e le morwa mmetli fela gape o ne a itsiwe e le “mmetli.” (Mareko 6:3) Ka jalo thapiso ya ga Josefa e ne ya nna le matswela. Ditlhogo tsa malapa di etsa Josefa ka go tlhokomela bana ba bone le ka go tlhomamisa gore ba ba thusa go itlamela.

Fa re bala pego ya Baebele ya fa Jesu a ne a kolobediwa a na le dingwaga di le 30, ga go tlhole go buiwa sepe ka Josefa. Bosupi bo bontsha gore Marea a ka tswa a ne a le motlholagadi ka nako ya fa Jesu a simolola bodiredi jwa gagwe. (Bona lebokoso le le reng “Josefa O ne A Swa Leng?” le le mo go tsebe 27.) Le fa go ntse jalo, Josefa o tlogetse letshwao le le bonalang sentle—sekao se se tlhomologileng sa rre yo o sireletsang le go tlamela ba lelapa la gagwe le yo o itshokang ka boikanyegi go fitlha kwa bokhutlong. Rre mongwe le mongwe, tlhogo nngwe le nngwe ya lelapa kgotsa Mokeresete ope fela, ba tla bo ba dira sentle fa ba etsa tumelo ya ga Josefa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Mo metlheng eo, go beeletsa motho go ne go tsewa go batlile go tshwana le go mo nyala.

^ ser. 8 Bona setlhogo se se reng “Etsa Tumelo ya Bone—O ne A Dira ‘Ditshwetso mo Pelong ya Gagwe’” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa October 1, 2008.

^ ser. 14 Baebele e bontsha sentle gore Jesu o ne a dira kgakgamatso ya gagwe ya ntlha fa a sena go kolobediwa. (Johane 2:1-11) Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka dipego tsa diefangele tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone, bona setlhogo se se reng “Diefangele Tse go sa Tlhomamisiweng Boammaaruri Jwa Tsone—A ke Boammaaruri jo bo Fitlhegileng ka ga Jesu?” se se mo go tsebe 18.

[Lebokoso mo go tsebe 27]

Josefa O ne A Swa Leng?

Re a itse gore fa Jesu a ne a na le dingwaga di le 12 Josefa o ne a sa ntse a tshela. Mo dingwageng tseo basha ba le bantsi ba Bajuda ba ne ba simolola go ithuta ditiro tse borraabone ba di dirang mme fa ba na le dingwaga di le 15 ba ne ba simolola go di dira. Go ka direga gore pele Josefa a swa o ne a rutile Jesu tiro ya go betla. A Josefa o ne a sa ntse a tshela fa Jesu a simolola bodiredi jwa gagwe a le dingwaga di le 30? Ga go lebege jalo. Mmaagwe Jesu, bomorwarraagwe le bokgaitsadie botlhe ba umakwa ba tshela ka nako eo kwantle ga ga Josefa. Mo lekgetlhong le lengwe Jesu o ne a bo a bidiwa “morwa Marea” e seng morwa Josefa. (Mareko 6:3) Go buiwa ka Marea a itirela ditshwetso ka boene a sa bue pele le monna. (Johane 2:1-5) Seo se ne se sa tlwaelega mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele kwantle fela ga fa mosadi e ne e le motlholagadi. Fa Jesu a ne a swa, o ne a re moaposetoloi Johane a tlhokomele mmaagwe. (Johane 19:26, 27) O ne a ka se tlhoke go dira jalo fa e le gore Josefa o ne a sa ntse a tshela. Ka jalo, go lebega Josefa a ne a swa fa Jesu a ne a sa ntse a le lekawana. E re ka Jesu e ne e le morwa yo mogolo, o tshwanetse a bo a ile a tswelela ka kgwebo ya go betla le go tlhokomela lelapa la gaabo go fitlha a kolobediwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Josefa o ne a tsaya kgato go sireletsa ngwana wa gagwe e bile o ne a se pelotshetlha

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Josefa o ne a dira ka natla go tlamela lelapa la gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ka metlha Josefa o ne a ya go obamela le lelapa la gagwe kwa tempeleng e e kwa Jerusalema

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Josefa o ne a thapisa morwawe gore a nne mmetli