Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsa Basha

Moshe o Amogela Kabelo e e Kgethegileng

Moshe o Amogela Kabelo e e Kgethegileng

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o le mmogedi yo o lebileng se se diregang. Bona tiragalo eno ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba konokono ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego eno e nne le botshelo.

Batsayakarolo ba konokono: Jehofa Modimo le Moshe

Tshobokanyo: Jehofa o laela Moshe go ntsha Baiseraele kwa Egepeto.

1 KANYA KA KELOTLHOKO KA DITIRAGALO TSENO.—BALA EKESODO 3:1-14; 4:1-17.

Fa o ntse o akanya ka setlhatshana se se shang tlhalosa gore se ne se lebega jang.

․․․․․

O akanya gore sefatlhego sa ga Moshe se ne se lebega jang le lentswe la gagwe le ne le utlwala jang fa a utlwa mafoko a Modimo a neng a mmolelela one a a mo go Ekesodo 3:4?

․․․․․

Lentswe la ga Moshe le bontsha gore o ikutlwa jang fa a botsa Jehofa dipotso tse di mo go Ekesodo 3:11, 13 le 4:1, 10?

․․․․․

2 DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

O dirisa didirisiwa tse o nang le tsone tsa go dira dipatlisiso, dira dipatlisiso ka mafoko a a reng “ke tla nna se ke tla nnang sone.” (Ekesodo 3:14) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a araba ka tsela eo fa Moshe a ne a mmotsa gore leina la gagwe ke mang? *

․․․․․

O akanya gore ke ka ntlha yang fa Moshe a ne a okaoka go bua le Faro? (Ntlha e e ka thusang: Bala Dipalo 12:3.)

․․․․․

Ke ka ntlha yang fa Moshe a ka tswa a ile a okaoka go bua le Baiseraele ka ene?

․․․․․

3 DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Bokoa jo batho ba nang le jone jwa go se itshepe.

․․․․․

Tsela e Jehofa a go tshepang ka yone le kafa a ratang dinonofo tsa gago ka teng.

․․․․․

DINTLHA TSE DINGWE TSE O KA DI DIRISANG.

Ke mo dikarolong dife tsa botshelo jwa gago tse o sa itshepeng mo go tsone?

․․․․․

O ka direla Jehofa Modimo ka ditsela dife le fa o na le makoa?

․․․․․

4 KE DINTLHA DIFE MO PEGONG ENO TSE O DI RATILENG THATA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

Fa o batla go tsaya kgatiso eno mo Internet kgotsa go dira khopi ya yone, ya kwa atereseng ya Internet ya www.pr418.com

Fa o se na Baebele, kopa Basupi ba ga Jehofa gore ba go neye yone kgotsa o e bale mo atereseng eno ya internet www.watchtower.org

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Basupi ba ga Jehofa ba gatisa dibuka le diboroutšhara di le dintsi tse di ka go thusang go dira dipatlisiso tse di oketsegileng fa o ntse o ithuta Baebele. Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la gaeno kgotsa o kwalele bagatisi ba makasine ono.