Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bosaikanyegeng—Sesupo sa Metlha ya Bofelo!

Bosaikanyegeng—Sesupo sa Metlha ya Bofelo!

Bosaikanyegeng—Sesupo sa Metlha ya Bofelo!

“Kafa re neng ra itshupa re ikanyega ka gone . . . re siame e bile re ka se ka ra pegwa molato.”—1 BATHES. 2:10.

BATLA DINTLHA TSENO TSA KONOKONO:

Re ithuta dithuto dife ka go sa ikanyegeng ga ga Delila, Abesalome le Judase Isekariota?

Re ka etsa jang boikanyegi jwa ga Jonathane le Petere?

Re ka nna jang re ikanyega mo molekaneng wa lenyalo le mo go Jehofa?

1-3. (a) Sesupo sa metlha ya bofelo ke eng, mme se akaretsa eng? (b) Re tla araba dipotso dife tse tharo?

KE ENG se Delila, Abesalome le Judase Isekariota ba tshwanang ka sone? Botlhe ba ne ba sa ikanyege—Delila o ne a sa ikanyege mo monneng yo a neng a mo rata e bong Moatlhodi Samesone; Abesalome o ne a sa ikanyege mo go rraagwe e bong Kgosi Dafide; Judase ene o ne a sa ikanyege mo go Mong wa gagwe e bong Keresete Jesu. Bosula jo mongwe le mongwe wa bone a neng a bo dira bo ne jwa utlwisa ba bangwe botlhoko! Mme ke eng fa re tshwanetse go tshwenyega ka seo?

2 Mokwadi mongwe wa motlha wa rona o umaka go se ikanyege kgotsa go oka e le mongwe wa mekgwa e e sa siamang e e tlwaelegileng gompieno. Re tshwanetse go solofela seo. Fa Jesu a ne a naya sesupo sa “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” o ne a re: “Ba le bantsi . . . ba tla okana.” (Math. 24:3, 10) “Go oka” go kaya “go tsenya motho mo diatleng tsa mmaba ka go se ikanyege.” Go tlhoka boikanyego go go ntseng jalo, go tlhomamisa gore re tshela mo “metlheng ya bofelo” fela jaaka Paulo a ne a bolelelapele gore batho ba tla nna “ba ba sa ikanyegeng, . . . baoki.” (2 Tim. 3:1, 2, 4) Tota le fa bakwadi ba dibuka le ba difilimi gantsi ba dira e kete ditiro tsa go se ikanyege di a kgatlha e bile di bontsha gore batho ba a ratana, boammaaruri ke gore go sa ikanyege le go oka, go utlwisa botlhoko e bile go baka pogo. Eleruri, ditiro tse di ntseng jalo ke sesupo sa metlha ya bofelo!

3 Re ka ithuta eng mo Baebeleng ka batho ba ba neng ba sa ikanyege mo nakong e e fetileng? Re ka etsa dikao dife tsa batho ba ba neng ba ikanyega mo go ba bangwe? Mme re tshwanetse go nna re ikanyega mo go mang? Mma re boneng.

DIKAO TSE DI RE TLHAGISANG TSA NAKO E E FETILENG

4. Delila o ne a oka Samesone jang, mme ke eng fa seo se ne se ferosa sebete jaana?

4 Sa ntlha, akanya ka Delila yo o boferefere, yo Moatlhodi Samesone a neng a mo rata. Samesone o ne a ikaeletse go bolotsa ntwa kgatlhanong le Bafilisitia mo boemong jwa batho ba Modimo. Gongwe ka gonne barena ba Bafilisitia ba le batlhano ba ne ba itse gore Delila o ne a sa ikanyege mo go Samesone, ba ne ba mo naya madi a mantsi a pipamolomo gore a ntshe sephiri sa gore Samesone o tsaya kae maatla a gagwe a magolo gore ba kgone go mmolaya. Mme Delila yo o megagaru o ne a amogela pipamolomo eo, mme maiteko a gagwe a go itse sephiri sa ga Samesone a ne a itaya sefololetse makgetlho a le mararo. O ne a tswelela a mo tsenya letsatsi “ka mafoko a gagwe ka dinako tsotlhe mme a nna a mo emelela.” Kgabagare “moya wa gagwe o ne wa fela pelo go ya losong.” Ka jalo, o ne a mmolelela gore moriri wa gagwe ga o ise o beolwe le gore fa o ne o ka beolwa o tla felelwa ke maatla. * Fa Delila a sena go utlwa seo, o ne a robatsa Samesone mo mangoleng a gagwe mme a dira gore moriri wa gagwe o beolwe, a bo a mo neela baba ba gagwe gore ba dire sengwe le sengwe se ba se ratang ka ene. (Baatlh. 16:4, 5, 15-21) Ruri se a se dirileng se ne se ferosa sebete! Delila o ne a oka mongwe yo a neng a mo rata, fela ka ntlha ya megagaru.

5. (a) Abesalome o ne a bontsha jang gore ga a ikanyege mo go Dafide, mme seo se ne sa senola eng ka ene? (b) Dafide o ne a ikutlwa jang ka Ahitofele yo o neng a fetoga go nna motsietsi?

5 Jaanong a re tlotleng ka Abesalome wa leferefere. E re ka a ne a tlhotlhelediwa ke go rata maemo, o ne a ikaeletse go tsaya ka dikgoka setulo sa bogosi sa ga rraagwe e bong Kgosi Dafide. Abesalome o ne a simolola ka go “utswa dipelo tsa batho ba Iseraele,” ka go ba ithatisa a dirisa ditsholofetso tsa maaka le dipontsho tsa lorato tse di sa tsweng pelong. O ne a ba tlamparela le go ba atla, a itira e kete o ba kgatlhegela thata e bile o amegile ka se ba neng ba se tlhoka. (2 Sam. 15:2-6) Abesalome o ne a bo a gapa boikanyegi jwa ga Ahitofele yo Dafide a neng a mo ikanya, gore a fetoge motsietsi a bo a kopanela le ene mo go menoleng puso. (2 Sam. 15:31) Mo go Dipesalema 3 le 55, Dafide o tlhalosa kafa go sa ikanyegeng goo go mo amileng ka gone. (Pes. 3:1-8; bala Pesalema 55:12-14.) Abesalome o ne a bontsha gore ga a tlotle bolaodi jwa ga Jehofa ka go logela kgosi e Jehofa a neng a e tlhomile leano la boferefere. (1 Ditir. 28:5) Kwa bokhutlong, leano leo le ne la itaya sefololetse mme Dafide o ne a tswelela go busa e le motlodiwa wa ga Jehofa.

6. Judase o ne a oka jang Jesu, mme leina Judase e ne ya nna lekaelagongwe la lefoko lefe?

6 Mma jaanong re akanyeng ka se Judase Isekariota wa mooki a neng a se dira Keresete. Mo Tlolaganyong ya bofelo e Jesu a neng a e keteka le baaposetoloi ba gagwe ba ba 12, o ne a ba bolelela jaana: “Ammaaruri ke a lo raya, Mongwe wa lona o tla nkoka.” (Math. 26:21) Moragonyana mo bosigong joo kwa tshimong ya Gethesemane, Jesu o ne a bolelela Petere, Jakobe le Johane jaana: “Bonang! Yo o nkokang o atametse.” Ka yone nako eo Judase a tla mo tshimong le batho ba a neng a logile leano le bone, “mme a ya ka tlhamalalo kwa go Jesu a re: ‘Dumela, Rabi!’ mme a mo atla ka bonolo tota.” (Math. 26:46-50; Luke 22:47, 52) Judase o ne a “oka madi a a siameng” a bo a neela Jesu baba ba ga Keresete. Ke eng fa Judase yo o ratang madi a ne a dira seo? Gore a bone fela dipapetlana di le 30 tsa selefera! (Math. 27:3-5) Mo dipuong tse dingwe fa e sa le ka nako eo, leina Judase ke lekaelagongwe la lefoko “mooki,” segolobogolo fa mongwe a tsietsa yo mongwe a itira e kete ke tsala ya gagwe. *

7. Re ithutile eng mo matshelong a ga (a) Abesalome le Judas (b) le Delila?

7 Re ithutile eng mo dikaong tseno tse di re tlhagisang? Abesalome le Judase ba ne ba swa loso lwa matlhabisa ditlhong ka gonne ba ne ba nna baoki kgatlhanong le batlodiwa ba ga Jehofa. (2 Sam. 18:9, 14-17; Dit. 1:18-20) Leina la ga Delila le tla nna le amanngwa le go tsietsa, le lorato lo e seng lwa mmatota. (Pes. 119:158) Ruri go botlhokwa gore re gane tshekamelo epe fela e re ka nnang le yone ya go rata maemo kgotsa go nna megagaru, e e ka dirang gore Jehofa a se ka a re amogela! A go na le dithuto dingwe tse di maatla tse di ka re thusang go gana mokgwa ono o o maswe wa go se ikanyege?

ETSA BA BA NENG BA ITSHUPA GORE BA IKANYEGA

8, 9. (a) Ke ka ntlha yang fa Jonathane a ne a bontsha Dafide boikanyegi? (b) Re ka etsa jang sekao sa ga Jonathane?

8 Baebele gape e bua ka batho ba le bantsi ba ba neng ba ikanyega. Mma re tlotleng ka ba le babedi ba bone mme re bone gore re ka ithuta eng mo go bone, go simolola ka monna yo o neng a ikanyega mo go Dafide. Jonathane, morwa wa leitibolo wa ga Kgosi Saulo, gongwe a ka bo a nnile kgosi e e latelang ya Iseraele. Mme gone, Jehofa o ne a tlhopha Dafide go nna kgosi e e latelang. Jonathane o ne a tlotla tshwetso eo ya Modimo. Mme ga a ka a fufegela Dafide a mo leba e le mmaba. Go na le moo, “moya wa ga Jonathane wa bofagana le moya wa ga Dafide,” fa a ne a mo tlhomamisetsa gore o tla nna a ikanyega mo go ene. O ne a bo a naya Dafide diaparo tsa gagwe, tšhaka, bora le moitlamo wa gagwe, ka go dira jalo a mo naya tlotlo ya segosi. (1 Sam. 18:1-4) Jonathane o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang gore ‘a nonotshe seatla sa ga Dafide,’ tota le e leng go tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a sireletse Dafide mo go Saulo. Jonathane o ne a bolelela Dafide jaana ka boikanyegi: “Wena o tla nna kgosi ya Iseraele, mme nna ke tla nna wa bobedi fa morago ga gago.” (1 Sam. 20:30-34; 23:16, 17) Ga go gakgamatse go bo morago ga loso lwa ga Jonathane, Dafide a ne a bontsha kutlobotlhoko ya gagwe le lorato lo a neng a mo rata ka lone ka pina ya khutsafalo.—2 Sam. 1:17, 26.

9 Jonathane o ne a itse gore o tshwanetse go ikanyega mo go mang. O ne a ikobela Jehofa Molaodimogolo ka botlalo, gape o ne a ema nokeng motlodiwa wa Modimo e bong Dafide. Le gompieno, le fa re ka tswa re sa newa tshiamelo nngwe e e kgethegileng mo phuthegong, re tshwanetse go ema nokeng bakaulengwe ba ba tlhophilweng go re etelela pele.—1 Bathes. 5:12, 13; Baheb. 13:17, 24.

10, 11. (a) Ke eng fa Petere a ile a nna le Jesu ka boikanyegi? (b) Re ka etsa jang Petere, mme seo se tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re dire eng?

10 Sekao se sengwe gape se se molemo se re tla se sekasekang ke sa ga moaposetoloi Petere, yo a neng a ikana gore o tla nna a ikanyega mo go Jesu. Fa Keresete a ne a dirisa puo ya tshwantshetso go thusa barutwa ba gagwe go tlhaloganya kafa go tla nnang botlhokwa ka gone gore ba nne le tumelo mo nameng le mo mading a gagwe a go iseng go ye kae a neng a tla nna setlhabelo, bontsi jwa barutwa ba gagwe ba ne ba tshosiwa ke mafoko a gagwe mme ba mo tlogela. (Joh. 6:53-60, 66) Ka jalo, Jesu o ne a botsa baaposetoloi ba gagwe ba le 12 a re: “Ga lo batle go tsamaya le lona, ga ke re?” Petere ke ene yo a neng a araba a re: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng; mme re dumetse ra ba ra itse gore wena o Moitshepi wa Modimo.” (Joh. 6:67-69) A seno se ne se raya gore Petere o ne a tlhaloganya ka botlalo sotlhe se Jesu a neng a sa tswa go se bua malebana le setlhabelo sa Gagwe se se tlang? Gongwe o ne a sa tlhaloganye. Le fa go ntse jalo, Petere o ne a ikemiseditse go nna a ikanyega mo go Morwa Modimo yo o tloditsweng.

11 Petere ga a ka a re Jesu o tshwanetse go bo a sa lebe dilo ka tsela e e siameng mme fa nako e ntse e ya, O ne a tla fetola se A se buileng. Nnyaa, ka boikokobetso Petere o ne a lemoga gore Jesu o na le “mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.” Le rona gompieno re itshwara jang fa re bona ntlha nngwe mo dikgatisong tsa rona tsa Bokeresete tse di tswang go “molebedi yo o boikanyego” e go leng thata go e tlhaloganya kgotsa e e sa tsamaisaneng le se re se akanyang? Re tshwanetse go leka ka natla go e tlhaloganya go na le go solofela fela gore e tla fetolwa gore e dumalane le tsela e rona re lebang dilo ka yone.—Bala Luke 12:42.

NNA O IKANYEGA MO MOLEKANENG WA GAGO WA LENYALO

12, 13. Ke eng se se ka dirang gore go nne le go se ikanyege mo lenyalong, mme ke eng fa dingwaga tsa motho e se seipato sa gore a dire seo?

12 Go sa ikanyege ga mofuta ope fela ke sengwe se se bosula se se sa tshwanelwang go letliwa gore se kgoreletse kagiso le kutlwano mo lelapeng la Bakeresete le mo phuthegong. Re ntse re akantse ka seo, mma re sekasekeng kafa re ka tswelelang re ikanyega ka gone mo balekaneng ba rona ba lenyalo le mo Modimong.

13 Boaka ke mongwe wa mefuta e e utlwisang botlhoko thata ya go sa ikanyege. Motho yo o dirileng boaka ga a tlhole a ikanyega mo molekaneng wa gagwe wa lenyalo mme o bontsha motho yo mongwe lorato. Molekane yo o diretsweng phoso o tlogelwa a le esi—botshelo jwa gagwe bo tlhakatlhakane. Seo se direga jang magareng ga batho ba ba kileng ba bo ba ratana? Gantsi seo se simologa fa mo lenyalong go se ope yo o kgatlhegelang maikutlo a yo mongwe. Porofesa wa thutoloago e bong Gabriella Turnaturi o tlhalosa gore go se ikanyege go nna gone fa banyalani ba tlogela go dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang go nonotsha kamano ya bone. Seno se ka nna sa bo sa diragalela banyalani ba bagolo ba ba nang le dingwaga di le dintsi ba nyalane. Ka sekai, monna yo o nyetseng wa dingwaga di le 50 o tlhala mosadi wa gagwe yo o ikanyegang yo ba nang le dingwaga di le 25 ba nyalane gore a ratane le mosadi yo mongwe yo a simolotseng go mo kgatlhegela. Batho bangwe ba nyenyefatsa seno ka go se bitsa gore ke go tlhakatlhakana maikutlo ga batho ba ba godileng. Le fa go ntse jalo, go na le go dira e kete seno ke sengwe se motho a ka se kang a se tila, totatota seno ke go se ikanyege ga batho ba ba godileng. *

14. (a) Jehofa o ikutlwa jang ka boferefere mo lenyalo? (b) Jesu o ne a reng ka go ikanyega mo lenyalong?

14 Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ba tlogelang balekane ba bone ba se na lebaka la Dikwalo? Modimo wa rona o “tlhoile tlhalo,” mme o buile mafoko a a bogale kgatlhanong le batho ba ba sotlang balekane ba bone ba lenyalo ba bo ba ba tlogela. (Bala Malaki 2:13-16.) Jesu o ne a ruta se se neng se dumalana le mafoko a ga Rraagwe gore mongwe ga a ka ke a koba molekane yo o se nang molato mme a bo a dira e kete ga go na sepe se se diragetseng.—Bala Mathaio 19:3-6, 9.

15. Batho ba ba nyalaneng ba ka nonotsha jang boikanyegi jwa bone mo balekaneng ba bone?

15 Batho ba ba nyalaneng ba ka nna jang ba ikanyega mo balekaneng ba bone? Lefoko la Modimo la re: “Ipele le mosadi [kgotsa monna] wa bosha jwa gago” gape la re, “Bona botshelo le mosadi [kgotsa monna] yo o mo ratang.” (Dia. 5:18; Mor. 9:9) Fa banyalani ba ntse ba gola, ba tshwanetse go dira ka natla gore ba atamalane, ka tsela ya mmatota le mo maikutlong. Seno se kaya gore ba tshwanetse go reetsana, go fetsa nako ba le mmogo le go atamalana. Ba tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go sireletseng lenyalo la bone le kamano e ba nang le yone le Jehofa. Gore banyalani ba kgone go dira jalo, ba tshwanetse go bala Baebele mmogo, go dira mmogo ka metlha mo bodireding le go rapela Jehofa mmogo gore a ba segofatse.

NNA O IKANYEGA MO GO JEHOFA

16, 17. (a) Boikanyegi jwa rona mo Modimong bo ka nna jang mo kotsing mo lelapeng le mo phuthegong? (b) Ke sekao sefe se se bontshang gore go ikobela taelo ya Modimo ya gore re se ka ra ikamanya le ba losika ba ba kgaotsweng go ka nna le diphelelo tse di molemo?

16 Go na le bangwe mo phuthegong ba ba dirileng maleo a a masisi mme ba kgalemetswe ka kgalemelo e e ‘gagamaditsweng gore ba itekanele mo tumelong.’ (Tito 1:13) Ba bangwe ba ile ba itshwara ke tsela e e neng e tlhoka gore ba kgaolwe. Kotlhao e ile ya thusa “ba ba thapisitsweng ka yone” gore ba boele mo phuthegong. (Baheb. 12:11) Go tweng fa e le gore re na le mongwe wa losika kgotsa tsala e re atamalaneng thata le yone e e kgaotsweng? Jaanong boikanyegi jwa rona bo mo kotsing, go ikanyega mo Modimong e seng mo mothong yoo. Jehofa o re lebile go bona gore a re tla ikobela taelo ya gagwe ya gore re se ka ra ikamanya ka gope le ope fela yo o kgaotsweng.—Bala 1 Bakorintha 5:11-13.

17 Akanya ka sekai se le sengwe fela sa kafa go ka nnang le diphelelo tse di molemo ka gone fa lelapa le nna le ikobela ka boikanyegi taelo ya ga Jehofa ya gore ba se ka ba ikamanya le ba losika ba ba kgaotsweng. Lekawana lengwe le ne le na le dingwaga di le lesome le kgaotswe, mme mo dingwageng tseno tsotlhe rraagwe, mmaagwe le bomorwarraagwe ba le banè ba ne ba ‘tlogela go ikopanya’ le ene. Ka dinako dingwe le ne le leka go itshukunyetsa mo dilong tse ba neng ba di dira mme se se molemo ke gore mongwe le mongwe mo lelapeng o ne a nna a nitame mo tshwetsong ya gore ba se ka ba ikamanya le ene. Morago ga gore a busediwe o ne a re ka metlha o ne a tlhoafalela go kopana le lelapa, segolobogolo bosigo fa a ne a le nosi. Le fa go ntse jalo, o ne a re fa ba lelapa ba ka bo ba ile ba ikopanya le ene le fa e ka nna go se kae fela, seo se ka bo se ile sa mo kgotsofatsa. Mme gone, e re ka go se ope mo lelapeng yo o neng a bua le ene le eleng go le gonnye fela, keletso e kgolo ya go batla go kopana le bone e ne ya nna yone e e mo tlhotlheletsang gore a baakanye kamano ya gagwe le Jehofa. Akanya ka seo fa o ikutlwa o raelesega go tlola molao wa Modimo wa gore o se ka wa ikamanya le ba losika ba ba kgaotsweng.

18. Morago ga go sekaseka melemo ya go ikanyega fa e bapisiwa le ditlamorago tsa go se ikanyege, o ikemiseditse go dira eng?

18 Re tshela mo lefatsheng le le tletseng boferefere le le le sa ikanyegeng. Le fa go ntse jalo, mo phuthegong ya Bokeresete re ka bona dikao tsa batho ba ba ikanyegang tse re ka di etsang. Tsela e ba tshelang ka yone e a ba buelela, jaaka e kete ya re: “Lo basupi, mme le Modimo ke mosupi, ba kafa re neng ra itshupa re ikanyega ka gone mo go lona badumedi mme re siame e bile re ka se ka ra pegwa molato.” (1 Bathes. 2:10) A rotlhe re direng sotlhe se re ka se kgonang go nna re ikanyega mo Modimong le mo go ba bangwe.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Moriri wa ga Samesone ga se one o neng o mo naya maatla, go na le moo, maatla a gagwe a ne a le mo go se moriri wa gagwe o neng o se emela e leng kamano e e kgethegileng e a neng a na le yone le Jehofa e re ka e ne e le Monasirite.

^ ser. 6 Ke gone ka moo, polelwana “katlo ya ga Judase” (Judas kiss) e kayang “tiro ya go oka.”

^ ser. 13 Go bona thuso ya go lepalepana le go se ikanyege ga molekane wa lenyalo, bona setlhogo se se reng, “Go Itshokela go Tlhanogelwa ke Molekane wa Lenyalo,” mo kgatisong ya Tora ya Tebelo ya June 15, 2010, tsebe 29-32.

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Petere o ne a ikanyega mo go Morwa Modimo yo o tloditsweng le fa ba bangwe bone ba ne ba mo gana