Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa O a Re Dibela Gore re Bone Poloko

Jehofa O a Re Dibela Gore re Bone Poloko

Jehofa O a Re Dibela Gore re Bone Poloko

‘Lo dibelwa ka maatla a Modimo ka tumelo lo dibelelwa poloko e e siametseng go senolwa mo lobakeng lwa bofelo.’—1 PET. 1:4, 5.

O TLA ARABA JANG?

Jehofa o re gogetse jang mo kobamelong ya boammaaruri?

Re ka letla jang Jehofa gore a re etelele pele ka kgakololo ya gagwe?

Jehofa o re kgothatsa jang?

1, 2. (a) Ke eng se se re tlhomamisetsang gore Modimo o tla re thusa gore re tswelele re ikanyega? (b) Jehofa o itse mongwe le mongwe wa rona go le kana kang?

“YO O itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Math. 24:13) Jesu o ne a dirisa mafoko ao, go bontsha gore, gore re bolokiwe fa Modimo a tlisa katlholo mo lefatsheng la ga Satane, re tshwanetse go nna re ikanyega go fitlha bokhutlong. Mme seno ga se reye gore Jehofa o lebeletse gore re itshoke ka botlhale jwa rona le ka maatla a rona. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Modimo o a ikanyega, e bile ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa gore lo kgone go e itshokela.” (1 Bakor. 10:13) Mafoko ano a kaya eng?

2 Gore Jehofa a tlhomamise gore ga re raelwe go feta kafa re ka itshokang ka teng, o tshwanetse go itse sengwe le sengwe ka rona go akaretsa le dikgwetlho tse re lebanang le tsone, tsela e mongwe le mongwe wa rona a bopilweng ka yone le gore re ka itshoka go le kana kang. A tota Modimo o re itse go le kalo? Ee. Dikwalo di bontsha gore Jehofa o itse mongwe le mongwe wa rona tota. O itse se re se dirang letsatsi le letsatsi le mekgwa ya rona. Tota e bile, o kgona le go bona dikakanyo tsa rona le maitlhomo a dipelo tsa rona.—Bala Pesalema 139:1-6.

3, 4. (a) Se se diragaletseng Dafide se bontsha jang gore Jehofa o reetsa mongwe le mongwe wa rona? (b) Ke tiro efe e kgolo e Jehofa a e dirang gompieno?

3 Go bonala go sa kgonege gore Modimo a kgatlhegele batho ba maemo a a kwa tlase ka tsela eo? Mopesalema Dafide o ne a tlhatlhanya ka potso eno mme a raya Jehofa a re: “Fa ke bona magodimo a gago, ditiro tsa menwana ya gago, ngwedi le dinaledi tse o di baakantseng, motho yo o nang le go swa ke eng go bo o nna o mo gopotse?” (Pes. 8:3, 4) Gongwe maitemogelo a Dafide a ileng a nna le one, ke one a ileng a dira gore a botse potso eo. Fa Dafide e bong morwa yo mmotlana wa ga Jese e ne e sa ntse e le modisa, Jehofa o ne a bona e le “monna yo o amogelwang ke pelo ya gagwe” mme a mo ‘tsaya mo mafulong gore a se tlhole a sala letsomane morago gore e nne moeteledipele’ wa Baiseraele. (1 Sam. 13:14; 2 Sam. 7:8) Akanya gore Dafide o ne a ikutlwa jang fa a lemoga gore Mmopi wa lobopo o ne a mo reetsa fa a tlhatlhanya mo sephiring, le fa e ne e le mosimanyana fela wa modisa!

4 Le gompieno go sa ntse go gakgamatsa go akanya gore Jehofa o kgatlhegela mongwe le mongwe wa rona thata. O tlisa “dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe” mo kobamelong ya boammaaruri mme o thusa batlhanka ba gagwe gore ba nne ba ikanyega. (Hag. 2:7) E le gore re tlhaloganye botoka kafa Jehofa a re thusang ka gone gore re nne re ikanyega, a re sekasekeng kafa kwa tshimologong a gogelang batho ka gone mo kobamelong ya boammaaruri.

BA GOGWA KE MODIMO

5. Jehofa o gogela jang batho kwa go Morwawe? Bontsha.

5 Jesu o ne a re: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” (Joh. 6:44) Mafoko ao a kaya gore, gore motho e nne morutwa wa ga Keresete, o tshwanetse go thusiwa ke Modimo. Jehofa o gogela jang batho ba sekadinku kwa go Morwawe? Ka go rerwa ga dikgang tse di molemo le ka go dirisa moya o o boitshepo. Ka sekai, fa Paulo le barongwa ba a neng a tsamaya le bone ba le kwa Filipi, ba ne ba kopana le mosadi mongwe yo o bidiwang Lidia mme ba mo rerela dikgang tse di molemo. Pego e e tlhotlheleditsweng ya re: “Jehofa o ne a bula pelo ya gagwe thata gore a tlhwaele tsebe dilo tse di buiwang ke Paulo.” Ee, Modimo o ne a dirisa moya wa gagwe go mo thusa gore a tlhaloganye molaetsa oo, mme ga felela ka gore ene le ba lelapa la gagwe ba kolobediwe.—Dit. 16:13-15.

6. Jehofa o gogetse mongwe le mongwe wa rona jang mo kobamelong ya boammaaruri?

6 A maitemogelo a ga Lidia a ne a tlhomologile? Le eseng. Fa o le Mokeresete yo o ineetseng, le wena o gogetswe ke Modimo mo kobamelong ya boammaaruri. Fela jaaka Rraarona yo o kwa legodimong a ile a bona sengwe se se tlhwatlhwakgolo mo pelong ya ga Lidia, le mo go wena o bone sengwe se se molemo. Fa o ne o simolola go reetsa dikgang tse di molemo, Jehofa o ne a go naya moya wa gagwe o o boitshepo go go thusa gore o di tlhaloganye. (1 Bakor. 2:11, 12) Fa o ne o leka ka natla go dirisa se o neng o se ithuta, o ne a segofatsa maiteko a gago a go dira thato ya gagwe. Fa o ne o ineela mo go ene, o ne a itumela. Eleruri, fa e sa le o simolotse go tsamaya mo tseleng e e isang botshelong, Jehofa o ntse a go eme nokeng kgato nngwe le nngwe e o e tsamayang.

7. Re itse jang gore Modimo o tla re thusa gore re tswelele re ikanyega?

7 E re ka Jehofa a re thusitse gore re simolole go tsamaya le ene, gone jaanong ga a re tlogele gore re iponele gore re tla tswa jang e le gore re tswelele re ikanyega. O a itse gore e re ka re sa amogela boammaaruri ka borona fela, ga re ka ke ra nna mo go jone ka borona fela. Fa moaposetoloi Petere a ne a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng o ne a re: ‘Lo dibelwa ka maatla a Modimo ka tumelo lo dibelelwa poloko e e siametseng go senolwa mo lobakeng lwa bofelo.’ (1 Pet. 1:4, 5) Mafoko ao a dira mo Bakereseteng botlhe mme mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go a kgatlhegela. Ka ntlha yang? Ka gonne rotlhe re tlhoka thuso ya Modimo gore re nne re ikanyega mo go ene.

O A RE THIBA GORE RE SE KA RA TSAYA KGATO E E PHOSO

8. Ke eng fa re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra tsaya kgato e e phoso?

8 Kgatelelo ya botshelo le go sa itekanele ga rona go ka dira gore re se ka ra tsaya dilo tsa semoya di le botlhokwa mme ga re tsenya mo kotsing ya gore re tseye kgato e e phoso re sa lemoge. (Bala Bagalatia 6:1.) Re kgona go bona seno mo tiragalong e e neng ya direga mo botshelong jwa ga Dafide.

9, 10. Jehofa o ne a thiba Dafide jang gore a se ka a tsaya kgato e e phoso, mme o re direla eng gompieno?

9 Fa Dafide a ne a tsomiwa ke Kgosi Saulo, o ne a bontsha boikgapo jo bogolo ka go se ipusolosetse mo kgosing eo e e lefufa. (1 Sam. 24:2-7) Le fa go ntse jalo, nakwana morago ga foo, bosaitekanelang jwa ga Dafide bo ne jwa mo fekeetsa. Ene le banna ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba tlhoka metsi le dijo, mme ka tlotlo o ne a kopa thuso mo Moiseraeleng wa gaabo e bong Nabale. Fa Nabale a ne a mo araba ka go mo tlhapaola, Dafide o ne a galefa mme a ikaelela go ipusolosetsa mo banneng botlhe ba ntlo ya ga Nabale, mme a sa lemoge gore go bolaya batho ba ba se nang molato go ne go tla dira gore a nne le molato wa madi fa pele ga Modimo. Go tsereganya ga mosadi wa ga Nabale e bong Abigaile ka nako e e tshwanetseng, ke gone fela go neng ga thusa Dafide gore a se ka a dira phoso eo e kgolo. E re ka Dafide a ne a lemoga gore Jehofa o ne a tsenelela mo kgannyeng eo, o ne a raya Abigaile a re: “A go bakwe Jehofa Modimo wa Iseraele, yo o go rometseng mo letsatsing leno gore o tle go nkgatlhantsha! Mme a go bakwe tlhaloganyo ya gago, mme go bakwe wena yo o nthibetseng mo letsatsing leno gore ke se ka ka tsena mo molatong wa madi le gore seatla sa me se mpoloke.”—1 Sam. 25:9-13, 21, 22, 32, 33.

10 Re ka ithuta eng mo pegong eno? Jehofa o ne a dirisa Abigaile go thusa Dafide gore a se ka a tsaya kgato e e phoso. Le rona o re direla se se tshwanang gompieno. Gone ke boammaaruri gore ga re a tshwanela go lebelela gore nako nngwe le nngwe fa re tla tloga re dira phoso, Modimo o tla romela mongwe go tsereganya; e bile ga re ka ke ra akanya gore re itse tota kafa Modimo a tla dirang dilo ka gone mo maemong ape fela, kgotsa se a tla se letlang se diragala gore maikaelelo a gagwe a diragadiwe. (Mor. 11:5) Le fa go ntse jalo, re ka tlhatswega pelo gore ka metlha Jehofa o lemoga maemo a rona le gore o tla re thusa go nna re ikanyega mo go ene. O re tlhomamisetsa jaana: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.” (Pes. 32:8) Jehofa o re naya kgakololo jang? E ka re solegela molemo jang? Mme ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o etelela batho ba gagwe pele gompieno? Ela tlhoko kafa dipotso tseo di arabiwang ka gone mo bukeng ya Tshenolo.

KGAKOLOLO E A RE SIRELETSA

11. Jehofa o itse se se diregang mo diphuthegong tsa batho ba gagwe go le kana kang?

11 Mo ponong e e mo go Tshenolo kgaolo 2 le 3, Jesu Keresete yo o galaleditsweng o tlhatlhoba diphuthego tse supa tsa Asia Minor. Pono eo e senola gore Keresete ga a bone fela maemo a batho botlhe ba nang le one, mme o bona le maemo a motho mongwe le mongwe a lebanang le one. Mo maemong mangwe, o ne a bo a umaka batho bangwe, mme o akgola mongwe le mongwe wa bone ka tsela e e mo tshwanetseng kgotsa o mo naya kgakololo e e tshwanetseng. Seno se bontsha eng? Mo tiragatsong ya pono eo, diphuthego tse supa di emela Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba tshela morago ga 1914, mme kgakololo e e neetsweng diphuthego tseo tse supa e dira le mo diphuthegong tsotlhe tsa batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe gompieno. Ka jalo, re ka dira tshwetso ya gore Jehofa o etelela batho ba gagwe pele a dirisa Morwawe. Kaelo eo e ka re solegela molemo jang?

12. Re ka letla jang Jehofa gore a kaele dikgato tsa rona?

12 Tsela nngwe e ka yone re ka solegelwang molemo ke kgakololo e e lorato ya ga Jehofa, ke ka thuto ya motho a le esi. Jehofa o re naya letlotlo la kgakololo ya Dikwalo a dirisa dikgatiso tsa setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. (Math. 24:45) Le fa go ntse jalo, gore di re solegele molemo, re tshwanetse go ipha nako ya gore re di ithute le go dirisa se re se ithutang. Jehofa o dirisa thuto ya motho a le esi go re “disa gore [re] se ka ra kgotšwa.” (Jude 24) A o kile wa bala sengwe mo dibukeng tsa rona se go lebegang e kete se ne se kwaletswe wena? Amogela kgakololo eo e le e e tswang kwa go Jehofa. Fela jaaka tsala e ka go kgwatha, e le go go lemosa sengwe, Jehofa a ka dirisa moya wa gagwe go go lemosa karolo nngwe ya boitshwaro jwa gago kgotsa ya botho jwa gago e o tlhokang go e tokafatsa—wena mmogo le batho ba bangwe ba bantsi ba ba jaaka wena. Fa re amogela kaelo ya moya o o boitshepo, re letla Jehofa gore a kaele dikgato tsa rona. (Bala Pesalema 139:23, 24.) Ka jalo, re tla bo re dira sentle fa re sekaseka mekgwa ya rona ya go ithuta.

13. Ke ka ntlha yang fa go tla bo go le botlhale gore re sekaseke mekgwa ya rona ya go ithuta?

13 Go senya nako e ntsi mo boitlosobodutung go ka re jela nako e re e tlhokang go nna le thuto ya motho a le esi. Mokaulengwe mongwe a re: “Go motlhofo gore o tlolwe ke thuto ya motho a le esi. Gone jaanong boitlosobodutu bo bontsi go feta le fa e le leng pele, e bile ga bo ture jaaka pele. Bo teng mo thelebisheneng, mo khomputareng le mo founong. Bo gongwe le gongwe.” Fa re se kelotlhoko, nako e re e tlhokang gore re nne le thuto e e tseneletseng ya motho a le esi, e ka fokotsega ka bonya ka bonya go fitlhela e fela gotlhelele. (Baef. 5:15-17) Go molemo gore mongwe le mongwe wa rona a ipotse jaana: ‘Ke gakae ke ipha nako ya go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo? A ke baakanyetsa fela fa ke na le puo kgotsa karolo nngwe mo pokanong?’ Fa go le jalo, gongwe re ka dirisa ka botlhale maitseboa a a beetsweng kwa thoko go nna a kobamelo ya lelapa kgotsa thuto ya motho a le esi gore re anaanele botlhale jwa semoya jo Jehofa a re nayang jone gore a re dibele gore re bone poloko.—Dia. 2:1-5.

KGOTHATSO E A RE THUSA

14. Dikwalo di bontsha jang gore Jehofa o ela tlhoko maikutlo a rona?

14 Dafide o ne a lebana le maemo a le mantsi a a ngomolang pelo mo botshelong jwa gagwe. (1 Sam. 30:3-6) Mafoko a gagwe a a tlhotlheleditsweng a bontsha gore Jehofa o ne a itse kafa a ikutlwang ka gone. (Bala Pesalema 34:18; 56:8.) Le rona Modimo o itse kafa re ikutlwang ka gone. Fa re na le “pelo e phatlogileng” kgotsa “moya o o pitlaganeng,” o atamela gaufi le rona. Seno ka bosone se a re gomotsa fela jaaka se ne sa gomotsa Dafide yo o neng a opela jaana: “Ke tla ipela ke bo ke itumela mo bopelonoming jwa gago jwa lorato, ka gore o bone pogisego ya me; o itsile matshwenyego a moya wa me.” (Pes. 31:7) Mme gone, Jehofa ga a lemoge fela pitlagano ya rona. O re ema nokeng ka go re gomotsa le go re kgothatsa. Tsela nngwe e a dirang seno ka yone ke ka dipokano tsa Bokeresete.

15. Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Asafe?

15 Re kgona go bona mosola wa go nna gone kwa dipokanong mo go se se diragaletseng mopesalema Asafe. Se se neng sa dira gore Asafe a belaele botlhokwa jwa go direla Modimo ke go nna a akantse ka go tlhoka tshiamiso go a neng a go bona. Asafe o ne a kgobega marapo. O ne a tlhalosa maikutlo a gagwe jaana: “Pelo ya me e ne e le botlhoko mme mo diphilong tsa me ke ne ke tsunyediwa ke setlhabi.” Ka ntlha ya seo o ne a batla a tlogela go direla Jehofa. Ke eng se se thusitseng Asafe gore a itharabologelwe? O ne a re: “Ke [ne ka] tla mo lefelong le legolo le le boitshepo la Modimo.” Fa a le koo, mo gare ga batho ba a neng a obamela Jehofa mmogo le bone o ne a simolola gape go leba dilo sentle. O ne a bona gore katlego ya baikepi ke ya nakwana fela le gore Jehofa ga a kitla a palelwa ke go baakanya dilo. (Pes. 73:2, 13-22) Go ntse fela jalo le ka rona. Kgatelelo ya go lebana le go tlhoka tshiamiso ga lefatshe la ga Satane e ka re kgoba marapo. Go kopanela le bakaulengwe ba rona go a re lapolosa e bile go re thusa gore re tswelele re direla Jehofa ka boipelo.

16. Re ka solegelwa molemo jang ke sekao sa ga Hana?

16 Le fa go ntse jalo, go tweng fa boemo jwa gago bo dira gore o thatafalelwe ke go nna gone kwa dipokanong? Gongwe o ne wa tshwanelwa ke go tlogela tshiamelo nngwe ya tirelo mme o tlhabiwa ke ditlhong, kgotsa ga o a ka wa utlwana le mokaulengwe mongwe kgotsa kgaitsadi. Fa go ntse jalo, o ka solegelwa molemo ke sekao sa ga Hana. (Bala 1 Samuele 1:4-8.) Gakologelwa gore o ne a kgopisitswe thata ke boemo jwa lelapa la gagwe jo bo akaretsang kgotlhang e a neng a na le yone le mogadikane wa gagwe e bong Penina. Boemo bo ne bo nna maswe le go feta ngwaga le ngwaga fa lelapa le ne le ya kwa Shilo go ya go ntshetsa Jehofa ditlhabelo. Hana o ne a ngomoga pelo thata jaana mo e leng gore o ne “a lela e bile a sa je.” Le fa go ntse jalo, ga a ka a letla seo se dire gore a se ka a ya kwa lefelong la go obamela Jehofa. Jehofa o ne a lemoga boikanyegi jwa gagwe mme a mo segofatsa.—1 Sam. 1:11, 20.

17, 18. (a) Re amogela kgothatso ka ditsela dife kwa dipokanong tsa phuthego? (b) O ikutlwa jang ka tlhokomelo e e lorato e Jehofa a re nayang yone gore re kgone go bona poloko?

17 Gompieno Bakeresete ba na le lebaka le le utlwalang la go etsa sekao sa ga Hana. Re tshwanetse go nna gone ka metlha kwa dipokanong. Jaaka rotlhe re setse re lemogile, dipokano di re naya kgothatso e re e tlhokang thata. (Baheb. 10:24, 25) Lorato lwa Bakeresetemmogo le rona lo a re gomotsa. Ntlha e re e utlwang mo puong kgotsa mo kakgelong e ka re ama pelo. Fa re ntse re tlotla le batho pele ga dipokano kgotsa morago ga tsone, modumedimmogo le rona a ka nna a re reetsa kgotsa a re bolelela mafoko a a gomotsang. (Dia. 15:23; 17:17) Fa re opelela Jehofa ka mantswe a a kwa godimo, re a itumela. Segolobogolo fa re na le “dikakanyo . . . tse di tlhobaetsang,” re tlhoka kgothatso e re e newang kwa dipokanong, kwa Jehofa a re emang nokeng ka ‘dikgomotso tsa gagwe’ le go re thusa gore re tswelele re ikanyega.—Pes. 94:18, 19.

18 E re ka re sireletsegile mo tlhokomelong e e lorato ya Modimo, re ikutlwa fela jaaka mopesalema Asafe yo a neng a opelela Jehofa jaana: “O tshwere seatla sa me sa moja. O tla nkgoga ka kgakololo ya gago.” (Pes. 73:23, 24) A bo re itumela jang ne go bo Jehofa a re dibela gore re bone poloko!

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Le wena o gogilwe ke Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Go dirisa kgakololo ya Modimo go a re sireletsa

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Re nonotshiwa ke kgothatso e re e amogelang