Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dithuto Tsa Bokeresete di Solegela Setšhaba Molemo Jang?

Dithuto Tsa Bokeresete di Solegela Setšhaba Molemo Jang?

Dithuto Tsa Bokeresete di Solegela Setšhaba Molemo Jang?

DITLHOGO tse di fetileng di sekasekile mabaka a go bo Bakeresete ba boammaaruri ba sa nne le seabe mo dipolotiking. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ka bontsha jang gore ba batla go nna le seabe mo go tokafatseng matshelo a batho ba mafelo a ba nnang mo go one? Tsela nngwe ke ka go dira se Jesu a neng a se laela: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—Mathaio 28:19, 20.

Go dira se Jesu a neng a se laela ka go ‘dira barutwa’ le go latela taelo ya gagwe ya go nna jaaka letswai le lesedi la lefatshe, go a tsamaisana. (Mathaio 5:13, 14) Go tsamaisana jang? Mme tiro eo e ka solegela batho molemo jang?

Molaetsa wa ga Keresete—O a Boloka e Bile o Baya Batho mo Leseding

Letswai le kgona go boloka nama e tala e sa bole. Ka tsela e e tshwanang, molaetsa o Jesu a laetseng balatedi ba gagwe gore ba o ise kwa bathong ba ditšhaba tsotlhe, o kgona go boloka batho. Batho ba ba amogelang dithuto tsa ga Jesu e bile ba di dirisa ba itshireletsa mo boitsholong jo bo bodileng jo bo atileng gompieno. Ka tsela efe? Ba ithuta go tila mekgwa e e kotsi e e ka senyang botsogo jwa bone, e e jaaka go goga e bile ba nna le dinonofo tse di jaaka lorato, kagiso, bopelotelele, bopelonomi le molemo. (Bagalatia 5:22, 23) Dinonofo tseo di dira gore ba solegele setšhaba molemo. Bakeresete ba ba bolelelang baagelani ba bone molaetsa ono o o bolokang matshelo, ba nna le seabe sa botlhokwa mo go thuseng batho ba mafelo a ba nnang mo go one.

Mme go ka tweng ka tshwantshiso ya lesedi? Fela jaaka ngwedi e bonesa lesedi le le tswang mo letsatsing, balatedi ba ga Keresete le bone ba bonesa “lesedi” le le tswang kwa go Jehofa Modimo. Ba bonesa lesedi leo le le tswang kwa go Jehofa ka go dira tiro ya go rera le ka go dira ditiro tse di molemo.—1 Petere 2:12.

Gape Jesu o ne a bontsha kafa go nna lesedi le go nna morutwa wa gagwe go tshwanang ka gone fa a ne a re: “Batho ba tshuba lobone ba bo ba lo tlhoma, e seng kafa tlase ga seroto se se lekanyang, mme mo godimo ga setlhomo sa lobone, mme lo phatsimela botlhe ba ba mo ntlong. Ka tsela e e tshwanang a lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho.” Lobone lo lo tshubilweng lo bo lo bewa mo setlhomong lo bonwa sentle ke batho botlhe ba ba leng gaufi le lone. Ka tsela e e tshwanang, tiro ya go rera le ditiro tse dingwe tse di molemo tse di dirwang ke Bakeresete ba boammaaruri, di tshwanetse go bonwa ke batho ba ba tshelang le bone. Ka ntlha yang? Jesu o ne a re batho ba ba bonang ditiro tseo ba tla naya Modimo kgalalelo e seng Bakeresete bao.—Mathaio 5:14-16.

Tiro e e Dirwang ke Batho ba le Bantsi

Fa Jesu a ne a re, “Lona lo lesedi la lefatshe” le fa a ne a re “a lesedi la lona le phatsime,” o ne a bua le barutwa ba gagwe botlhe. Taelo ya ga Jesu e ka se dirwe ke batho ba se kae fela ba ba mo madumeding a a farologaneng. Go na le moo, maloko otlhe a bodumedi bo le bongwe ke “lesedi.” Basupi ba ga Jehofa ba le 7 000 000 ba ba nnang mo dinageng di feta 235, ba dumela gore go etela baagelani ba bone ba ba bolelela molaetsa o Keresete a batlang gore balatedi ba gagwe ba o bolele, ke boikarabelo jwa bone jo ba bo diragatsang ba le mmogo.

Setlhogo sa molaetsa o Basupi ba ga Jehofa ba o bolelang ke sefe? Fa Jesu a ne a laela barutwa ba gagwe gore ba dire tiro ya go rera, ga a ka a ba laela gore ba rere ka diphetogo tsa loago kgotsa tsa dipolotiki, ka go dirisana ga Kereke le Puso kgotsa ka dikgopolo dipe fela tse dingwe tsa lefatshe. Go na le moo, o ne a bolelela pele jaana: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Mathaio 24:14) Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba ikobela ditaelo tsa ga Jesu ka go bua ba sa kgaotse le baagelani ba bone ka Bogosi jwa Modimo—puso e e leng yone fela e ka kgonang go fedisa tsamaiso eno e e boikepo ya ga Satane le go tlisa lefatshe le lesha la tshiamo.

Tota e bile, fa re bala dipego tsa Diefangele, re fitlhela dilo tse pedi tsa botlhokwa tse di ka ga bodiredi jwa ga Jesu tse di amang ditiro tsa Bakeresete ba boammaaruri gompieno. Dilo tseo tse pedi di tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Molaetsa wa Bakeresete o tshwana le letswai ka tsela efe?

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

Molaetsa wa ga Keresete o tshwana le lobone mo lefelong le le lefifi ka tsela efe?