Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna le Maikutlo a a Siameng ka Lenyalo le le Nang le Mathata

Nna le Maikutlo a a Siameng ka Lenyalo le le Nang le Mathata

Nna le Maikutlo a a Siameng ka Lenyalo le le Nang le Mathata

“Batho ba ba mo lenyalong ke ba naya ditao, le fa go ntse jalo e seng nna mme Morena.”—1 BAKOR. 7:10.

A O KA TLHALOSA?

Modimo o kopanya banyalani ka kutlwisiso efe?

Bagolwane ba ka thusa jang Bakeresete ba ba nang le mathata a lenyalo?

Re tshwanetse go leba lenyalo jang?

1. Bakeresete ba leba jang lenyalo, mme ka ntlha yang?

FA BAKERESETE ba nyalana, ba ikana fa pele ga Modimo, mme seo ke maikarabelo a a sa tshwanelwang go tsewa motlhofo. (Mor. 5:4-6) Jehofa o ba ‘kopantse mmogo’ ka lenyalo, ka kgopolo ya gore ke Mosimolodi wa thulaganyo ya lenyalo. (Mar. 10:9) Banyalani ba kopantswe mmogo ke Modimo go sa kgathalesege gore melao ya naga ya reng. Batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go leba lenyalo e le thulaganyo e e tlamang, go sa kgathalesege gore fa ba ne ba nyalana e ne e le baobamedi ba ga Jehofa kgotsa nnyaa.

2. Re tla sekaseka dipotso dife mo setlhogong seno?

2 Lenyalo le le atlegileng le ka nna le boitumelo jo bogolo. Le fa go ntse jalo, go ka dirwa eng fa lenyalo le na le mathata? A lenyalo le le koafetseng le ka nonotshiwa? Batho ba lenyalo la bone le leng mo kotsing ba ka thusiwa jang?

A E TLA NNA LE LE ITUMETSENG KGOTSA LE LE NANG LE MATHATA?

3, 4. Go ka direga eng fa motho a dira tshwetso e e seng botlhale fa a tlhopha molekane wa lenyalo?

3 Fa lenyalo la Mokeresete le atlega, seo se a itumedisa mme se tlisetsa Jehofa tlotlo. Fa le sa atlege ke kutlobotlhoko e e seng kana ka sepe. Mokeresete yo o akanyetsang go tsena mo lenyalong a ka kgona go simolola lenyalo la gagwe ka tsela e e molemo ka go latela kaelo ya Modimo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, motho yo o dirang tshwetso e e seng botlhale fa a tlhopha molekane wa lenyalo, a ka nna le khutsafalo le go se kgotsofale. Ka sekai, basha bangwe ba simolola go intsha le mongwe ba ise ba siamele maikarabelo a a tsamaisanang le botshelo jwa lenyalo. Batho bangwe ba kopana le motho yo o tla nnang molekane wa bone mo Internet, ba bo ba itlhaganelela go tsena mo go se e tla nnang lenyalo le le sa itumelang. Ba bangwe ba dira boleo jo bo masisi ka nako ya go ratana ga bone ba bo ba nyalana, mme ka go dira jalo ba simolola botshelo jwa bone jwa lenyalo ba sa tlotlane go le kalo.

4 Bakeresete bangwe ga ba nyale “mo Moreneng fela,” ka jalo ba boga ditlamorago tse di botlhoko tse gantsi di nnang gone mo lelapeng le le aroganeng ka bodumedi. (1 Bakor. 7:39) Fa e le gore o mo boemong jo bo ntseng jalo, rapela Modimo gore a go itshwarele a bo a go thuse. Ga a tlose ditlamorago tsa diphoso tse motho a di dirileng mo nakong e e fetileng, mme gone o thusa batho ba ba ikwatlhayang gore ba itshokele diteko tsa bone. (Pes. 130:1-4) Leka ka natla go mo itumedisa gone jaanong le go ya go ile, mme ‘boipelo jwa ga Jehofa e tla nna kago ya gago e e thata.’—Neh. 8:10.

FA LENYALO LE LE MO KOTSING

5. Re tshwanetse go tila tsela efe ya go akanya malebana le lenyalo le le sa itumelang?

5 Batho ba ba sa itumelang mo lenyalong ba ka ipotsa jaana: ‘A tota ke batla go falotsa lenyalo leno? Fa fela ke ne nka kgona go busetsa dilo morago ke ne ke tla nyalana le motho o sele!’ Ba ka nna ba akanyetsa go fedisa lenyalo leo, ba akanya jaana, ‘E kete nka gololesega gape! Ke eng ke sa mo tlhale? Le fa nka se mo tlhale ka gonne ke se na mabaka a Dikwalo, ke eng fa ke sa kgaogane le ene mme ke itumelele botshelo gape?’ Go na le gore Bakeresete ba akanye ka tsela eo kgotsa ba ijese dijo tsa ditoro ka se se ka bong se diregile, ba tshwanetse go dira se ba ka se kgonang mo maemong a ba leng mo go one ka go batla kaelo ya Modimo le go e latela.

6. Tlhalosa se Jesu a se buileng mo go Mathaio 19:9.

6 Fa Mokeresete a ne a ka tlhala kgotsa a tlhalwa, a ka nna a gololesega go tsena mo lenyalong gape go dumalana le Dikwalo, kgotsa a ka nna a se ka a gololesega go tsena mo lenyalong gape. Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka lebaka la kgokafalo, mme a nyala yo mongwe o dira boaka.” (Math. 19:9) Fano lefoko “kgokafalo” le akaretsa boaka le maleo a mangwe a a masisi a tlhakanelodikobo. Go botlhokwa gore Mokeresete a rapele Modimo gore a mo kaele fa e le gore o akanya go tlhalana le molekane wa gagwe, mme go se na ope wa bone yo o nang le molato wa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.

7. Batho ba ba lebileng ba ka akanya eng fa lenyalo la Mokeresete le thubega?

7 Fa lenyalo le thubega, seo se ka dira gore go belaelwe gore a tota motho o godile semoyeng. Moaposetoloi Paulo o ne a botsa potso eno e e masisi: “Eleruri fa monna mongwe a sa itse go okamela ba e leng ba ntlo ya gagwe, o tla tlhokomela jang phuthego ya Modimo?” (1 Tim. 3:5) Tota e bile, fa balekane boobabedi ba ipolela gore ke Bakeresete mme gone lenyalo la bone le thubega, batho ba ba lebileng ba ka nna ba akanya gore batho bao ga ba dirise se ba se ithutang.—Bar. 2:21-24.

8. Bothata e a bo e le eng fa banyalani ba Bakeresete ba swetsa ka gore ba kgaogane?

8 Fa banyalani ba ba kolobeditsweng ba rulaganya go kgaogana kgotsa go tlhalana e se ka mabaka a a dumalanang le Dikwalo, ruri seo se bontsha gore go na le sengwe se se phoso ka bomoya jwa bone. Go bonala mongwe wa bone kgotsa boobabedi ba sa dirise melaometheo ya Dikwalo. Fa e le gore tota ba ne ba ‘ikanya Jehofa ka dipelo tsa bone tsotlhe,’ ba ne ba tla kgona go falotsa lenyalo la bone.—Bala Diane 3:5, 6.

9. Bakeresete bangwe ba ile ba nna le diphelelo dife tse di molemo ka ntlha ya go tsaya matsapa ka bopelotelele mo lenyalong la bone?

9 Manyalo a le mantsi a go neng go bonala a tla tloga a thubega a ne a atlega tota, fa nako e ntse e ya. Bakeresete ba ba sa itlhaganeleleng go tlhoboga lenyalo le le nang le mathata gantsi ba nna le diphelelo tse di molemo. Akanya ka se se ka diregang mo lelapeng le le aroganeng ka bodumedi. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e le gore, fa bangwe ba sa utlwe lefoko, ba gapiwe kwantle ga lefoko ka boitshwaro jwa basadi ba bone, ka ntlha ya go bo ba nnile basupi ba ba boneng ka matlho ba boitshwaro jwa lona jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng.” (1 Pet. 3:1, 2) Ruri boitshwaro jo bo molemo jwa molekane wa Mokeresete bo ka thusa molekane yo o sa dumeleng gore a amogele tumelo ya boammaaruri! Lenyalo leo le le falodisitsweng le tlotlomatsa Modimo mme e ka nna tshegofatso e kgolo mo monneng le mo mosading le mo baneng ba ba ka tswang ba na le bone.

10, 11. Go ka nna ga tsoga mathata afe a a sa lebelelwang mo lenyalong, mme gone Mokeresete a ka tlhomamisega ka eng?

10 E re ka Bakeresete ba le bantsi ba ba seng mo lenyalong ba batla go itumedisa Jehofa, ba tlhopha badumedimmogo le bone ba ba ineetseng go nna balekane ba bone ba lenyalo. Le fa go ntse jalo, maemo a ka nna a fetoga go sa lebelelwa. Ka sekai, ka dinako dingwe molekane yo mongwe a ka nna le mathata a a masisi a maikutlo. Kgotsa nako nngwe fa ba sena go nyalana, molekane yo mongwe a ka nna a simolola go nna mmoledi yo o tsidifetseng. Ka sekai: Linda, * yo e leng Mokeresete yo o tlhagafetseng le mmè yo o lorato, o ne a ikutlwa a feletswe ke maatla fa a bona monna wa gagwe yo o kolobeditsweng a simolola go dira dilo tse di sa siamang mme a bo a kgaolwa. Mokeresete o tshwanetse go dira eng fa seo se lebega e kete se tla senya lenyalo la gagwe?

11 O ka nna wa ipotsa jaana, ‘A ke tshwanetse go tswelela ke leka go falotsa lenyalo la me go sa kgathalesege gore go direga eng?’ Ga go ope yo o ka kgonang go go direla tshwetso eo e bile ga go ope yo o tshwanetseng go dira jalo. Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a a utlwalang a gore o se ka wa itlhoboga mo lenyalong la gago le le nang le mathata. Monna kgotsa mosadi yo o ratang Modimo, yo o itshokelang diteko tsa lenyalo le le nang le mathata ka ntlha ya segakolodi sa gagwe, o tlhwatlhwakgolo mo Modimong. (Bala 1 Petere 2:19, 20.) Jehofa o tla dirisa Lefoko la gagwe le moya wa gagwe go thusa Mokeresete yo o lekang ka natla go nonotsha lenyalo la gagwe le le nang le mathata.

BA IKETLEELEDITSE GO THUSA

12. Bagolwane ba tla re leba jang fa re kopa thuso ya bone?

12 Fa o lebane le mathata a lenyalo, o se ka wa okaoka go kopa thuso ya semoya mo Bakereseteng ba ba godileng semoyeng. Bagolwane ke badisa ba letsomane mme ba tla itumelela go go naya kgakololo e e tlhotlheleditsweng e e tswang mo Dikwalong. (Dit. 20:28; Jak. 5:14, 15) O se ka wa swetsa ka gore bagolwane ba ka se tlhole ba lo tlotla fa wena le molekane wa gago lo ka kopa thuso ya semoya e bile lo tlotla le bone ka mathata a a masisi a lenyalo. Lorato lo ba lo ratang ka lone lo tla oketsega fa ba bona gore tota lo batla go itumedisa Modimo.

13. Ke kgakololo efe e e mo go 1 Bakorintha 7:10-16?

13 Fa bagolwane ba kopiwa go thusa Bakeresete ba ba leng mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi, ba dirisa kgakololo ya ga Paulo e e reng: “Batho ba ba mo lenyalong ke ba naya ditao, le fa go ntse jalo e seng nna mme Morena, gore mosadi yo o nyetsweng a se ka a tlogela monna wa gagwe; mme fa tota a ka mo tlogela, a a nne a sa nyalwa kgotsa go sa nneng jalo a boelane gape le monna wa gagwe; le monna yo o nyetseng ga a a tshwanela go tlogela mosadi wa gagwe. . . . Gonne, mosadi yo o nyetsweng, o itse jang gore o tla boloka monna wa gago? Kgotsa, monna yo o nyetseng, o itse jang gore o tla boloka mosadi wa gago?” (1 Bakor. 7:10-16) A bo e le tshegofatso jang ne fa molekane yo o sa dumeleng a thusiwa go amogela kobamelo ya boammaaruri!

14, 15. Ke mo maemong afe molekane wa Mokeresete a ka nnang a akanyetsa go tlogela molekane wa gagwe, mme gone ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go sekaseka seno ka thapelo le ka boikanyegi?

14 Ke mo maemong afe mosadi wa Mokeresete ‘tota a ka tlogelang’ monna wa gagwe? Bangwe ba ile ba tlhopha go kgaogana le banna ba bone ka gonne ba gana go ba tlhokomela ka dilo tse ba di tlhokang. Ba bangwe ba ile ba dira jalo ka gonne banna ba ba sotla ka tsela e e feteletseng kgotsa ba tsenya bomoya jwa bone mo kotsing.

15 Motho ke ene a tla itirelang tshwetso ya gore a o tla kgaogana le molekane wa gagwe kgotsa nnyaa. Le fa go ntse jalo, molekane yo o kolobeditsweng o tshwanetse go sekaseka kgang eo ka thapelo le ka boikanyegi. Ka sekai, a molekane yo o sa dumeleng ke ene fela yo o tsenyang bomoya jwa Mokeresete mo kotsing, kgotsa a Mokeresete o ile a itlhokomolosa go nna le thuto ya Baebele, a sa nne gone ka metlha kwa dipokanong le mo bodireding?

16. Ke eng se se tshwanetseng go thiba Bakeresete gore ba se ka ba dira ditshwetso ka lepotlapotla malebana le go tlhalana?

16 Kgang ya gore re anaanela kamano ya rona le Modimo mme re a mo leboga ka ntlha ya mpho ya gagwe ya lenyalo, e tshwanetse ya re thibela go dira ditshwetso ka lepotlapotla malebana le tlhalo. E re ka re le batlhanka ba ga Jehofa, re amegile ka go itshepisiwa ga leina la gagwe le le boitshepo. Ka jalo, le ka motlha ga re kitla re loga leano la go tswa mo lenyalong e le gore re tsene mo go le lengwe.—Jer. 17:9; Mal. 2:13-16.

17. Ke mo maemong afe go ka tweng Modimo o bileditse Bakeresete ba ba nyalaneng mo kagisong?

17 Mokeresete yo o nyalaneng le motho yo o sa dumeleng o tshwanetse go leka ka natla go nonotsha lenyalo la gagwe. Le fa go ntse jalo, Mokeresete ga a tshwanela go ikutlwa molato fa molekane yo o sa dumeleng a batla go mo tlogela, le fa Mokeresete yoo a dirile maiteko a go boloka lenyalo la bone. Paulo o ne a re: “Fa yo o sa dumeleng a tsamaya, mo lese a tsamaye; mokaulengwe kgotsa kgaitsadi ga a mo bokgobeng mo maemong a a ntseng jalo, mme Modimo o lo bileditse kagisong.”—1 Bakor. 7:15. *

IKANYE JEHOFA

18. Tota le fa go sa kgonege go falotsa lenyalo, go leka go dira jalo go ka lere melemo efe?

18 Fa o lebane le bothata bope fela jwa lenyalo, kopa Jehofa gore a go neye bopelokgale, o bo o mo ikanye ka metlha. (Bala Pesalema 27:14.) Akanya ka Linda yo o umakilweng pelenyana. Kgabagare lenyalo la gagwe le ne la felela ka tlhalo le fa a feditse dingwaga di le dintsi a dira ka natla go leka go le falotsa. A Linda o akanya gore o sentse nako ya gagwe? A re: “Le e seng. Maiteko a me a ile a naya bosupi jo bo molemo mo bathong ba ba neng ba lebile. Ke na le segakolodi se se phepa. Sa botlhokwa le go feta, dingwaga tseo di thusitse morwadiarona go nna a nitame mo boammaaruring. Fa a gola, o ne a nna Mosupi yo o tlhagafetseng le yo o ineetseng wa ga Jehofa.”

19. Go ka direga eng fa motho a dira maiteko a go falotsa lenyalo la gagwe?

19 Mosadi wa Mokeresete e bong Marilyn, o itumelela go bo a ile a ikanya Modimo mme a dira maiteko a a oketsegileng go leka go falotsa lenyalo la gagwe. A re: “Ke ne ke raelesega go kgaogana le monna wa me ka gonne a sa ntlamele ka madi e bile a tsenya bomoya jwa me mo kotsing. Le fa go ntse jalo, monna wa me e ne e le mogolwane pele ga a nna le seabe mo dithulaganyong dingwe tse di seng botlhale tsa kgwebo. O ne a simolola go se ye dipokanong ka metlha, mme ra kgaotsa go buisana. Fa dirukhutlhi di sena go tlhasela toropo ya rona ke ne ka tshoga thata jaana mo ke neng ka simolola go ikgogona. Morago ga foo ke ne ka lemoga gore le nna ke ne ke le phoso. Re ne ra simolola go buisana gape, ra simolola gape go tshwara thuto ya lelapa, mme ra nna gone ka metlha kwa dipokanong. Bagolwane ba ne ba le pelonomi mme ba ne ba re thusa thata. Lenyalo la rona le ne la itumela gape. Fa nako e ntse e ya monna wa me o ne a tshwanelega gape gore a nne le ditshiamelo mo phuthegong. Ke ne ka ithuta thuto e e botlhoko mme diphelelo tsa gone di ne tsa nna molemo.”

20, 21. Re tshwanetse go ititaya sehuba go dira eng mo lenyalong?

20 A ka metlha re nneng pelokgale re bo re ikanye Jehofa, re ka tswa re le mo lenyalong kgotsa re se mo go lone. Fa re na le mathata a lenyalo, re tshwanetse go leka ka natla go a rarabolola, re gakologelwa gore batho ba ba leng mo lenyalong “ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe.” (Math. 19:6) Mme a re nneng re gopotse gore fa re itshoka mo lelapeng le le aroganeng ka bodumedi le fa le na le mathata, re ka nna ra itumelela go bona molekane yo mongwe a amogela kobamelo ya boammaaruri.

21 Le fa maemo a rona a ka tswa e le afe, a re ititeyeng sehuba gore tsela e re dirang dilo ka yone e kgone go naya batho ba ba re lebileng ba ba kwa ntle ga phuthego bosupi jo bo molemo. Fa lenyalo la rona le le mo kotsing, a re rapeleng ka tlhoafalo, re sekasekeng maitlhomo a rona ka boikanyegi, re bale Dikwalo ka kelotlhoko, mme re batle thuso ya bagolwane. Mo godimo ga moo, a re ititeyeng sehuba gore re itumedise Jehofa Modimo mo dilong tsotlhe mme re bontshe gore ruri re anaanela mpho ya gagwe e e molemo ya lenyalo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 Maina a fetotswe.

^ ser. 17 Bona buka ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo,” tsebe 219-221; Tora ya Tebelo ya November 1, 1988, tsebe 26-27; September 15, 1975, tsebe 575 (ka Seesemane).

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mafoko a a mo go tsebe 10]

Bakeresete ba ba sa itlhaganeleleng go tlhoboga lenyalo le le nang le mathata gantsi ba nna le diphelelo tse di molemo

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

Ka metlha ikanye Jehofa mme o mo kope gore a go neye bopelokgale

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Jehofa o segofatsa banyalani ba Bakeresete ba ba tsayang matsapa a go nonotsha lenyalo le le nang le mathata

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Phuthego ya Bokeresete e ka gomotsa motho ya bo ya mo thusa semoyeng