Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Butse Matlho a Me

Jehofa o Butse Matlho a Me

Jehofa o Butse Matlho a Me

Jaaka go boletse Patrice Oyeka

E ne e le ka letlatlana. Morago ga go fetsa letsatsi le lengwe gape ke tshwenyegile thata mo maikutlong—ke sa bone, ke jewa ke bodutu e bile ke ntse ke reeditse sengwe le sengwe mo radiong—ke ne ka swetsa ka gore ke ipolaye. Ke ne ka tshela poere ya botlhole mo koping e e nang le metsi ka bo ke e baya fa godimo ga tafole fa pele ga me. Ke ne ke batla go tlhapa ke bo ke apara sentle pele ga ke nwa motswako ono o o botlhole gore ke swe. Ke ka ntlha yang fa ke ne ke batla go ipolaya? Mme go tla jang gore ke bo ke sa ntse ke tshela jaanong gore ke anele kgang eno?

KE TSHOLETSWE kwa porofenseng ya Kasaï Oriental, e e kwa Democratic Republic of the Congo, ka February 2, 1958. Fa ke le dingwaga di le robongwe, rre o ne a tlhokafala mme ke ne ka tlhokomelwa ke nkgonne fa ke ntse ke gola.

Fa ke fetsa sekolo, ke ne ka bona tiro kwa polaseng ya ditlhare tsa raba. Mo mosong mongwe ka 1989, fa ke ntse ke rulaganya pego nngwe kwa ofising ya me, ka tshoganyetso fela ke ne ka se tlhole ke kgona go bona. Kwa tshimologong, ke ne ke akanya gore motlakase o ne o timile, le fa go ntse jalo jenereitara ya motlakase e ne e sa ntse e duma e bile go ne go sa le mo mosong! Ke ne ka tshoga fela thata fa ke lemoga gore ke ne ke sa bone sepe, tota le tsone dintlha tse ke neng ke di kwadile tse di neng di le fa pele ga me ke ne ke sa di bone!

Ka yone nako eo ke ne ka bitsa monna yo ke neng ke mo okametse gore a nkise kwa mookameding wa lefelo la kokelo. Mookamedi yoo o ne a re ke tshwanetse go isiwa kwa ngakeng e e nang le maitemogelo kwa toropong. E re ka a ile a lemoga gore mathapono a me a gobetse le gore boemo jwa me bo ne bo le masisi, o ne a nthomela kwa Kinshasa, kwa motsemogolong.

Botshelo Kwa Kinshasa

Kwa Kinshasa, ke ne ka ya kwa dingakeng di le dintsi tsa malwetse a matlho mme ga go epe ya tsone e e neng ya kgona go nthusa. Morago ga go fetsa malatsi a le 43 kwa bookelong, dingaka di ne tsa swetsa ka gore ke ne ke tla foufalela ruri! Morago ga foo, ba lelapa ba ne ba nkisa kwa dikerekeng tsa mefuta yotlhe go ya go batla phodiso ya kgakgamatso, mme maiteko otlhe a bone a ne a itaya sefololetse.

Kgabagare ke ne ka felelwa ke tsholofelo ya gore ke tla tsamaya ke bona gape. Botshelo jwa me jotlhe bo ne bo ngomola pelo. Ke ne ke sa tlhole ke bona e bile ke ne ka felelwa ke tiro. Mme mosadi wa me o ne a ntlogela a bo a tsaya sengwe le sengwe se re neng re na le sone mo ntlong. Ke ne ke le ditlhong go tswela kwa ntle kgotsa go itsalanya le batho ba bangwe. Ke ne ka itlhaola mo bathong, ke fetsa malatsi a le mantsi ke le mo ntlong. Ke ne ke tlhola ke le esi e bile ke ikutlwa ke se na mosola.

Ke ne ka leka go ipolaya ka makgetlho a le mabedi. Mme lekgetlho la bobedi le tlhalositswe kwa tshimologong. Botshelo jwa me bo ne jwa bolokwa ke ngwana yo monnye wa mo lelapeng. Fa ke ntse ke tlhapa, o ne a tsaya kopi a sa itse gore e na le botlhole a bo a tsholola motswako oo. Ke leboga go bo a sa o nwa. Mme ke ne ka kgobega marapo thata fa ke sa fitlhele kopi eo. Kgabagare ka bolelela ba lelapa gore ke ka ntlha yang fa ke ne ke batla kopi eo le gore ke ne ke ikaletse go dira eng.

Ke leboga Modimo le ba lelapa la gaetsho go bo ba ntlhokometse. Maiteko a me a go ipolaya a ne a retela.

Go Boa ke Bona Boipelo mo Botshelong

Ka Sontaga mongwe ka 1992, fa ke le kwa gae ke ntse ke goga motsoko, ke ne ka etelwa ke Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba ba neng ba rera ka ntlo le ntlo. Fa ba ne ba lemoga gore ga ke bone, ba ne ba mpalela Isaia 35:5: “Ka nako eo matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa.” Ke ne ka itumela thata fa ke utlwa mafoko ao! Go farologana le se ke neng ka se utlwa kwa dikerekeng tse ke neng ka di etela, Basupi bone ga ba a ka ba ntsholofetsa go mphodisa ka kgakgamatso. Go na le moo, ba ne ba ntlhalosetsa gore ke ne nka kgona go bona gape kwa lefatsheng le le lesha le Modimo a le solofetsang fa fela ke ne nka itse Modimo. (Johane 17:3) Ka bonako fela ke ne ka simolola go ithuta Baebele le Basupi re dirisa buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Gape ke ne ka simolola go ya kwa dipokanong tsotlhe tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong le ke nnang mo go lone mme ke ne ka fetola tsela e ke neng ke tshela ka yone. Ke ne ka tlogela go goga motsoko.

Mme go bo ke ne ke sa bone go ne ga dira gore ke se ka ka gatela pele semoyeng. Ka jalo ke ne ka ya kwa setheong sengwe sa difofu gore ke kgone go ithuta go bala le go kwala Mokwalo wa Difofu. Seo se ne sa dira gore ke kgone go nna le seabe mo thapisong ya bodiredi e e tshwarelwang kwa Holong ya Bogosi. Go ise go ye kae ke ne ka simolola go nna le seabe mo tirong ya go rera mo lefelong la gaetsho. Ke ne ka simolola go itumelela botshelo gape. Ke ne ka nna ka gatela pele ka bo ka neela botshelo jwa me kwa go Jehofa. Ke ne ka kolobediwa ka May 7, 1994.

Fa lorato lo ke ratang Jehofa le batho ka lone lo ntse lo gola, ke ne ka simolola go nna le keletso ya go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng. Go simolola ka December 1, 1995, ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha, modiredi wa nako e e tletseng. Gape ke nnile le tshiamelo ya go nna mogolwane mo phuthegong ya mo lefelong la rona fa e sa le ka February 2004. Ka dinako dingwe ke lalediwa go ya go neela dipuo tsa Baebele kwa diphuthegong tse dingwe mo lefelong le ke nnang mo go lone. Masego ano otlhe a intumedisa thata e bile a nthusa go nna ke gopola gore ga go bokoa bope jo bo ka re thibelang go diragatsa keletso ya rona ya go direla Jehofa Modimo.

Jehofa o Nneile Matlho

Jaaka go boletswe pelenyana, mosadi wa me o ne a ntlogela ka go bo ke sa tlhole ke bona. Mme Jehofa o ne a ntshegofatsa gape. Ka tsela nngwe e e kgethegileng, o ne a nnaya matlho gore ke bone. Anny Mavambu yo o neng a dumela go nna mosadi wa me le fa ke na le bokoa, o ne a nna matlho a me. E re ka le ene e le moreri wa nako e e tletseng, ka metlha o tsamaya le nna kwa bodireding. Gape o mpalela tshedimosetso e dipuo tsa me di theilweng mo go yone gore ke kgone go kwala dintlha tsa me ka Mokwalo wa Difofu. Ke tshegofatso mo go nna. Ka ntlha ya gagwe, ke ne ka fitlhela mafoko a Diane 19:14 a le boammaaruri: “Boswa jo bo tswang mo go borre ke ntlo le khumo, mme mosadi yo o botlhale o tswa kwa go Jehofa.”

Gape Jehofa o ne a segofatsa nna le Anny ka bana ba le babedi—mosimane le mosetsana. Ke eletsa go bona difatlhego tsa bone kwa Paradaiseng! Nngwe ya ditshegofatso ke gore nkgonne yo o re letlang go nna mo setsheng sa gagwe, o ne a amogela boammaaruri jwa Baebele a bo a kolobediwa! Rotlhe re mo phuthegong e le nngwe.

Le fa ke na le bokoa, ke sa ntse ke eletsa go direla Modimo ka gonne a ntshegofaditse thata. (Malaki 3:10) Letsatsi le letsatsi ke rapelela Bogosi jwa gagwe gore bo tle le gore bo tle go tlosa pogo yotlhe mo lefatsheng. Fa e sa le ke simolola go itse Jehofa nka bua ke tlhatswegile pelo ke re: “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.”—Diane 10:22.

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Ke neela puo ya Baebele; ke na le lelapa la me le nkgonne