Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Atamalana le Modimo

“Moya wa Gago o Tla . . . Obega ka Ntlha ya Me”

“Moya wa Gago o Tla . . . Obega ka Ntlha ya Me”

BOIKOKOBETSO ke nonofo e e kgatlhang. Gantsi re ikutlwa re batla go atamalana le batho ba ba ikokobeditseng. Mme ka maswabi ga go motlhofo go bona boikokobetso jwa mmatota mo lefatsheng gompieno—segolobogolo mo bathong ba ba nang le maatla kgotsa taolo. Mme go tweng ka Jehofa Modimo, Motho yo o maatla go gaisa mo lobopong? A o ikokobeditse? Mma re sekaseke mafoko a ga moporofeti Jeremia a a mo go Dikhutsafalo 3:20, 21.—E Bale.

Fa Jeremia a ne a kwala Dikhutsafalo, Iseraele e ne e lebane le maemo a a thata. O ne a sa tswa go bona sengwe se se neng sa mo utlwisa botlhoko thata—go senngwa ga motse o a o ratang e leng Jerusalema ke Bababelona. Moporofeti yono yo o neng a tlaletswe o ne a itse gore masetlapelo ao e ne e le katlholo e e siameng e Modimo a neng a e tlisetsa Baiseraele ka ntlha ya ditsela tsa bone tse di sa siamang. Mme gone a Jeremia o ne a sala a se na tsholofelo? A o ne a akanya gore Jehofa o ne a le kgakala thata gore a ka lemoga batho ba ba ikwatlhayang a bo a ba ntsha mo matshwenyegong a bone? Reetsa fa Jeremia a bua mo boemong jwa batho ba gagabo.

Le fa batho ba le bantsi ba ne ba hutsafetse, Jeremia ene o na le tsholofelo. O tlhaeletsa jaana kwa go Jehofa: “Ruri moya wa gago * [Jehofa ka boene] o tla gakologelwa o bo o obega ka ntlha ya me.” (Temana 20) Jeremia ga a belaele sepe. O a itse gore Jehofa ga a ka ke a lebala ene—kgotsa batho ba gagwe ba ba ikwatlhayang. Mme gone ke eng se Modimo mothatayotlhe a tla se dirang?—Tshenolo 15:3.

Jeremia o tlhomamisegile gore Jehofa o tla “obega” ka ntlha ya batho ba ba ikwatlhayang tota. Thanolo nngwe ya re: “Ee, gopola mme o inamele kwa go nna.” Mafoko ao a re thusa go leba Jehofa e le motho yo o pelonomi. Jehofa, “Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe” o tla inama mme a ntshe baobamedi ba gagwe mo boemong jo bo kwa tlase a bo a dira gore ba amogelesege gape mo go ene. (Pesalema 83:18) Tsholofelo e Jeremia a nang le yone e dira gore a gomotsege mo kutlobotlhokong ya gagwe. Moporofeti yono yo o ikanyegang o iketleeleditse go leta ka bopelotelele go fitlha go tla nako e e tshwanetseng ya gore Jehofa a golole batho ba gagwe ba ba ikwatlhayang.—Temana 21.

Mafoko a ga Jeremia a re ruta dilo tse pedi ka ga Jehofa. Sa ntlha, o ikokobeditse. (Pesalema 18:35) Le fa a “goletsegile mo maatleng” Jehofa o iketleeleditse go itlisa kwa tlase gore a re thuse fa re tshwenyegile mo maikutlong. (Jobe 37:23; Pesalema 113:5-7) A seo ga se gomotse? Sa bobedi, Jehofa o pelotlhomogi; o “iketleeleditse go itshwarela” batho ba ba ikwatlhayang le go ba amogela gape. (Pesalema 86:5) Dinonofo tseo tse pedi—boikokobetso le bopelotlhomogi—di a tsamaisana.

Ruri re leboga gore Jehofa ga a tshwane le babusi ba batho ba boikgogomoso bo dirang gore ba nne tlhogoethata e bile ba se akanyetse batho ba bangwe! A ga o tlhotlheletsege go ithuta mo go oketsegileng ka Modimo yo o ikokobeditseng yo o iketleeleditseng go ‘inama’ gore a ntshe baobamedi ba gagwe mo matshwenyegong a dira gore ba nne le tsholofelo?

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka balwang ka June:

Jeremia 51-52; Dikhutsafalo 1-5Esekiele 1-5

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Bakwadi ba bogologolo ba ne ba fetola temana eno gore e balege e le “moya wa me” e kete e lebisitse kwa go Jeremia. Go lebega ba ne ba dumela gore e ne e le go sa bontshe tlotlo gore Modimo ke moya (soul), e leng lefoko le Baebele e le dirisang fa e bua ka dibopiwa tsa mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, gantsi Baebele e tlhalosa Modimo ka ditsela tse batho ba ka di tlhaloganyang. E re ka lefoko “moya” le ka kaya “botshelo jwa rona,” mafoko “moya wa gago” a kaya “wena.”

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

Jehofa o iketleeleditse go itlisa kwa tlase gore a re thuse fa re tshwenyegile mo maikutlong