Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa ke “Mosenodi wa Diphiri”

Jehofa ke “Mosenodi wa Diphiri”

Jehofa ke “Mosenodi wa Diphiri”

“Ruri Modimo wa lona ke Modimo wa medimo le Morena wa dikgosi le Mosenodi wa diphiri.”—DAN. 2:47.

O TLA ARABA JANG?

Jehofa o re senoletse dintlha dife malebana le isagwe?

Ditlhogo tsa ntlha tse thataro tsa sebatana di emela eng?

Sebatana se amana jang le setshwantsho se se bonweng ke Nebukadenesare?

1, 2. Jehofa o re senoletse eng, mme ke ka ntlha yang fa a dirile jalo?

KE DIPUSO dife tse di tla bong di busa mo lefatsheng fa Bogosi jwa Modimo bo fedisa dipuso tsa batho? Re itse karabo ya seo—re e senoletswe ke “Mosenodi wa diphiri” e bong Jehofa Modimo. O dira gore re kgone go lemoga gore dipuso tseo ke dife a dirisa mekwalo ya ga moporofeti Daniele le ya ga moaposetoloi Johane.

2 Jehofa o ne a senolela banna bano metseletsele ya diponatshegelo tse di neng di akaretsa go tlhatlhamana ga dibatana. Gape o ne a bolelela Daniele bokao jwa toro ya boporofeti ya setshwantsho se segolo sa metale. Jehofa o ne a dira gore dipego tseo di kwalwe di bo di bolokiwe mo Baebeleng gore di re solegele molemo. (Bar. 15:4) O ne a dira seo gore a nonotshe tsholofelo ya rona, gore gautshwane Bogosi jwa gagwe bo tla thubaganya dipuso tsotlhe tsa batho.—Dan. 2:44.

3. E le gore re kgone go tlhaloganya boporofeti sentle, re tshwanetse go tlhaloganya eng pele, mme ka ntlha yang?

3 Boporofeti jwa ga Daniele le jwa ga Johane ga bo re senolele fela dikgosi di le robedi, kgotsa dipuso tsa batho, mme gape bo re bontsha tatelano e dipuso tseo di tla tlang ka yone. Le fa go ntse jalo, re ka kgona go tlhaloganya dipolelelopele tseo sentle, fa fela re tlhaloganya bokao jwa boporofeti jwa ntlha jo bo kwadilweng mo Baebeleng. Ka ntlha yang? Ka gonne Baebele yotlhe le boporofeti jotlhe jo bo mo go yone bo tsamaisana le boporofeti joo. Ka tsela nngwe, ke mogala o o lomaganyang boporofeti jo bongwe jotlhe.

LOSIKA LWA NOGA LE SEBATANA

4. Losika lwa mosadi ke bomang, mme losika loo lo tla dira eng?

4 Nakwana fela morago ga botsuolodi jwa kwa Edene, Jehofa o ne a solofetsa gore “mosadi” o ne a tla tlhagisa “losika.” * (Bala Genesise 3:15.) Kgabagare, losika loo lo ne lo tla gobatsa noga, Satane, mo tlhogong. Moragonyana Jehofa o ne a senola gore losika loo lo ne lo tla tswa mo go Aborahame, lo nne lwa setšhaba sa Iseraele, lo tswe mo lotsong lwa Juda, mme e nne setlogolwana sa ga Kgosi Dafide. (Gen. 22:15-18; 49:10; Pes. 89:3, 4; Luke 1:30-33) Karolo ya konokono ya losika loo e ne ya nna Keresete Jesu. (Bagal. 3:16) Karolo ya bobedi ya losika loo ke maloko a a tloditsweng a phuthego ya Bokeresete. (Bagal. 3:26-29) Jesu mmogo le batlodiwa bano, ba bopa Bogosi jwa Modimo, e leng sedirisiwa se Modimo a tla se dirisang go thubaganya Satane.—Luke 12:32; Bar. 16:20.

5, 6. (a) Ke dikgosi tse kae tse dikgolo tse Daniele le Johane ba di tlhalosang? (b) Ditlhogo tsa sebatana se se mo go Tshenolo di emela eng?

5 Boporofeti joo jwa ntlha jo bo boletsweng kwa Edene gape bo ne jwa tlhalosa gore Satane o ne a tla tlhagisa “losika.” Losika lwa gagwe lo ne lo tla bontsha bobaba kgotsa letlhoo kgatlhanong le losika lwa mosadi. Ke bomang ba e leng losika lwa noga? Botlhe ba ba etsang Satane ka go tlhoa Modimo le go ema kgatlhanong le batho ba Modimo. Go ralala hisitori, Satane o rulagantse losika lwa gagwe gore e nne mekgatlho e e farologaneng ya dipolotiki kgotsa mebuso. (Luke 4:5, 6) Le fa go ntse jalo, ke mebuso e le mmalwa fela e e ileng ya nna le tlhotlheletso e kgolo mo bathong ba Modimo, e ka tswa e le setšhaba sa Iseraele kgotsa phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng. Ke eng fa ntlha eno e le botlhokwa? Ka gonne e tlhalosa lebaka la go bo diponatshegelo tsa ga Daniele le Johane di tlhalosa mebusomegolo e le robedi fela.

6 Kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., Jesu yo o tsositsweng o ne a bontsha Johane motseletsele wa diponatshegelo tse di kgatlhang. (Tshen. 1:1) Mo go nngwe ya tsone, Johane o ne a bona Diabolo, a tshwantshediwa ke kgogela e kgolo e eme mo lotshitshing lwa lewatle le legolo. (Bala Tshenolo 13:1, 2.) Gape Johane o ne a bona sebatana se se sa tlwaelegang se tlhatloga mo lewatleng mme Diabolo a bo a se naya maatla a magolo. Moragonyana moengele o bolelela Johane gore ditlhogo tse supa tsa sebatana se se bohibidu jo bo letlhololo, e leng setshwantsho sa sebatana se se mo go Tshenolo 13:1, di emela “dikgosi di le supa,” kgotsa dipuso. (Tshen. 13:14, 15; 17:3, 9, 10) Fa Johane a ne a kwala boporofeti joo, dikgosi di le tlhano mo go tsone di ne di setse di ole, e le nngwe e ne e busa mme e nngwe e ne “e ise e goroge.” Dipuso tseo tse dikgolo tsa lefatshe ke dife? A re sekasekeng tlhogo nngwe le nngwe ya sebatana se se tlhalositsweng mo go Tshenolo. Gape re tla bona kafa mekwalo ya ga Daniele e ileng ya tlhalosa ka botlalo dintlha tse di amang dikgosi tseno ka gone, ka dinako dingwe makgolokgolo a dingwaga pele di busa.

EGEPETO LE ASIRIA—DITLHOGO TSA NTLHA TSE PEDI

7. Tlhogo ya ntlha e emela eng, mme ka ntlha yang?

7 Tlhogo ya ntlha ya sebatana e emela Egepeto. Ka ntlha yang? Ka gonne Egepeto e ne e le puso ya ntlha e kgolo e e bontshitseng bobaba kgatlhanong le batho ba Modimo. Ditlogolwana tsa ga Aborahame—tse losika lwa mosadi lo lo neng lo solofeditswe lo neng lo tla tlhaga mo go tsone—di ne tsa ata thata kwa Egepeto. Go tswa foo, Egepeto e ne ya gatelela Iseraele. Satane o ne a leka go nyeletsa batho ba Modimo pele losika lo goroga. Jang? Ka go rotloetsa Faro gore a bolaye bana botlhe ba basimane ba Baiseraele. Jehofa o ne a dira gore maiteko ao a iteye sefololetse a bo a golola batho ba gagwe kwa bokgobeng kwa Egepeto. (Ekes. 1:15-20; 14:13) Moragonyana o ne a dira gore Baiseraele ba nne mo Lefatsheng le le Solofeditsweng.

8. Tlhogo ya bobedi e ne e le mang, mme e ne ya leka go dira eng?

8 Tlhogo ya bobedi ya sebatana e emela Asiria. Bogosi jono jo bo nonofileng le jone bo ne jwa leka go nyeletsa batho ba Modimo. Gone ke boammaaruri gore Jehofa o ne a dirisa Asiria go otlhaya bogosi jwa ditso tse di lesome ka gonne bo ne bo obamela medingwana e bile bo tsuologa. Le fa go ntse jalo, morago ga foo Asiria e ne ya tlhasela Jerusalema. Satane a ka tswa a ne a ikaeletse go fedisa losika lwa segosi le kgabagare Jesu a neng a tla tswa mo go lone. Tlhaselo eo e ne e se karolo ya maikaelelo a ga Jehofa, mme ka kgakgamatso o ne a falotsa batho ba gagwe ba ba ikanyegang ka go fedisa batlhasedi bao.—2 Dikg. 19:32-35; Isa. 10:5, 6, 12-15.

BABELONA—TLHOGO YA BORARO

9, 10. (a) Jehofa o ne a letla Bababelona gore ba dire eng? (b) Gore boporofeti bo diragadiwe, ke eng se se neng se tshwanetse go diragala?

9 Tlhogo ya boraro ya sebatana e Johane a neng a e bona e emela bogosi jo motsemogolo wa jone e neng e le Babelona. Jehofa o ne a letla Bababelona go fedisa Jerusalema le go isa batho ba gagwe botshwarwa. Le fa go ntse jalo, pele ga Jehofa a letlelela tlontlololo eo, o ne a tlhagisa Baiseraele ba batsuolodi gore ba tla welwa ke masetlapelo ao. (2 Dikg. 20:16-18) O ne a bolelela pele gore dikgosi tsa dipuso tsa batho tse go neng go twe di tla nna mo “setulong sa bogosi sa ga Jehofa” kwa Jerusalema, di tla tlosiwa. (1 Ditir. 29:23) Le fa go ntse jalo, gape Jehofa o ne a solofetsa gore setlogolwana sa ga Kgosi Dafide, ene yo o neng a na le “tshwanelo e e kafa molaong” o ne a tla tla mme a tseye bolaodi jwa gagwe.—Esek. 21:25-27.

10 Boporofeti jo bongwe bo ne bo bontsha gore Bajuda ba ne ba tla bo ba sa ntse ba obamela kwa tempeleng kwa Jerusalema fa Mesia yo o solofeditsweng kgotsa Motlodiwa a goroga. (Dan. 9:24-27) Boporofeti jo bo boletsweng pelenyana, jo bo kwadilweng pele ga Iseraele e isiwa botshwarwa kwa Babelona, bo ne jwa bolela gore motho yono o ne a tla tsholelwa kwa Bethelehema. (Mik. 5:2) Gore boporofeti joo bo diragadiwe, Bajuda ba ne ba tshwanetse go gololwa kwa botshwarweng, ba boele kwa nagagaeng ya bone mme ba age tempele sesha. Le fa go ntse jalo, go ne go sa tlwaelega gore Bababelona ba golole batshwarwa ba bone. Kgwetlho eo e ne e tla fenngwa jang? Jehofa o ne a senolela baporofeti ba gagwe karabo ya potso eo.—Amos. 3:7.

11. Mmusomogolo wa Babelona o tshwantshediwa ka ditsela dife tse di farologaneng? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

11 Moporofeti Daniele e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba isitswe botshwarwa kwa Babelona. (Dan. 1:1-6) Jehofa o ne a mo dirisa gore a senole tlhatlhamano ya dipuso tse di neng di tla latela puso eo e kgolo ya lefatshe. Jehofa o ne a senola diphiri tseno, a dirisa matshwao a le mmalwa a a farologaneng. Ka sekai, o ne a dira gore Kgosi Nebukadenesare wa Babelona a lore setshwantsho se segolo se se dirilweng ka dimetale tse di farologaneng. (Bala Daniele 2:1, 19, 31-38.) Jehofa o ne a dirisa Daniele go senola gore tlhogo ya gauta ya setshwantsho seno e ne e emela Mmusomogolo wa Babelona. * Puso e kgolo e e neng e tla latela Babelona e tshwantshediwa ke sehuba le matsogo a selefera. Puso eo e ne e tla nna efe, mme e ne e tla tshwara batho ba Modimo jang?

PUSO YA BAMEDA LE BAPERESIA —TLHOGO YA BONÈ

12, 13. (a) Ke eng se Jehofa a neng a se senola malebana le go fenngwa ga Babelona? (b) Ke eng fa go tshwanela gore puso ya Bameda le Baperesia e bo e tshwantshediwa ke tlhogo ya bonè ya sebatana?

12 Dingwaga di feta lekgolo pele ga motlha wa ga Daniele, Jehofa o ne a dirisa Isaia go tlhalosa dintlha tse di ka ga puso e kgolo ya lefatshe e e neng e tla fenya Babelona. Jehofa ga a ka a senola fela mokgwa o motse wa Babelona o neng o tla fenngwa ka one mme gape o ne a bolela leina la mofenyi yoo. Moeteledipele yoo e ne e le Kurose wa Moperesia. (Isa. 44:28– 45:2) Daniele o ne a bontshiwa diponatshegelo tse dingwe tse pedi malebana le Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Bameda le Baperesia. Mo ponatshegelong e nngwe puso eo e ne e tshwantshiwa le bera e e neng e tsholeditswe mo letlhakoreng le lengwe. E ne ya bolelelwa gore e ‘je nama e ntsi.’ (Dan. 7:5) Mo ponatshegelong e nngwe, Daniele o ne a bona phelefu e e nang le dinaka tse pedi.—Dan. 8:3, 20.

13 Jehofa o ne a dirisa Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia go diragatsa boporofeti ka go menola puso ya Babelona mme ba bo ba busetsa Baiseraele kwa nagagaeng ya bone. (2 Ditir. 36:22, 23) Le fa go ntse jalo, yone puso eno moragonyana e ne ya batla e nyeletsa batho ba Modimo. Buka ya Baebele ya Esethere e tlhalosa leano le le neng la logiwa ke tonakgolo ya puso ya Baperesia, e bong Hamane. O ne a rulaganya gore Bajuda botlhe ba ba neng ba nna mo Mmusomogolong wa Baperesia ba bolawe, a bo a tlhoma letsatsi le le rileng le kgailo eo e neng e tla diragala ka lone. Jehofa ke ene fela yo o neng a tsereganya mo boemong jwa batho ba Gagwe mme a ba sireletsa gape mo bobabeng jwa losika lwa ga Satane. (Eseth. 1:1-3; 3:8, 9; 8:3, 9-14) Ka jalo, go a tshwanela gore puso ya Bameda le Baperesia e bo e tshwantshediwa ke tlhogo ya bonè ya sebatana se se mo go Tshenolo.

GERIKA—TLHOGO YA BOTLHANO

14, 15. Jehofa o ne a senola dintlha dife malebana le Mmusomogolo wa Gerika wa bogologolo?

14 Tlhogo ya botlhano ya sebatana se se mo go Tshenolo e emela Gerika. Fela jaaka Daniele a ile a senola pelenyana fa a ne a tlhalosa toro ya ga Nebukadenesare, puso eno e tshwantshediwa ke mpa le dirope tsa kopore tsa setshwantsho seo. Gape Daniele o ne a bona diponatshegelo tse pedi tse di neng di tlhalosa dintlha tse di tlhomologileng malebana le gore puso eno e tla nna ya mofuta ofe le mmusi wa yone yo o tumileng thata.

15 Mo ponatshegelong nngwe, Daniele o ne a bona Gerika e tshwantshediwa ke lengau le le nang le diphuka di le nnè, e le go bontsha gore mmusomogolo oo o ne o tla gapa dipuso ka bonako. (Dan. 7:6) Mo ponatshegelong e nngwe, Daniele o tlhalosa kafa podi e e nang le lonaka lo logolo le le lengwe e bolayang phelefu e e nang le dinaka tse pedi ka bonako ka gone, puso ya Bameda le Baperesia. Jehofa o ne a bolelela Daniele gore podi eo e emela Gerika mme lonaka lo logolo lo tshwantshetsa nngwe ya dikgosi tsa yone. Gape Daniele o ne a kwala gore lonaka lo logolo lo ne lo tla robega mme mo boemong jwa lone go tswe dinaka tse dinnye di le nnè. Le fa boporofeti joo bo kwadilwe makgolokgolo a dingwaga pele Gerika e nna mmuso o mogolo, ntlha nngwe le nngwe ya jone e ne ya diragala. Alexander yo Mogolo, kgosi e e tumileng thata ya Gerika wa bogologolo, o ne a etelela masole a gagwe pele kgatlhanong le puso ya Bameda le Baperesia. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae lonaka lono lo ne lwa robega fa kgosi e kgolo e ne e swa e sa ntse e na le maatla a magolo, e le dingwaga di le 32 fela. Mme kgabagare puso ya gagwe e ne ya kgaoganyediwa bojenerale ba gagwe ba le banè.—Bala Daniele 8:20-22.

16. Antiochus IV o ne a dira eng?

16 Fa Gerika e sena go fenya puso ya Peresia, e ne ya busa naga ya batho ba Modimo. Ka nako eo, Bajuda ba ne ba setse ba boetse kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng mme ba setse ba agile tempele e e kwa Jerusalema sesha. E ne e sa ntse e le batho ba ba tlhophilweng ba Modimo, le tempele e e agilweng sesha e ne e sa ntse e le boremelelo jwa kobamelo ya boammaaruri. Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E., Gerika, e e neng e le tlhogo ya botlhano ya sebatana, e ne ya tlhasela batho ba Modimo. Antiochus IV, yo e neng e le mongwe wa bajaboswa ba mmusomogolo o o kgaogantsweng wa ga Alexander, o ne a baya sebeso sa boheitane mo mabaleng a tempele kwa Jerusalema a bo a dira gore go dumela mo tumelong ya Sejuda e nne tlolomolao e kotlhao ya yone e neng e le loso. Ruri eo e ne e le tiro ya letlhoo e e bontshitsweng ke karolo ya losika lwa ga Satane! Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, Gerika e ne ya tseelwa maemo a yone e le mmuso wa lefatshe lotlhe. Tlhogo ya borataro ya sebatana e ne e tla emela eng?

ROMA—TLHOGO YA BORATARO, ‘E A BOIFISA E BILE E A BOITSHEGA’

17. Tlhogo ya borataro e nnile le seabe sefe mo go diragadiweng ga Genesise 3:15?

17 Roma e ne e le bogosi jo bo maatla fa Johane a ne a bona ponatshegelo ya sebatana. (Tshen. 17:10) Tlhogo ya borataro e ne ya nna le seabe se segolo mo go diragadiweng ga boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15. Satane o ne a dirisa balaodi ba Roma go gobatsa losika “mo seretheng.” Jang? Ba ne ba sekisa Jesu ka ditatofatso tsa maaka tsa gore o epa puso, mme ba dira gore a bolawe. (Math. 27:26) Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ntho eo e ne ya fola ka gonne Jehofa o ne a tsosa Jesu.

18. (a) Ke setšhaba sefe se sesha se Jehofa a se tlhophileng, mme ka ntlha yang? (b) Losika lwa noga lo ne lwa tswelela jang lo bontsha bobaba kgatlhanong le losika lwa mosadi?

18 Baeteledipele ba bodumedi ba Iseraele ba ne ba loga leano le puso ya Roma kgatlhanong le Jesu mme bontsi jwa setšhaba le jone bo ne jwa mo gana. Ka jalo, Jehofa o ne a latlha Iseraele wa tlholego gore e se tlhole e nna batho ba gagwe. (Math. 23:38; Dit. 2:22, 23) Jaanong o ne a tlhopha setšhaba se sesha, “Iseraele wa Modimo.” (Bagal. 3:26-29; 6:16) Setšhaba seo e ne e le phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng ba Bajuda le Baditšhaba. (Baef. 2:11-18) Morago ga loso lwa ga Jesu le tsogo ya gagwe, losika lwa noga lo ne lwa tswelela lo bontsha bobaba kgatlhanong le losika lwa mosadi. Roma e ne ya leka makgetlo a le mmalwa go nyeletsa phuthego ya Bokeresete, karolo ya bobedi ya losika. *

19. (a) Daniele o tlhalosa jang puso e kgolo ya lefatshe ya borataro? (b) Setlhogo se sengwe se tla tlotla ka eng?

19 Mo torong e Daniele a neng a e tlhalosetsa Nebukadenesare, Roma e tshwantshediwa ke maoto a tshipi. (Dan. 2:33) Gape Daniele o ne a bona ponatshegelo e e tlhalosang sentle e seng fela Mmusomogolo wa Roma mme gape le mmuso wa lefatshe lotlhe o o neng o tla tswa mo go Roma. (Bala Daniele 7:7, 8.) Makgolokgolo a dingwaga, Roma e ne e bonala ‘e boifisa e bile e boitshega mme e nonofile ka tsela e e sa tlwaelegang’ mo babeng ba yone. Le fa go ntse jalo, boporofeti bo ne bo boleletse pele gore “dinaka di le lesome” di ne di tla tlhoga mo mmusomogolong ono, mme le le lengwe le tla tlhagelela thata. Dinaka tseno tse di lesome ke eng, mme lonaka lo lonnye lone ke mang? Lonaka lo lonnye le tsamaisana jang le tlhaloso ya setshwantsho se segolo se se bonweng ke Nebukadenesare? Setlhogo se se mo go tsebe 14 se tla tlotla ka dikarabo tsa dipotso tseo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Mosadi yono o emela phuthego ya ga Jehofa ya sekamosadi ya dibopiwa tsa semoya tsa kwa legodimong.—Isa. 54:1; Bagal. 4:26; Tshen. 12:1, 2.

^ ser. 11 Babelona e tshwantshediwa ke tlhogo ya setshwantsho se se mo bukeng ya Daniele le ke tlhogo ya boraro ya sebatana se se tlhalositsweng mo go Tshenolo. Bona tšhate e e mo tsebe 12-13.

^ ser. 18 Le fa Roma e fedisitse Jerusalema ka 70 C.E., tiro eo ya bosetlhogo e ne e sa diragatse boporofeti jo bo mo go Genesise 3:15. Ka nako eo, Iseraele wa nama e ne e sa tlhole e le setšhaba se Modimo a se itlhophetseng.

[Dipotso Tsa Thuto]