Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna Botlhale o Batle “Kaelo e e Botswerere”

Nna Botlhale o Batle “Kaelo e e Botswerere”

Nna Botlhale o Batle “Kaelo e e Botswerere”

Botshelo bo tshwantshanngwa le go tsaya loeto ka sekepe. Le fa go ntse jalo, gantsi botlhale jwa motho bo a tlhaela mo go thuseng batho gore ba tsamaye mo loetong lwa botshelo ka katlego. Batho ba le bantsi ba ile ba lebana le go thubegelwa ke dikepe mo loetong lwa botshelo mo lewatleng le le nang le difefo. (Pes. 107:23, 27) Ke ka ntlha yang fa tshwantshanyo eo e tshwanela?

Mo metlheng ya bogologolo go tsaya loeto ka sekepe e ne e le kgwetlho e e tlhokang maitemogelo. E ne e le bokgoni jo gantsi motho a ka ithutang jone mo bathong ba ba sa bolong go tsamaya ka dikepe kgotsa gongwe mo mokgweetsing wa dikepe. (Dit. 27:9-11) Ditshwantsho tse dintsi tse di takilweng tsa bogologolo di bontsha botlhokwa jwa seabe se mokgweetsi wa sekepe a nang le sone, ka go dira gore a tlhagelele a le mogolo go feta ba bangwe. E le gore batho ba ba berekang mo dikepeng kgotsa ba ba tsamayang ka tsone ka metlha ba kgone go tsamaya mo lewatleng, ba ne ba tshwanetse go ithuta ka dinaledi, diphefo le dilo dingwe tse di ka ba thusang. Baebele e tlhalosa batho bangwe ba ba tsamayang ka dikepe e le “ditswerere,” e dirisa lefoko le le ka kayang “botlhale.”—Esek. 27:8.

Gompieno go lebana le mathata a botshelo go ka bonala go le thata fela jaaka go ne go le thata go tsamaya ka sekepe mo metlheng ya bogologolo. Ke eng se se ka re thusang?

RE KA BONA JANG “KAELO E E BOTSWERERE”?

O ntse o akantse ka tshwantshanyo ya gore botshelo bo tshwana jang le go tsaya loeto ka sekepe, sekaseka boammaaruri jono jwa Baebele: “Motho yo o botlhale o tla reetsa mme a amogele thuto e e oketsegileng, mme motho yo o nang le tlhaloganyo ke yo o bapalang kaelo e e botswerere.” (Dia. 1:5, 6) Lereo la Sehebera le le tlhalositsweng e le “kaelo e e botswerere” le ka tlhalosa se molaodi wa sekepe sa bogologolo a ka se dirang. Le kaya bokgoni jwa go kaela le go laela ka botswerere.

Le fa go tlhokega gore re tseye matsapa, re ka kgona go bona “kaelo e e botswerere” le go ithuta go “tsamaya” ka katlego mo lewatleng la botshelo. Fela jaaka buka ya Diane e tlhalosa, re tshwanetse go letla “botlhale,” “tlhaloganyo” le “temogo” di dirisane. (Dia. 1:2-6; 2:1-9) Mme ga re ka ke ra itlhokomolosa go batla kaelo ya Modimo, ka gonne tota le baikepi ba itse kafa ba ka ‘kaelang’ kwa diphelelong tse di bosula ka teng.—Dia. 12:5.

Ka jalo, go botlhokwa thata gore re nne baithuti ba ba tlhoafetseng ba Lefoko la Modimo. Fa re ithuta ka tsela e e ntseng jalo, re ka nna le tshedimosetso e e botlhokwa ka ga Jehofa le ka ga yo o mmonatsang sentle e bong Jesu Keresete. (Joh. 14:9) Re amogela kgakololo e ntsi e e botlhale kwa dipokanong tsa Bokeresete. Mme gape, re ka ithuta go le gontsi mo maitemogelong a ba bangwe, go akaretsa le batsadi ba rona.—Dia. 23:22.

AKANYETSA KWA PELE MME O RULAGANYE

“Kaelo e e botswerere” e botlhokwa segolobogolo fa re lebane le maemo a a jaaka sefefo mo lewatleng. Fa re nna le dipelaelo malebana le se re tshwanetseng go se dira mo maemong a a thata, re ka palelwa ke go tsaya kgato, mme ra nna le diphelelo tse di botlhoko.—Jak. 1:5, 6.

Se se kgatlhang ke gore polelwana e e tlhalositsweng e le “kaelo e e botswerere” e ka dirisiwa gape fa go buiwa ka ntwa. Re bala jaana: “Gonne o tla tsweledisa ntwa ya gago ka kaelo e e botswerere [“leano la botswerere,” The Revised English Bible], mme go na le poloko mo bagakoloding ba bantsi.”—Dia. 20:18; 24:6.

Fela jaaka motho yo o nang le bokgoni a rulaganya ntwa, re tla bo re dira sentle fa re akanyetsa kwa pele dilo tse di ka tsenyang bomoya jwa rona mo kotsing. (Dia. 22:3) Ka sekai, o ka nna wa tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore a o tla amogela tiro e ntšha kgotsa gore a o tla dumela go tlhatlosiwa mo tirong. Go a utlwala gore o tla akanyetsa madi a o tla a amogelang, nako e o tla e dirisang o ya tirong le go boa, le dilo tse dingwe. Le fa go ntse jalo, go na le dintlha tse dingwe tse o tshwanetseng go di gopola: A tiro ya mofuta oo e tla dumalana le melaometheo ya Baebele? Diura tsa tiro tse di jaaka dinako tse di fetofetogang di tla ama jang ditiro tsa Bokeresete?—Luke 14:28-30.

Loretta yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a na le tiro e e mo duelang sentle. Fa khampani e a neng a e berekela e fuduga, o ne a solofediwa go tlhatlosiwa mo tirong kwa lefelong leo le lesha, batsamaisi ba khampani ba ne ba mo raya ba re: “Eno ke tshono e o ka se kang wa e bona gape. Re setse re bone gore go na le Holo ya Bogosi koo.” Mme Loretta o ne a batla go tlhofofatsa botshelo jwa gagwe gore a direle Mmopi wa gagwe ka botlalo. O ne a bona gore tiro eo e ntšha e ne e tla dira gore a nne le nako e nnye ya go dira ditiro tsa Bokeresete. Ka jalo, o ne a tsenya lekwalo la go rola tiro, le fa motsamaisi wa khampani a ne a mmolelela mo sephiring gore e ne e le ene fela modiri yo ba neng ba mo tlhoka. Loretta yo jaanong a nang le dingwaga di ka nna 20 e le mmulatsela wa ka metlha, o tlhatswegile pelo gore diphelelo tse di molemo tse a nnileng le tsone di ne di amana ka tlhamalalo le go bo a ile a rulaganya go dira dilo ka “kaelo e e botswerere,” ee, go dumalana le kgakololo e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo. O ne a nonotsha kamano ya gagwe le Jehofa mme a nna le tshiamelo ya go thusa batho ba le mmalwa go amogela boammaaruri jwa Baebele.

Ruri mo lelapeng go tlhokega “kaelo e e botswerere.” Go godisa bana go tsaya nako mme se batsadi ba se tlhophang malebana le kafa ba ka thusang ba malapa a bone ka teng go atamalana le Jehofa, le kafa ba ka tlamelang ba malapa a bone ka dilo tse ba di tlhokang, se ama isagwe ya botlhe. (Dia. 22:6) Ka sekai, batsadi ba Bakeresete, ba ka nna ba ipotsa jaana: ‘A ka metlotlo ya rona le ka sekao se re se tlhomang, re ruta bana ba rona melao ya Baebele e e tla ba thusang gore ba kgone go lebana le botshelo fa ba setse ba godile? A tsela e re tshelang ka yone e ba thusa go tlhaloganya kafa ba ka kgotsofalang ka gone fa ba tshela botshelo jo bo sa raraanang le fa ba tlhoma mogopolo mo tirelong ya Bokeresete?’—1 Tim. 6:6-10, 18, 19.

Katlego ya mmatota ga e a ikaega ka dithoto kgotsa mekgele e lefatshe le e latelelang. Kgosi Solomone o ne a tlhaloganya seno. O ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Dilo di tla tsamaela ba ba boifang Modimo wa boammaaruri sentle, ka gonne ba ne ba mmoifa.” (Mor. 8:12) Seo se bontsha gore botlhale jwa go batla “kaelo e e botswerere” bo ikaegile ka Lefoko la Modimo e bile bo dumalana le lone.—2 Tim. 3:16, 17.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Gantsi bakgweetsi ba dikepe ba ne ba takiwa gore ba tlhagelele go gaisa batho ba bangwe e le go gatelela seabe sa bone

[Motswedi wa Setshwantsho]

Su concessione del Ministero per i Beni e le Attività Culturali. It is forbidden to reproduce or duplicate this image in any way or by any means.