Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ithute mo Lefokong la Modimo

Dibopiwa Tsa Moya di re Ama Jang?

Dibopiwa Tsa Moya di re Ama Jang?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di botsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Baengele ke bomang?

Baengele ke dibopiwa tsa moya tse di nnang kwa legodimong. Ba na le botshelo jwa maemo a kwa godimo go feta jwa batho. Modimo wa boammaaruri, yo le ene e leng moya, o bopile baengele pele ga a bopa lefatshe. (Jobe 38:4, 7; Mathaio 18:10) Jehofa o na le baengele ba le dimilionemilione ba ba ikanyegang ba ba mo dikologileng.—Bala Pesalema 103:20, 21; Daniele 7:9, 10.

2.A baengele ba thusa batho?

Baengele ba ne ba thusa monna yo o siameng e bong Lote. O ne a nna mo motseng o Modimo a neng a ikaeletse go o senya ka gonne batho ba ne ba dira bosula. Baengele ba babedi ba ne ba tlhagisa Lote le lelapa la gagwe gore ba tshabe. Batho bangwe ba ne ba tsaya tlhagiso eo e le motlae mme ba e itlhokomolosa. Mme Lote le bomorwadie ba ne ba falola ka gonne ba ne ba ikobela tlhagiso e Modimo a neng a ba naya yone a dirisa baengele.—Bala Genesise 19:1, 13-17, 26.

Go ya ka Baebele, gompieno baengele ba thusa batho ka go kaela tiro ya batho ba ka boikanyegi ba rerang dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14) Dikgang tse di molemo di akaretsa go tlhagisa batho. Fela jaaka tlhagiso e e neng ya newa Lote, ga se motlae. E tswa kwa Modimong a dirisa baengele.—Bala Tshenolo 1:1; 14:6, 7.

Modimo a ka dirisa baengele go re nonotsha fa re lebana le diteko. O ne a dirisa moengele go nonotsha Jesu.—Bala Luke 22:41-43.

Kgabagare Modimo o tla dirisa baengele ka tsela e nngwe gape—go fedisa batho ba ba boikepo ba ba bakang pogo. Seo se tla golola batho.—Bala 2 Bathesalonika 1:6-8.

3. Madimona a re ama jang?

Fela jaaka batho ba bantsi ba dira dilo tse di bosula ka go sa ikobele Modimo, le kwa legodimong baengele ba bantsi ba ile ba tsuologela Modimo. (2 Petere 2:4) Baengele ba ba seng kutlo ba bidiwa madimona. Yo o di gogang kwa pele mo go bone ke Satane, Diabolo. Satane le madimona a gagwe ba tsietsa batho.—Bala Tshenolo 12:9.

Satane o dirisitse dikgwebo tse di tletseng boferefere, dipuso tsa batho le bodumedi jwa maaka go tlhotlheletsa batho le go dira gore ba furalele Modimo. Ka jalo, Satane o ikarabelela ka tshiamololo, thubakanyo le pogo e e bogisang batho.—Bala 1 Johane 5:19.

4. Madimona a tsietsa batho jang?

Satane o tsietsa batho ba le bantsi ka go ruta gore baswi e nna meya e e kgonang go bua le bone. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re baswi ga ba ka ke ba dira sepe gotlhelele. (Moreri 9:5) Mme gantsi madimona a tsietsa batho ka go bua ka lentswe le e keteng ke la baratiwa ba bone ba ba suleng. (Isaia 8:19) Madimona a tsietsa batho ba bangwe ka go dirisa batho ba ba buang le meya, batho ba ba bolelelang isagwe pele le ba ba dirang boitseanape le ka tepodinaledi. Lefoko la Modimo le re tlhagisa gore re tile mekgwa eno yotlhe. Ka jalo, re tshwanetse go latlha dilo dipe fela tse di amanang le madimona le boloi.—Bala Duteronome 18:10, 11; Ditiro 19:19.

Fa re rata Jehofa ga re tlhoke go boifa madimona. Fa re ithuta Lefoko la Modimo le go dira se le se buang, re ganetsa Diabolo mme re atamalana le Modimo. Jehofa o maatla go feta madimona. Baengele ba gagwe ba ba ikanyegang ba ka re nonotsha fa re tlhoka thuso.—Bala Pesalema 34:7; Jakobe 4:7, 8.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 10 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.