Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Le fa E le Leng Fela fa lo Rapela, lo re, ‘Rara’”

“Le fa E le Leng Fela fa lo Rapela, lo re, ‘Rara’”

“Le fa E le Leng Fela fa lo Rapela, lo re, ‘Rara’”

“Rre.” Lefoko leo le dira gore o akanye eng? A le dira gore o akanye ka monna yo o lorato le yo o amegang thata ka boitekanelo jwa lelapa la gagwe? Kgotsa monna yo o sa kgathaleng gongwe e bile a sotla ba lelapa la gagwe? Go ikaegile thata ka gore rrago e ne le monna yo o ntseng jang.

GANTSI Jesu o ne a dirisa lefoko “Rara” fa a ne a bua le Modimo kgotsa a bua ka ene. * Fa Jesu a ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela o ne a re: “Le fa e le leng fela fa lo rapela, lo re, Rara.” (Luke 11:2) Mme Jehofa ke rre yo o ntseng jang? Karabo ya potso eno e botlhokwa thata. Ka ntlha yang? Fa re tlhaloganya botoka gore Jehofa ke rre yo o ntseng jang, re tla atamalana thata le ene e bile re tla mo rata le go feta.

Ga go ope yo mongwe yo o ka re bolelelang botoka ka Rraarona yo o kwa legodimong fa e se Jesu ka boene. O ne a na le kamano e e gaufi le Rraagwe. Jesu o ne a re: “Ga go ope yo o itseng Morwa ka botlalo fa e se Rara, le gone ga go ope yo o itseng Rara ka botlalo fa e se Morwa le ope yo Morwa a ratang go mo mo senolela.” (Mathaio 11:27) Ka jalo tsela e e molemo ya go itse Rara ke ka go ithuta ka ene mo go Morwa.

Ke eng se re ka se ithutang ka Rraarona yo o kwa legodimong mo go Jesu? Ela tlhoko mafoko ano a ga Jesu: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Mafoko ano a ga Jesu a tlhalosa nonofo e e tlhomologileng ya Rraarona yo o kwa legodimong—lorato. (1 Johane 4:8) Jehofa o re bontsha lorato ka ditsela tse di farologaneng, tse di jaaka go re amogela, go re tlhomogela pelo, go re sireletsa, le go re kgalemela mmogo le go re tlamela.

Go Tlhomamisediwa Gore Rraarona O a Re Amogela

Fa bana ba itse gore batsadi ba bone ba amogela se ba se dirang go a ba kgothatsa e bile go a ba nonotsha. Akanya kafa Jesu a neng a kgothadiwa ka teng ke go utlwa Rraagwe a re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Mathaio 3:17) Mme Jesu o re tlhomamisetsa gore Rraarona o a re rata e bile o a re amogela. Jesu o ne a re: “Yo o nthatang o tla ratwa ke Rre.” (Johane 14:21) Ruri mafoko ao a a gomotsa! Le fa go ntse jalo, go na le mongwe yo o batlang go re amoga kgomotso eo.

Satane o leka go dira gore re akanye gore gongwe Rraarona yo o kwa legodimong ga a amogele se re se dirang. O leka go dira gore re dumele gore re ka se tsamaye re amogelesega mo go ene. Gantsi o dira seno fa re le bokoa—re lwala, re se na maatla kgotsa re tsofetse kgotsa fa re ikutlwa re paletswe e bile re kgobegile marapo. Akanya ka lekawana lengwe le le bidiwang Lucas, yo o neng a ikutlwa a sa tshwanelwe ke go amogelwa ke Modimo. Lucas o bolela gore batsadi ba gagwe ba ne ba dira diphetogo tse dikgolo fa a ne a le mosha, ka gonne ba ne ba sa tlhole ba tshela ka melao ya boitsholo e ba neng ba mo rutile yone. Gongwe ka ntlha ya seo, o ne a fitlhela go le thata go nna le kamano le Rraagwe yo o kwa legodimong. Mo godimo ga moo, e re ka Lucas a ne a phamoga fela, gantsi o ne a nna le mathata, segolobogolo fa a dirisana le batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, kgabagare, bopelotelele jwa gagwe le mosadi wa gagwe yo o neng a mo kgothatsa—yo Lucas a reng ke “tshegofatso e e kgethegileng, mpho e e tswang kwa Modimong”—o ne a mo thusa go laola mokgwa wa gagwe wa go dira dilo a sa akanye. Lucas o ne a lemoga gore “Keresete Jesu o ne a tla mo lefatsheng go boloka baleofi.” (1 Timotheo 1:15) Lucas a re go tlhatlhanya ka lorato lwa Modimo le kafa a amogelang batho ka teng go dirile gore a ikutlwe a itumetse e bile a kgotsofetse.

Fa ka dinako tse dingwe o ikutlwa o belaela gore a Jehofa a ka go rata le go go amogela, o ka nna wa fitlhela go kgothatsa go bala le go tlhatlhanya ka Baroma 8:31-39. Mo ditemaneng tseo moaposetoloi Paulo o re tlhomamisetsa ka lorato gore ga go na sepe se se ka ‘re kgaoganyang le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.’ *

Rre wa Bopelotlhomogi jo bo Pelonomi

Rraarona yo o kwa legodimong o tlhaloganya pogo ya rona. Ke Modimo wa “bopelotlhomogi jo bo pelonomi.” (Luke 1:78) Jesu o ne a bontsha batho ba ba sa itekanelang kafa Rraagwe a leng pelotlhomogi ka teng. (Mareko 1:40-42; 6:30-34) Bakeresete ba boammaaruri le bone ba leka go etsa bopelotlhomogi jwa Rraabone yo o kwa legodimong. Ba tsaya tsia kgakololo ya Baebele ya gore ba ‘nne pelonomi mongwe go yo mongwe, ba le pelotlhomogi ka bonolo.’—Baefeso 4:32.

Akanya ka se se diragaletseng monna mongwe yo o bidiwang Felipe. Ka letsatsi lengwe fa a ya tirong, a sa lebelela o ne a utlwa setlhabi se se botlhoko, e kete o tlhabilwe mo mokwatleng. O ne a potlakisediwa kwa bookelong. Kgabagare fa dingaka di sena go mo tlhatlhoba ka diura di le robedi, di ne tsa swetsa ka gore tshika ya gagwe e e mo pelong (aorta) e ne e gobetse. Ba ne ba re o na le metsotso e le 25 fela ya go tshela le gore go ne go ka se thuse gore a ariwe.

Bangwe ba badumedi mmogo le Felipe ba ne ba le teng mme bopelotlhomogi jwa bone bo ne jwa ba tlhotlheletsa gore ba dire sengwe. Ba ne ba rulaganya ka bonako gore a isiwe kwa bookelong jo bongwe, kwa a neng a dirwa karo ya tshoganyetso gone mme ba nna le ene go fitlha karo e fela. Se se itumedisang ke gore karo ya ga Felipe e ne ya atlega. Fa Felipe a akanya ka se se diragetseng, o ne a leboga bopelotlhomogi jo badumedi ka ene ba neng ba mmontsha jone. Mme Felipe o tlhatswegile pelo gore Rraagwe yo o kwa legodimong ke ene a ba tlhotlheleditseng gore ba mmontshe bopelotlhomogi. Felipe a re: “Go ne go ntse jaaka e kete Modimo, o ne a eme go bapa le nna a nnonotsha jaaka rre yo o lorato.” Ee, gantsi Jehofa o bontsha bopelotlhomogi jwa gagwe ka go tlhotlheletsa batlhanka ba gagwe mo lefatsheng gore ba bontshe nonofo eo.

Rraarona O a Re Sireletsa

Fa ngwana yo monnye a bona e kete o mo kotsing, a ka nna a tabogela kwa go rraagwe gore a mo sireletse. Ngwana o ikutlwa a sireletsegile fa rraagwe a mo tlamparela ka lorato. Jesu o ne a ikanya Jehofa ka botlalo gore o tla mo sireletsa. (Mathaio 26:53; Johane 17:15) Le rona re ka sirelediwa ke Rraarona yo o kwa legodimong. Tshireletso e Jehofa a re nayang yone gone jaanong ke ya semoya. Ka mafoko a mangwe, o re sireletsa mo kotsing ya semoya ka go re naya se re se tlhokang gore re tile kotsi le go sireletsa kamano ya rona le ene. Tsela e nngwe e a re sireletsang ka yone ke ka kgakololo e e mo Baebeleng. Fa re amogela kgakololo e e ntseng jalo, go nna jaaka e kete Jehofa o tsamaya kafa morago ga rona a re: “Tsela ke e. Tsamayang ka yone.”—Isaia 30:21.

Akanya ka sekao sa ga Tiago le bomogolowe e bong Fernando le Rafael, ba e neng e le maloko a setlhopha sa mmino wa rock-and-roll. Ba ne ba itumela tota fa ba ne ba tlhophiwa gore ba ye go tshameka mmino kwa go nngwe ya diholo tse di tumileng thata tsa mmino kwa São Paulo, Brazil. Go ne go lebega ba tla atlega. Le fa go ntse jalo, modumedi ka bone o ne a ba tlhagisa ka dikotsi tsa go itsalanya thata le batho ba botshelo jwa bone bo neng bo sa tlotle melao ya Modimo. (Diane 13:20) O ne a gatelela kgakololo eno ya Baebele ka go ba bolelela se a boneng se direga. Morwarraagwe o ne a wela mo boitsholong jo bo sa siamang ka ntlha ya go itsalanya le batho ba ba sa siamang. Tiago le bomogolowe ba ne ba swetsa ka gore ba tlogele tiro ya bone ya mmino. Ka boraro jwa bone ba mo tirelong ya Bokeresete ya nako e e tletseng. Ba dumela gore go reetsa kgakololo ya Lefoko la Modimo go ba sireleditse gore ba se ka ba senya kamano ya bone le Modimo.

Rraarona yo o Kwa Legodimong O a Re Kgalemela

Rre yo o lorato o otlhaya bana ba gagwe ka gonne a amega ka gore e tla nna batho ba ba ntseng jang. (Baefeso 6:4) Rre yo o ntseng jalo a ka tswa a nitame mme le ka motlha a ka se ka a otlhaya bana ba gagwe ka tsela e e setlhogo. Ka tsela e e tshwanang, ka dinako dingwe Rraarona yo o kwa legodimong a ka bona go tlhokega gore a re otlhaye. Mme ka metlha Modimo o re otlhaya ka tsela e e lorato e seng e e setlhogo. Jaaka Rraagwe, le ka motlha Jesu ga a ise a ko a nne setlhogo, le e leng fa barutwa ba gagwe ba ne ba sa tsiboge ka bonako fa ba ne ba tlhoka go kgalemelwa.—Mathaio 20:20-28; Luke 22:24-30.

Ela tlhoko kafa monna mongwe yo o bidiwang Ricardo a ileng a simolola go anaanela ka teng tsela e Jehofa a neng a mo kgalemela ka lorato ka yone. Rraagwe Ricardo o ne a mo tlogela fa a ne a le dikgwedi di le supa fela. Fa Ricardo a tsena mo dingwageng tsa bolesome, o ne a bona kafa go leng thata ka teng go tlhoka rre. O ne a dira dilo tse di sa siamang mme segakolodi sa gagwe sa simolola go mo tshwenya. Fa a lemoga gore botshelo jo a neng a bo tshela bo ne bo sa dumalane le melao ya boitsholo ya Bokeresete, o ne a swetsa ka gore a bue le bagolwane mo phuthegong e a neng a le mo go yone. Bagolwane ba ne ba mo naya kgakololo e e nitameng e e tswang mo Baebeleng mme e le lorato. Ricardo o ne a anaanela kgalemelo, le fa go ntse jalo o ne a nna a boga thata ka ntlha ya se a neng a se dirile—a tlhorega boroko bosigo, a lela le go tshwenyega thata mo maikutlong. Kwa bofelong o ne a lemoga gore lebaka la go bo a ne a kgalemelwa ke gore Jehofa o ne a sa ntse a mo rata. Ricardo o ne a gakologelwa mafoko a a mo go Bahebera 12:6 a a reng: “Yo Jehofa a mo ratang o a mo otlhaya.”

Re tshwanetse go nna re gopola gore go otlhaya go akaretsa se se fetang go otlhaiwa kgotsa go kgalemelelwa go dira diphoso. Gape Baebele e amanya kgalemelo le thapiso. Ka jalo, Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong a ka re kgalemela ka go re letlelela gore ka lobaka lo lo rileng re boge ka ntlha ya diphelelo tsa diphoso tsa rona. Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore fa a re otlhaya o a bo a re thapisa, a re thusa go dira se se siameng. (Bahebera 12:7, 11) Ee, ruri Rraarona o amega ka boitekanelo jwa rona e bile o re kgalemela gore re solegelwe molemo.

Rraarona o re Tlamela ka Dilo Tse re di Tlhokang

Rre yo o lorato o leka go tlamela ba lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang. Jehofa le ene o dira jalo. Jesu o ne a re: “Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe.” (Mathaio 6:25-34) Jehofa o solofetsa jaana: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.”—Bahebera 13:5.

Mosadi mongwe yo o bidiwang Nice o ne o bona kafa mafoko ao a leng boammaaruri ka gone fa monna wa gagwe a felelwa ke tiro. O ne a sa tswa go tlogela tiro e e duelang sentle gore a kgone go fetsa nako e ntsi le basetsana ba gagwe ba babedi le go direla Modimo. Jaanong ba ne ba tla tshela jang? O ne a rapela Jehofa. Mo letsatsing le le latelang, monna wa gagwe o ne a ya kwa a neng a bereka gone go ya go tsaya dilo tsa gagwe. O ne a gakgamala thata fa mothapi wa gagwe a mmolelela gore go sa tswa go nna le tiro e nngwe mme o ne a e mo naya! Ka jalo, monna wa ga Nice o ne a latlhegelwa ke tiro a bo a boa a e bona gape mo letsatsing le le latelang. Nice le monna wa gagwe ba ne ba leboga Rraabone yo o kwa legodimong ka ntlha ya se se diregileng. Se se neng sa ba diragalela se re gopotsa gore Motlamedi wa rona yo o lorato e bong Jehofa ga a ke a lebala batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang.

Go Anaanela Lorato Lwa Rraarona

Gone ke boammaaruri gore mafoko ga a ka ke a tlhalosa sentle lorato lo lo tlhomologileng lwa Rraarona yo o kwa legodimong! Fa re sekaseka ditsela tse di farologaneng tse ka tsone a re bontshang lorato lwa gagwe jaaka rre—ka go re amogela, go re tlhomogela pelo, go re sireletsa, le go re kgalemela mmogo le go re tlamela ka dilo tse re di tlhokang—ga go pelaelo gore re ka swetsa ka gore ke Rre yo o molemo go gaisa yo re ka akanyang ka ene!

Re ka bontsha jang gore re anaanela lorato lo Rraarona yo o kwa legodimong a re bontshitseng lone? Re ka dira maiteko a go ithuta mo go oketsegileng ka ene le ka maikaelelo a gagwe. (Johane 17:3) Re ka dira gore matshelo a rona a dumalane le thato ya gagwe le melao ya gagwe. (1 Johane 5:3) Re ka etsa lorato lwa gagwe ka tsela e re dirisanang le batho ba bangwe ka yone. (1 Johane 4:11) Ka ditsela tseno tsotlhe re ka bontsha gore re leba Jehofa e le Rraarona e bile re go tsaya e le tshiamelo go nna bana ba gagwe.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Baebele e bua thata ka gore Jehofa ke rraarona. Ka sekai, re bala gore Jesu o ne a dirisa lefoko “Rara” ka makgetlho a ka nna 65 mo Diefangeleng tse tharo tsa ntlha le ka makgetlho a a fetang 100 mo Efangeleng ya ga Johane. Paulo le ene o bitsa Modimo a re “Rara” kgotsa “Rra” ka makgetlho a a fetang 40 mo makwalong a gagwe. Jehofa ke Rraarona ka gonne ke Motswedi wa botshelo.

^ ser. 9 Bona kgaolo 24 ya setlhogo se se reng “Ga go Sepe Se se Ka re ‘Kgaoganyang le Lorato Lwa Modimo,’” mo bukeng ya Atamalana le Jehofa e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Fa re tlhaloganya botoka gore Jehofa ke rre yo o ntseng jang, re tla atamalana thata le ene e bile re tla mo rata le go feta

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

Ka ditsela tseno tsotlhe re ka bontsha gore re leba Jehofa e le Rraarona e bile re go tsaya e le tshiamelo go nna bana ba gagwe

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 21]

JEHOFA O BONTSHA LORATO LWA GAGWE JAAKA RRE KA DITSELA TSE DI FAROLOGANENG

KAMOGELO

BOPELOTLHOMOGI

TSHIRELETSO

KGALEMELO

TLHOKOMELO