Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsa Basha

Modimo yo o Tlhoileng Tshiamololo

Modimo yo o Tlhoileng Tshiamololo

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o le mmogedi yo o lebileng se se diregang. Bona tiragalo eno ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba konokono ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego eno e nne le botshelo.

Batsayakarolo ba konokono: Ahabe, Jesebele, Nabothe le Elija

Tshobokanyo: A tlhotlhelediwa ke Jesebele, Kgosi Ahabe o a bolaya gore a ikgapele tshimo ya mofine.

1 AKANYA KA KELOTLHOKO KA DITIRAGALO TSENO.—BALA 1 DIKGOSI 21:1-26.

O akanya gore batsayakarolo bano ba banè ba ne ba lebega jang mo pegong eno?

Ahabe ․․․․․

Jesebele ․․․․․

Nabothe ․․․․․

Elija ․․․․․

Lentswe la ga Jesebele le la ga Ahabe le utlwala jang mo go temana 5-7?

․․․․․

Fa o ntse o akanya ka khuduego e e nnang teng mo go temana 13, tlhalosa gore go direga eng.

․․․․․

Kgotlhang magareng ga Elija le Ahabe e e tlhalosiwang mo go temana 20-26 e e utlwalang mo mantsweng a bone e dira gore o akanye gore ba ikutlwa jang?

․․․․․

2 DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

Ke mokgwa kgotsa mekgwa efe e Jesebele a e bontshang mo go temana 77 le 25?

․․․․․

Ke mokgwa kgotsa mekgwa efe e Ahabe a e bontshang mo go temana 4?

․․․․․

Gore Ahabe a ikgapele tshimo ya mofine ya ga Nabothe o ne a tshwanetse go bolaya mang gape? (Bala 2 Dikgosi 9:24-26.)

․․․․․

Jehofa o ne a leba Ahabe e le motho yo o ntseng jang? (Bala gape temana 25 le 26. Bona le 1 Dikgosi 16:30-33.)

․․․․․

3 DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Tsela e ka yone Jehofa a bonang ditiro tsa tshiamololo.

․․․․․

Tsela e ka yone Jehofa a amegang ka batho ba ba diretsweng tshiamololo.

․․․․․

Tsela e ka yone Jehofa a bontshang gore ke Modimo wa tshiamiso. (Bala Duteronome 32:4.)

․․․․․

4 DINTLHA TSE DINGWE TSE O KA DI DIRISANG.

Batho ba bangwe gompieno ba ka bontsha jang gore ba na le moya o o tshwanang le wa ga Jesebele? (Bala Tshenolo 2:18-21.)

․․․․․

Ke mo maemong afe a o ka tshwanelwang ke go nna pelokgale jaaka Elija?

․․․․․

O ka tlhomamisega ka eng fa o bona kgotsa o direlwa tshiamololo?

․․․․․

5 KE DINTLHA DIFE MO PEGONG ENO TSE O DI RATILENG THATA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

Kakantsho Dira gore pego eno e nne pego ya dikgang. Bega ka tiragalo o bo o akanye o na le batsayakarolo ba konokono le basupi ba ba boneng ka matlho mme o ba botsolotse.

Ya kwa www.pr418.com

Bala Baebele mo internet

Tsaya setlhogo seno mo internet kgotsa dira khopi ya sone