Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pego ya Pokano ya Ngwaga le Ngwaga

Pokano e e Neng e Remeletse mo Kutlwanong le mo Dithulaganyong Tse di Kgatlhang

Pokano e e Neng e Remeletse mo Kutlwanong le mo Dithulaganyong Tse di Kgatlhang

DIPOKANO tsa ngwaga le ngwaga tsa Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania ka metlha di dira gore batho ba itumele. A bo seo se nnile boammaaruri jang ne mo pokanong ya ngwaga le ngwaga ya bo127, e e neng e tshwerwe ka Matlhatso, October 1, 2011! Balalediwa ba ba tswang mo lefatsheng lotlhe ba ne ba kokoane mo Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa, kwa Jersey City, New Jersey, kwa U.S.A.

Gerrit Lösch wa Setlhopha se se Laolang o ile a amogela boidiidi jwa batho ba ba itumetseng. O ne a bolelela baemedi ba ba tswang kwa dinageng di ka nna 85 gore ba itumelela kutlwano e e sa tshwaneng le epe ya lefatshe lotlhe. Kutlwano e e ntseng jalo e neela bosupi jo bo molemo e bile e galaletsa Jehofa. Tota e bile, kgang ya kutlwano e ne e boaboelediwa mo pokanong eno.

PEGO E E MOLEMO GO TSWA KWA MEXICO

Karolo ya ntlha mo thulaganyong e ne e tlotla ka kutlwano e batho ba ga Jehofa ba nang le yone. Baltasar Perla o ne a botsolotsa maloko a le mararo a lelapa la Bethele ya kwa Mexico malebana le go kopanngwa ga lekala la Mexico le diofisi tsa makala a le marataro a kwa Amerika Bogare. Ka ntlha ya go kopanngwa gono, jaanong lelapa la Bethele ya kwa Mexico le na le batho ba ba oketsegileng ba merafe e e farologaneng le ba ba tswang kwa dinageng di sele. Go thologela ka bontsi ga badumedimmogo le bone ba ba tswang kwa dinageng di sele go dirile gore ba kgothatsane. Go nna jaaka e kete Modimo o tlositse melelwane ya dinaga e e neng e le fa gare ga bone.

Kgwetlho nngwe e ba neng ba lebana le yone e ne e le go thusa baboledi gore ba se ka ba ikutlwa e kete ba kgakala le phuthego ya ga Jehofa tota le fa diofisi tsa makala di ne di sa tlhole di le gone mo dinageng tsa bone. Ka jalo, phuthego nngwe le nngwe e ne ya thusiwa gore e kgone go golagana ka tlhamalalo le lekala e dirisa e-mail tota le e leng diphuthego tse di kwa kgakala.

DIKGANG TSE DI TSWANG KWA JAPANE

James Linton yo o tswang kwa lekaleng la kwa Japane, o ne a tlhalosa kafa bakaulengwe ba neng ba amiwa ka gone ke thoromo ya lefatshe le ditsunami tse di neng tsa tlhasela naga eo ka March 2011. Basupi ba le bantsi ba ile ba latlhegelwa ke baratiwa ba bone le dilo tse ba neng ba na le tsone. Basupi ba ba nnang mo mafelong a a sa amiwang ke masetlapelo ao, ba ne ba naya batho mafelo a bonno a a fetang 3 100 le dikoloi di le makgolokgolo. Baithaopi ba ba neng ba romelwa ke Komiti ya Kago ya Kgaolo ba ne ba bereka bosigo le motshegare ba baakanya matlo a bakaulengwe. Batho ba ba fetang 1 700 ba ne ba ithaopa go direla gongwe le gongwe kwa go nang le tlhokego gone. Setlhopha sa baithaopi ba ba tswang kwa United States se ne sa thusa ka go agiwa sesha ga Diholo tsa Bogosi mme mo porojekeng eo go ne ga bereka baithaopi ba le 575.

Batho ba ba ileng ba amiwa ke masetlapelo ano ba ile ba thusiwa thata semoyeng le mo maikutlong. Bagolwane ba ba fetang 400 ba ne ba direla kwa go neng go tlhokega thata tiro ya bodisa gone. Go ne ga bonala gore Setlhopha se se Laolang se amegile thata fa se ne se romela balebedi ba makala ba le babedi ba ba tswang kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe go ya kwa mafelong a a amilweng ke masetlapelo go kgothatsa bakaulengwe ba koo. Tsela e Basupi mo lefatsheng ka bophara ba neng ba bontsha gore ba amegile ka bakaulengwe ba bone ka gone, e ne ya nna kgothatso e kgolo.

GO FENYA DIKGETSI TSA MOLAO

Bareetsi ba ne ba reetsa ka tlhoafalo fa Stephen Hardy yo o tswang kwa lekaleng la Boritane a ne a tlotla ka diphenyo tsa bosheng tsa molao. Ka sekai, puso ya kwa Fora e ne e batla lekgetho la diranta di le dimilione di le 626 mo mokgatlhong o re o dirisang kwa Fora. Kgang eo e ne ya rarabololwa fa Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho (European Court of Human Rights [ECHR]) e ne e swetsa ka gore seo ga se mo molaong, e tlhalosa gore puso ya Fora e ne e tlotse Molawana wa bo9 wa Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo tsa Batho e e sireletsang kgololesego ya bodumedi. Mafoko a tshwetso eo a ne a bontsha gore kgetsi eo e ne e sa amane ka gope le madi, ka gonne a ne a balega jaana: “Go gana go letlelela mokgatlho wa bodumedi, go leka go fedisa mokgatlho oo le go dirisa puo e e kgobang fa go buiwa ka mokgatlho oo, tsotlhe tseno ke dikai tsa go nna kgatlhanong le Molawana wa bo9 wa Tumalano ya Yuropa.”

Kgotlatshekelo eo gape e ne ya ntsha katlholo e e neng ya dira gore re fenye kgetsi e e malebana le Armenia. Fa e sa le ka 1965, ECHR e ntse e dumela gore Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho ga e a ka ya sireletsa batho gore ba se ka ba patelediwa go tsenela tirelo ya sesole. Kgorokgolo ya Kgotlatshekelo—e e leng yone e e kwa godimo thata mo Kgotlatshekelong ya Yuropa—e ne ya ntsha katlholo ya gore Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e naya motho tetla ya go gana go direla mo sesoleng fa e le gore o gana ka ntlha ya tumelo ya gagwe. Tshwetso eo e pateletsa Armenia le dinaga tse di jaaka Azerbaijan le Turkey go tlotla tshwanelo eo.

DIPOROJEKE TSA GO AGA

Morago ga foo go ne ga bua Guy Pierce wa Setlhopha se se Laolang mme o ne a bua gore botlhe ba ba leng gone ba ne ba swegaswegela go itse ka diporojeke tsa rona tsa go aga kwa New York State. O ne a tshameka bidio e e bontshang kgatelopele e e setseng e dirilwe kwa Wallkill, Patterson, le ditsha tse di sa tswang go rekwa kwa Warwick le kwa Tuxedo, New York. Kwa Wallkill, lefelo le lesha la bonno le le tla wediwang ka 2014 le tla nna le diphaposi tse di oketsegileng tse di fetang 300.

Go dirilwe dithulaganyo tsa go aga dikago tse disha kwa setsheng sa diheketara di le 100 kwa Warwick. Mokaulengwe Pierce o ne a re: “Le fa gone re sa tlhomamisege ka thato ya ga Jehofa malebana le Warwick, re tla tswelela re aga mo setsheng seno re na le maikaelelo a go fudusa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa re e isa koo.” Gape go dirwa dithulaganyo tsa go dirisa diheketara di le 20 tsa lefatshe tse di leng dikilometara di le lesome kwa bokone jwa Warwick gore go bewe metšhini le didirisiwa tsa go aga. Mokaulengwe Pierce o ne a re: “Fa re sena go letlelelwa go aga, re solofela gore re tla wetsa porojeke yotlhe mo dingwageng di le nnè. Go tswa foo, re ka nna ra rekisa meago ya rona e e kwa Brooklyn.”

Mokaulengwe Pierce o ne a botsa jaana: “A Setlhopha se se Laolang se fetotse mogopolo malebana le go atamela ga pitlagano e kgolo?” O ne a araba jaana: “Le eseng. Fa e le gore pitlagano e kgolo e tla thibela dithulaganyo tsa rona, seo se tla bo se le molemo tota!”

ELA TLHOKO TAU E E KURUTLANG

Go tswa foo Stephen Lett yo le ene e leng leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a tlotla ka 1 Petere 5:8: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang. Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” Mokaulengwe Lett o ne a tlhalosa gore fa re akanya gore ditau ke diphologolo tsa mofuta ofe, re kgona go tlhaloganya botoka lebaka la go bo Petere a dirisitse setshwantsho seo.

E re ka ditau di na le maatla e bile di le lobelo go feta batho, ga re a tshwanela go leka go lwantsha Satane kgotsa go leka go mo sia ka maatla a rona. Re tlhoka thuso ya ga Jehofa. (Isa. 40:31) Fa tau e tsoma e a kukunela, ka jalo re tshwanetse go tila go nna mo lefifing la semoya le Satane a batlang go tshwara batho mo go lone. Fela jaaka tau e bolaya tshepe kgotsa ngwana wa pitse ya naga yo o robetseng, Satane le ene ga a pelotlhomogi e bile o batla go re bolaya. Fa tau e sena go ja e kgora, gantsi ga o ka ke wa lemoga gore ke eng se e se bolaileng, fela jaaka “maemo a bofelo” a batho ba Satane a ba bolaileng semoyeng a “nna maswe mo go bone go feta a ntlha.” (2 Pet. 2:20) Ka jalo, re tshwanetse go ema re nitame kgatlhanong le Satane mme re ngaparele melaometheo ya Baebele e re ithutileng yone.—1 Pet. 5:9.

ANAANELA SEABE SA GAGO MO NTLONG YA GA JEHOFA

Samuel Herd wa Setlhopha se se Laolang o ne a re: “Rotlhe re na le seabe mo ntlong ya ga Jehofa.” Bakeresete botlhe ba na le seabe mo ‘ntlong’ ya Modimo—e leng tempele ya gagwe ya semoya—thulaganyo ya go mo obamela mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. Ke lefelo le re ka itumelelang lone e le tshiamelo e e tlhwatlhwakgolo. Fela jaaka Dafide, re eletsa go ‘nna mo ntlong ya ga Jehofa malatsi otlhe a botshelo jwa rona.’—Pes. 27:4.

Mokaulengwe Herd o ne a bua ka Pesalema 92:12-14 a bo a botsa jaana: “Jehofa o re thusa jang go atlega mo matshelong a rona?” O ne a araba jaana: “Mo paradaiseng ya semoya, Modimo o a re gomotsa, o a re sireletsa e bile o re naya metsi a boammaaruri a a lapolosang. A re mo lebogeng ka ntlha ya seo.” Go tswa foo Mokaulengwe Herd o ne a rotloetsa bareetsi jaana: “A re kgotsofaleleng go nna mo ntlong ya ga Jehofa—e seng ka lobakanyana fela mme ka bosakhutleng.”

BAKERESETE BA TLOTLA LEFOKO LA MODIMO

Mo puong e e latelang, David Splane yo le ene e leng leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a tlhalosa gore ka metlha Bakeresete ba boammaaruri ba ntse ba tlotla Lefoko la Modimo. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ile ba ikaega ka lone go rarabolola kgang ya go rupa. (Dit. 15:16, 17) Mo lekgolong la bobedi la dingwaga batho bangwe ba ba ipitsang Bakeresete, ba ba neng ba rutilwe filosofi ya Segerika, ba ne ba simolola go tsaya filosofi e le botlhokwa go feta Dikwalo. Moragonyana, ba bangwe ba ne ba emisetsa dithuto tsa Baebele ka dikgopolo tsa batho ba ba bidiwang Borara ba Kereke le babusibagolo ba Baroma mme ba anamisa dithuto di le dintsi tsa maaka.

Mokaulengwe Splane o ne a bontsha gore mo setshwantshong sa ga Jesu go ne go tla tswelela go na le Bakeresete ba ba tloditsweng ba boammaaruri mo lefatsheng ba ba neng ba femela boammaaruri. (Math. 13:24-30) Ga re ka ke ra bua re tlhomamisegile gore Bakeresete bao ke bomang. Le fa go ntse jalo, go ralala makgolokgolo a dingwaga batho ba le bantsi ba ile ba bua kgatlhanong le ditumelo tsa maaka le ditlwaelo tse e seng tsa Dikwalo. Bangwe ba bano e ne e le Bishopomogolo Agobard wa kwa Lyons mo lekgolong la bo9 la dingwaga, Peter wa kwa Bruys, Henry wa kwa Lausanne le Valdès (kgotsa, Waldo) mo lekgolong la bo12 la dingwaga, John Wycliffe mo lekgolong la bo14 la dingwaga, William Tyndale mo lekgolong la bo16 la dingwaga, Henry Grew le George Storrs mo lekgolong la bo19 la dingwaga. Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba tswelela go ikobela melao ya Dikwalo e bile ba tsaya Baebele e le motheo wa boammaaruri. Ke ka moo Setlhopha se se Laolang se ileng sa tlhopha Johane 17:17 e e reng: “Lefoko la gago ke boammaaruri,” go nna temana ya ngwaga ya 2012.

DIPHETOGO TSE DI ITUMEDISANG TSA THAPISO LE TSA TIRELO

Anthony Morris wa Setlhopha se se Laolang o ne a dira kitsiso e e neng e tlhalosa diphetogo tse di tla nnang teng tsa barongwa le babulatsela ba ba kgethegileng. Go simologa ka September 2012 go tla nna le Sekolo sa Baebele sa Banyalani ba Bakeresete se se tla tshwarwang mo dinageng tse di tlhophilweng. Boikaelelo jwa Sekolo sa Gileade bo ile jwa fetolwa. Go simolola ngwaga o o fetileng ka October, botlhe ba ba ileng ba thapisiwa kwa Gileade, ba tshwanetse ba bo ba kile ba nna mo mofuteng mongwe wa tirelo e e kgethegileng ya nako e e tletseng—e le barongwa ba ba iseng ba ye Sekolong sa Gileade, babulatsela ba ba kgethegileng, balebedi ba ba etang kgotsa batho ba ba direlang kwa Bethele. Ba ba alogileng mo sekolong seno ba tla dirisiwa go nonotsha batho ba Modimo le go ba kgothatsa e ka tswa e le kwa diofising tsa makala, mo tirong ya go eta kgotsa mo mafelong a go nang le batho ba le bantsi kwa go one mo ba ka kgonang go kgothatsa diphuthego mo tirong ya go rera.

Babulatsela ba ba kgethegileng ba ba oketsegileng ba tla simolola go direla kwa ditshimong tse di kwa kgakala le tse di kwa thoko. Go tloga ka January 1, 2012, batho bangwe ba ba alogileng mo Sekolong sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalang le Sekolo sa Baebele sa Banyalani ba Bakeresete, ba tla abelwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana e bile ba tla rera kwa mafelong a go se nang baboledi gone kgotsa kwa go nang le baboledi ba le mmalwa fela. Ngwaga le ngwaga ba tla tlhatlhobiwa mme morago ga dingwaga di le tharo, fa ba dira sentle ba tla abelwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng ba leruri.

Pokano ya ngwaga le ngwaga ya 2011 e ne e le nako e e itumedisang. Re solofetse gore Jehofa o tla segofatsa thulaganyo eno e ntšha go nonotsha tiro ya rona ya go rera le go tsweletsa kutlwano ya rona ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe—tsotlhe tseno e le go mo galaletsa le go mmaka.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 18, 19]

GO BA ITSE BOTOKA

Mo thulaganyong eo gape go ne ga botsolotswa batlholagadi ba le batlhano mo go ba le robongwe ba maloko a Setlhopha se se Laolang. Kgaitsadi Marina Sydlik, Edith Suiter, Melita Jaracz, Melba Barry, le Sydney Barber ba ne ba bua kafa ba ileng ba ithuta boammaaruri ka gone le kafa ba ileng ba tsenela tirelo ya nako e e tletseng ka gone. Mongwe le mongwe wa bone o ne a tlhalosa dilo tse di itumedisang tse a di gopolang ka monna wa gagwe, dilo tse di molemo tse a di akanyang ka ene le ditshegofatso tse ba nnileng le tsone mmogo. Morago ga dipotsolotso tseno tse di amang maikutlo, bareetsi ba ne ba opela pina 86, e e nang le setlhogo se se reng, “Basadi ba ba Ikanyegang, Bokgaitsadi ba Bakeresete.”

[Ditshwantsho]

(Kwa godimo) Daniel le Marina Sydlik; Grant le Edith Suiter; Theodore le Melita Jaracz

(Kwa tlase) Lloyd le Melba Barry; Carey le Sydney Barber

[Mmapa mo go tsebe 16]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Makala a marataro a a kopantsweng a a tlhokometsweng ke lekala la Mexico

MEXICO

GUATEMALA

HONDURAS

EL SALVADOR

NICARAGUA

COSTA RICA

PANAMA

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Kafa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa e tla lebegang ka gone, kwa Warwick, New York