Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ithute Bopelotelele mo go Jehofa le Jesu

Ithute Bopelotelele mo go Jehofa le Jesu

“Tsayang bopelotelele jwa Morena wa rona e le poloko.”—2 PET. 3:15.

1. Ke eng se batlhanka bangwe ba ba ikanyegang ba ipotsang sone?

KGAITSADI mongwe yo o ikanyegang, yo o nang le masomesome a dingwaga a itshoketse dikgwetlho di le dintsi o botsa jaana ka boikokobetso, “A bokhutlo bo tla tla pele ke swa?” Batho bangwe ba ba sa bolong go direla Jehofa ba ipotsa potso e e tshwanang. Re tlhologeletswe go bona letsatsi le ka lone Modimo a dirang dilo tsotlhe disha, a tlosa mathata a re lebaneng le one gone jaanong. (Tshen. 21:5) Le fa re na le mabaka a le mantsi a go dumela gore bokhutlo jwa tsamaiso ya ga Satane bo gaufi thata, ga go motlhofo go letela letsatsi leo ka bopelotelele.

2. Re tla sekaseka dipotso dife tse di ka ga bopelotelele jwa Modimo?

2 Mme gone, Baebele e bontsha gore re tshwanetse go nna pelotelele. Fela jaaka batlhanka ba Modimo ba bogologolo, re tla amogela se Modimo a se solofeditseng fa re na le tumelo e e nonofileng mme ka bopelotelele re letele nako ya gagwe ya go diragatsa ditsholofetso tseo. (Bala Bahebera 6:11, 12.) Le Jehofa ka boene o ntse a le pelotelele. O ne a ka fedisa boikepo nako nngwe le nngwe, le fa go ntse jalo, o emetse nako e e tshwanetseng. (Bar. 9:20-24) Ke ka ntlha yang fa a le pelotelele jaana? Jesu o ne a re tlhomela jang sekao sa go nna pelotelele jaaka Modimo? Re tla bona melemo efe fa re leka ka natla go nna pelotelele jaaka Modimo? Dikarabo tsa dipotso tseno di tla re thusa gore re lwele go nna le bopelotelele le tumelo e e nonofileng, tota le fa re ka bona e kete Jehofa o a diega.

KE KA NTLHA YANG FA JEHOFA A BONTSHA BOPELOTELELE?

3, 4. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a bontsha bopelotelele fa a diragatsa boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe? (b) Jehofa o ne a tsibogela jang botsuolodi jwa kwa Edene?

3 Jehofa o na le lebaka le le utlwalang la go bontsha bopelotelele. Gone ke boammaaruri gore ka dinako tsotlhe o na le taolo e kgolo mo lobopong; le fa go ntse jalo, botsuolodi jwa kwa Edene bo ne jwa tsosa dipotso tse di amang lobopo lotlhe. Jehofa o ntse a le pelotelele a itse gore go tla tsaya lobaka go araba dipotso tseo ka botlalo. E re ka a itse sentle ditiro le mekgwa ya mongwe le mongwe kwa legodimong le mo lefatsheng, ga go pelaelo gore o dira dilo ka tsela e e tla re solegelang molemo.—Baheb. 4:13.

4 Jehofa o ne a ikaeletse gore ditlogolwana tsa ga Adame le Efa di tlatse lefatshe. Fa Satane a ne a raela Efa le fa Adame a sena go tsuologa, Modimo ga a ka a tlogela boikaelelo jwa gagwe. Ga a ka a tlalelwa, a dira ditshwetso ka lepotlapotla, a bo a tlhoboga batho. Go na le moo, o ne a dira tsela ya go fitlhelela se a se ikaeletseng ka batho le ka Lefatshe. (Isa. 55:11) Jehofa o bontshitse boikgapo le bopelotelele gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe le go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe, o ile a bo a leta dingwaga di le diketekete gore dikarolo dingwe tsa boikaelelo jwa gagwe di diragadiwe ka tsela e e molemolemo.

5. Bopelotelele jwa ga Jehofa bo dira gore batho ba nne le masego afe?

5 Lebaka le lengwe la go bo Jehofa a ile a leta ka bopelotelele ke gore batho ba bantsi ba bone botshelo jo bo sa khutleng. Gone jaanong, o baakanyetsa go falotsa “boidiidi jo bogolo.” (Tshen. 7:9, 14; 14:6) Jehofa o dirisa tiro ya rona ya go rera gore a laletse batho go ithuta ka Bogosi jwa gagwe le ka melao ya gagwe ya tshiamo. Molaetsa wa Bogosi ke dikgang tse di itumedisang tse batho ba ka di utlwang—ee, ke “dikgang tse di molemo.” (Math. 24:14) Motho mongwe le mongwe yo Jehofa a mo gogelang kwa go ene o nna karolo ya phuthego ya lefatshe lotlhe ya ditsala tsa mmatota tse di ratang se se siameng. (Joh. 6:44-47) Modimo wa rona yo o lorato o thusa batho bao gore ba nne batho ba a ba amogelang. Gape o ntse a tlhopha batho mo lefatsheng ba e tla nnang maloko a puso ya gagwe ya legodimo. Fa batho bano ba ba ineetseng ba sena go tsaya boemo jwa bone kwa legodimong, ba tla thusa batho ba ba kutlo go fitlhelela boitekanelo le botshelo jo bo sa khutleng. Ga go pelaelo gore le fa Jehofa a letile ka bopelotelele, o ntse a tsweletse go dira, e le gore a diragatse ditsholofetso tsa gagwe—gore re solegelwe molemo.

6. (a) Jehofa o ne a bontsha bopelotelele ka tsela efe mo motlheng wa ga Noa? (b) Jehofa o bontsha jang bopelotelele mo motlheng wa rona?

6 Jehofa o pelotelele le fa a ntse a galefisiwa thata, re kgona go bona seo ka kgato e a neng a e tsaya malebana le boikepo pele ga Morwalela. Ka nako eo lefatshe le ne le tletse boitsholo jo bo sa siamang le thubakanyo, mme Jehofa o ne a “utlwa botlhoko mo pelong” ka ntlha ya go senyega ga maemo a batho. (Gen. 6:2-8) O ne a ka se itshokele boemo joo go ya go ile, ka jalo o ne a ikemisetsa go tlisetsa batho ba ba seng kutlo morwalela. Fa “bopelotelele jwa Modimo bo ne bo letile mo malatsing a ga Noa,” Jehofa o ne a dira dithulaganyo go boloka Noa le lelapa la gagwe. (1 Pet. 3:20) Ka nako e e tshwanetseng, Jehofa o ne a bolelela Noa ka tshwetso eo, a bo a mo laela gore a age araka. (Gen. 6:14-22) Mo godimo ga moo, Noa e ne e le “moreri wa tshiamo,” a bolelela baagisani ba gagwe ka tshenyego e e tlang. (2 Pet. 2:5) Jesu o ne a re metlha ya rona e tshwana le metlha ya ga Noa. Jehofa o dirile tshwetso ya gore o tla fedisa leng tsamaiso eno e e boikepo. Ga go motho ope yo o itseng “letsatsi le ura” e bokhutlo bo tla tlang ka yone. (Math. 24:36) Gone jaanong, re tshwanetse go dira tiro e Modimo a re neileng yone ya go tlhagisa batho le go ba bolelela gore ba ka falola jang.

7. A Jehofa o bonya go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe? Tlhalosa.

7 Ga go pelaelo gore bopelotelele jwa ga Jehofa ga bo kaye gore o emetse fela gore nako e fete. Ga re a tshwanela go akanya gore bopelotelele jwa gagwe bo raya gore ga a kelotlhoko e bile o itlhokomolosa dilo. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore, go ka nna thata go nna re akantse ka seno fa re ntse re tsofala kgotsa re boga mo tsamaisong eno e e boikepo. Re ka nna ra kgobega marapo kgotsa ra akanya gore Modimo o bonya go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. (Baheb. 10:36) Le ka motlha o se ka wa lebala gore Modimo o na le mabaka a a utlwalang a go nna pelotelele mme o dirisa nako eno gore batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba solegelwe molemo. (2 Pet. 2:3; 3:9) Gape a re sekasekeng kafa Jesu a neng a bontsha bopelotelele jwa Modimo ka gone.

JESU O TLHOMILE JANG SEKAO SE SE MOLEMO SA BOPELOTELELE?

8. Jesu o bontshitse bopelotelele mo maemong afe?

8 Jesu o dira thato ya Modimo e bile o dirile jalo ka tlhoafalo ka dingwagangwaga. Fa Satane a tsuologa, Jehofa o ne a dira tshwetso ya gore Morwawe yo o tsetsweng a le esi a tle mo lefatsheng e le Mesia. Akanya ka se Jesu a neng a tshwanelwa ke go se dira—go leta ka bopelotelele diketekete tsa dingwaga go fitlha nako eo e goroga. (Bala Bagalatia 4:4.) O ne a sa leta fela a sa dire sepe mo nakong eo yotlhe; go na le moo, o ne a tshwaregile mo tirong e Rraagwe a mo abetseng yone. Fa kgabagare a tla mo lefatsheng, o ne a itse gore Satane o tla dira gore a bolawe jaaka go porofetilwe. (Gen. 3:15; Math. 16:21) Ka bopelotelele o ne a ikobela thato ya Modimo, le fa seno se ne se kaya go utlwa botlhoko jo bogolo. Boikanyegi jwa gagwe e ne e le jo bo sa tshwaneng le bope. O ne a sa tlhoma mogopolo mo go ene le mo boemong jwa gagwe, ka jalo, re tshwanetse go mo etsa.—Baheb. 5:8, 9.

9, 10. (a) Jesu o ntse a dira eng fa a ntse a letile Jehofa ka bopelotelele gore a tseye kgato? (b) Re tshwanetse go leba jang nako e Jehofa a e beileng?

9 Fa Jesu a sena go tsosiwa o ne a newa taolo kwa legodimong le mo lefatsheng. (Math. 28:18) O dirisa taolo eo go diragatsa boikaelelo jwa ga Jehofa go ya ka nako e Modimo a e beileng. Jesu o ne a leta Modimo ka bopelotelele a ntse mo seatleng sa moja sa Modimo go fitlha ka 1914, a letetse gore baba ba gagwe ba bewe fa dinaong tsa gagwe. (Pes. 110:1, 2; Baheb. 10:12, 13) Go ise go ye kae, o tla tsaya kgato go fedisa tsamaiso ya ga Satane. Go ntse go le jalo, Jesu o dirisana le batho ka bopelotelele mme o ba lebisa kwa ‘metsing a botshelo.’—Tshen. 7:17.

10 A o bona kafa o ka etsang sekao sa ga Jesu ka teng sa kafa re tshwanetseng go leba ka gone nako e Jehofa a e beileng? Ga go pelaelo gore Jesu o ne a tlhagafaletse go dira sengwe le sengwe se Rraagwe a neng a mo kopa gore a se dire; le fa go ntse jalo, o ne a ikemiseditse go letela nako ya Modimo. Fa re ntse re letile bokhutlo jwa tsamaiso e e boikepo ya ga Satane, rotlhe re tlhoka bopelotelele jwa Modimo, re mo letele mme re se ka ineela ka gonne re kgobegile marapo. Re ka dira eng gore re nne le bopelotelele joo jwa Modimo?

NKA NNA JANG LE BOPELOTELELE JO BO TSHWANANG LE JWA MODIMO?

11. (a) Tumelo e tsamaisana jang le bopelotelele? (b) Ke ka ntlha yang fa re na le mabaka a a utlwalang a go nna le tumelo e e nonofileng?

11 Pele ga Jesu a tla mo lefatsheng, baporofeti le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba ne ba re tlhomela sekao sa kafa batho ba ba sa itekanelang ba ka itshokang ka bopelotelele ka gone. Tumelo ya bone e ne e tsamaisana le bopelotelele jwa bone. (Bala Jakobe 5:10, 11.) Fa ruri ba ne ba sa dumele se Jehofa a neng a ba bolelela sone—fa ba ne ba se na tumelo—a ba ka bo ba ile ba leta ka bopelotelele gore ditsholofetso tsa gagwe di diragadiwe? Gangwe le gape ba ne ba lebana le diteko tse di tshosang kgotsa tse di gwetlhang tumelo ya bone, ba tlhomamisegile gore kgabagare Modimo o tla diragatsa se a se solofeditseng. (Baheb. 11:13, 35-40) Rona re na le mabaka a a oketsegileng a go nna le tumelo e e nonofileng, ka gonne gone jaanong Jesu ke “Moitekanedisi wa tumelo ya rona.” (Baheb. 12:2) O ne a diragatsa boporofeti a bo a senola maikaelelo a Modimo ka tsela e e dirang gore re nne le mabaka a a utlwalang a go nna le tumelo.

12. Ke eng se re ka se dirang gore re nonotshe tumelo ya rona?

12 Re ka tsaya dikgato dife go nonotsha tumelo ya rona gore re kgone go nna le bopelotelele? Go botlhokwa thata gore re dirise kgakololo ya Modimo. Ka sekai, akanya ka mabaka a a dirang gore o beye Bogosi kwa pele mo botshelong jwa gago. A o ka lwela go dira maiteko a a oketsegileng gore o dirise kgakololo e e mo go Mathaio 6:33? Seo se ka raya gore o dirise nako e e oketsegileng mo bodireding kgotsa o fetole dikarolo dingwe tse di rileng tsa kafa o tshelang ka gone. O se ka wa itlhokomolosa kafa Jehofa a ileng a segofatsa ka gone maiteko a o a dirileng go fitlha jaanong. A ka tswa a ile a go thusa gore o nne le thuto e ntšha ya Baebele kgotsa gore o nne le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.” (Bala Bafilipi 4:7.) Fa o ntse o tlhoma mogopolo mo melemong e o setseng o e bone ka ntlha ya go ikobela ditaelo tsa ga Jehofa, o tla lemoga gore go botlhokwa gore o nne pelotelele.—Pes. 34:8.

13. Tsela e re nonotshang tumelo ya rona le bopelotelele ka yone, e ka tshwantshanngwa le eng?

13 Tsela e tumelo ya rona e ka re thusang ka yone go nna pelotelele e ka tshwantshanngwa le mojadi yo o jalang peo, a e tlhagolela a bo a roba. Nako nngwe le nngwe fa mojadi a roba go le gontsi, o leba pele ka tlhoafalo gore a jale le mo setlheng se se latelang. Gone ke boammaaruri gore o tla tshwanelwa ke go letela thobo ka bopelotelele, le fa go ntse jalo seo se ka se mo thibele go jala peo, gongwe le e leng go jala peo mo tshimong e kgolo go feta e a jetseng mo go yone mo setlheng se se fetileng. O solofela gore o tla roba. Ka tsela e e tshwanang, fa re nna re ithuta ka kgakololo ya ga Jehofa, re e latela re bo re bona melemo ya yone, tsela e re ikanyang Jehofa ka yone e a gola. Tumelo ya rona le yone e a gola mme go nna motlhofo gore re letele masego a re itseng gore a tla tla.—Bala Jakobe 5:7, 8.

Bopelotelele jwa Modimo bo tla go thusa go tlhoma mogopolo mo dilong tse di direlwang Bogosi le gore o amogele masego!

14, 15. Re tshwanetse go leba jang pogo ya batho?

14 Tsela e nngwe e re ka godisang bopelotelele ka yone ke ka go sekaseka kafa re tshwanetseng go leba lefatshe le maemo a rona ka gone. Leka go leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone. Ka sekai, akanya kafa a lebang pogo ya batho ka gone. Ga a bolo go utlwisiwa botlhoko ke pogo ya batho; le fa go ntse jalo, ga a fekeediwe ke kutlobotlhoko mo a palelwang ke go dira molemo. O rometse Morwawe yo o tsetsweng a le esi “go senya ditiro tsa ga Diabolo” le go dirolola tshenyo yotlhe e Satane a e diretseng batho. (1 Joh. 3:8) Boammaaruri ke gore pogo e tla nna gone ka nakwana, mme tharabololo ya Modimo yone e tla nnela ruri. Ka jalo, go na le go itetla go fekeediwa ke puso eno e e boikepo ya ga Satane kgotsa go fela pelo gore e tla fela leng, a re nneng le tumelo mo dilong tse di sa bonweng tse di tla nnelang ruri. Jehofa o beile nako e e tlhomameng e a tla fedisang boikepo ka yone, mme o dira jalo ka nako e e tshwanetseng.—Isa. 46:13; Nah. 1:9.

15 Mo malatsing ano a a thata a bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo, re ka nna ra lebana le dikgwetlho tse di sa tshwaneng le dipe tsa tumelo ya rona. Go na le go galefa fa re diretswe ditiro tsa thubakanyo kgotsa fa ba re ba ratang ba boga, re tshwanetse go ikemisetsa go ikanya Jehofa ka botlalo. Ga re a itekanela, ka jalo ga go motlhofo go dira jalo. Le fa go ntse jalo, gakologelwa se Jesu a se dirileng se se kwadilweng mo go Mathaio 26:39.E bale.

16. Ke eng se re tshwanetseng go tila go se dira mo nakong eno e e setseng?

16 Sengwe se se ka re kgoreletsang gore re bontshe bopelotelele jwa Modimo ke boikutlo jwa go belaela. Seo se kaya eng? Motho yo o belaelang gore bokhutlo bo gaufi a ka simolola go itirela dithulaganyo tse dingwe tse di tla mo thusang fa dilo di sa direge ka tsela e Jehofa a rileng di tla direga ka yone. Ka mafoko a mangwe a ka nna a akanya gore, ‘Ke tla bona gore a tota Jehofa o tla diragatsa lefoko la gagwe.’ A ka nna a leka go itirela leina mo lefatsheng leno, a batla madi a mantsi go na le go dira gore Bogosi jwa Modimo bo tle pele kgotsa a ikanya gore thuto e e kwa godimo e tla dira gore a tshele botshelo jwa manobonobo gone jaanong. Ka jalo, a ruri seo se tla bo se sa bontshe gore o tlhoka tumelo? Gakologelwa gore Paulo o ne a re rotloetsa gore re nne baetsi ba batho ba ba ikanyegang ba ba ileng ba bona ditsholofetso tsa ga Jehofa “ka tumelo le bopelotelele.” (Baheb. 6:12) Jehofa ga a kitla a letlelela tsamaiso eno e e boikepo gore e tswelele e le gone go feta kafa tota go tlhokegang ka gone go ya ka maikaelelo a gagwe. (Hab. 2:3) Mo nakong eno e e setseng, re tshwanetse go tila go direla Jehofa e le seomodiro fela. Go na le moo, re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng mme re dire ka natla fa re rera dikgang tse di molemo, e leng sengwe se se re nayang boipelo jo bogolo gone jaanong.—Luke 21:36.

BOPELOTELELE BO TLISA MASEGO AFE?

17, 18. (a) Ke tshono efe e jaanong re nang le yone fa re ntse re letile ka bopelotelele? (b) Fa gone jaanong re bontsha bopelotelele re tla amogela masego afe?

17 Le fa re ka tswa re diretse Jehofa dikgwedi di le mmalwa kgotsa dingwaga di le dintsi, re batla go mo direla ka bosakhutleng. Bopelotelele bo re thusa go itshoka go fitlha re bona poloko, go sa kgathalesege gore tsamaiso eno e saletswe ke nako e e kana kang. Jaanong Jehofa o re naya tshono ya gore re itshupe re ikanya ditshwetso tsa gagwe ka botlalo le gore—fa go tlhokega—re ikemisetse go boga ka ntlha ya leina la gagwe. (1 Pet. 4:13, 14) Gape Modimo o re naya thapiso e e ka re thusang go nna le bopelotelele jo re bo tlhokang gore re bolokege.—1 Pet. 5:10.

18 Jesu o na le taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng mme ga go na sepe se se ka go ntshang mo tshireletsong ya gagwe—ke wena fela o ka intshang mo go yone. (Joh. 10:28, 29) Ga go na lebaka la gore re boife isagwe kgotsa le e leng loso. Batho ba ba itshokang ka bopelotelele go ya bokhutlong ba tla bolokwa. Ka jalo, re tshwanetse go tlhomamisa gore re se ka ra letla lefatshe go re raela le go dira gore re tlogele go ikaega ka Jehofa. Go na le moo, re tshwanetse go ikemisetsa go nonotsha tumelo ya rona le go dirisa ka botlhale nako e Modimo a ntseng a letile ka bopelotelele ka yone.—Math. 24:13; bala 2 Petere 3:17, 18.