Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bonweenwee—Bo Aname go le Kana Kang?

Bonweenwee—Bo Aname go le Kana Kang?

“Khampani ya rona e direla balaodi ba puso ba lefelo la rona ditirelo dingwe. Gantsi re tshwanelwa ke go leta dikgwedi di le pedi kgotsa di le tharo pele re duelelwa ditirelo tseo. Mme bosheng jaana modiredi mongwe wa puso o ne a nteletsa. O ne a re a ka dira gore re duelwe ka bonako—fa re ka mo naya bontlhanngwe jwa madi a rona e le pipamolomo.”—JOHN. *

A O KILE wa direlwa bonweenwee? Gongwe ga o a bo direlwa ka tsela e e tlhalositsweng fa godimo, mme ga go pelaelo gore o ka tswa o ile wa amiwa ke ditlamorago tsa bonweenwee ka tsela nngwe.

Go ya ka Transparency International’s (TI) 2011 Corruption Perceptions Index, * “go fitlhetswe bontsi jwa dinaga le dikgaolo di le 183 di na le dipalo tse di kwa godimo tse di bontshang gore di na le mathata a a masisi a bonweenwee.” Dingwaga di le pedi pele ga moo, Tl e ne ya lemoga gore pego ya yone ya ngwaga ya 2009 e ne e senotse boammaaruri ka bonweenwee: “Go bonala sentle gore ga go na kgaolo epe mo lefatsheng e e se nang mathata a a bakwang ke bonweenwee.”

“Bonweenwee ke go dirisa ka tsela e e sa siamang taolo e motho a e neilweng gore a itsholegele molemo. E utlwisa botlhoko mongwe le mongwe yo botshelo jwa gagwe, lotseno kgotsa boitumelo jwa gagwe bo ikaegileng ka boikanyegi jwa batho ba ba nang le taolo.”—TRANSPARENCY INTERNATIONAL

Mo maemong mangwe, bonweenwee bo ka nna le diphelelo tse di kotsi. Ka sekai, makasine wa Time o bega gore go ya bokgakaleng jo bo rileng “bonweenwee le go sa nne kelotlhoko” ke tsone di bakileng dintsho tse dintsi fa thoromo e kgolo ya lefatshe e itaya Haiti ka 2010. E ne ya tswelela ka gore: “Dikago di agiwa fela kwantle ga dikakantsho tsa baenjenere e bile bontsi jwa batlhatlhobi ba puso ba ba sa ikanyegeng ba newa pipamolomo.”

A go ka kgonega gore bonweenwee bo tlosiwe gotlhelele? Go bona karabo ya potso eo, re tshwanetse go tlhaloganya dilo tse tota di bakang bonweenwee. Re tla sekaseka dilo tseno mo setlhogong se se latelang.

^ ser. 2 Leina le fetotswe.

^ ser. 4 “Corruption Perceptions Index e dira lenaane la dinaga go ya kafa e lemogileng bonweenwee bo dirwa mo pusong ka gone mo go tsone.”—Transparency International.