Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bonweenwee bo Tla Fela!

Bonweenwee bo Tla Fela!

“Solofela mo go Jehofa mme o boloke tsela ya gagwe . . . Fa baikepi ba kgaolwa, o tla bona seo.”—PESALEMA 37:34.

A LE wena jaaka batho ba bangwe, o boifa gore bonweenwee bo tla nna bo le teng le gore le ka motlha bo ka se fedisiwe gotlhelele? Fa go le jalo, seo se a utlwala. Mo hisitoring yotlhe, batho ba lekile mefuta yotlhe ya puso e o ka akanyang ka yone. Le fa go ntse jalo, maiteko a bone a go tlosa bonweenwee gotlhelele ga a ka a atlega. A go na le tsholofelo epe ya gore go tla nna le nako e ka yone batho botlhe ba tla dirisanang ka boikanyegi?

Se se itumedisang ke gore Baebele e araba potso eo ka, ee! E re bolelela gore go ise go ye kae, Modimo o tla tsaya kgato ya go tlosa bonweenwee mo lefatsheng la rona. O tla dira seo jang? Ka Bogosi jwa gagwe e leng puso ya kwa legodimong, e e tla fetolang lefatshe la rona gotlhelele. Jono ke jone Bogosi jo Jesu a neng a ruta balatedi ba gagwe gore ba bo rapelele. Mo go se ka dinako dingwe se bidiwang Thapelo ya Morena kgotsa Rraetsho, Jesu o ne a re: “Puso ya gago a e tle; Thato ya gago a e dirafale mo lefatsheng.”—Mathaio 6:10, Tswana Central.

Fa Baebele e bolelela pele ka Mmusi wa Bogosi joo e bong Jesu Keresete, ya re: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong.” (Pesalema 72:12-14) Ela tlhoko gore Jesu o utlwela batho ba ba direlwang bonweenwee botlhoko, e bile o tla dira sengwe ka kgatelelo! A seo ga se gomotse?

Bogosi jwa Modimo bo eteletswe pele ke Mmusi yoo yo o kutlwelobotlhoko le yo o maatla, bo tla tlosa bonweenwee mo lefatsheng la rona. Bo tla dira seo jang? Ka go tlosa dilo tse tharo tse di bakang bonweenwee.

Tlhotlheletso ya Boleo

Gone jaanong, rotlhe re tshwanelwa ke go lwa le ditshekamelo tse di re tlhotlheletsang go dira dilo ka bopelotshetlha. (Baroma 7:21-23) Le fa go ntse jalo, go na le batho ba ba siameng ba ba batlang go dira se se siameng. Ba bontsha tumelo mo mading a a tsholotsweng a thekololo a ga Jesu e bile ba ka itshwarelwa maleo a bone. * (1 Johane 1:7, 9) Batho bao ba tla nna le tshono ya go solegelwa molemo ke lorato lo logolo lo Modimo a lo bontshitseng jaaka re bala mo go Johane 3:16: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”

Modimo o tla direla batho ba ba ikanyegang sengwe se se molemo tota. Mo lefatsheng le lesha le le tlang, kgabagare o tla tlosa diphelelo tsotlhe tsa boleo, ka bonya ka bonya a dire gore batho ba itekanele le gore ba amogelesege mo go ene. (Isaia 26:9; 2 Petere 3:13) Tlhotlheletso ya boleo ga e ka ke ya tlhola e dira gore motho ope fela a dire bonweenwee. Mo Bogosing jwa Modimo batho ba ba ikanyegang ba “tla gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola.”—Baroma 8:20-22.

Tlhotlheletso ya Lefatshe le le Bosula le re Tshelang mo go Lone

Ka maswabi, batho ba bantsi gompieno ba direla ba bangwe bonweenwee. Ba tsietsa batho ba maemo a a kwa tlase le bahumanegi e bile ba tlhotlheletsa batho ba bangwe gore ba dire se se tshwanang. Baebele e tlhagisa batho bao jaana: “A moikepi a tlogele tsela ya gagwe, le motho yo o kotsi dikakanyo tsa gagwe.” Fa batho bao ba ba dirang bonweenwee ba ikwatlhaya, Baebele e solofetsa gore Modimo o “tla itshwarela ka tsela e kgolo.”—Isaia 55:7.

Le fa go ntse jalo, fa batho ba sa batle go tlogela tsela e ba tshelang ka yone, Modimo o tla tshwanelwa ke go ba fedisa. Bogosi jwa Modimo bo tla dira gore tsholofetso eno ya Baebele e diragale: “Solofela mo go Jehofa mme o boloke tsela ya gagwe . . . Fa baikepi ba kgaolwa, o tla bona seo.” * (Pesalema 37:34) Fa baikepi ba ba tlhogoethata ba fedisitswe, baobamedi ba ba ikanyegang ba Modimo ga ba kitla ba tlhola ba direlwa bonweenwee.

Tlhotlheletso ya ga Satane Diabolo

Mo baleofing ba ba tlhogoethata, Satane Diabolo ke ene a di gogang kwa pele. Se se re itumedisang ke gore go ise go ye kae, Jehofa o tla thibela Satane, a dira gore a se tlhole a tlhotlheletsa batho. Kgabagare Modimo o tla senya Satane gotlhelele. Selalome seno ga se kitla le ka motlha se kgona go tlhotlheletsa batho gore ba dire bonweenwee gape.

Gone ke boammaaruri gore kgopolo ya gore Modimo o tla tlosa dilo tsotlhe tse di bakang bonweenwee e ka tswa e utlwala e ka se kgonege. O ka tswa o ipotsa jaana, ‘A tota Modimo a ka kgona go tlisa diphetogo tseo? Fa go le jalo, ke ka ntlha yang fa a ise a go dire?’ Tseo ke dipotso tse di molemo e bile Baebele e na le dikarabo tse di kgotsofatsang. * Re kopa gore o sekaseke se Baebele e se rutang ka se se tlogang se direga mo isagweng fa bonweenwee bo tla bo bo fedile gotlhelele.

^ ser. 8 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le loso lwa ga Jesu lwa thekololo, bona kgaolo 5 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 12 Mo Baebeleng leina la Modimo ke Jehofa.

^ ser. 15 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 3, 8 le 11 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng?