Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maatla a Lefoko la Modimo le Nnileng le One mo Lelapeng la Bahindu

Maatla a Lefoko la Modimo le Nnileng le One mo Lelapeng la Bahindu

NKA se lebale letsatsi le re neng re kopane ka lone go ja difitlholo le ba lelapa la gaetsho mo mosong ka Mantaga wa August 22, 2005. Botshelo jwa me bo ne bo le mo kotsing ka gonne ke ne ke na le tlhagala mo bobokong. Monna wa me e bong Krishna, o ne a rapela mme morago ga foo ke ne ka bua le ba lelapa la gaetsho.

Ke ne ka tlhalosa jaana: “Ke ya kwa bookelong go ya go dira karo e e kotsi, ka jalo lo tshwanetse go ipaakanyetsa sengwe le sengwe se se ka diregang. Ke setse ke dirile dithulaganyo tsa phitlho ya me fa go ka direga gore seo se tlhokege. Lona ba lo obamelang Jehofa, ke kopa gore lo se ka lwa itlhoboga. Mme lona ba bangwe, ke kopa gore lo ithute Baebele le go ya kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete. Fa lo ka dira jalo, lo tla nna le tsholofelo e ke nang le yone ka lefatshe le lesha la paradaise le le tlang, le baobamedi ba boammaaruri ba Modimo ba tla tshelelang ruri mo go lone ba na le botsogo jo bo itekanetseng.”

Pele ga ke tlhalosa gore karo ya me e ne ya tsamaya jang, mma ke go bolelele ka tsela e ke godisitsweng ka yone le gore go tlile jang gore ke itse Modimo wa boammaaruri.

Go Godisediwa mo Lelapeng la Bahindu

Ke kukilwe ke Mmè

Ba lelapa la gaetsho ba ne ba nna mo ntlong e kgolo e e agilweng ka legong le tshipi mo godimo ga thota nngwe mo motseng o o gaufi le lewatle kwa Durban mo Afrika Borwa. Go fitlha kwa hekeng ya ntlo ya rona, re ne re tshwanetse go tlhatloga ditepisi di le 125 tse di simololang mo tseleng e kgolo mo mokgatšheng o o fa gaufi. Ditepisi tseo di ne di lebisa motho kwa tselaneng e khutshwane e e nang le ditlhatsana mo matlhakoreng e e neng e ya kwa hekeng ya tshipi. Ka fa letlhakoreng le lengwe la heke eno go ne go na le tempele ya ga mmèmogolo, e e neng e na le dinepe le ditshwantsho tse dintsi tsa medimo ya Sehindu. Nkoko o ne a mpolelela gore ke “ngwana wa tempele” (mandir kī baccā, ka Sehindu) le gore medimo e re neng re e obamela ke yone e thusitseng gore ke tsholwe. Go lebagana le tempele eno go ne go na le ditepisi tse di tshasitsweng poletšhe e khibidu, tse di neng di ya kwa kgorong e e kwa pele. Ntlo e ne e le kgolo, e na le phashiti e telele, ntlwana ya boapeelo e kgolo e e nang le setofo sa magala, dikamore di le supa le kamore e nngwe e e agilweng go bapa le ntlo. Batho botlhe ba ba neng ba nna mo ntlong eno ba ne ba le 27, go akaretsa le rremogolo le mmèmogolo, rre, bomonnawe rre ba le bararo, kgaitsadie le ba malapa a bone.

Ntlo ya lelapa la gaetsho

Go ne go se motlhofo go tlhokomela lelapa le legolo jalo ka dilo tse le di tlhokang. Mme go nna mmogo go ne go dira gore lelapa le nne seoposengwe e bile go ne ga nna le dilo tse dintsi tse di itumedisang tse re ka se di lebaleng. Dingwetsi tsotlhe tse nnè, go akaretsa le mmè e bong Gargee Devi, di ne di dira ditiro tsa lelapa. Di ne di refosana go apaya le go phepafatsa. Rremogolo e ne e le tlhogo ya ntlo mme o ne a reka dijo tsa lelapa lotlhe. Ka Laboraro mongwe le mongwe rremogolo le mmèmogolo ba ne ba ya kwa marekisetsong go ya go reka nama, maungo le merogo e e tla jewang beke yotlhe. Re ne re tle re nne mo moriting wa setlhare sa phaene gaufi le lotshitshi lo lo neng lo lebane le mokgatšha o o kwa tlase fa re ntse re letile gore ba boe kwa marekisetsong. Ka bonako fela fa re ba bona ba fologa mo beseng ka diroto tsa bone tse dikgolo, re ne re taboga re fologa ditepisi di le 125 gore re ba thuse go tlisa dilwana mo ntlong.

Gaufi le ditepisi di le 125

Mo tshingwaneng ya rona, go ne go na le setlhare se seleele sa mokolane se dinonyane tse di bidiwang di-mynah di neng di agile dintlhaga tsa tsone mo go sone. Re ne re a tle re di bone di fofafofa le go di utlwa fa di ntse di tswirinya. Mmèmogolo o ne a tle a nne mo ditepising tse di mo kgorong e e kwa pele a bo a re bolelela ditlhamane, a dira e kete o re tlhalosetsa se se kaiwang ke modumo wa dinonyane tseo tsa di-mynah. Go na le dilo tse dintsi tse di itumedisang tse ke di gopolang ka botshelo jo re neng re bo tshela mo ntlong eo! Re ne re tshega, re lela, re tshameka, re nyenya, re abelana dilo—re ne re itumelela go nna mmogo re le lelapa le le lengwe le legolo. Se se botlhokwa le go feta ke gore, teng mo ntlong eno re ne ra simolola go ithuta ka Mmopi wa rona Jehofa le Morwawe e bong Jesu Keresete.

Pele ga re ithuta ka Jehofa, kobamelo ya rona ya Sehindu e ne e akaretsa meetlo e mentsi ya letsatsi le letsatsi. Gape re ne re nna le dinako tse di rileng tsa go tshwara mekete e megolo, e mo go yone re neng re laletsa batho gore ba tle go obamela medimo le medimogadi e e farologaneng. Mo go mengwe ya mekete eo mmèmogolo o ne a nna mo maibing a bo a buisana le meya, mme fa go nna bosigogare, go ne go dirwa ditlhabelo tsa diphologolo go reba bogale jwa meya eno. Rremogolo le ene o ne a itsege thata mo setšhabeng ka go ntsha meneelo e mentsi gore go agiwe dikolo tsa batho botlhe le ditempele tsa Bahindu.

Kafa re Boneng Boammaaruri ka ga Jehofa ka Teng

Ka 1972, rremogolo o ne a lwala a bo a tlhokafala. Dikgwedi di le mmalwa moragonyana, mongwe wa borakgadi, e bong Indervathey yo gape a neng a bidiwa Jane, o ne a amogela dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mo Basuping ba babedi ba ga Jehofa. O ne a ikutlwa molato go bo a sa ba letla go tsena mo ntlong gore ba buisane le ene. Ka metlha re ne re koba Basupi. Mme mo lekgetlhong le le latelang fa ba re etetse, rakgadi o ne a ba kopa gore ba tsene mme a bua le bone ka bothata bongwe jwa lenyalo jo bo amanang le go nwa bobe ga ga rangwane. Baagelani le ba losika ba ne ba kgothaleditse rakgadi gore a akanyetse tlhalo. Basupi ba ne ba tlhalosa kafa Modimo a lebang lenyalo ka teng. (Mathaio 19:6) Rakgadi o ne a kgatlhiwa ke kgakololo ya Baebele le tsholofetso ya yone ya botshelo jo bo botoka jo bo tla nnang gone mo lefatsheng. * O ne a swetsa ka gore a se ka a tlogela rangwane mme a simolola go ithuta Baebele ka metlha le Basupi. Fa a ntse a ithuta mo phaposing ya bonno, dingwetsi tse dingwe di ne di reetsa puisano eo di le kwa diphaposing tsa tsone.

Kgabagare, dingwetsi tsotlhe le tsone di ne tsa tla go ithuta Baebele. Rakgadi Jane o ne a bolelela ba bangwe ka se a se ithutang mme gantsi o ne a re balela le go re tlhalosetsa dipolelo tsa buka ya Go Reetsa Morutisi yo Mogolo. * Fa borangwane ba lemoga gore borakgadi ba ithuta Baebele, ba ne ba simolola go re ganetsa. Mongwe wa borangwane o ne a tsaya dikgatiso tsa rona tsotlhe, go akaretsa le Baebele mme a di fisa. Ba ne ba re sotla ka mafoko le go re betsa ka gonne re ne re ya kwa dipokanong. Rre ke ene fela yo o neng a sa re tshware jalo; le ka motlha ga a ise a ko a re ganetse go ithuta ka ga Jehofa. Dingwetsi tsotlhe tse nnè di ne tsa nna di ya dipokanong mme lorato lo ba neng ba rata Jehofa Modimo ka lone lo ne lwa gola.

Ka 1974, rakgadi Jane o ne a kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme mmè le borakgadi ba bangwe ba ne ba latela. Fa nako e ntse e tsamaya, mmèmogolo o ne a tlogela meetlo ya gagwe ya bodumedi jwa Sehindu. Ke ne ka fetsa dingwaga di le dintsi ke ya dipokanong tsotlhe tsa Bokeresete le bone. Mme kwa kopanong e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa, Mosupi mongwe yo o bidiwang Shameela Rampersad, o ne a mpotsa a re, “O tla kolobediwa leng?” Ke ne ka re, “Nka se kolobediwe ka gonne ga go na ope yo o kileng a ithuta Baebele le nna.” O ne a ithaopela go ithuta le nna. Kwa kopanong e e latelang, ka December 16, 1977, ke ne ka kolobediwa. Kgabagare, mo bathong ba le 27 ba lelapa la gaetsho ba ba neng ba nna mmogo, ba le 18 ba ne ba kolobediwa. Mme ka nako ya fa ke ya go ariwa, rre e bong Sonny Deva e ne e sa ntse e le Mohindu.

“Lo se Ka Lwa Tlhobaela ka Sepe”

Mafoko a a mo go Bafilipi 4:6, 7 a ne a nthusa thata, segolobogolo fa ke se na go bolelelwa gore ke na le tlhagala e kgolo mo bobokong. Ditemana tseo tsa re: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” Go thata gore o se ka wa “tlhobaela ka sepe” segolobogolo fa o boleletswe gore o ka nna wa swa nako nngwe le nngwe. Kwa tshimologong, ke ne ka lela go tswa foo ka rapela Jehofa. Go tloga ka nako eo, ke ne ka nna le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.”

Go ne go ntse jaaka e kete Jehofa Modimo o ntshwere ka seatla sa moja e bile ke ne ke bona gore o nkaela ka dinako tsotlhe. (Isaia 41:13) O ne a nthusa gore ke tlhalosetse ba tsa kalafi ka bopelokgale kafa ke iketleeleditseng ka teng go ikobela taelo ya Baebele ya go ithiba mo mading. (Ditiro 15:28, 29) Ka ntlha ya seo, ngaka e e arang le moidibatsi ba ne ba dumela go nkara ntle le go ntshela madi. Moragonyana, ngaka e ne ya tlhalosa gore karo e tsamaile sentle le gore ba ntshitse tlhagala yotlhe. Gape o ne a mpolelela gore ga a ise a ko a bone molwetse a fola ka bonako jaana morago ga karo e kgolo jalo ya boboko.

Dibeke di le tharo morago ga foo, ke ne ka tshwarela mongwe thuto ya Baebele ke le mo bolaong. Kwa bofelong jwa beke ya bosupa, ke ne ka simolola go kgweetsa gape, ka dira tiro ya go rera, ka bo ka simolola gape go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka anaanela thuso ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba ba neng ba bereka le nna mo tirong ya go rera. Ba ne ba tlhomamisa gore le ka motlha ga ke tsamaye ke le nosi le gore ke boela gae ke sireletsegile. Ke akanya gore go reetsa dikgatiso tse di rekotilweng tsa Baebele le go tlhoma mogopolo mo dilong tsa semoya ke gone go nthusitseng gore ke fole ka bonako.

Gape ke ne ka itumelela go utlwa gore morago ga karo ya me, rre o ne a dumela go ithuta Baebele le Basupi. O ne a kolobediwa a na le dingwaga di le 73, mme gone jaanong o direla Jehofa ka matlhagatlhaga. Gone jaanong ba losika lwa rona ba ba fetang 40 ba obamela Jehofa mmogo le rona. Le fa leitlho la me la moja le sa bone sentle e bile logata lwa me lo kopantswe ka tshipi, ke lebile pele nako e ka yone Jehofa a tla dirang “dilo tsotlhe disha” mo lefatsheng le le tlang la Paradaise.—Tshenolo 21:3-5.

Ke na le monna wa me (kafa molemeng), morwadiake le batsadi ba me

Ke segofaditswe ka monna yo o lorato, yo e leng molebedi wa Mokeresete, le morwadiake yo montle e bong Clerista, yo o nkemang nokeng fa ke ntse ke rera ka nako e e tletseng. Jehofa Modimo o ntshegofaditse tota mo tirong e ke e dirang ya go rera. Go fitlha jaanong, ke kgonne go thusa batho ba le bantsi ba ke ithutang Baebele le bone gore ba bone kafa Lefoko la Modimo le ka nnang le maatla ka teng mo matshelong a bone. Gone jaanong ba le 30 ba bone ba ineetse mo Modimong e bile ba kolobeditswe.

Ka ntlha ya tsholofelo e ke nang le yone, ke lebile pele mo nakong e Jehofa Modimo a tla re gololang mo tsamaisong eno ya dilo e e utlwisang botlhoko mme a bo a re tsenya mo lefatsheng la paradaise.

^ ser. 12 Fa o batla go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe, bona kgaolo 3 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 13 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e tlhole e gatisiwa.