Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Tumelo ya Bone

“Mosadi yo o Molemo Thata”

“Mosadi yo o Molemo Thata”

RUTHE o khubame gaufi le mokoa wa matlhaka a barele a a a phuthileng mo letsatsing leo. Go ne go setse go nna lefifi mo masimong a Bethelehema mme badiri ba le bantsi ba ne ba lebile kwa kgorong e nnye ya motse e e kwa godimo gaufi le mmotwana ba tsamaya ka iketlo. Ruthe o tshwanetse a bo a lapile, ka gonne fa e sa le a semeletse go tloga mo mosong. Le fa go ntse jalo, o sa ntse a bereka le jaanong, o itaya matlhaka ka thobane e nnye gore ditlhaka di foforege. Tota le fa tiro e ne e le thata, o tlhotse sentle—go feta kafa a neng a ka akanya ka gone.

A jaanong dilo di ne di simolola go tsamaela motlholagadi yono yo mosha sentle? O ne a tsamaya le matsalaagwe e bong Naomi, a dira maikano a go nna le ene le go dira gore Modimo wa ga Naomi e bong Jehofa, e nne Modimo wa gagwe. Basadi bano ba babedi ba ba tlhokafaletsweng ke banna ba ne ba fuduga kwa Moabe ba tla mo Bethelehema, mme go ise go ye kae Ruthe wa Moabe o utlwa gore Molao wa ga Jehofa o diretse bahumanegi go akaretsa le batswakwa thulaganyo e e molemo le e e tlotlegang. * Jaanong o lemoga gore bangwe ba batho ba ga Jehofa ba ba neng ba tshela ka Molao e bile ba thapisitswe ka one ba ne ba le pelonomi mme seo se ne sa mo kgothatsa fela thata.

Mongwe wa batho bao e ne e le Boase, monna mongwe yo o humileng yo Ruthe a neng a ronopa kwa tshimong ya gagwe. Mme mo letsatsing leno Boase o ne a bontsha gore o amega ka ene jaaka rre a ka dira. O ne a itumela fa a gopola mafoko a bopelonomi a ga Boase fa a mo akgolela go bo a tlhokomela Naomi yo o tsofetseng le go bo a tlhophile go sirelediwa ke Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa.—Ruthe 2:11-13.

Le fa go ntse jalo, Ruthe o tshwanetse a bo a ne a tshwenyegile ka gore botshelo jwa gagwe bo tla nna jang mo isagweng. E re ka e ne e le motswakwa yo o humanegileng e bile a se na monna kgotsa ngwana, o ne a tla tlhokomela ene le Naomi jang mo dingwageng tse di neng di tla latela? A go ronopa go ne go tla bo go lekane? Mme ke mang yo o neng a tla mo tlhokomela fa a tsofala? Go a utlwala go bo a ne a ka tshwenyega ka dilo tseo. Le gompieno mo nakong ya mathata a tsa ikonomi, batho ba le bantsi ba tshwenyega ka dilo tse di ntseng jalo. Fa re ntse re ithuta kafa tumelo ya ga Ruthe e mo thusitseng ka gone go lebana le dikgwetlho tseo, re tla bona dilo di le dintsi tse re ka mo etsang mo go tsone.

Tota Lelapa ke Eng?

Ruthe o ne a dira ka natla gore a itlamele a bo a tlamele le Naomi

Fa Ruthe a sena go itaya ditlhaka le go di kokoanya, o ne a lemoga gore o ronopile mo e ka nnang selekanyo sa ifa kgotsa dilitara di le 22 tsa barele. Morwalo wa gagwe o ka tswa o ne o le boima jwa dikilogerama di ka nna 14! O a o tsholetsa, gongwe a o tsentse mo letseleng a bo a o rwala mo tlhogong, go tswa foo o ya kwa Bethelehema fa letsatsi le phirima.—Ruthe 2:17.

Naomi o ne a itumeletse go bona ngwetsi ya gagwe gongwe e bile a gakgametse fa a bona morwalo wa ga Ruthe o o boima wa barele. Gape Ruthe o ne a tla ka masalela a dijo tse Boase a neng a di naya badiri ba gagwe, mme boobabedi ba ja dijo tseo tse di motlhofo. Naomi o ne a mmotsa jaana: “O ne o ronopa kae gompieno, le gone o ne o dira kae? A yo o neng a go ela tlhoko a segofale.” (Ruthe 2:19) Naomi o ne a le kelotlhoko; o ne a lemoga ka morwalo wa ga Ruthe gore mongwe o ne a thusitse motlholagadi yono yo mosha e bile o ne a mmontshitse bopelonomi.

Boobabedi ba ne ba simolola go tlotla mme Ruthe a bolelela Naomi kafa Boase a nnileng pelonomi mo go ene ka gone. E re ka seo se ne sa ama Naomi fela thata, o ne a re: “A a segofadiwe ke Jehofa, yo o sa tlogelang go nna le bopelonomi jwa gagwe jwa lorato mo batsheding le mo baswing.” (Ruthe 2:19, 20) O ne a tsaya bopelonomi jwa ga Boase bo tswa kwa go Jehofa, yo o kgothaletsang batlhanka ba gagwe gore ba nne pelotshweu e bile a solofetsa gore o tla duela batho ba gagwe ka ntlha ya bopelonomi jo ba bo bontshang. *Diane 19:17.

Naomi o ne a rotloetsa Ruthe go dira se Boase a neng a se mmoleletse, fa a ne a re a ronope mo tshimong ya gagwe gaufi le basadi ba basha ba ntlo ya gagwe gore barobi ba se ka ba mo tshwara makgwakgwa. Ruthe o ne a dirisa kgakololo eo. Gape o ne a “tswelela a nna le matsalaagwe.” (Ruthe 2:22, 23) Mo mafokong ao gape re bona nngwe ya dinonofo tse di tlhomologileng tsa ga Ruthe—lorato lo lo ikanyegang. Sekao sa gagwe se re tlhotlheletsa gore re ipotse gore a re tlotla dikamano tsa rona tsa lelapa, re ema batho ba re ba ratang nokeng le gore a re a ba thusa fa go tlhokega. Jehofa o bona lorato lo lo ntseng jalo lo lo ikanyegang.

Ruthe le Naomi ba ne ba thusana e bile ba kgothatsana

A Naomi le Ruthe e ne e se lelapa? Mo ditsong dingwe go akanngwa gore mo lelapeng go tshwanetse ga nna le monna, mosadi, morwa, morwadi, mmèmogolo, rremogolo, jalo le jalo. Mme Naomi le Ruthe ba re gopotsa gore batlhanka ba ga Jehofa ba ka dira gore go nne le lorato le bopelonomi le fa lelapa le le lennye mme go se na maloko a go lebeletsweng gore a nne teng mo lelapeng. A o anaanela lelapa le o leng mo go lone? Jesu o ne a gopotsa balatedi ba gagwe gore phuthego ya Bokeresete e ka nna lelapa tota le mo bathong ba ba se nang lelapa.—Mareko 10:29, 30.

“Ke Mongwe wa Barekolodi ba Rona”

Go simolola ka nako ya thobo ya barele mo e ka nnang ka April go fitlha ka nako ya thobo ya korong mo e ka nnang ka June, Ruthe o ne a tswelela a ronopa kwa masimong a ga Boase. Ga go pelaelo gore fa dibeke di ntse di feta, Naomi o ne a akanya thata ka se a ka se direlang ngwetsi ya gagwe e a e ratang. Fa ba ne ba le kwa Moabe, Naomi o ne a tlhomamisegile gore ga a ka ke a thusa Ruthe go bona monna yo mongwe. (Ruthe 1:11-13) Le fa go ntse jalo, gone jaanong o simolola go akanya ka tsela e sele. O ne a raya Ruthe a re: “Morwadiaka, a ga ke a tshwanela go go batlela lefelo la boikhutso?” (Ruthe 3:1) Go ne go tlwaelegile mo motlheng oo gore batsadi ba batlele bana ba bone balekane e bile Ruthe o ne a itshupile gore ke morwadie Naomi tota. O ne a batlela Ruthe “lefelo la boikhutso”—tshireletso le pabalesego tse legae le go nna le monna di ka dirang gore motho a nne le tsone. Mme ke eng se Naomi a neng a ka se dira?

Fa Ruthe a bolelela Naomi ka ga Boase la ntlha, Naomi o ne a re: “Monna yono ke wa losika lwa rona. Ke mongwe wa barekolodi ba rona.” (Ruthe 2:20) Seo se ne se kaya eng? Molao wa Modimo o o neng o neilwe Baiseraele o ne o akaretsa go thusa ka lorato malapa a a humanegileng kgotsa a a lebanang le dinako tse di thata. Fa mosadi a ne a ka nna motlholagadi a ise a tshole ngwana, o ne a ka utlwisiwa botlhoko thata ke gore leina la monna wa gagwe le ne le tla nyelela mo dikokomaneng tse di neng di tla latela. Le fa go ntse jalo, Molao wa Modimo o ne o letla morwarraagwe moswi gore a nyale motlholagadi gore a mo tsholele moruaboswa yo o neng a ka tsweletsa leina la monna wa gagwe yo o tlhokafetseng le gore a tlhokomele dilo tsa lelapa. *Duteronome 25:5-7.

Naomi o ne a tlhalosa se a neng a ikaeletse go se dira gore a rulaganye lenyalo leo. Re ka akanya kafa mosadi yono yo mosha a neng a gakgametse ka gone fa matsalaagwe a ntse a bua. Go ka direga gore Ruthe o ne a ise a tlwaele Molao wa Baiseraele; e bile ga go pelaelo gore bontsi jwa dingwao tsa bone o ne a sa di tlhaloganye sentle. Le fa go le jalo, o ne a tlotla Naomi fela thata mo a neng a reetsa lefoko lengwe le lengwe le a neng a le bua. Se Naomi a neng a re Ruthe a se dire se ne se ka lebega se sa tlwaelega kgotsa se tlhabisa ditlhong—le e leng go diga seriti—le fa go ntse jalo, Ruthe o ne a dumela go dira jalo. O ne a bua jaana ka boikokobetso: “Sotlhe se o se mpolelelang ke tla se dira.”—Ruthe 3:5.

Ka dinako tse dingwe go thata gore basha ba reetse kgakololo ya batho ba bagolo le ba ba nang le maitemogelo. Go motlhofo go akanya gore batho ba ba godileng ga ba tlhaloganye dikgwetlho le mathata a basha ba lebanang le one. Sekao sa boikokobetso sa ga Ruthe se re gopotsa gore go reetsa botlhale jwa batho ba bagolo ba ba re ratang e bile ba re batlela se se molemo go ka re solegela molemo fela thata. Mme Naomi o ne a naya Ruthe kgakololo efe, le gone a tota Ruthe o ne a segofalediwa go reetsa kgakololo eo?

Ruthe Kwa Seboaneng

Mo maitseboeng ao, Ruthe o ne a ya kwa seboaneng—lebala le le sephaphathi e bile le le thata kwa balemi ba le bantsi ba neng ba photha le go fefera ditlhaka tsa bone. Gantsi lefelo leo le ne le le mo mofapheng kgotsa mo thoteng, kwa go neng go na le pheswana e e maatla maitseboa kgotsa ka lotlatlana. Gore badiri ba ntshe mmoko le matlhaka mo dijong tsa ditlhaka, ba ne ba dirisa diforoko tse ditona kgotsa digarawe gore ba di fefere mo phefong e e neng e tla dira gore mmoko o o motlhofo o phepheulege mme dijo tsa ditlhaka tse di bokete tsone di wele fa fatshe mo boalong.

Ruthe o ne a lebile ka kelotlhoko fa tiro eno e ntse e dirwa ka lotlatlana. Boase o ne a lebile fa dijo tsa gagwe tsa ditlhaka tse di feferilweng di nna mokoa. Fa a sena go ja dijo tse di monate, o ne a robala go ela kwa bofelong jwa mokoa oo. Ono e ka tswa e ne e le mokgwa o o neng o tlwaelegile, gongwe o dirwa go sireletsa dilo tse di tlhwatlhwakgolo tse di robilweng gore magodu le batlhasedi ba se ka ba di utswa. Ruthe o ne a bona fa Boase a rapama a thulamela. Jaanong e ne e le nako ya gore Ruthe a dire se Naomi a mo laetseng sone.

Ruthe o ne a atamela, pelo ya gagwe e ntse e iteela ka bonako. O ne a lemoga gore ruri Boase o robetse. Mme fela jaaka Naomi a ne a buile, o ne a ya kwa dinaong tsa gagwe a di bipolola a bo a rapama go bapa le tsone. Go tswa foo a leta. Nako e ne ya tsamaya. Ruthe a ka tswa a ne a bona e kete go tsaya lobaka. Kgabagare fa go nna bosigogare, Boase a simolola go itshikinya. E re ka a ne a sitwa o ne a leka go bipa dinao tsa gagwe. Mme o ne a utlwa gore go na le mongwe. Pego ya re: “Bonang! ga bo go na le mosadi a rapame fa dinaong tsa gagwe!”—Ruthe 3:8.

O ne a botsa jaana: “O mang?” Ruthe o ne a araba jaana, gongwe lentswe la gagwe le roroma: “Ke nna Ruthe lelata la gago, mme wena tsharololela ntlha ya seaparo sa gago mo godimo ga lelata la gago, ka gonne o morekolodi.” (Ruthe 3:9) Baranodi bangwe ba motlha wa gompieno ba akanya gore se Ruthe a neng a se dira le go se bua se bontsha go batla go tlhakanela dikobo, mme ba itlhokomolosa dintlha dingwe tse pedi. Sa ntlha, se Ruthe a neng a se dira se ne se tsamaisana le dingwao tsa motlha oo, tse bontsi jwa tsone di sa tlwaelegang gompieno. Ka jalo, go ne go tla bo go sa utlwale go bapisa se a neng a se dira le boitsholo jo bo sa siamang jwa gompieno. Sa bobedi, Boase o ne a araba ka tsela e e neng e bontsha sentle gore Ruthe o ne a na le boitsholo jo bo siameng e bile bo tlotlega.

Ruthe o ne a ya kwa go Boase ka maitlhomo a a siameng e bile a se pelotshetlha

Fa Boase a ne a bua le Ruthe, ga go pelaelo gore Ruthe o ne a kgothadiwa ke tsela e e bonolo e a neng a bua ka yone. O ne a re: “E kete Jehofa a ka go segofatsa, morwadiaka. O bontshitse bopelonomi jwa gago jwa lorato botoka mo lekgetlhong la bofelo go na le mo go la ntlha, ka go sa latele makawana e ka tswa e le a maemo a a kwa tlase kana a a humileng.” (Ruthe 3:10) ‘Lekgetlho la ntlha’ le kaya lorato lo lo ikanyegang lo Ruthe a neng a le bontsha Naomi ka go tsamaya le ene fa a ne a boela kwa Iseraele le go mo tlhokomela. ‘Lekgetlho la bofelo’ ke se a neng a se dira mo nakong eo. Boase o ne a lemoga gore mosadi yo mosha jaaka Ruthe o ne a ka batla go nyalwa ke monna yo mosha, a ka tswa a humile kgotsa a humanegile. Go na le moo, o ne a dira molemo e seng mo go Naomi fela mme le mo monneng yo o tlhokafetseng wa ga Naomi gore a tsweletse leina la monna yo o suleng mo nagagaeng ya gagabo. Ga go gakgamatse go bo Boase a ne a kgatlhiwa ke mosadi yono yo mosha yo o seng pelotshetlha.

Boase o ne a tswelela ka gore: “Mme jaanong, morwadiaka, o se ka wa boifa. Sengwe le sengwe se o se buang ke tla se go direla, ka gonne mongwe le mongwe mo motseng wa batho ba gaetsho o a lemoga gore o mosadi yo o molemo thata.” (Ruthe 3:11) O ne a lebile pele go nyala Ruthe; gongwe e bile o ne a sa gakgamala fa a ne a kopiwa gore a nne morekolodi. Le fa go ntse jalo, Boase e ne e le monna yo o siameng mme o ne a sa ikaelela go dira dilo fela gore a itsholegele molemo. O ne a bolelela Ruthe gore go ne go na le morekolodi yo a neng a amana thata le lelapa la monna yo o suleng wa ga Naomi; Boase o ne a tla bua le ene pele a bo a mo naya tshono ya gore a nyale Ruthe.

Boase o ne a bolelela Ruthe gore a robale mme a ikhutse go fitlha go nna phakela; mme o ne a ka boela gae a sa bonwe ke ope. O ne a sa batle go diga Ruthe seriti e bile o ne a sa batle go itiga seriti, ka gonne batho ba ne ba ka tsaya gore ba nnile le boitsholo jo bo sa siamang. Ruthe o ne a rapama gaufi le dinao tsa monna yono gape, gongwe jaanong a wetse dibete morago ga gore a mo arabe ka bopelonomi mo go se a neng a se kopa. Mme e rile go sa ntse go le lefitshwana, Boase a tlatsa seaparo sa ga Ruthe ka mpho ya bopelotshweu ya barele mme Ruthe a boela gae kwa Bethelehema.

Ruthe o tshwanetse a bo a ile a itumela tota fa a akanya ka se Boase a se buileng—gore o ne a itsege mo bathong botlhe e le “mosadi yo o molemo thata”! Ga go pelaelo gore go bo a ile a iketleeletsa go batla go itse Jehofa le go mo direla ke gone go dirileng gore a itsege ka tsela eo. Gape o ne a bontsha Naomi le batho ba gagabo bopelonomi le gore o tshwenyega ka dilo tse ba di tlhokang, a tshela ka melao le dingwao tse a neng a sa di tlwaela. Fa re etsa tumelo ya ga Ruthe, re tla tlotla batho ba bangwe, melao ya bone le dingwao tsa bone fela thata. Fa re dira jalo, le rona re ka itsege ka tsela e e molemo.

Go Batlela Ruthe Lefelo la Boikhutso

Fa Ruthe a goroga, Naomi o mmotsa jaana: “O mang morwadiaka?” Gongwe o ne a botsa jalo ka gonne a ne a sa bone sentle ka ntlha ya lefifi, mme Naomi gape o ne a batla go itse gore a Ruthe o ne a sa ntse a tla nna motlholagadi kgotsa o ne a tla nyalwa. Ka bonako fela Ruthe o ne a bolelela matsalaagwe se se diragetseng magareng ga gagwe le Boase. Gape o ne a mmontsha mpho ya bopelotshweu e Boase a neng a re a e neye Naomi. *Ruthe 3:16, 17.

Ka botlhale, Naomi o kgothaletsa Ruthe gore a nne mo lapeng ka letsatsi leo, a se ka a ya go ronopa kwa masimong. O tlhomamisetsa Ruthe jaana: “Monna yono ga a ne a ikhutsa fa a sa fetsa kgang eno gompieno.”—Ruthe 3:18.

Naomi o ne a nepile ka se a neng a se bua ka Boase. O ne a ya kwa kgorong ya motse kwa bagolwane ba motse ba neng ba kopana gone mme a leta gore monna mongwe wa losika a fete. Boase a le fa pele ga basupi, o ne a naya monna yoo tshono ya go nna morekolodi ka go nyala Ruthe. Le fa go ntse jalo, monna yoo o ne a gana a re go dira jalo go tla senya boswa jwa gagwe. Ka jalo, fa pele ga basupi ba kwa kgorong ya motse, Boase o ne a re o tla nna morekolodi ka go reka tshimo ya ga Elimeleke, monna yo o tlhokafetseng wa ga Naomi le ka go nyala Ruthe yo monna wa gagwe e bong Mahelone, morwa Elimeleke a neng a tlhokafetse. Boase o ne a re o solofela gore ka go dira jalo o ne a tla ‘tsosa leina la monna yo o suleng mo bosweng jwa gagwe.’ (Ruthe 4:1-10) Ruri Boase e ne e le monna yo o siameng le yo o seng pelotshetlha.

Boase o ne a nyala Ruthe. Go tswa foo re bala jaana: “Jehofa a dira gore a ithwale mme a tshola ngwana wa mosimane.” Basadi ba Bethelehema ba ne ba baka Naomi ba bo ba akgolela Ruthe go bo a le botoka mo go Naomi go na le barwa ba le supa. Moragonyana, morwa Ruthe o ne a nna mogologolwane wa ga Kgosi Dafide yo o maatla. (Ruthe 4:11-22) Mme Dafide ene o ne a nna mogologolwane wa ga Jesu Keresete.—Mathaio 1:1. *

Jehofa o ne a segofatsa Ruthe ka go mo naya tshiamelo ya go nna mogologolwane wa ga Mesia

Ruri Ruthe o ne a segofaditswe fela jaaka Naomi yo o neng a thusa go godisa ngwana jaaka e kete ke wa gagwe. Matshelo a basadi bano ba babedi a nna a re gopotsa gore Jehofa Modimo o bona botlhe ba ka boikokobetso ba dirang ka natla go tlhokomela ba malapa a bone le go mo direla ka boikanyegi mmogo le batho ba gagwe ba a ba tlhophileng. O segofatsa batho ba ba ikanyegang ba ba itiretseng leina le le molemo le ene fela jaaka Ruthe.

^ ser. 4 Bona setlhogo se se reng “Etsa Tumelo ya Bone—‘Kwa o Yang Gone ke Tla ya Gone,’” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 1, 2012.

^ ser. 10 Jaaka Naomi a etse tlhoko, bopelonomi jwa ga Jehofa ga bo bontshiwe batshedi fela; bo bontshiwa le baswi tota. Naomi o ne a tlhokafaletswe ke monna le bomorwawe ba babedi. Ruthe o ne a tlhokafaletswe ke monna. Ga go pelaelo gore basadi bano ba babedi ba ne ba amega ka banna bao ba bararo. Tota bopelonomi jo bo neng jwa bontshiwa Naomi le Ruthe, bo ne bo bontshiwa banna bao ba ba neng ba ka rata gore basadi bano ba ba rategang ba tlhokomelwe.

^ ser. 15 Tshwanelo ya go nyala motlholagadi yo o ntseng jalo e ne e newa morwarraa monna yo o tlhokafetseng pele, morago ga moo e ne e ka newa monna mongwe wa losika yo o leng gaufi thata le ene, jaaka eo e ne e le tshwanelo ya go rua boswa.—Dipalo 27:5-11.

^ ser. 28 Boase o ne a neile Ruthe dilekanyo di le thararo tsa barele tse go sa buiwang gore di ne di le boima jo bo kana kang—gongwe go supa gore fela jaaka morago ga malatsi a le thataro e ne e le boikhutso jwa Sabata, malatsi a ga Ruthe a go dira ka natla go ise go ye kae a ne a tla latelwa ke “boikhutso” jo go nna le legae le monna go neng go tla mo naya jone. Ka fa letlhakoreng le lengwe—gongwe digarawe tse di tletseng—e ne e le sone fela se Ruthe a neng a ka kgona go se tshwara.

^ ser. 31 Ruthe ke mongwe wa basadi ba le banè ba ba leng mo lenaaneng la Baebele la losika lwa ga Jesu. Yo mongwe ke Rahabe yo e neng e le mmaagwe Boase. (Mathaio 1:3, 5, 6) Fela jaaka Ruthe, e ne e se Moiseraele.