Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsa Basha

Ikele Tlhoko Gore O se Ka wa Rata Maemo!

Ikele Tlhoko Gore O se Ka wa Rata Maemo!

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o le mmogedi yo o lebileng se se diregang. Bona ditiragalo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego eno e nne le botshelo.

Batsayakarolo ba konokono: Dafide, Abesalome, Joabe

Tshobokanyo: Abesalome o leka go gapa puso ya ga rraagwe.

AKANYA KA KELOTLHOKO KA DITIRAGALO TSENO.—BALA 2 SAMUELE 14:25-33; 15:1-17; 18:9-17, 30-33.

Tlhalosa tsela e o akanyang gore Abesalome o lebega ka yone. (Bala gape 2 Samuele 14:25, 26.)

O akanya gore Abesalome o ne a itshwara jang le gore segalo sa lentswe la gagwe se ne se utlwala jang fa a ne a leka go gapa dipelo tsa batho ba ba neng ba tla kwa kgosing gore ba direlwe tshiamiso? (Bala gape 2 Samuele 15:2-6.)

Ke eng se o se lemogang ka botho jwa ga Abesalome mo tiragalong e e mo go 2 Samuele 14:28-30?

DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

Abesalome o ne a dira eng gore a ikgapele bogosi? (Ntlha e e ka thusang: Bala 2 Samuele 13:28, 29. Amenone e ne e le morwa wa leitibolo wa ga Dafide ka jalo ke ene yo o neng a tshwanetse go nna mo setulong sa bogosi.)

Le fa Abesalome a ne a rata maemo e bile a ile a leka go ipatlela kgalalelo, tsela e a neng a fitlhwa ka yone e bontsha eng malebana le kafa batho ba neng ba mo leba ka gone? (Bala gape 2 Samuele 18:17.)

O akanya gore ke eng se se ka tswang se ile sa dira gore Abesalome a simolole go rata maemo? (Go dira papiso, bala se se tlhalosiwang ka ga Dioterefese mo go 3 Johane 9, 10.)

Se Abesalome a se dirileng se ne sa ama Dafide jang? (Ntlha e e ka thusang: Bala Pesalema 3, e e kwadilweng ke Dafide ka nako ya fa Abesalome a ne a mo tsogologela.)

DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Kotsi ya go rata maemo.

Kutlobotlhoko e motho a ka e bakelang batho ba bangwe, go akaretsa le batsadi ba gagwe, ka dilo tse a di dirang.

DINTLHA TSE DINGWE TSE O KA DI DIRISANG.

O ka wela jang mo kotsing ya go rata maemo?

O ka tila jang go nna mabela?

KE DINTLHA DIFE MO PEGONG ENO TSE O DI RATILENG THATA, MME KA NTLHA YANG?

Kakantsho: Akanya pego eno e felela ka tsela e nngwe. Go ka bo go diragetseng fa Abesalome a ka bo a ikokobeditse go na le gore a rate maemo?—Diane 18:12.