Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgang ya Botshelo

Re Nnile Ditsala Dingwaga di le 60

Re Nnile Ditsala Dingwaga di le 60

Mo maitseboeng mangwe ka 1951 go le selemo, makawana a le manè, a a leng mo masimologong a dingwaga tsa bo20, a ne a eme mo difounong tse di bapileng tsa batho botlhe kwa Ithaca, New York, kwa U.S.A., a itumetse, a founela kwa Michigan, Iowa, le California. Ba ne ba na le dikgang tse di monate go di itsise ba bangwe!

KA FEBRUARY, babulatsela ba le 122 ba ne ba goroga kwa South Lansing, New York, go nna gone mo tlelaseng ya bo17 ya Sekolo sa Gileade. Mo bathong ba e neng e tla nna barongwa, go ne go na le Lowell Turner, William (Bill) Kasten, Richard Kelsey le Ramon Templeton. Go ise go ye kae Lowell le Bill, ba ba tswang kwa Michigan, Richard yo o tswang kwa Iowa le Ramon yo o tswang kwa California ba ne ba nna ditsala tse dikgolo.

Kwa molemeng go ya kwa mojeng: Richard, Lowell, Ramon, le Bill ba ne ba nna ditsala kwa Gileade

Dikgwedi di ka nna tlhano moragonyana, mongwe le mongwe o ne a itumetse tota fa go itsisiwe gore Mokaulengwe Nathan Knorr yo o tswang kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe o tla tla go bua le baithuti. Bakaulengwe bano ba banè ba ne ba kopile gore fa go kgonega ba direle mmogo kwa nageng e le nngwe. A jaanong ba ne ba tla bolelelwa gore ba tla direla kwa nageng efe e le barongwa? Ee, ruri!

Ba ne ba swegaswega pelo fa Mokaulengwe Knorr a simolola go bua le tlelase yotlhe a itsise mongwe le mongwe kabelo ya gagwe ya kwa nageng e sele. Batho ba ntlha ba ba neng ba bilediwa kwa seraleng e ne e le makawana ao a manè a a neng a tshogile mme gone a itumeletse go itse gore kgabagare a tla nna mmogo! Le fa go ntse jalo a ne a tla ya kae? Batho ba ba neng ba tsena tlelase le bone ba ne ba gakgametse, ba ne ba opa diatla fa go itsisiwe gore ba tla ya go direla kwa Jeremane.

Basupi ba ga Jehofa lefatshe lotlhe ba ne ba kgatlhiwa ke pego ya go ikanyega ga Basupi kwa Jeremane go simolola ka 1933 mo pusong ya ga Hitler go ya pele. Baithuti ba le bantsi ba ne ba gakologelwa kafa ba ileng ba rulaganya ka gone diaparo le dibokose tse di tswang kwa mokgatlhong wa CARE (Cooperative for American Remittances to Europe [mokgatlho o o abang dilwana tse di tla dirisiwang ke bafalodi ba Ntwa ya Lefatshe ya II]) tse di neng di tla romelwa kwa bakaulengweng ba kwa Yuropa morago ga Ntwa ya Lefatshe ya II. Batho ba Modimo kwa Jeremane ba ile ba tlhoma sekao se se tlhomologileng sa go nna le tumelo, maikemisetso, bopelokgale le go ikanya Jehofa. Lowell o gopola gore o ne a akanya jaana: ‘Jaanong re tlile go itse sentle bakaulengwe bano ba rona le bokgaitsadi ba ba ba rategang.’ Ga go gakgamatse go bo batho botlhe ba ne ba itumetse thata jaana le go bo ba ne ba batla go leletsa ba malapa a bone le ditsala megala mo maitseboeng ao!

MO TSELENG GO YA KWA JEREMANE

Ramon o ruta mo tlelaseng ya Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi

Ka July 27, 1951, sekepe sa Homeland se ne sa tloga kwa boemakepe jo bo kwa Nokeng ya East, kwa New York mme ditsala tseno tse nnè di ne di le mo loetong lwa malatsi a le 11 go ya kwa Jeremane. Mokaulengwe Albert Schroeder, yo e neng e le mongwe wa batlhatlheledi ba bone kwa Gileade mme moragonyana e ne ya nna leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a ba rutile dipolelwana di se kae tsa Sejeremane. Jaanong e re ka ba ne ba na le bapalami mmogo le bone ba le mmalwa ba ba neng ba bua Sejeremane, gongwe ba ne ba ka ithuta ka mo go oketsegileng. Mme go bonala bapalami bao ba ne ba bua Sejeremane ka ditsela tse di farologaneng tsa kwa ba goletseng teng. Ruri go ne go tlhakanya tlhogo!

Mo mosong wa Labobedi ka August 7, morago ga go itshokela go nna ba feroga sebete mo sekepeng, kgabagare bakaulengwe ba ne ba goroga kwa Hamburg kwa Jeremane. Gongwe le gongwe kwa ba neng ba tsamaya gone ba ne ba bona tshenyo e e bakilweng ke ntwa e e neng e khutlile dingwaga di le thataro pele ga foo. Ba ne ba utlwisitswe botlhoko ke se ba neng ba se bona mme ba ne ba tsaya loeto ka terena ba ya kwa Wiesbaden, kwa ofisi ya lekala e neng e le gone.

Richard o dirisa motšhine wa Addressograph kwa Bethele e e kwa Wiesbaden

Mo mosong wa Laboraro ba ne ba kopana le Mosupi mongwe wa Mojeremane—yo o neng a na le leina le le tlwaelegileng la Sejeremane! Hans o ne a ba tsaya kwa seteisheneng sa terena a ba isa kwa Bethele, mme o ne a ba tlogela le kgaitsadi mongwe yo o godileng yo o neng a sa bue Seesemane gotlhelele. Le fa go ntse jalo, go bonala a ne a akanya gore bothata jwa go sa bue puo e e tshwanang bo ka baakanngwa ka go buela kwa godimo. Mme gone, le fa a ile a nna a oketsa modumo wa lentswe, ene le bakaulengwe bao ba banè ba ne ba nna ba sa tlhaloganyane. Kgabagare Mokaulengwe Erich Frost yo e neng e le motlhanka wa lekala, o ne a tla go ba dumedisa ka Seesemane. Dilo di ne tsa tokafala.

Go ela kwa bofelong jwa August, bakaulengwe bano ba banè ba ne ba nna gone mo kopanong ya bone ya ntlha ya Sejeremane ya “Kobamelo e e Phepa” kwa Frankfurt am Main. Tlhagafalo e bakaulengwe bano ba neng ba na le yone ya go nna barongwa le keletso ya go rera e ne ya oketsega fa ba bona tlhora ya batlakopanong ba le 47 432 le go kolobediwa ga batho ba le 2 373. Le fa go ntse jalo, malatsi a le mmalwa morago ga foo, Mokaulengwe Knorr o ne a ba bolelela gore ba ne ba abetswe go direla kwa Bethele.

Boitumelo jo ba nnileng le jone mo dikabelong tsa bone, bo ne jwa ba tlhatswa pelo tota gore ka metlha Jehofa o itse se se molemolemo

E re ka Ramon a ne a rata tiro ya borongwa, o ne a kile a gana go ya go direla kwa Bethele kwa United States. Richard le Bill bone ba ne ba ise ba akanyetse go direla kwa Bethele. Mme boitumelo jo ba nnileng le jone moragonyana mo dikabelong tsa bone, bo ne jwa ba tlhatswa pelo tota gore ka metlha Jehofa o itse se se molemolemo. Ka jalo, ruri go botlhale go letla Jehofa a re kaela go na le go itirela maratwaepelo! Yo o ithutileng thuto eno o tla itumelela go direla Jehofa gongwe le gongwe a dira kabelo nngwe le nngwe e a e neilweng.

VERBOTEN!

Batho ba le bantsi kwa lelapeng la Bethele ya kwa Jeremane ba ne ba itumeletse go nna le Baamerika ba ba neng ba tla ithuta go bua Seesemane le bone. Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe mo phaposing ya bojelo, toro ya bone e ne ya fedisiwa ka tshoganyetso. Mokaulengwe Frost yo gantsi a neng a bua ka matlhagatlhaga, o ne a simolola go bua Sejeremane a bua sengwe se go neng go lebega se le masisi thata. Bontsi jwa batho ba ne ba didimala, ba tlhomile matlho mo dijong. Le fa bakaulengwe bano ba ne ba sa kgone go tlhaloganya se se neng se buiwa, ka bonya ka bonya ba ne ba simolola go lemoga gore se se neng se buiwa se ne se amana le bone. Ka jalo, fa Mokaulengwe Frost a ne a buela kwa godimo a galefile a re, “VERBOTEN!” (“Ga go a letlelelwa!”) mme a boeletsa mafoko ao ka lentswe le le kwa godimo e le go gatelela, ba ne ba sa nnisege. Ke eng se ba se dirileng se se bakileng kgalefo eo?

Mokaulengwe Frost (ka fa mojeng) le ba bangwe ka nako ya ketelo ya ga Mokaulengwe Knorr (ka fa molemeng)

Fa ba fetsa go ja, botlhe ba ne ba itlhaganelela kwa diphaposing tsa bone. Moragonyana mokaulengwe mongwe o ne a tlhalosa jaana: “E le gore lo kgone go re thusa, lo tshwanetse go bua Sejeremane. Ke gone ka moo, Mokaulengwe Frost a ileng a bua gore go fitlhela lo ithuta puo eno, go bua Seesemane le lona ga go a letlelelwa.”

Lelapa la Bethele le ne la ikobela taelo eo ka bonako. Seno se ne sa thusa bakaulengwe bano ba banè go ithuta Sejeremane le go ithuta gore kgakololo e ba e newang ke mokaulengwe yo o lorato, gantsi e molemo, tota le fa kwa tshimologong go se motlhofo go e dirisa. Kgakololo ya ga Mokaulengwe Frost e ne e bontsha gore o kgatlhegela botswelopele jwa phuthego ya ga Jehofa le tsela e a ratang bakaulengwe ba gagwe ka yone. * Ga go gakgamatse gore bonè jono bo ne jwa mo rata fa nako e ntse e tsamaya!

GO ITHUTA MO DITSALENG TSA RONA

Kwa maikhutsong kwa Switzerland ka 1952

Re ka ithuta thuto e e molemo mo ditsaleng tse di boifang Modimo mme seo se ka re thusa go nna ditsala tsa ga Jehofa tse di botoka. Bakaulengwe bano ba banè ba ithutile go le gontsi mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba ba ikanyegang ba kwa Jeremane—ba bantsi gore re ka ba umaka ka maina—mme gape ba ithutile mo go bone ka bobone. Richard a re: “Lowell o ne a ithutile Sejeremane mme o ne a dira sentle mo go sone, le fa go ntse jalo rona rotlhe re ne re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re se itse. E re ka e ne e le ene yo mogolo mo setlhopheng sa rona, ke ene yo re neng re ya kwa go ene fa re na le bothata ka puo eo e bile o ne a re etelela pele.” Ramon ene o gakologelwa jaana: “Ruri ke ne ke itumetse fa mokaulengwe mongwe wa kwa Switzerland a ne a re naya lefelo la bonno kwa ntlong ya gagwe kwa Switzerland gore re ye go ikhutsa gone, morago ga ngwaga re le kwa Jeremane! Re ne re tla nna dibeke tse pedi koo re se na bothata jwa go bua Sejeremane! Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa itse se Lowell a neng a tla se dira. O ne a re pateletsa gore re bale re bo re tlotle ka temana ya letsatsi moso mongwe le mongwe—ka Sejeremane! Mme ga a ka a fetola tshwetso eo. Mme gone re ne ra ithuta thuto e e botlhokwa. Latela kaelo ya ba ba go batlelang se se molemo, tota le fa ka dinako dingwe o sa dumalane le se ba se buang. Boikutlo jono bo re solegetse molemo fa dingwaga di ntse di ya mme bo re thusitse gore re kgone go ikobela taelo ya puso ya Modimo.”

Gape ditsala tseno tse nnè di ne tsa ithuta go anaanela dinonofo tse mongwe le mongwe a neng a na le tsone, fela jaaka Bafilipi 2:3 e re: “Ka mogopolo o o ikokobeditseng . . . [tsayang] ba bangwe ba le kwa godimo ga lona.” Ka jalo, gantsi ba bangwe ba ne ba kopa Bill gore a dire ditiro dingwe tse bone ba neng ba dumalana gore a ka kgona go di dira botoka go ba gaisa. Lowell a re: “Fa go ne go tlhokega gore go tsewe dikgato tse di masisi kgotsa tse di sa itumediseng gore go rarabololwe dikgwetlho dingwe, re ne re bolelela Bill. O ne a na le tsela e e botlhale ya go rarabolola dilo tse di sa itumeditseng ka tsela e rotlhe re neng re dumalana gore re tshwanetse go dira ka yone mme gone re se na bopelokgale kgotsa bokgoni jwa go dira jalo.”

MANYALO A A ITUMETSENG

Makawana ano otlhe a le manè a ne a dira tshwetso ya go nyala. Botsala jwa bone bo ne bo theilwe mo loratong lo ba neng ba rata Jehofa ka lone le tirelo ya nako e e tletseng, ka jalo ba ne ba ikemiseditse go batla balekane ba ba iketleeleditseng go baya Jehofa kwa pele mo matshelong a bone. Tirelo ya nako e e tletseng e ne e ba rutile gore go aba go molemo go na le go amogela le gore dilo tse di direlwang Bogosi di tshwanetse go tla pele ga dilo tse motho a di ratang. Ka jalo, ba ne ba tlhopha bokgaitsadi ba ka bobone ba neng ba setse ba tsenetse tirelo ya nako e e tletseng. Seo se ne sa felela ka manyalo a manè a a itumetseng le a a nonofileng.

Gore lenyalo kgotsa botsala bo nonofe, Jehofa o tshwanetse go nna mo kamanong eo. (Mor. 4:12) Tota le fa moragonyana Bill le Ramon ba ile ba tlhokafalelwa ke balekane, boobabedi ba ne ba itumeletse tsela e basadi ba bone ba ba ikanyegang ba neng ba ba ema nokeng ka yone. Lowell le Richard ba tswelela ba na le kemonokeng ya basadi ba bone, mme Bill yo o neng a nyala gape, o ne a tlhopha mosadi ka botlhale gore a kgone go tswelela a le mo tirelong ya nako e e tletseng.

Fa dingwaga di ntse di ya, dikabelo tsa bone di ne tsa dira gore ba ye kwa mafelong a a farologaneng—kwa Jeremane, Austria, Luxembourg, Canada, le kwa United States. Ka ntlha ya seo, ditsala tseo tse nnè di ne di sa kgone go fetsa nako e ntsi mmogo jaaka di ne di ka rata. Mme gone, le fa ba ne ba le kgakala mongwe go yo mongwe, ka metlha ba ne ba golagana, ba ipela le yo mongwe fa a segofaditswe mme ba lela mmogo fa ba wetswe ke masetlapelo. (Bar. 12:15) Ditsala tse di tshwanang le tseo di tshwanetse go tsewa di le botlhokwa mme le ka motlha ga di a tshwanelwa go tseelwa kwa tlase. Ke dimpho tse di molemo tse di tswang kwa go Jehofa. (Dia. 17:17) Mo lefatsheng gompieno, go thata go bona ditsala tsa mmatota. Mme gone, Mokeresete mongwe le mongwe wa boammaaruri a ka nna le ditsala di le dintsi. E re ka re le Basupi ba ga Jehofa, re itumelela botsala le badumedimmogo le rona ba lefatshe lotlhe, mme mo godimo ga moo, re itumelela botsala le Jehofa Modimo le Jesu Keresete.

Ditsala tseno tse nnè di ile tsa nna le mathata mangwe mo matshelong a tsone, fela jaaka mongwe le mongwe wa rona—e ka tswa e le ka ntlha ya kutlobotlhoko ya go latlhegelwa ke molekane, kgatelelo ya maikutlo ka ntlha ya go itshokela bolwetse jo bo masisi, go amega ka go tlhokomela batsadi ba ba godileng, mathata a go godisa ngwana o le mo tirelong ya nako e e tletseng, letshogo le o nnang le lone fa o newa dikabelo tse disha tsa puso ya Modimo mme jaanong, mathata a a ntseng a oketsega a botsofe. Le fa go ntse jalo, gape ba a itse gore ditsala—tse di gaufi le tse di kgakala—di thusa batho ba ba ratang Jehofa go lebana le kgwetlho nngwe le nngwe ka katlego.

DITSALA TSE DI NANG LE TSHOLOFELO YA BOTSHELO JO BO SA KHUTLENG

Ruri go a itumedisa gore makawana ano a ne a ineela mo go Jehofa a sa ntse a le masha, Lowell a le dingwaga di le 18, Ramon di le 12, Bill di le 11, Richard ene di le 10 mme fa ba le magareng ga dingwaga di le 17 le 21, botlhe ba ne ba tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Ba ne ba dira se Moreri 12:1, e neng ya ba kgothaletsa gore ba se dire: “Jaanong, gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago.”

Fa o le lekawana la Mokeresete, fa go kgonega amogela taletso ya ga Jehofa ya go tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Mme bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo bo ka go thusa gore o nne le boipelo—fela jaaka ditsala tseno tse nnè—jwa go direla mo tirong ya potologo, ya kgaolo kgotsa ya go etela makala; kgotsa go direla kwa Bethele go akaretsa le mo Dikomiting tsa Makala; go nna motlhatlheledi mo Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi kgotsa sa Tirelo ya Bobulatsela; le go neela dipuo kwa dikopanong tse dikgolo le tse dinnye. A bo ditsala tseno tse nnè di ile tsa itumela jang ne go bo batho ba le diketekete ba ile ba solegelwa molemo ke tiro ya bone! Seno sotlhe se ile sa kgonega ka gonne fa e ne e le makawana ba ne ba amogela taletso e e lorato ya ga Jehofa ya go mo direla ka moya otlhe.—Bakol. 3:23.

Kwa molemeng go ya kwa mojeng: Richard, Bill, Lowell, le Ramon ba kopane kwa Selters fa go neelwa dikago tse disha tsa lekala ka 1984

Gompieno, Lowell, Richard, le Ramon ba direla gape mmogo kwa ofising ya lekala e jaanong e leng kwa Selters kwa Jeremane. Ka maswabi, Bill o tlhokafetse ka 2010 a ntse a direla e le mmulatsela yo o kgethegileng kwa United States. Loso lo ne lwa fedisa botsala jo bakaulengwe bano ba banè ba nnileng le jone dingwaga di ka nna 60! Lefa go ntse jalo, Modimo wa rona e bong Jehofa ga a ke a lebala ditsala tsa gagwe. Re ka tlhomamisega gore mo pusong ya Bogosi jwa gagwe, botsala jwa Mokeresete mongwe le mongwe jo bo sentsweng ke loso ka nakwana bo tla nna gone gape.

“Mo dingwageng tsotlhe di le 60 tsa botsala jwa rona, ga ke gopole nako epe fela e e sa itumediseng e re nnileng le yone”

Pele fela ga Bill a tlhokafala o ne a kwala jaana: “Mo dingwageng tsotlhe di le 60 tsa botsala jwa rona, ga ke gopole nako epe fela e e sa itumediseng e re nnileng le yone. Ka metlha, kamano ya rona e nnile sengwe se se kgethegileng thata mo go nna.” Mme ditsala tsa gagwe di le tharo, di na le tsholofelo ya gore botsala jwa bone bo tla tswelela mo lefatsheng le lesha, di ne tsa oketsa seo ka mafoko a a reng, “Mme botsala joo bo tla tswelela ka bosakhutleng.”

^ ser. 17 Kgang e e itumedisang ya ga Mokaulengwe Frost e ne ya gatisiwa mo go Tora ya Tebelo ya April 15, 1961, tsebe 244-249, (ka Seesemane).