Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

MOSADI mongwe yo mosha yo o neng a sa kgatlhegele go itse Modimo e bile a na le tiro ya maemo a a kwa godimo o ne a bona jang boikaelelo jwa mmatota mo botshelong? Ke eng se lekawana lengwe la Mokatoliki le ileng la se ithuta ka loso se se ileng sa dira gore le fetole botshelo jwa lone? Mme lekawana lengwe le le neng la kgobiwa marapo ke botshelo le ile la ithuta eng ka Modimo se se ileng sa mo tlhotlheletsa gore a nne modiredi wa Mokeresete? Bala se batho bano ba se buang.

“Ga ke Bolo go Ipotsa Gore ‘Ke Eng Fa re Le Mono?’”—ROSALIND JOHN

  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1963

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO ONE: BORITANE

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A NA LE TIRO YA MAEMO A A KWA GODIMO

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke tsholetswe kwa Croydon, kwa Borwa jwa Lontone, ke le ngwana wa borataro mo go ba le robongwe. Batsadi ba me ba ne ba tswa kwa setlhaketlhakeng sa Caribbean sa St. Vincent. Mmè o ne a tsena kereke ya Wesele. Ke ne ke sa kgatlhegele go ithuta ka Modimo le fa gone ke ne ke batla go nna le kitso. Ka malatsi a boikhutso a sekolo ke ne ke fetsa nako kwa letsheng ke bala dibuka tse dintsi tse ke neng ke di adimile kwa laeboraring.

Dingwaga di le mmalwa morago ga go fetsa sekolo ke ne ka lemoga gore ke ne ke batla go thusa batho ba ba sotlegang. Ke ne ka simolola go thusa batho ba ba se nang magae le ba ba bokoa mo mmeleng le ba ba nang le mathata a go ithuta. Go tswa foo, ke ne ka dira khoso ya health sciences kwa yunibesithing. Fa ke sena go aloga, ke ne ka itumelela go bona ditiro tsa maemo a a kwa godimo ka go latelana ke sa lebelela mme ka simolola go tshela botshelo jwa manobonobo. E re ka ke ne ke ipereka ke le mogakolodi wa tsa kgwebo e bile ke le mmatlisisi wa botshelo jwa batho, se ke neng ke se tlhoka fela e ne e le khomputara ya me ya laptop le gore ke kgone go dirisa Internet. Ke ne ke a tle ke tsamaye ka sefofane dibeke di le mmalwa ke ya moseja, ke robala mo hoteleng e ke e ratang thata, ke itumelela bontle jwa lefelo la teng e bile ke dirisa lefelo la go itshidila le la go ikatisa gore ke nne ke itekanetse. Ke ne ke akanya gore tota ke itumelela botshelo. Mme ga ke ise ke tsamaye ke tlogele go tshwenyega ka batho ba ba tlhokang thuso.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Ga ke bolo go ipotsa gore ‘Ke eng fa re le mono le gore boikaelelo jwa botshelo ke eng?’ Mme ga ke ise ke ko ke batle dikarabo mo Baebeleng. Letsatsi lengwe ka 1999, nnake e bong Margaret, yo o neng a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a nketela le tsala ya gagwe yo e leng Mosupi, e e ileng ya nna botsalano mo go nna. Ke ne ka dumela go ithuta Baebele le tsala ya ga nnake mme ke ne ka gatela pele ka bonya ka gonne tiro ya me le tsela e ke neng ke tshela ka yone e ne e ntseela nako e ntsi.

Ka paka ya selemo ka 2002 ke ne ka fudugela kwa borwabophirima jwa Engelane. Fa ke le koo, ke ne ka dira khoso ya dipatlisiso ka batho fa ke sena go bona dikirii kwa yunibesithing ka boikaelelo jwa gore ke bone dikirii ya doctorate. Ke ne ka simolola go ya Holong ya Bogosi ka metlha le morwaake yo mmotlana. Le fa ke ne ke rata thuto ya maemo a a kwa godimo, go ithuta ga me Baebele go ile ga dira gore ke tlhaloganye mathata a botshelo botoka le kafa nka a rarabololang ka teng. Ke ne ka lemoga boammaaruri jwa mafoko a a mo go Mathaio 6:24, a a reng o ka se ka wa direla beng ba babedi. E tshwanetse go nna Modimo kgotsa dikhumo. Ke ne ke itse gore ke ne ke tla tshwanelwa ke go dira tshwetso ka dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa me.

Mo ngwageng o o fetileng, ke ne ke nna teng mo thutong ya Baebele ya legae e mo go yone setlhopha sa Basupi se neng se ithuta buka ya Is There a Creator Who Cares About You? * Ke ne ka tlhatswega pelo gore ke Mmopi wa rona fela e bong Jehofa yo o ka rarabololang mathata a batho. Kwa yunibesithing ke ne ke rutilwe gore bokao jwa botshelo bo ne bo sa akaretse go dumela mo Modimong. Ke ne ka galefa thata. Morago ga dikgwedi di le pedi ke ne ka tlogela khoso ya me kwa yunibesithing mme ka swetsa ka gore ke dirise nako e ntsi ke dira dilo tsa semoya.

Temana ya Baebele e e ileng ya ntlhotlheletsa gore ke fetole tsela e ke neng ke tshela ka yone e ne e le Diane 3:5, 6 e e reng: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” Go ithuta ka Modimo wa rona yo o lorato go ne go na le melemo e mentsi thata go feta dikhumo dipe fela le maemo ape a dikirii ya doctorate e neng e ka dira gore ke nne le one. Fa ke ntse ke tswelela go ithuta ka boikaelelo jwa ga Jehofa ka lefatshe le seabe se Jesu a nnileng le sone ka go re ntshetsa botshelo jwa gagwe go nna setlhabelo, ke ne ka batla go ineela mo Mmoping wa rona. Ke ne ka kolobediwa ka April 2003. Morago ga foo, ke ne ka tlhofofatsa botshelo jwa me ka bonya ka bonya.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Botsala jwa me le Jehofa bo botlhokwa thata. Ke ile ka nna le kagiso ya mogopolo ya mmatota le boitumelo ka ntlha ya go mo itse. Gape ke ile ka itumelela thata go tsalana le baobamedi ba bangwe ba boammaaruri ba Modimo.

Keletso ya me ya go batla go nna le kitso e kgotsofadiwa ke go ithuta Baebele le ke dipokano tsa Bokeresete. Ke itumelela go bolelela ba bangwe ka tumelo ya me. Eno ke tiro ya me e mo go yone nka thusang batho go nna le botshelo jo bo botoka gone jaanong le gore ba nne le tsholofelo e e itumedisang ya go tshela mo lefatsheng le lesha. Go tloga ka June 2008, ke ile ka nna le seabe mo bodireding jwa nako e e tletseng mme ke itumetse thata e bile ke kgotsofetse go feta le fa e le leng pele. Ke bone boikaelelo jwa mmatota jwa botshelo mme ke leboga Jehofa tota ka ntlha ya seo.

“Loso Lwa Tsala Ya me Lo ne Lwa Nkama Thata.”—ROMAN IRNESBERGER

  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1973

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: AUSTRIA

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MOTHO YO O NENG A RATA GO BETŠHA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke goletse kwa toropong e nnye ya Braunau kwa Austria. Batho ba lefelo leo ba ne ba humile mme bokebekwa bo ne bo sa tlwaelega. Ba lelapa la gaetsho e ne e le Bakatoliki mme ke ile ka godisediwa mo bodumeding joo.

Tiragalo nngwe e e diragetseng fa ke sa ntse ke le monnye e ile ya nkama thata. Ke gopola ka 1984 fa ke ne ke le dingwaga di ka nna 11 ke tshameka kgwele ya dinao le nngwe ya ditsala tsa me tse dikgolo. Mo go yone thapama eo, o ne a bolawa ke kotsi ya koloi. Loso lwa tsala ya me lo ne lwa nkama thata. Dingwaga di le dintsi morago ga kotsi eo, ke ne ke ipotsa gore go direga eng ka rona fa re swa.

Fa ke sena go fetsa sekolo, ke ne ka nna ramotlakase. Le fa ke ile ka nna motho yo betšhang ka metlha e bile ke betšhela madi a mantsi, ke ne ke se na mathata a madi. Ke ne ke fetsa nako e ntsi mo metshamekong mme ka simolola go rata mmino wa heavy metal le wa punk rock. Ke ne ke rata go ya ditlelapong le go ya diphathing. Ke ne ke tshela botshelo jwa go rata menate le jwa boitsholo jo bo sa siamang, le fa go ntse jalo ke ne ke ikutlwa ke le lolea.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Ka 1995, Mosupi mongwe yo o godileng o ne a nketela mme a nnaya buka e e tlhalosang karabo ya Baebele ya potso e e reng, Go direga eng ka rona fa re swa? Loso lwa tsala ya me lo ne lo sa ntse lo ntshwenya, ka jalo ke ne ka tsaya buka eo. Ga ke a ka ka bala fela kgaolo e e buang ka loso mme ke ile ka bala buka yotlhe!

Se ke se badileng se ne sa araba dipotso tsa me ka loso. Mme ke ithutile go le gontsi thata. E re ka ke ne ke godisitswe ke le Mokatoliki, tumelo ya me e ne e remeletse thata mo go Jesu. Le fa go ntse jalo, go ithuta Baebele ka kelotlhoko go ile ga nthusa gore ke atamalane thata le Rraagwe Jesu e bong Jehofa Modimo. Ke ne ka itumelela go ithuta gore Jehofa ga a re fitlhele dilo e bile ga a ikgogone mo go rona mme o dira gore batho ba ba mmatlang ba mo itse sentle. (Mathaio 7:7-11) Ke ne ka ithuta gore Jehofa o na le maikutlo. Gape ke ile ka ithuta gore ka metlha o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Seo se ile sa dira gore ke kgatlhegele boporofeti jwa Baebele thata le go batlisisa gore bo ile jwa diragadiwa jang. Se ke se ithutileng se ile sa nonotsha tumelo ya me mo Modimong.

Go ise go ye kae, ke ne ka lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba ke ba itseng ba tota ba batlang go thusa batho go tlhaloganya Baebele. Ke ne ka kwala ditemana tse di umakilweng mo dikgatisong tsa Basupi mme ka di leba mo Baebeleng ya me ya Katoliki. Fa ke ntse ke tsweletse ka go dira dipatlisiso, ke ne ka lemoga gore ke bone boammaaruri.

Go ithuta ga me Baebele go ile ga dira gore ke lemoge gore Jehofa o lebeletse gore ke tshele ka melao ya gagwe. Go ya ka se ke se badileng mo go Baefeso 4:22-24, ke ne ka kgona go bona gore ke tshwanetse go latlha “botho jo bogologolo” jo bo bopilweng ke ‘tsela ya me ya pele ya boitshwaro’ le gore ke ne ke tshwanetse go ‘apara botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo.’ Ka jalo, ke ne ka tlogela go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang. Gape ke ne ka bona go tlhokega gore ke tlogele go betšha e re ka mokgwa oo o kgothaletsa go rata dikhumo le bopelotshetlha. (1 Bakorintha 6:9, 10) Ke ne ke itse gore e le gore ke kgone go dira diphetogo tseno, ke ne ke tshwanetse go tlogela ditsala tsa me tsa bogologolo mme ke batle ditsala tse disha tse di neng di tshela ka melao e ke neng ke tshela ka yone.

Go dira diphetogo tseo go ne go se motlhofo. Mme ke ne ka simolola go ya dipokanong le Basupi kwa Holong ya Bogosi le go dira ditsala tse disha mo phuthegong. Gape ke ne ka tswelela go ithuta Baebele ka kelotlhoko ke le nosi. Dikgato tseo di dirile gore ke fetole mmino o ke o reetsang, mekgele ya me le go fetola tsela e ke lebegang ka yone. Ka 1995, ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Gone jaanong ke leba madi le dikhumo ka tsela e e siameng. Ke ne ke le motho yo o galefang ka bonako mme gone jaanong ke ritibetse maikutlo. Ga ke tlhole ke tlhobaela thata ka isagwe.

Ke itumelela go nna mongwe wa batho ba ditšhaba tse di farologaneng ba ba direlang Jehofa. Mo gare ga bone ke bona batho ba ba nang le mathata mme ba sa ntse ba direla Modimo ka boikanyegi. Ke itumetse thata ka go bo ke dirisa nako le maatla a me otlhe go obamela Jehofa le go direla batho ba bangwe molemo e seng go kgotsofatsa dikeletso tsa me.

“Kgabagare Botshelo Jwa Me bo Na le Boikaelelo.”—IAN KING

  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1963

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: ENGELANE

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A KGOBILWE MARAPO KE BOTSHELO

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke tsholetswe kwa Engelane, mme fa ke le dingwaga di le supa ba lelapa la gaetsho ba ne ba fudugela kwa Australia. Re ne ra nna kwa Gold Coast, lefelo le bajanala ba neng ba gorogela kwa go lone kwa Queensland, Australia. Le fa lelapa la gaetsho le ne le sa huma, ka metlha re ne re nna re na le se re se tlhokang.

Le fa ke godisitswe sentle, ga ke ise ke ko ke nne le boitumelo jwa mmatota. Botshelo bo ne jwa nkgoba marapo. Rre o ne a nwa bobe. Ke ne ke sa mo rate thata, segolobogolo ka ntlha ya go nwa le tsela e a neng a tshwere mmè ka yone. Mme ke ne ka lemoga moragonyana gore dilo tse di mo diragaletseng ka nako ya fa e ne e le lesole kwa Malaya, ke tsone tse di neng tsa dira gore a itshware jalo.

Ke ne ka simolola go nwa bobe ka nako ya fa ke ne ke le kwa sekolong se segolwane. Fa ke le dingwaga di le 16, ke ne ka tlogela sekolo mme ka tsenela sesole sa lewatle. Ke ne ka simolola go lekeletsa diokobatsi mme ka tshwakgolwa ke go goga motsoko. Gape ke ne ka simolola go ikaega thata ka bojalwa. Ke ne ke sa tlhole ke nwa bobe fela ka mafelobeke, mme ke ne ke nwa ka malatsi otlhe.

Mo dingwageng tsa me tsa bolesome le fa ke simolola dingwaga tsa bo20, ke ne ka simolola go ipotsa gore a Modimo o teng. Ke ne ka re, ‘Fa e le gore tota Modimo o teng, ke ka ntlha yang fa a letlelela gore batho ba boge le go swa?’ E bile ke ne ka kwala leboko le le latofatsang Modimo ka boikepo jotlhe jo bo leng gone mo lefatsheng.

Ke ne ka tlogela bosole jwa lewatle fa ke na le dingwaga di le 23. Morago ga moo, ke ne ka bereka ditiro tse di farologaneng ka bo ka ya moseja ka lobaka lwa ngwaga, mme go ne go se na sepe se se neng sa fedisa go kgobega marapo ga me. Ke ne ke sa eletse go ipeela mekgele kgotsa go fitlhelela sepe. Go ne go se na sepe se se nkgatlhang. Tsholofelo ya go nna le ntlo e e leng ya me, go nna le tiro e e siameng le go tlhatlosiwa mo tirong di ne di lebega di se na mosola. Ke ne ke bona “kgomotso” fela fa ke nwa bojalwa le fa ke reetsa mmino.

Ke gakologelwa nako e ke neng ke na le keletso e kgolo ya go batla boikaelelo jwa botshelo. Ke ne ke le kwa Poland, ke etetse kampa nngwe ya pogisetso e e itsegeng ka bosetlhogo kwa Auschwitz. Ke ne ke badile ka bosetlhogo jo bo feteletseng jo bo ileng jwa direga kwa lefelong leo. Mme fa ke fitlha kwa lefelong leo le go bona kafa kampa eo e leng kgolo thata ka gone, ke ne ka utlwa botlhoko thata. Ke ne ke sa kgone go tlhaloganya gore go tla jang gore batho ba nne setlhogo jalo mo bathong ba bangwe. Ke gopola ke tsamaya mo kampeng ke geletse dikeledi, ke ipotsa gore ‘ke ka ntlha yang fa go ntse jaana?’

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Ka 1993, fa ke boa go tswa moseja, ke ne ka simolola go bala Baebele ke batla dikarabo. Ka bonako morago ga moo, Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba ne ba nketela mme ba ntaletsa kwa kopanong e e neng e tlile go tshwarelwa kwa setadiamong se se gaufi. Ke ne ka swetsa ka gore ke ye.

Ke ne ke le kwa setadiamong seo dikgwedi di le mmalwa tse di fetileng ke ile go bogela motshameko, mme mo kopanong eno go ne go na le pharologano e kgolo. Basupi ba ne ba le maitseo, ba apere sentle e bile bana ba bone ba ne ba itshwere sentle. Mme ke ne ka jesiwa kgakge ke se ke neng ka se bona ka nako ya dijo tsa motshegare. Basupi ba le bantsi ba ne ba jela dijo tsa motshegare mo lebaleng la motshameko, mme fa ba boela kwa mannong a bone, ga ke a ka ka bona le fa e le letlakalanyana le setse mo lebaleng! Mo godimo ga tsotlhe, batho bano ba ne ba bonala ba kgotsofetse e bile ba na le kagiso—selo se ke neng ke eletsa go nna le sone. Ga ke gakologelwe epe ya dipuo tse di neetsweng ka letsatsi leo, mme ke sa ntse ke gopola boitshwaro jwa Basupi.

Mo maitseboeng ao, ke ne ka gakologelwa ntsalake yo o neng a bala Baebele e bile a ithutile ka madumedi a a farologaneng. Mo dingwageng tse di fetileng o ne a mpolelela gore Jesu o ne a re lo tla kgona go lemoga bodumedi jwa boammaaruri ka maungo a jone. (Mathaio 7:15-20) Ke ne ka swetsa ka gore ke batlisise gore ke eng se se dirang gore Basupi ba farologane le batho ba bangwe. E ne e le lekgetlho la ntlha mo botshelong jwa me ke ikutlwa ke na le tsholofelo ya sengwe.

Mo bekeng e e latelang, Basupi ba babedi ba ba neng ba ntaleditse go tla kopanong ba ne ba nketela gape. Ba ne ba ithaopa go ithuta Baebele le nna, mme ke ne ka dumela. Gape ke ne ka simolola go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete le bone.

Fa ke ntse ke ithuta Baebele, tsela e ke neng ke leba Modimo ka yone e ne ya fetoga gotlhelele. Ke ne ka ithuta gore ga se ene a dirang gore go nne le boikepo le pogo le gore o utlwa botlhoko fa batho ba dira dilo tse di sa siamang. (Genesise 6:6; Pesalema 78:40, 41) Ke ne ka ikemisetsa gore ke se ka ka utlwisa Jehofa botlhoko ka tsela epe fela. Ke ne ke batla go ipedisa pelo ya gagwe. (Diane 27:11) Ke ne ka kgaotsa go nwa bobe le go goga motsoko mme ka tlogela go dira ditiro tsa boitshwaro jo bo sa siamang. Ka March 1994, ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Ke itumetse tota e bile ke kgotsofetse. Ga ke sa tlhole ke ikaega ka bojalwa go leka go rarabolola mathata a me. Go na le moo, ke ithutile go latlhela mokgweleo wa me mo go Jehofa.—Pesalema 55:22.

Ke na le dingwaga di le lesome ke nyalane le Mosupi yo montle yo o bidiwang Karen e bile re na le morwadiarona yo o bidiwang Nella. Ka boraro jwa rona, re itumelela go dirisa nako e ntsi ya rona re le bodireding jwa Bokeresete, re thusa batho ba bangwe go ithuta boammaaruri ka Modimo. Kgabagare botshelo jwa me bo na le boikaelelo.

^ ser. 11 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.