Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu o Tlhomile Sekao sa Boikokobetso

Jesu o Tlhomile Sekao sa Boikokobetso

“Ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo.”—JOH. 13:15.

1, 2. Mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng, o ne a ruta baaposetoloi ba gagwe thuto efe ya botlhokwa?

KE BOSIGO jwa bofelo jwa botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng, mme o na le baaposetoloi ba gagwe mo phaposing e e kwa godimo ya ntlo kwa Jerusalema. Fa ba ntse ba ja dijo tsa maitseboa, Jesu o a ema mme o beela diaparo tsa gagwe tsa ka fa ntle kwa thoko. O ikgatlha ka seiphimolo. Go tswa foo, o tshela metsi mo sekotleleng a bo a simolola go tlhapisa barutwa ba gagwe dinao le go di phimola ka seiphimolo. Morago ga foo o apara diaparo tsa gagwe gape. Ke eng fa Jesu a ile a dira tiro eno ya boikokobetso?—Joh. 13:3-5.

2 Jesu o ne a tlhalosa jaana: “A lo a itse se ke se dirileng mo go lona? . . . Fa nna, le mororo ke le Morena le Moruti, ke ne ka tlhapisa dinao tsa lona, le lona lo tshwanetse lwa tlhapisana dinao. Gonne ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo.” (Joh. 13:12-15) Fa Jesu a ne a bontsha gore o iketleeditse go dira tiro eno ya maemo a a kwa tlase, o ne a ruta baaposetoloi ba gagwe thuto e e neng e tla nnela ruri mo megopolong ya bone, le e e neng e tla ba tlhotlheletsa go nna boikokobetso mo nakong e e tlang.

3. (a) Mo makgetlong a le mabedi, Jesu o ile a bontsha jang botlhokwa jwa boikokobetso? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Fa Jesu a ne a tlhapisa baaposetoloi ba gagwe dinao, e ne e se lekgetlo la ntlha a ba bontsha botlhokwa jwa go nna boikokobetso. Nako nngwe pelenyana ga foo fa baaposetoloi bangwe ba ne ba bontsha moya wa kgaisano, Jesu o ne a nnisa ngwana yo mmotlana go bapa le ene, mme a ba raya a re: “Le fa e le mang yo o amogelang ngwana yo mmotlana yono mo motheong wa leina la me o amogela le nna, mme le fa e le mang yo o nkamogelang o amogela le yo o nthometseng. Gonne yo o itshwarang jaaka yo mmotlanyana mo gare ga lona lotlhe ke ene yo mogolo.” (Luke 9:46-48) Moragonyana fa Jesu a ne a lemoga gore Bafarasai ba rata maemo, o ne a bua jaana: “Mongwe le mongwe yo o ikgodisang o tla kokobediwa mme yo o ikokobetsang o tla godisiwa.” (Luke 14:11) Ga go pelaelo gore Jesu o batla gore balatedi ba gagwe ba nne boikokobetso, ke gore ba nne le mogopolo o o ikokobeditseng o o se nang boikgogomoso le boikgodiso. Gore re kgone go mo etsa, mma re sekasekeng ka kelotlhoko sekao sa gagwe sa boikokobetso. Gape re tla bona kafa nonofo eno e solegelang molemo ka gone batho ba ba e bontshang le ba ba e bontshiwang.

“GA KE A KA KA RETOLOGELA GO SELE”

4. Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo o ile a bontsha jang boikokobetso pele ga a tla mo lefatsheng?

4 Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo o ne a bontsha boikokobetso tota le pele ga a tla mo lefatsheng. Pele ga Jesu a nna motho, o ne a fetsa dingwagangwaga a na le Rraagwe kwa legodimong. Buka ya Baebele ya Isaia e tlhalosa kamano e e gaufi e Morwa a neng a na le yone le Rraagwe fa e re: “Morena Molaodimogolo Jehofa o nneile loleme lwa ba ba rutilweng, gore ke tle ke itse kafa ke arabang yo o lapileng ka teng ka lefoko. O tsoga moso le moso; o tsosa tsebe ya me gore e utlwe jaaka ba ba rutilweng. Morena Molaodimogolo Jehofa o butse tsebe ya me, mme fa e le nna ke ne ke sa tsuologe. Ga ke a ka ka retologela go sele.” (Isa. 50:4, 5) Morwa Modimo o ne a bontsha boikokobetso mme a reetsa ka kelotlhoko se Jehofa a neng a mo ruta sone. O ne a ikemiseditse go ithuta mo Modimong wa boammaaruri. Ruri Jesu o tshwanetse a bo a ile a leba ka kelotlhoko sekao sa ga Jehofa sa boikokobetso fa a ntse a bontsha batho ba ba nang le boleo kutlwelobotlhoko!

5. Fa Jesu e le Mikaele moengele yo mogolo, o ne a tlhoma jang sekao sa boikokobetso le boingotlo fa a dirisana le Diabolo?

5 Ga se sebopiwa sengwe le sengwe kwa legodimong se se neng se na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo. Go na le gore moengele yo o neng a nna Satane Diabolo a ithute mo go Jehofa, o ne a itetla go tlhotlhelediwa ke mekgwa e e farologaneng le boikokobetso e leng go itseela kwa godimo le boikgogomoso mme a tsuologela Jehofa. Le fa go ntse jalo, Jesu ene o ne a kgotsofaletse boemo jwa gagwe kwa legodimong e bile a sa batle go dirisa taolo e a nang le yone ka tsela e e sa siamang. E re ka e ne e le Mikaele moengele yo mogolo, ga a ka a ya ka kwa ga taolo ya gagwe fa a ne a ‘ganetsana le Diabolo ka setopo sa ga Moshe.’ Go na le moo, Morwa Modimo o ne a bontsha boikokobetso le boingotlo. O ne a letla gore Jehofa yo e leng Moatlhodi yo Mogolo wa lobopo a baakanye dilo ka tsela ya Gagwe le ka nako ya gagwe.—Bala Jude 9.

6. Jesu o ile a bontsha jang boikokobetso fa a amogela kabelo ya go nna Mesia?

6 Ga go pelaelo gore dilo tse Jesu a ithutileng tsone pele ga a nna motho di ne di akaretsa boporofeti jo bo tlhalosang ka botlalo botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng e le Mesia. Ke gone ka moo a ka tswang a ne a itse gore o tlile go lebana le maemo a a sa itumediseng. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a amogela kabelo ya go tshela mo lefatsheng le go swa e le Mesia yo o solofeditsweng. Ka ntlha yang? Fa moaposetoloi Paulo a ne a bontsha gore Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi o ne a le boikokobetso, o ne a re: ‘Le mororo a ne a tshela a le mo sebopegong sa Modimo, o ne a se ka a akanyetsa go itseela, e leng, go lekana le Modimo. Nnyaa, mme o ne a iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka mme a nna mo setshwanong sa batho.’—Bafil. 2:6, 7.

O NE “A IKOKOBETSA” FA A LE MO LEFATSHENG

Sekao sa ga Jesu sa go nna boikokobetso se ka re solegela molemo jang?

7, 8. Jesu o bontshitse boikokobetso ka ditsela dife fa e sa ntse e le ngwana le mo bodireding jwa gagwe mo lefatsheng?

7 Paulo o ne a kwala jaana: “E rile [Jesu] a iphitlhela a le mo sebopegong sa motho, a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso.” (Bafil. 2:8) Go tloga fa e sa ntse e le ngwana, Jesu o ne a re tlhomela sekao sa go nna boikokobetso. Le fa a godisitswe ke batsadi ba ba sa itekanelang—Josefa le Maria—o ne “a tswelela a le mo taolong ya bone,” a ikokobeditse. (Luke 2:51) Ruri seo ke sekao se se molemo tota mo basheng ba Modimo a tla ba segofatsang ka go bo ba iketleeleditse go ikobela batsadi ba bone!

8 Fa Jesu a setse a godile, o ne a bontsha boikokobetso ka go dira gore thato ya Jehofa e nne yone e tlang pele mo botshelong jwa gagwe. (Joh. 4:34) Ka nako ya bodiredi jwa gagwe, Jesu Keresete o ne a dirisa leina la Modimo mme a thusa batho ba ba siameng gore ba nne le kitso e e tlhomameng ka dinonofo tsa ga Jehofa le boikaelelo jwa Gagwe ka batho. Gape Jesu o ne a tshela go dumalana le se a neng a se ruta ka Jehofa. Ka sekai, mo thapelong ya gagwe ya sekao, ntlha ya ntlha e Jesu a ileng a e umaka e ne e le: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.” (Math. 6:9) Ke gone ka moo Jesu a ileng a laela balatedi ba gagwe gore ba amege thata ka go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa. Mme le ene o ne a tshela ka tsela eo. Ka jalo, go ela kwa bofelong jwa bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, Jesu o ne a ka bolelela Jehofa jaana mo thapelong: “Ke ba itsisitse leina la gago [baaposetoloi] e bile ke tla dira gore le itsiwe.” (Joh. 17:26) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a tlotlomatsa Jehofa ka dilo tse a di fitlheletseng fa a le mo lefatsheng.—Joh. 5:19.

9. Ke eng se Sekarea a neng a se porofeta ka Mesia mme Jesu o ne a diragatsa seo jang?

9 Sekarea o ne a kwala jaana ka tsela ya boporofeti malebana le Mesia: “Ipele thata, wena morwadia Siona. Goa ka phenyo, wena morwadia Jerusalema. Bona! Kgosi ya gago ka boyone e tla kwa go wena. E tshiamo, ee, e bolokilwe; e boikokobetso, e palame esele, phologolo e e godileng sentle e leng ngwana wa esele e namagadi.” (Seka. 9:9) Mafoko ano a ne a diragadiwa fa Jesu a tsena mo Jerusalema pele ga Tlolaganyo ka ngwaga wa 33 C.E. Boidiidi bo ne jwa ala diaparo tsa jone tsa ka fa ntle le dikala tsa ditlhare mo tseleng. Ruri motse otlhe o ne wa fuduega fa Jesu a tsena mo Jerusalema. Tota le fa batho ba ntse ba goeletsa ba re ke Kgosi, Jesu o ne a ikokobeditse.—Math. 21:4-11.

10. Go iketleeletsa go nna kutlo ga ga Jesu go fitlha losong go ne go bontsha eng?

10 Boikokobetso jwa ga Jesu Keresete le go nna kutlo ga gagwe mo lefatsheng go ne ga felela ka gore a swe mo koteng ya tlhokofatso. Ka jalo, o ne a bontsha kwa ntle ga pelaelo gore batho ba ka kgona go tswelela ba ikanyega mo go Jehofa, tota le fa ba lekwa ka tsela e e feteletseng. Gape Jesu o ne a bontsha gore Satane o ne a fositse fa a re batho ba obamela Jehofa ka mabaka a bopelotshetlha. (Job 1:9-11; 2:4) Bothokgami jwa ga Keresete gape bo ile jwa bontsha sentle gore o ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o na le tshwanelo ya go busa le gore tsela e a busang ka yone e molemolemo. Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a itumela fa a bona boikanyegi jo bo sa reketleng jwa Morwawe yo o boikokobetso.—Bala Diane 27:11.

11. Setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete se dirile gore batho ba ba dumelang ba nne le tsholofelo efe?

11 Loso lwa ga Jesu mo koteng ya tlhokofatso lo ne lwa dira gore batho ba kgone go bona thekololo. (Math. 20:28) Seno se ne sa dira gore batho ba ba nang le boleo ba kgone go tshela ka bosakhutleng, ka gonne Jehofa a ka dirisa setlhabelo sa ga Jesu go ba itshwarela go dumalana le melao ya gagwe ya tshiamo. Paulo o ne a kwala jaana: “Ka tiro e le nngwe ya tshiamiso batho ba mefuta yotlhe ba ne ba felela ka gore ba bolelwe e le ba ba siametseng botshelo.” (Bar. 5:18) Loso lwa ga Jesu lo ne lwa dira gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba nne le tsholofelo ya go tshelela ruri kwa legodimong mme ba “dinku tse dingwe” bone ba nne le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.—Joh. 10:16; Bar. 8:16, 17.

KE “BOIKOKOBETSO MO PELONG”

12. Jesu o ne a bontsha jang gore o bonolo e bile o boikokobetso fa a ne a dirisana le batho ba ba sa itekanelang?

12 Jesu o ne a laletsa botlhe ba ba “dirang ka natla le ba [ba] imelwang” gore ba tle kwa go ene. O ne a re: “Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.” (Math. 11:28, 29) Nonofo ya boikokobetso le ya bonolo di ne tsa tlhotlheletsa Jesu gore a nne pelonomi mme a se ka a nna le tlhaolele fa a dirisana le batho ba ba sa itekanelang. O ne a le tekatekano mo go se a neng a se lebeletse mo barutweng ba gagwe. Jesu o ne a ba akgola le go ba kgothatsa. O ne a sa dire gore ba ikutlwe e kete ba a palelwa kgotsa ga ba na mosola. Ga go pelaelo gore Jesu o ne a se peloethata e bile a sa gatelele. Go na le moo, o ne a tlhomamisetsa balatedi ba gagwe gore fa ba ka atamalana le ene mme ba dira se a ba rutang sone, ba tla lapologelwa, ka gonne jokwe ya gagwe e bonolo mme morwalo wa gagwe o motlhofo. Ke gone ka moo banna le basadi le batho ba dingwaga tsotlhe ba neng ba ikutlwa ba phuthologile fa ba na le ene.—Math. 11:30.

Jesu o re tlhometse sekao sa go nna kutlwelobotlhoko

13. Jesu o ne a bontsha jang batho ba maemo a a kwa tlase kutlwelobotlhoko?

13 Fa Jesu a kopana le batho ba maemo a a kwa tlase ba Iseraele, o ne a ba utlwela botlhoko ka gonne ba ne ba humanegile mme o ne a ba thusa ka se ba se tlhokang. Fa a ne a le gaufi le motse wa Jeriko, o ne a kopana le mokopi mongwe yo o foufetseng yo o bidiwang Baratimeo le tsala ya gagwe e e foufetseng e go sa umakiwang leina la yone. Ba ne ba kopa Jesu ba sa kgaotse gore a ba thuse, mme boidiidi bo ne jwa ba kgalema bo tiisitse gore ba didimale. Go ne go ka nna motlhofo gore Jesu a itlhokomolose kopo ya banna bao ba ba foufetseng. Go na le moo, o ne a kopa gore ba tlisiwe kwa go ene, kutlwelobotlhoko e ne ya mo tlhotlheletsa gore a ba fodise, mme ba ne ba bona gape. Ee, Jesu o ne a etsa Rraagwe e bong Jehofa ka go bontsha boikokobetso le go utlwela baleofi ba maemo a a kwa tlase botlhoko.—Math. 20:29-34; Mar. 10:46-52.

“LE FA E LE MANG YO O IKOKOBETSANG O TLA GODISIWA”

14. Ke melemo efe e e neng ya nna teng ka go bo Jesu a ne a ikokobeditse?

14 Tsela e Jesu Keresete a neng a ikokobeditse ka yone e a itumedisa e bile e solegela molemo fela thata. Jehofa o ne a itumedisiwa ke go bona kafa Morwawe yo o rategang a neng a ikemiseditse ka gone go dira thato ya Gagwe ka boikokobetso. Baaposetoloi le barutwa ba ne ba lapolosiwa ke go bo Jesu a le bonolo e bile a le boikokobetso mo pelong. Sekao sa gagwe, dithuto tsa gagwe le tsela e a neng a ba akgola ka yone ka lorato, di ne tsa ba tlhotlheletsa gore ba gatele pele semoyeng. Batho ba maemo a a kwa tlase ba ne ba solegelwa molemo ke go nna boikokobetso ga ga Jesu ka gonne o ne a ba thusa, a ba ruta le go ba kgothatsa. Tota e bile, batho botlhe ba ba dumelang mo go ene ba tla bona melemo e e nnelang ruri mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu.

15. Jesu o ne a solegelwa molemo jang ke go nna boikokobetso?

15 Go tweng ka Jesu? A boikokobetso jwa gagwe bo ne jwa mo solegela molemo? Ee, ka gonne Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Le fa e le mang yo o ikokobetsang o tla godisiwa.” (Math. 23:12) Mafoko ao, a ne a diragala mo go ene. Paulo o tlhalosa jaana: “Modimo o ne a godisetsa [Jesu] kwa boemong jo bo kwa godimo mme ka bopelonomi a mo naya leina le le kwa godimo ga leina lengwe le lengwe le sele, gore ka leina la ga Jesu lengole lengwe le lengwe le tle le obame la ba ba kwa legodimong le ba ba mo lefatsheng le ba ba kafa tlase ga lefatshe, le loleme longwe le longwe lo tle lo bolele ka phuthologo fa lo dumela gore Jesu Keresete ke Morena kgalalelong ya Modimo Rara.” E re ka Jesu a ile a ikokobetsa a bo a ikanyega fa a le mo lefatsheng, Jehofa Modimo o ne a godisa Morwawe, mme a mo naya taolo mo ditsheding tsotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng.—Bafil. 2:9-11.

JESU O TLA “PALAMA KA NTLHA YA BOAMMAARURI LE BOIKOKOBETSO”

16. Ke eng se se bontshang gore Morwa Modimo o tla tswelela a dira dilo ka tsela e e bontshang gore o boikokobetso?

16 Morwa Modimo o tla tswelela a dira dilo ka tsela e e bontshang boikokobetso. Mopesalema o ne a opela jaana fa a ne a bolelela pele kafa Jesu a tla fedisang baba ba gagwe ka gone, fa a tla bo a le mo boemong jwa gagwe kwa legodimong: “Mo bontlentleng jwa gago tswelela o atlega; palama ka ntlha ya boammaaruri le boikokobetso le tshiamo.” (Pes. 45:4) Ka nako ya Haramagedona Jesu Keresete o tla lwa gore a sireletse batho ba ba boikokobetso, ba ba siameng le ba ba ratang boammaaruri. Mme go tla diragalang kwa bokhutlong jwa Puso ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete fa Kgosi eo ya Bomesia e “sena go nyeletsa puso yotlhe le bolaodi jotlhe le maatla”? A e sa ntse e tla bontsha boikokobetso? Ee, ka gonne Jesu o tla ‘busetsa Modimo wa gagwe le Rraagwe bogosi.’—Bala 1 Bakorintha 15:24-28.

17, 18. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore batlhanka ba ga Jehofa ba latele sekao sa ga Jesu sa boikokobetso? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

17 Go tweng ka rona? A re tla latela tsela ya Motlhomasekao wa rona mme re bontshe boikokobetso? A re tla falola fa Kgosi Jesu Keresete a tla go atlhola ka nako ya Haramagedona? Tsela e a lwang ka yone e bontsha gore o tla boloka fela ba ba ikokobeditseng le ba ba siameng. Ka jalo, go botlhokwa thata gore re lwele go nna boikokobetso gore re tle re falole. Mo godimo ga moo, fela jaaka tsela e e boikokobetso e Jesu Keresete a neng a tshela ka yone e ile ya solegela ene le batho ba bangwe molemo, go nna boikokobetso ga rona go tla solegela rona le ba bangwe molemo ka ditsela di le dintsi.

18 Ke eng se se ka re thusang go latela sekao sa ga Jesu sa boikokobetso? Re ka lwela jang go nna boikokobetso go sa kgathalesege dikgwetlho tse re ka lebanang le tsone? Dipotso tseno di tla arabiwa mo setlhogong se se latelang.