Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lwela go Nna le Moya wa go Itshwara Jaaka yo Mmotlana

Lwela go Nna le Moya wa go Itshwara Jaaka yo Mmotlana

“Yo o itshwarang jaaka yo mmotlanyana mo gare ga lona lotlhe ke ene yo mogolo.”—LUKE 9:48.

1, 2. Jesu o ne a naya baaposetoloi ba gagwe kgakololo efe, mme goreng a ne a dira jalo?

E NE e le ka ngwaga wa 32 C.E. Jesu o ne a le kwa kgaolong ya Galalea fa go tsoga bothata bongwe. Bangwe ba baaposetoloi ba gagwe ba ne ba ganetsana ka gore ke mang yo mogolo mo go bone. Mokwadi wa Efangele e bong Luke a re: “Ga tsena kakanyo mo gare ga bone ka ga gore ke mang wa bone yo o ka tswang e le yo mogolo. Jesu, ka a itse kakanyo ya dipelo tsa bone, a tsaya ngwana yo mmotlana, a mo tlhoma go bapa le ene mme a ba raya a re: ‘Le fa e le mang yo o amogelang ngwana yo mmotlana yono mo motheong wa leina la me o amogela le nna, mme le fa e le mang yo o nkamogelang o amogela le yo o nthometseng. Gonne yo o itshwarang jaaka yo mmotlanyana mo gare ga lona lotlhe ke ene yo mogolo.’” (Luke 9:46-48) Jesu o ne a thusa baaposetoloi ba gagwe go bona botlhokwa jwa go nna boikokobetso, a le pelotelele mme gone a bua a tiisitse.

2 A kgakololo ya ga Jesu ya go itshwara jaaka yo mmotlana e ne e dumalana le mekgwa ya Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga? Kgotsa e ne e farologane le kafa ba neng ba tlwaetse go dira dilo ka gone? Fa buka ya Theological Dictionary of the New Testament e bua ka tsela e batho ba neng ba dirisana ka yone ka nako eo, ya re: “Bajuda ba ne ba tsaya go le botlhokwa thata go itse gore ke mang yo o tshwanelwang ke tlotlo mo bathong botlhe ba ba dirisanang le bone, mme ka metlha ba ne ba nna ba tshwenyegile ka gore a ba neela mongwe le mongwe tlotlo e e mo tshwanelang.” Jesu o ne a tlhagisa baaposetoloi ba gagwe gore ba se ka ba dira dilo ka tsela e batho ba bangwe botlhe ba neng ba di dira ka yone.

3. (a) Go itshwara jaaka yo mmotlana go kaya eng, mme ke eng fa go ka nna thata gore re itshware ka tsela eo? (b) Kgang ya go itshwara jaaka yo mmotlana e tsosa dipotso dife?

3 Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “yo mmotlanyana” le kaya motho yo o boingotlo, yo o boikokobetso, wa maemo a a kwa tlase, yo o sa rateng maemo, kgotsa yo o sa itseeleng kwa godimo e bile a se na tlhotlheletso mo bathong. Jesu o ne a dirisa ngwana yo mmotlana go gatelela botlhokwa jwa gore baaposetoloi ba gagwe ba tshwanetse go nna boikokobetso ba bo ba nne boingotlo. Kgakololo eo e sa ntse e le botlhokwa mo Bakereseteng ba boammaaruri gompieno, fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Go na le maemo mangwe a mo go one go ka nnang thata go itshwara jaaka yo mmotlana. Tshekamelo e motho a nang le yone ya go batla go ikgodisa e ka re tlhotlheletsa gore re rate go tlhagelela. Moya wa lefatshe leno le batho ba re tshelang le bone ba ba ratang go gaisana, ba ka re tlhotlheletsa go nna bogagapa, go nna dikgoka kgotsa go batla gore dilo di dirwe ka tsela ya rona. Ke eng se se ka re thusang go itshwara jaaka yo mmotlana? ‘Yo o itshwarang jaaka yo mmotlana mo gare ga rona o mogolo’ ka tsela efe? Re tshwanetse go leka ka natla go bontsha moya wa boikokobetso mo dikarolong dife tsa botshelo?

“A BOTENG JWA DIKHUMO TSA MODIMO LE BOTLHALE LE KITSO!”

4, 5. Ke eng se se ka re tlhotlheletsang gore re nne boikokobetso? Naya sekai.

4 Tsela nngwe e re ka lwelang go nna boikokobetso ka yone ke go nna re akantse gore Jehofa o mogolo thata mo go rona. Tota e bile, “tlhaloganyo ya gagwe ga e ka ke ya hukudiwa.” (Isa. 40:28) Fa moaposetoloi Paulo a tlhalosa dikarolo dingwe tsa bogolo jwa ga Jehofa, o ne a kwala jaana: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso! A bo dikatlholo tsa gagwe di ka se ka tsa hukutsega jang ne le ditsela tsa gagwe e le tse di sa ka keng tsa latedisiwa!” (Bar. 11:33) Le fa kitso e batho ba nang le yone ka dilo di le dintsi e ile ya oketsega thata fa e sa le Paulo a kwala mafoko ao dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, mafoko ao a sa ntse a le boammaaruri le gompieno. Le fa re ka tswa re na le kitso e e kana kang, go botlhokwa go lemoga gore go sa ntse go na le dilo tse dintsi thata tse re ka ithutang tsone ka Jehofa, ditiro tsa gagwe le ditsela tsa gagwe.

5 Go lemoga gore motho ga a na bokgoni jwa go tlhaloganya ditsela tsotlhe tsa Modimo, go ne ga thusa Leo * go itshwara jaaka yo mmotlana. Fa Leo e sa ntse e le lekawana, o ne a kgatlhiwa thata ke saense. O ne a ithuta astrophysics (fisikisi ya thutadinaledi), ka gonne a batla go tlhaloganya go le gontsi ka lobopo mme o ne a fitlhelela tshwetso eno e e botlhokwa. A re: “Go ya ka se ke se ithutileng ke ile ka lemoga gore dithuto tsa gone jaanong tsa saense ka botsone fela ga di ka ke tsa dira gore motho a kgone go tlhaloganya lobopo ka botlalo. Ka jalo, ke ne ka fetola dithuto tsa me mme ka simolola go ithuta molao.” Fa nako e ntse e ya, Leo o ne a nna agente ya kgaolo mme moragonyana a nna moatlhodi wa kgotlatshekelo. Kgabagare, ene le mosadi wa gagwe ba ne ba ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ba amogela boammaaruri mme ba nna batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo. Le fa Leo a ne a rutegile, ke eng se se mo thusitseng gore a itshware jaaka yo mmotlana? O araba jaana a sa okaoke: “Ke go lemoga gore go sa kgathalesege gore re ithuta go le kana kang ka Jehofa le ka lobopo, go sa ntse go na le dilo di le dintsi tse re tshwanetseng go ithuta tsone.”

Jehofa o re tlotla ka go re naya tshiamelo ya go rera dikgang tse di molemo

6, 7. (a) Jehofa o re tlhometse sekao sefe se se kgatlhang sa boikokobetso? (b) Boikokobetso jwa Modimo bo ka dira jang gore motho a nne “mogolo”?

6 Sengwe gape se se ka re thusang go nna boikokobetso ke gore Jehofa le ene o bontsha boikokobetso. Ela tlhoko seno: “Re badirimmogo le Modimo.” (1 Bakor. 3:9) Akanya fela! Jehofa, Modimo yo o ka se kang a lekanngwa le ope, o re tlotla ka go re naya tshono ya go dira bodiredi jwa rona re dirisa Lefoko la gagwe, Baebele. Le fa Jehofa e le ene yo o dirang gore peo e re e jalang le e re e nosetsang e gole, o re naya maemo a a tlotlegang a go dira mmogo le ene. (1 Bakor. 3:6, 7) Ruri Modimo o re tlhomela sekao se se kgatlhang tota sa boikokobetso! Ga go pelaelo gore sekao sa ga Jehofa sa boikokobetso se tshwanetse go tlhotlheletsa mongwe le mongwe wa rona gore a itshware jaaka yo mmotlana.

7 Sekao sa Modimo sa boikokobetso se ne sa ama mopesalema Dafide thata. O ne a opelela Jehofa jaana: “O tla nnaya thebe ya gago ya poloko, mme boikokobetso jwa gago ke jone bo ntirang mogolo.” (2 Sam. 22:36) Dafide o ne a itse gore dilo tsotlhe tse dikgolo tse a di fitlheletseng mo Iseraele, o di fitlheletse gonne Jehofa a mmontshitse boikokobetso—ka go mo thusa le go mo tlhokomela. (Pes. 113:5-7) A go ntse jalo le ka rona? Dinonofo, bokgoni le ditshiamelo tse re nang le tsone, ke efe ya dilo tseno e re ‘sa kang ra e amogela’ go tswa kwa go Jehofa? (1 Bakor. 4:7) Motho yo o itshwarang jaaka yo mmotlana o “mogolo” ka gore o nna motlhanka wa ga Jehofa yo o tlhwatlhwakgolo. (Luke 9:48) A re bone gore seo se direga jang.

‘YO MMOTLANA MO GARE GA LONA KE ENE YO MOGOLO’

8. Boikokobetso bo ama jang tsela e re lebang phuthego ya ga Jehofa ka yone?

8 Gore re kgotsofalele tsela e dilo di dirwang ka yone mo phuthegong ya Modimo le gore re kgone go ema nokeng dithulaganyo tsa phuthego, go botlhokwa gore re nne boikokobetso. Ka sekai, ela tlhoko se se neng sa diragalela Petra, lekgarebe le le goletseng mo lelapeng la Basupi. E re ka Petra a ne a batla go dira dilo ka tsela ya gagwe, o ne a tlogela phuthego. Dingwaga morago ga foo, o ne a simolola go kopanela gape le phuthego. Gone jaanong o itumelela go nna mo phuthegong ya ga Jehofa mme o ema nokeng dithulaganyo tsa phuthego ka tlhoafalo. Ke eng se se fetotseng tsela e a neng a leba dilo ka yone? O kwala jaana: “Gore ke kgone go ikutlwa ke amogelesegile mo phuthegong ya Modimo, dinonofo tse pedi tsa botlhokwatlhokwa tse ke neng ka tshwanelwa ke go di tlhaloganya le go leka ka natla go nna le tsone ke boikokobetso le boingotlo.”

9. Ke boikutlo bofe jo motho yo o ikokobeditseng a nang le jone ka dijo tse re di amogelang tsa semoya, mme ke eng fa seo se mo dira gore a nne tlhwatlhwakgolo le go feta?

9 Motho yo o ikokobeditseng o anaanela thata dilo tse Jehofa a re nayang tsone, go akaretsa le dijo tsa semoya. Ka jalo, motho yoo ke moithuti yo o matlhagatlhaga wa Baebele e bile ke mmadi yo o tlhoafetseng wa makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fela jaaka batlhanka ba bangwe ba bantsi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang, a ka nna a itlwaetsa go bala kgatiso nngwe le nngwe e ntšha pele ga a e baya mo laeboraring ya gagwe. Fa re bontsha boikokobetso ka go bala le go ithuta dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng, re gatela pele semoyeng mme Jehofa o kgona go re dirisa ka botlalo mo tirelong ya gagwe.—Baheb. 5:13, 14.

10. Mo phuthegong, re ka bontsha jang boikutlo jwa go nna yo mmotlana?

10 Motho yo o itshwarang jaaka yo mmotlana o “mogolo” ka tsela e nngwe gape. Diphuthego tsotlhe di na le banna ba ba tshwanelegang ba ba tlhophilweng ka kaelo ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa gore ba direle e le bagolwane. Ba rulaganya ditiro tsa semoya tse di jaaka dipokano tsa phuthego, tirelo ya tshimo le maeto a bodisa. Fa re itshwara jaaka yo mmotlana mme re ema nokeng dithulaganyo tseno ka go rata, re dira gore go nne le boitumelo, kagiso le kutlwano mo phuthegong. (Bala Bahebera 13:7, 17.) Fa e le gore o mogolwane kgotsa o motlhanka wa bodiredi, a o bontsha boikokobetso ka go lebogela tshiamelo eo ya tirelo e Jehofa a go neileng yone?

11, 12. Ke nonofo efe e e ka dirang gore re nne botlhokwa thata mo phuthegong ya ga Jehofa, mme ke eng fa seno se le botlhokwa?

11 Motho yo o itshwarang jaaka yo mmotlana o “mogolo” kgotsa o botlhokwa thata mo phuthegong ya ga Jehofa, ka gonne boikokobetso jwa gagwe bo dira gore e nne motlhanka yo o botlhokwa wa Modimo. Jesu o ile a tshwanelwa ke go gakolola barutwa ba gagwe gore ba itshware jaaka ba ba botlana, ka gonne bangwe ba bone ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o neng o rena ka nako eo. Luke 9:46 ya re: “Ga tsena kakanyo mo gare ga bone ka ga gore ke mang wa bone yo o ka tswang e le yo mogolo.” A le rona re ka nna ra simolola go akanya gore gongwe re gaisa badumedimmogo le rona kgotsa re botoka mo bathong ba bangwe? Bontsi jwa batho ba re tshelang le bone ba na le moya wa boikgogomoso le bogagapa. A re se keng ra nna boikgogomoso mme re ikokobetse. Fa re ikokobetsa mme re dira gore thato ya ga Jehofa e nne yone e tlang pele, bakaulengwe le bokgaitsadi ba tla itumelela go tsalana le rona.

12 Ruri kgakololo ya ga Jesu ya gore re itshware jaaka yo mmotlana e a kgothatsa. A re ka lwela go bontsha moya wa yo mmotlana mo dikarolong tse dingwe tsotlhe tsa botshelo jwa rona? A re sekasekeng dikarolo di le tharo.

LWELA GO NNA YO MMOTLANA

13, 14. Monna kgotsa mosadi a ka itshwara jang jaaka yo mmotlana, mme seo se ka ama lenyalo la bone jang?

13 Mo lenyalong. Gompieno batho ba le bantsi ba amegile thata ka ditshwanelo tsa bone mo ba gatelelang gore di diragadiwe le fa seo se raya gore ba gatake ditshwanelo tsa ba bangwe. Le fa go ntse jalo, motho yo mmotlana o kaelwa ke boikutlo jo Paulo a rotloetsang gore re nne le jone. Mo lekwalong le a le kwaletseng Baroma, o ne a kwala jaana: “A re lateleleng dilo tse di isang kagisong le dilo tse di bakang go agana.” (Bar. 14:19) Motho yo o itshwarang jaaka yo mmotlana, o batla go nna le kagiso le batho botlhe, segolobogolo le molekane wa gagwe wa lenyalo yo a mo ratang.

14 Akanya ka kgang ya boitlosobodutu. Banyalani ba ka tswa ba na le maikutlo a a sa tshwaneng mo kgannyeng ya boitlosobodutu jo ba bo ratang. Gongwe monna o rata go itapolosa ka go nna kwa gae a bala buka. Mme mosadi ene a ka tswa a rata gore ba intshe ba ye go ja kgotsa ba etele ditsala. Go tla nna motlhofo gore mosadi a tlotle monna wa gagwe fa a bona gore monna o bontsha boikokobetso le gore o akanyetsa se a se ratang le se a sa se rateng go na le go amega fela ka se ene a se batlang. Mme ruri monna le ene o tla rata mosadi wa gagwe le go mo anaanela thata fa a bona gore mosadi ga a batle fela gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe, mme o akanyetsa maikutlo a monna wa gagwe! Lenyalo le a nonofa fa balekane boobabedi ba itshwara jaaka yo mmotlana.—Bala Bafilipi 2:1-4.

15, 16. Mo go Pesalema 131, Dafide o rotloetsa go nna le boikutlo bofe, mme seo se tshwanetse go ama jang tsela e re itshwarang ka yone mo phuthegong?

15 Mo phuthegong. Bontsi jwa batho mo lefatsheng ba tshelela go kgotsofatsa dikeletso tsa bone ka yone nako eo. Ga ba pelotelele e bile ba tlhoile go leta. Go lwela go nna le moya wa yo mmotlana go re thusa gore re lete Jehofa. (Bala Pesalema 131:1-3.) Fa re le boikokobetso mme re leta Jehofa, re tla babalesega mme re nne le masego, kagiso ya mogopolo le kgotsofalo. Ke gone ka moo Dafide a ileng a kgothaletsa Baiseraele mmogo le ene gore ba lete Modimo wa bone ka bopelotelele!

16 Le wena o tla gomotsega ka tsela e e tshwanang fa o ikokobetsa mme o leta Jehofa. (Pes. 42:5) Gongwe o “eletsa tiro e e molemo” ka jalo o “kgaratlhela tiro ya bolebedi.” (1 Tim. 3:1-7) Ke boammaaruri gore o tshwanetse go dira sotlhe se o ka se kgonang, gore moya o o boitshepo o go thuse go nna le dinonofo tse di tlhokegang mo molebeding. Le fa go ntse jalo, go tweng fa wena o tshwanelwa ke go leta lobaka go na le batho ba bangwe? Motho yo mmotlana yo o letelang tshiamelo ya tirelo ka bopelotelele, o tla tswelela a direla Jehofa a itumetse e bile a ipelela kabelo nngwe le nngwe e a e newang.

17, 18. (a) Ke melemo efe e e nnang teng fa re kopa ba bangwe gore ba re itshwarele mme le rona re iketleeleditse go ba itshwarela? (b) Ke kgakololo efe e re e fitlhelang mo go Diane 6:1-5?

17 Mo tseleng e re dirisanang le ba bangwe ka yone. Batho ba le bantsi ba fitlhela go le thata go kopa maitshwarelo. Le fa go ntse jalo, batlhanka ba Modimo ba leka ka natla go itshwara jaaka yo mmotlana ka go amogela diphoso tsa bone le go kopa maitshwarelo. Gape ba iketleeleditse go itshwarela ba bangwe diphoso tsa bone. Boikgogomoso bo baka dikgaogano le dikgotlhang, mme boitshwarelo jone bo dira gore go nne le kagiso mo phuthegong.

18 Re ka nna ra tshwanelwa ke go “ikokobetsa” ka go kopa maitshwarelo mo mothong yo mongwe, fa re sa kgona go diragatsa sengwe se re neng re dumalane ka sone ka ntlha ya mabaka a re sa kgoneng go a laola. Mokeresete yo o ikokobeditseng a ka se ka a batla go pega motho yo mongwe molato ka ntlha ya diphoso tsa gagwe, go na le moo o amogela diphoso tsa gagwe.—Bala Diane 6:1-5.

Re na le ditshono dife tsa go itshwara jaaka ba ba botlana?

19. Re na le mabaka afe a go lebogela kgakololo ya Baebele ya go itshwara jaaka yo mmotlana?

19 Ruri re lebogela kgothatso ya Dikwalo ya gore re lwele go itshwara jaaka yo mmotlana! Le fa ka dinako dingwe go ka nna thata go nna le moya oo, go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng e Mmopi wa rona a di lebang ka yone le go anaanela boikokobetso jwa gagwe, go ka re thusa gore re nne le nonofo eno e e molemo. Fa re dira jalo, re tla nna batlhanka ba ga Jehofa ba ba botlhokwatlhokwa. A mongwe le mongwe a itshware jaaka yo mmotlana.

^ ser. 5 Maina a fetotswe.