Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 19:10-12 a kaya gore batho ba ba tlhophang go nna ba se mo lenyalong, ba amogetse mpho eo ka tsela nngwe ya kgakgamatso?

Akanya gore boemo e ne e le bofe fa Jesu a ne a bua ka kgang ya go se tsene mo lenyalong. Fa Bafarasai ba ne ba tla kwa go ene mme ba tsosa kgang ya tlhalo, Jesu o ne a ba tlhalosetsa melao ya ga Jehofa e e malebana le lenyalo. Le fa gone Molao o ne o letlelela gore monna a ka naya mosadi wa gagwe lekwalo la tlhalo fa a ne a ka fitlhela “sengwe se se seng sentle” mo go ene, go ne go sa nna jalo kwa tshimologong. (Dute. 24:1, 2) Go tswa foo, Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka lebaka la kgokafalo, mme a nyala yo mongwe o dira boaka.”—Math. 19:3-9.

Fa barutwa ba utlwa seo ba ne ba re: “Fa e le gore boemo bo ntse jalo ka monna le mosadi wa gagwe, ga go botlhale go nyala.” Mme Jesu o ne a ba raya a re: “Ga se batho botlhe ba ba tsholang lefoko leno, mme ke fela ba ba nang le mpho eo. Gonne go na le baopafadiwa ba ba neng ba tsalwa ba ntse jalo go tswa mo sebopelong sa bommaabone, e bile go na le baopafadiwa ba ba neng ba dirwa baopafadiwa ke batho, mme go na le baopafadiwa ba ba itirileng baopafadiwa ka ntlha ya bogosi jwa magodimo. A yo o ka go tsholang a go tshole.”—Math. 19:10-12.

Baopafadiwa ba mmatota e ne e le batho ba ba neng ba tshotswe ba ntse jalo ka gonne ba golafetse kgotsa e le ba ba dirilweng jalo ke kotsi kgotsa ba kgaotswe ditokololo tsa mmele. Le fa go ntse jalo, gape go ne go na le ba ba neng ba itlhophela go nna baopafadiwa. Le fa ba ne ba ka kgona go tsena mo lenyalong, ba ne ba nna le boikgapo mme ba se ka ba tsena mo lenyalong “ka ntlha ya bogosi jwa magodimo.” Fela jaaka Jesu, ba ne ba tlhopha go se tsene mo lenyalong e le gore ba dirise nako ya bone ka botlalo mo tirelong ya Bogosi. Ga ba a tsholwa ba na le mpho ya go se tsene mo lenyalong e bile ga ba a newa mpho eo. Ba ne ba itlhophela go nna le mpho eo ka go rata.

Fa moaposetoloi Paulo a ne a oketsa mafoko a Jesu a neng a a bua, o ne a tlhalosa gore le fa Bakeresete botlhe—ba ba mo lenyalong kgotsa ba ba seng mo go lone—ba ka direla Modimo ka tsela e a e amogelang, batho ba ba seng mo lenyalong ba ba ‘tlhomameng mo pelong’ ka boemo jwa bone ba tla “dira botoka.” Jang? Batho ba ba leng mo lenyalong ba tshwanetse go dirisa nako e nngwe ya bone le maatla go itumedisa balekane ba bone le go ba tlhokomela. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba ka kgona go dira tiro ya Morena ka botlalo ba se na maikarabelo ao. Ba tsaya boemo jwa bone e le “mpho” e e tswang kwa Modimong.—1 Bakor. 7:7, 32-38.

Ka jalo, Dikwalo di re bolelela gore Mokeresete ga a amogele mpho ya go nna a se mo lenyalong ka tsela nngwe ya kgakgamatso. Go na le moo, o nna le mpho eno ka go tswelela a se mo lenyalong e le gore a tsweletse pele dilo tse di direlwang Bogosi a sa kgorelediwe ke sepe. Batho ba le bantsi ba itiretse tshwetso ya go nna ba se mo lenyalong ka ntlha ya lebaka leno, mme go tla bo go le molemo gore ba bangwe ba ba kgothatse.