Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ithute mo Lefokong la Modimo

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A ne A Romela Jesu mo Lefatsheng?

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo A ne A Romela Jesu mo Lefatsheng?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di botsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. Jesu o ne a le kae pele Modimo a mo romela mo lefatsheng?

Jesu o ne a tshela e le motho wa moya kwa legodimong pele ga a tsholwa kwa Bethelehema. E ne e le popo ya ntlha ya Modimo e bile ke ene fela yo a bopilweng ke Modimo ka tlhamalalo. Ka jalo, go a tshwanela go bo a bidiwa Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi. Gangwe le gape o ne a bua e le moemedi wa Modimo fa a ne a le kwa legodimong. Ke ka moo a bidiwang Lefoko. Gape e ne e le mothusi wa Modimo e bile o ne a nna le seabe mo go bopiweng ga dilo tse dingwe tsotlhe. (Johane 1:2, 3, 14) Jesu o ne a nna le Modimo kwa legodimong dingwaga di le dintsintsi pele batho ba bopiwa.—Bala Mika 5:2; Johane 17:5.

2. Modimo o ile a romela Morwawe jang mo lefatsheng?

Jehofa o ne a fetisetsa botshelo jwa ga Jesu mo popelong ya ga Marea a dirisa moya o o boitshepo. Ka jalo, ga go na rre ope yo o ileng a nna le seabe mo go tsholweng ga ga Jesu. Baengele ba ne ba itsise go tsholwa ga ga Jesu mo badiseng ba mo lefelong leo, ba ba neng ba disitse matsomane a bone kwa ntle bosigo. (Luke 2:8-12) Ka jalo, Jesu o ne a tsholwa mo e ka nnang masimologo a kgwedi ya October fa go sa ntse go thuthafetse, e seng ka nako ya mariga fa go le tsididi thata. Nako nngwe moragonyana, Marea le monna wa gagwe e bong Josefa, ba ne ba isa Jesu kwa legaeng la bone kwa Nasaretha mme ba mo godisetsa gone. Josefa o ne a tlhokomela Jesu e le morwawe.—Bala Mathaio 1:18-23.

Jesu o ne a kolobediwa a na le dingwaga di le 30 mme Modimo o ne a itsise phatlalatsa gore Jesu ke Morwawe. Go tswa foo, Jesu o ne a simolola tiro e Modimo a neng a mo romile go tla go e dira.—Bala Mathaio 3:16, 17.

3. Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a romela Jesu mo lefatsheng?

Modimo o ne a roma Jesu go tla go ruta batho boammaaruri. Jesu o ne a ruta ka Bogosi jwa Modimo e leng puso e e kwa legodimong e e tla tlisang kagiso mo lefatsheng lotlhe. O ne a naya batho tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 4:14; 18:36, 37) Gape Jesu o ne a ruta batho dilo di le dintsi ka ga go bona boitumelo jwa mmatota. (Mathaio 5:3; 6:19-21) O ne a ruta ka go tlhoma sekao. Ka sekai, o ne a bontsha kafa motho a ka dirang thato ya Modimo ka gone le fa a le mo maemong a a thata. Fa a ne a tshwarwa makgwakgwa ga a ka a ipusolosetsa.—Bala 1 Petere 2:21-24.

Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe lorato lwa go intsha setlhabelo. O ne a na le ditshiamelo tse dintsi fa a ne a na le Rraagwe kwa legodimong mme ka boikokobetso o ne a ikobela Rraagwe ka go tla mo lefatsheng go tla go tshela le batho. Ga go na ope yo o ka re tlhomelang sekao se se molemo sa lorato go feta Jesu.—Bala Johane 15:12, 13; Bafilipi 2:5-8.

4. Jesu o ne a fitlhelela eng ka loso lwa gagwe?

Gape Modimo o ne a rometse Jesu go tla go swela maleo a rona. (Johane 3:16) Rotlhe re baleofi, mo go rayang gore ga re a itekanela e bile re a leofa. Ke ka moo re lwalang re bo re swa. Go farologana le moo, monna wa ntlha e bong Adame, o ne a itekanetse. O ne a se na boleo e bile o ne a ka se ka a swa kgotsa a lwala. Mme o ne a latlhegelwa ke boitekanelo ka ntlha ya go se ikobele Modimo. Re ruile boleo le dituelo tsa jone e leng loso mo go Adame.—Bala Baroma 5:12; 6:23.

Jesu, yo e neng e le monna yo o itekanetseng, ga a ka a swa ka ntlha ya maleo a gagwe. O ne a swela maleo a rona. Loso lwa ga Jesu lo dira gore re kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng le go segofadiwa ke Modimo.—Bala 1 Petere 3:18.