Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dirisiwa ga Ditlolontlafatsi mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele

Go Dirisiwa ga Ditlolontlafatsi mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele

Tsela ya go itira bantle ya basadi bangwe ba metlha ya ditiragalo tsa Baebele e ne e akaretsa go dirisa ditlolo tsa matlho, tsa sefatlhego le tsa letlalo

Fa mosadi a sena go tlhapa, o ne a tshasa letlalo la gagwe le le borethe leokwane le le nkgang monate. Go tswa foo, o ne a bula lebokoso le le mebalabala le le kgabisitsweng le le nang le medutwana le dinkgwana tse di neng di dirilwe ka galase, lonaka lwa tlou, kgapetla kgotsa ka leje. Mo go tsone go ne go na le leokwane le dinkgisamonate tse di farologaneng tse di neng di na le monko o o monate wa balema, “cardamom”, sinamone, lebano, tswina, mera le dilo tse dingwe tse di ntseng jalo.

Go tswa mo lebokosong leo, mosadi yono o ne a ntsha dintsho, dipoleite le dijana tse di bopegileng bontle. O ne a di dirisetsa go tlhakanya ditlolo tsa gagwe tsa go intlafatsa tse a neng a batla go di dirisa ka letsatsi leo. A ntse a itebile mo seiponeng sa boronse, o tswelela go intlafatsa ka kelotlhoko.

GO A bonala gore go tswa bogologolo, basadi ba ne ba ntse ba rata go itira bantle. Ditshwantsho tsa matlapa a bogologolo a mabitla, tsa mabota le ditshwantsho tse di dirilweng ka matlapana, tsotlhe di bontsha gore go dirisiwa ga ditlolo tsa go intlafatsa go ne go aname mo bathong ba kwa Mesopotamia le ba kwa Egepeto ya bogologolo. Basadi ba ne ba rata mokgwa wa go itshasa matlho ka bontsho o o dirisiwang ke basadi ba Baegepeto ba ba leng mo ditshwantshong.

Mme go tweng ka Baiseraele? A basadi ba Iseraele wa bogologolo ba ne ba dirisa ditlolo tsa go intlafatsa? Fa e le gore ba ne ba di dirisa, ba ne ba dirisa mefuta efe? Gone ke boammaaruri gore ga go na ditshwantsho dipe tse di takilweng mo matlapeng a mabitla kgotsa tse di takilweng mo maboteng a Iseraele wa bogologolo tse re ka di umakang. Mme dipego dingwe tsa Baebele le dilo tse di farologaneng tse di epolotsweng kwa dinageng tsa motlha wa Baebele tse di bonweng ke baithutamarope di ka re naya lesedinyana malebana le go dirisiwa ga ditlolo tsa go intlafatsa mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele.

Dilo Tse di Neng di Dirisiwa

Dijana tse di dirilweng ka leje la kalaka tse di neng di dirisediwa ditlolontlafatsi, kwa Iseraele

Go na le dilo tse dintsi tse di amanngwang le go dirisiwa ga ditlolo tsa go intlafatsa le dinkgisamonate tse di epolotsweng go ralala naga ya Iseraele. Mo gare ga dilo tse di bonweng fa go epololwa go fitlhetswe megotswana, dijana tse di sephaphathi tse di neng di dirisediwa go sila le go tlhakanya metswako ya ditlolo tsa go intlafatsa, medutwana ya dinkgisamonate e e bopegileng jaaka segwete, dinkgwana tsa setlolo tsa alebasetere le diipone tsa boronse tse di phatsimang tse di tshwarwang ka seatla. Leswana lengwe le le dirilweng ka lonaka lwa tlou lo lo gabilweng matlhare a mokolane mo letlhakoreng le lengwe la mokgothi wa lone mme kafa letlhakoreng le lengwe go na le tlhogo ya mosadi e e dikologilweng ke maphoi.

Go lebega dikgapetla tse di kgabisitsweng e ne e le dilo tse di neng di tlwaelegile, tse go neng go tsenngwa ditlolo tsa go intlafatsa mo go tsone, tse di neng di dirisiwa ke batho ba ba humileng. Gape kwa Egepeto le kwa mafelong mangwe a Kanana go ile ga fitlhelwa maswana a mannye a a dirilweng ka lonaka lwa tlou kgotsa ka logong, mangwe a one a betlilwe ka popego ya basetsana ba ba thumang le dipopego tse dingwe tse dintle. Dilo tseno tsotlhe di bontsha gore ditlolo tsa go intlafatsa di ne di dirisiwa thata mo metlheng eo.

Tse di Neng di Dirisediwa Matlho

Mo Baebeleng, mongwe wa bomorwadie Jobe o bidiwa “Kerene-hapuke.” Ka Sehebera leina leno le ka kaya “Lonaka Lwa Pente ya Mmala o Montsho wa (Leitlho),” e leng setshegetsi kgotsa lebokoso le go neng go tsenngwa ditlolo tsa go intlafatsa mo go lone, gongwe e le poere e ntsho kgotsa setlolo sa matlho. (Jobe 42:14) Leina leo le ka tswa le tlhalosa bontle jwa gagwe, mme gape go lebega le akantsha go dirisiwa ga ditlolo tsa go intlafatsa tse di neng di itsege ka nako eo.

Tota e bile fa go buiwa ka go itshasa ditlolo mo matlhong mo Baebeleng gantsi go amanngwa le basadi ba ba neng ba itsege ka boitsholo jo bo sa siamang jaaka Kgosigadi e e boferefere e bong Jesebele le Jerusalema e e sa ikanyegeng, e e neng e tshwantshiwa le seaka ke moporofeti Jeremia le moporofeti Esekiele. (2 Dikgosi 9:30; Jeremia 4:30; Esekiele 23:40) Go ya ka se se fitlhetsweng mo ditshegetsing tse dintsi tse di epolotsweng tsa galase kgotsa tsa leje tse di neng di na le didirisiwa tse dinnye tse go neng go tshasiwa poere ya matlho ka tsone, go bonala sentle gore basadi ba le bantsi ba Iseraele wa motlhanogi—segolobogolo ba ba neng ba le mo ntlong ya segosi le ba ba humileng—ba ne ba na le mokgwa wa go itshasa poere ya matlho le ditlolo tse dingwe ka tsela e e feteletseng.

Leokwane le le Nkgang Monate le le Neng le Dirisediwa Dilo Tse di Boitshepo Kgotsa Tse di Tlwaelegileng

Go dirwa le go dirisiwa ga dinkgisamonate tse di dirilweng ka leokwane la motlhware ga go bolo go nna teng kwa Iseraele wa bogologolo. Buka ya Baebele ya Ekesodo e bontsha tsela ya go dira leokwane le le nkgang monate le le neng le dirisiwa ke baperesiti mo ditirelong tsa bone tsa kwa tempeleng. E ne e le motswako wa sinamone, mera le dijalo tse dingwe tse di nkgang monate. (Ekesodo 30:22-25) Kwa Jerusalema, baithutamarope ba ile ba bona lefelo lengwe la lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., le ba dumelang gore go ne go dirwa senkgisamonate le maswalo a a neng a dirisiwa kwa tempeleng gone. Go na le ditemana di le dintsi tsa Baebele tse di buang ka leokwane le le nkgang monate, le le neng le dirisiwa mo tirelong e e boitshepo le mo dilong tse di tlwaelegileng tsa letsatsi le letsatsi.—2 Ditiragalo 16:14; Luke 7:37-46; 23:56.

Nkgwana ya letsopa ya senkgisamonate, kwa Iseraele

Metsi a ne a sa bonwe motlhofo mo karolong eo ya lefatshe, ka jalo, batho ba ne ba rata go dirisa leokwane le le nkgang monate gore le ba thusa gore ba nne ba le phepa. Leokwane le ne le sa dirisiwe fela go sireletsa letlalo mo tlelaemeteng e e mogote e e omileng mme gape le ne le thusa mo go intlafatseng. (Ruthe 3:3; 2 Samuele 12:20) Pele ga morweetsana wa Mojuda e bong Esethere a isiwa kwa go Kgosi Ahasueruse, o ne a sidilwa ka leokwane la mera ka dikgwedi di le thataro mme ka dikgwedi tse dingwe tse thataro a sidilwa ka leokwane la balema.—Esethere 2:12.

Dinkgisamonate le leokwane le le nkgang monate di ne di le tlhwatlhwakgolo fela jaaka selefera le gauta. Fa kgosigadi ya Sheba e tsaya loeto lwa yone lo lo tumileng lwa go ya go etela Kgosi Solomone, dimpho tse di tlhwatlhwakgolo tse a neng a tla ka tsone di ne di akaretsa gauta, maje a a tlhokegang le leokwane la balema. (1 Dikgosi 10:2, 10) Fa Kgosi Hesekia a ne a bontsha barongwa ba ba tswang kwa Babelona matlotlo a ntlo ya gagwe, o ne a ntsha “leokwane la balema le leokwane le le molemo” a di ba bontsha mmogo le selefera, gauta le dibetsa tsotlhe tsa gagwe ka go ipelafatsa.—Isaia 39:1, 2.

Go ne go ka ntshiwa fela senkgisamonate kgotsa leokwane le lennye mo malomong, mo maungong, mo matlhareng, mo borekung kgotsa mo makwating a a farologaneng. Baebele e umaka dingwe tsa dimela tseno tse di nkgang monate tse di jaaka mokgwapha, balema, boreku jwa beteleuma, kalamose, kasia, sinamone, lebano, mera, saferone le naredo. Dingwe tsa tsone di ne di sa bonwe gongwe le gongwe mme di ne di gola kwa Mokgatšheng wa Joredane. Tse dingwe di ne di rekwa le go romelwa ka ditsela tse di tumileng tsa kgwebo go tswa kwa India, Arabia Borwa le kwa mafelong a mangwe.

Leokwane la Balema Le go Sa Itsiweng Gore le Tswa Kae

Leokwane la balema le umakiwa mo Baebeleng mo dipegong tse di buang ka Kgosigadi Esethere, kgosigadi ya Sheba le Kgosi Hesekia, jaaka go bontshitswe fa godimo. Ka 1988 go ne ga bonwa nkgwana ya leokwane gaufi le logaga lwa Qumran, kwa lotshitshing lo lo ka kwa ntlheng ya bophirima jwa Lewatle le le Suleng. E ne ya tsosa dipotso di le dintsi. A e ne e le sekaelo sa bofelo sa leokwane la balema le le neng le tumile? Babatlisisi ga ba tlhomamisege. Go fitlha gompieno, balemi ba sa ntse ba leka gape go lema ditlhare tseno tse di tumileng tsa balema.

Sedirisiwa sa lonaka lwa tlou sa ditlolontlafatsi, kwa Iseraele

Go bonala bosupi bo bontsha gore leokwane la balema le le umakiwang mo Baebeleng le ne le lengwa mo kgaolong e e gaufi le En-gedi. Fa go ne go ribololwa go bonwe maubelo, dinkgwana le dilo tse di farologaneng tse di dirilweng ka tshipi le marapo, tsa lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E., tse di tshwanang le tse di neng di dirisiwa mo mafelong a mangwe a go neng go diriwa senkgisamonate mo go one. Bakanoki ba le bantsi ba dumela gore setlhatsana sa balema se tswa kwa Arabia kgotsa Afrika. Monko wa balema o ne o tswa mo matuteng a setlhatsana seno. Leokwane la balema le ne le tseelwa kwa godimo thata jaana mo e leng gore ditsela tsa go le lema le go le dira e ne e le sephiri.

Mme e bile balema e ne e dirisiwa mo ditumalanong tsa dipolotiki. Ka sekai, rahisitori e bong Josephus a re, Mark Antony o ne a batla tshimo yotlhe ya dimela tse di tlhwatlhwakgolo tseno gore a e neye Kgosigadi ya kwa Egepeto e bong Cleopatra e le mpho. Rahisitori wa Moroma e bong Pliny o ne a bolela gore ka nako ya Ntwa ya Bajuda mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., batlhabani ba Bajuda ba ne ba leka go senya dimela tsotlhe tsa balema go thibela Baroma ba ba neng ba ba fenya go di tsaya.

Ka ntlha ya dipego tsa Baebele le dilo tse di ribolotsweng ke baithutamarope, re kgona go tlhaloganya go sekae tsela ya botswerere e batho ba mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele ba neng ba dirisa ditlolo tsa go intlafatsa ka yone. Go na le gore Baebele e kgale go dirisiwa ga ditlolo tsa go intlafatsa le ditsela tse dingwe tsa go ikgabisa, e gatelela gore di dirisiwe ka tekatekano le ka tsela e e itekanetseng ya mogopolo. (1 Timotheo 2:9) Moaposetoloi Petere o ne a bontsha gore selo se se “botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo” ke “moya o o didimetseng le o o bonolo.” E re ka ditaele le difeshene di nna di fetofetoga, kgakololo eno e molemo tota mo basading ba Bakeresete, ba ba godileng mmogo le ba basha.—1 Petere 3:3, 4.