Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna o Atamalane le Jehofa

Nna o Atamalane le Jehofa

“Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—JAK. 4:8.

1, 2. (a) Satane o dirisa “maano” afe? (b) Ke eng se se tla re thusang gore re atamalane le Modimo?

JEHOFA MODIMO o bopile batho ba na le maikutlo a go batla go atamalana le ene. Le fa go ntse jalo, Satane o batla gore re akanye jaaka ene—gore ga re tlhoke Jehofa. Ao ke maaka a Satane a ileng a a dirisa go raela Efa kwa tshimong ya Edene, mme le jaanong o sa ntse a a anamisa. (Gen. 3:4-6) Go ralala hisitori, bontsi jwa batho bo ntse bo dira yone phoso eo.

2 Se se itumedisang ke gore ga re tlhoke go wela mo seraing sa ga Satane. “Ga re ba ba se nang kitso ka maano a gagwe.” (2 Bakor. 2:11) Satane o leka go re katosetsa kgakala le Jehofa ka go re tlhotlheletsa go dira ditshwetso tse di phoso. Le fa go ntse jalo, jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, re ka dira ditshwetso tse di siameng malebana le tiro, boitlosobodutu le dikgang tsa lelapa. Setlhogo seno se tla re bontsha kafa go dira ditshwetso tse di siameng malebana le thekenoloji, botsogo, madi le boikgogomoso go ka re thusang ka gone gore re ‘atamele Modimo.’—Jak. 4:8.

THEKENOLOJI

3. Bontsha kafa thekenoloji e ka dirisiwang ka gone ka tsela e molemo le e e sa siamang.

3 Lefatshe ka bophara, batho ba le bantsi ba dirisa didirisiwa tsa bosheng tsa ileketeroniki. Fa didirisiwa tseno di dirisiwa sentle, di ka nna molemo tota. Mme fa di sa dirisiwe sentle, di ka re katosetsa kgakala le Rraarona yo o kwa legodimong. Akanya ka dikhomputara. Makasine o o o balang o kwadilwe wa bo wa gatisiwa go dirisiwa dikhomputara. Khomputara e ka nna sedirisiwa se se molemo sa go dira dipatlisiso le sa go buisana le ba bangwe e bile ka dinako dingwe o ka e dirisa go itlosa bodutu. Le fa go ntse jalo, gape re ka tshwarega thata ka go dirisa khomputara. Babapatsi ba dira gore batho ba akanye gore ba tshwanetse go nna le dilo tsa bosheng. Lekawana lengwe le ne le eletsa thata go nna le mofuta mongwe wa khomputara mo a neng a rekisa nngwe ya diphilo tsa gagwe ka sephiri gore a kgone go e reka. Ruri eo e ne e se tshwetso e e botlhale!

4. Mokeresete mongwe o ne a lepalepana jang le mokgwa wa gagwe wa go dirisa khomputara ka tsela e e feteletseng?

4 Go tla bo go utlwisa botlhoko tota go latlhegelwa ke kamano  ya gago le Jehofa ka ntlha ya go dirisa thekenoloji ka tsela e e sa siamang kgotsa go e dirisa go feta selekanyo. Mokeresete mongwe yo o bidiwang Jon, yo o wetsang dingwaga tsa gagwe tsa bo 20 o ne a re: “Ke a itse gore Baebele ya re re ‘ithekele nako e e re siametseng’ ya dilo tsa semoya. Le fa go ntse jalo, fa go tla mo tseleng e ke dirisang khomputara ka yone, ga ke kgone go dirisa nako ya me sentle.” * Gantsi Jon o nna mo khomputareng go fitlha bosigogare. A re: “Le fa ke lapile, go nna thata gore ke tlogele go tlotla le batho mo khomputareng kgotsa go lebelela dibidio tse di khutshwane—mme ka dinako dingwe ke dibidio tse di sa siamang.” Gore Jon a kgone go tlogela mokgwa ono wa gagwe o o sa siamang, o ne a dira gore khomputara ya gagwe e itime fa e le nako ya gagwe ya go robala.—Bala Baefeso 5:15, 16.

Batsadi, thusang bana ba lona go dirisa thekenoloji ka tsela e e botlhale

5, 6. (a) Batsadi ba na le boikarabelo bofe mo baneng ba bone? (b) Batsadi ba ka tlhomamisa jang gore bana ba bone ba tsalana le batho ba ba siameng?

5 Batsadi, ga lo tlhoke go laola sengwe le sengwe se bana ba lona ba se dirang, le fa go ntse jalo lo tshwanetse go ela tlhoko tsela e ba dirisang khomputara ka yone. Lo se ka lwa ba tlogelela fela gore ba lebe boitsholo jo bo sa siamang, dibidio tse di tletseng thubakanyo, tirisabadimo kgotsa go tlotla le batho ba ba sa siamang mo Internet, e le fela gore ba se ka ba lo itaya tsebe. Fa o ka dira jalo, ba ka nna ba dira tshwetso ya gore, ‘Fa Mama le Papa ba sa re sepe, seno se tshwanetse sa bo se siame.’ Lona batsadi, ke lona lo tshwanetseng go sireletsa bana ba lona—go akaretsa ba ba mo dingwageng tsa bolesome—mo go sengwe le sengwe se se ka dirang gore ba katogele kgakala le Jehofa. Tota le diphologolo di sireletsa bana ba tsone mo kotsing. Akanya fela gore bera e namagadi e tla dirang fa mongwe a ka leka go tlhasela bana ba yone!—Bapisa Hosea 13:8. *

6 Thusa bana ba gago gore ba tsalane le Bakeresete ba bangwe ba ba tlhomang sekao, ba bannye le ba bagolo. Mme se lebale gore bana ba gago ba tlhoka gore wena o fetse nako e ntsi le bone! Ka jalo, dira gore o nne le nako ya go tshega, go tshameka, go bereka le bone, le go ‘atamela Modimo’ le bone.

BOTSOGO

7. Ke eng fa rotlhe re batla go nna le botsogo jo bo siameng?

7 “O tsogile jang?” Potso eno e e tlwaelegileng, e bontsha maemo a a sa itumediseng a re tshelang mo go one. Rotlhe re a lwala, ka gonne batsadi ba rona ba ntlha ba ile ba letla gore Satane a ba katosetse kgakala le Jehofa. Fa re lwala, Satane o a itumela ka gonne go nna thata gore re direle Jehofa. Mme fa re sule ga re kgone go mo direla gotlhelele. (Pes. 115:17) Ka jalo, re batla go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re nne le botsogo jo bo siameng. * E bile re tshwanetse go amega ka botsogo jwa bakaulengwe ba rona.

8, 9. (a) Re ka tila jang go feteletsa dilo mo kgannyeng ya botsogo? (b) Mesola ya go lwela go nna le boipelo ke efe?

8 Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore re tile go feteletsa dilo. Bangwe ba ile ba tlhagafalela go buelela mekgwa mengwe ya go ja, ya kalafi  kgotsa dilo dingwe—tota le e leng go feta kafa ba tlhagafaletseng go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ka gone. Ba ka tswa ba tlhatswegile pelo gore ba thusa ba bangwe. Mme gone, ga re a tshwanela go buelela melemo ya kalafi kgotsa mekgwa mengwe ya go intlafatsa pele ga dipokano kgotsa morago ga tsone kwa Holong ya Bogosi kgotsa kwa dikopanong tse dikgolo le tse dinnye. Ka ntlha yang?

9 Re kopana mmogo go tla go tlotla ka dilo tsa semoya le go oketsa boipelo jwa rona, e leng leungo la moya o o boitshepo wa Modimo. (Bagal. 5:22) Go naya batho kgakololo ka botsogo jwa bone kwa dipokanong kgotsa go ba bolelela ka melemo mengwe e ba ka e dirisang—ba ka tswa ba go kopile kgotsa ba sa go kopa—go ka nna ga re itaya tsebe mo dilong tsa semoya kgotsa ga dira gore ba bangwe ba se ka ba tlhola ba itumela. (Bar. 14:17) Motho o tshwanetse go itirela tshwetso ya kafa a tla rarabololang mathata a gagwe a botsogo ka gone. Mo godimo ga moo, ga go ope yo o nang le tharabololo ya malwetse otlhe. Tota le dingaka tse e leng bomankge di a tsofala e bile di a lwala mme kgabagare di a swa. E bile go tlhobaela ka tsela e e feteletseng ka botsogo jwa rona ga go kitla go oketsa botshelo jwa rona. (Luke 12:25) Ka fa letlhakoreng le lengwe, “pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi.”—Dia. 17:22.

10. (a) Ke dinonofo dife tse di botlhokwa mo go Jehofa? (b) Re ka itumelela jang botsogo jo bo molemolemo?

10 Ka tsela e e tshwanang, go siame go tshwenyega ka ditebego tsa rona. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go leka ka natla go tlosa matshwao otlhe a go tsofala. Matshwao ao ke bosupi jwa gore o na le maitemogelo, seriti le bontle jwa ka fa teng. Ka sekai, Baebele ya re: “Botlhogoputswa ke serwalo sa bontle fa bo bapalwa ka tsela ya tshiamo.” (Dia. 16:31) Jehofa o re leba jalo, mme le rona re tshwanetse go leka go iteba ka tsela eo. (Bala 1 Petere 3:3, 4.) Ka jalo, a go botlhale go itsenya mo kotsing go sa tlhokege ka dikaro kgotsa kalafi nngwe e e ka nnang kotsi e le fela go dira gore re lebege re le bantle? “Boipelo jwa ga Jehofa” ke jone motswedi wa bontle jwa mmatota jo bo bonalang go tswa ka fa teng, go sa kgathalesege dingwaga tsa motho kgotsa botsogo jwa gagwe. (Neh. 8:10) Kwa lefatsheng le lesha, ke gone fela kwa re tla kgonang go nna le botsogo jo bo itekanetseng sentle le bontle jwa bosha. (Jobe 33:25; Isa. 33:24) Go fitlha nako eo e goroga, botlhale le tumelo ke tsone tse di tla re thusang gore re atamalane le Jehofa, re sa amege thata ka maemo a rona.—1 Tim. 4:8.

MADI

11. Madi e ka nna seru ka tsela efe?

11 Ga go phoso go nna le madi kgotsa go nna le kgwebo e e siameng. (Mor. 7:12; Luke 19:12, 13) Le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore go nna le “lorato lwa madi” go tla re katosetsa kgakala le Jehofa. (1 Tim. 6:9, 10) “Tlhobaelo ya tsamaiso eno,” e leng go amega thata ka go nna le dilo tse motho a di tlhokang mo botshelong, go ka re hupetsa semoyeng. Go ntse jalo le ka “maatla a a tsietsang a dikhumo,” e leng go leba dilo ka tsela e e phoso ya gore go nna le dikhumo go ka dira gore motho a nne a itumetse e bile a sireletsegile. (Math. 13:22) Jesu o ne a tlhalosa sentle gore “ga go ope” yo o ka kgonang go direla Modimo le dikhumo.—Math. 6:24.

12. Ke dirai dife tsa go dira madi tse di tlwaelegileng gompieno, mme ke eng fa re tshwanetse go di tila?

12 Go leba madi ka tsela e e sa siamang go ka dira gore motho a dire dilo tse di phoso. (Dia. 28:20) E re ka bangwe ba ile ba raelwa ke ditsholofetso tsa gore ba tla huma ka bonako ba sa tsaya matsapa a mantsi, ba ile ba reka dithekethe tsa lothari mo sephiring kgotsa ba tsenela mekgatlho ya go ikhumisa ka bonako e e tlhokang gore motho a ngokele ba bangwe mo go yone tota le e leng go ngoka maloko a mangwe a phuthego. Ba bangwe ba ile ba tsiediwa ke ditsholofetso tse di sa tlhomamang tsa gore ba tla nna le dipoelo tse di kwa godimo. O se ka wa letla bopelotshetlha bo dira gore o tsiediwe. Dirisa tlhaloganyo. Fa sengwe se lebega se sa kgonege, tota go raya gore ga se kgonege.

13. Tsela e Jehofa a lebang madi ka yone e farologane jang le e lefatshe le a lebang ka yone?

13 Fa re dira gore “bogosi le tshiamo” ya ga Jehofa di tle pele mo botshelong jwa rona, o tla segofatsa maiteko a rona a a siameng a go batla dilo tse re di tlhokang mo botshelong. (Math. 6: 33; Baef. 4:28) Jehofa ga a batle gore re otsele kwa dipokanong ka ntlha ya go bereka thata kgotsa gore re tlhobaele ka madi fa re le kwa Holong ya Bogosi. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba nne le madi a mantsi, ba akanya gore ba tla nna le isagwe e e molemo mme ba tshele sentle moragonyana. Gantsi ba kgothaletsa bana ba bone gore ba latelele mekgele ya go batla go nna le dikhumo. Jesu o ne a bontsha gore go akanya ka tsela eo ga go utlwale. (Bala Luke 12:15-21.) Tsela e e ntseng jalo ya go akanya e re gopotsa Gehasi, yo o neng a akanya gore a ka tswelela ka ditiro tsa gagwe tsa bopelotshetlha a ntse a na le kamano e e molemo le Jehofa.—2 Dikg. 5:20-27.

14, 15. Ke eng fa re sa tshwanela go lebelela gore go nna le madi mo tsamaisong eno go re sireletse? Naya sekai.

14 Ga twe fa ntsu e tshwere tlhapi ka dinala tsa yone, mme tlhapi eo e le boima jo bo fetang jwa ntsu, mme ntsu e bo e leka go tlhatlogela kwa godimo ka yone, e ka nna ya feleletsa e nwetse gonne e sa kgone go tlhatloga. A Mokeresete le ene a ka diragalelwa ke se se tshwanang? Mogolwane mongwe yo o bidiwang Alex a re: “Gantsi ke motho yo o somarelang. Fa nka tshela sesepa sa go tlhapa moriri se le sentsi mo seatleng, ke busetsa se sengwe mo teng ga lebotlolo.” Le fa go ntse jalo, Alex o ne a tshwarega thata ka go reka dishere, a akanya gore go ise go ye kae o tla tlogela tiro mme a bo a nna mmulatsela. O ne a fetsa nako e ntsi a ithuta gore a ka reka jang dishere le go di rekisa. O ne a dirisa madi a a bolokileng le a a a adimileng kwa bankeng go reka dishere tse go neng go akantswe gore di tla mo tsenyetsa madi a mantsi. Go na le moo, dishere tseo ga di a ka tsa kgona go mo tsenyetsa madi. Alex a re: “Ke ne ke ikaeletse gore ke boelwe ke madi a me. Ke ne ka akanya gore fa nka leta go sekaenyana, dishere tseo di tla ntsenyetsa madi.”

15 Alex o ne a fetsa dikgwedi di le dintsi a ntse a akantse fela ka dishere tseo. O ne a sa kgone go tlhoma mogopolo mo dilong tsa semoya e bile a sa kgone le go robala. Le fa go ntse jalo, dishere tseo ga di a ka tsa mo tsenyetsa madi. Alex o ne a latlhegelwa ke madi otlhe a a neng a a bolokile a bo a tshwanelwa ke go rekisa ntlo ya gagwe. O ne a re: “Ke ne ka bakela ba lelapa la me kutlobotlhoko e e seng kana ka sepe.” Mme o ne a ithuta thuto ya botlhokwa. A re: “Jaanong ke a itse gore ope fela yo o ikanyang tsamaiso eno ya ga Satane, o tla swaba nko go feta molomo.” (Dia. 11:28) Eleruri, go ikanya madi a rona a re a bolokileng, kgotsa bokgoni jwa rona jwa go dira madi mo tsamaisong eno, go tshwana fela le go ikanya “Modimo wa tsamaiso eno” e leng Satane. (2 Bakor. 4:4; 1 Tim. 6:17) Fa e sa le ka nako eo, Alex o ne a tlhofofatsa botshelo jwa gagwe “ka ntlha ya dikgang tse di molemo.” O tla go bolelela gore go dira jalo go mo thusitse gore ene le ba lelapa la gagwe ba itumele ga bo ga dira gore ba atamalane thata le Jehofa.—Bala Mareko 10:29, 30.

BOIKGOGOMOSO

16. Go nna motlotlo go farologana jang le go ikgogomosa?

16 Go nna motlotlo ka dilo tse di siameng go ka nna molemo. Ka sekai, ka metlha re tshwanetse go nna motlotlo go bo re le Basupi ba ga Jehofa. (Jer. 9:24) Go itlotla ka tsela e e siameng go re thusa gore re kgone go dira ditshwetso tse di siameng le gore re se ka ra nna le boitsholo jo bo sa siamang. Le fa go ntse jalo, go akanya gore tsela e re lebang dilo ka yone e siame go feta tsela e Jehofa a di lebang ka yone, go ka re katosetsa kgakala le ene.—Pes. 138:6; Bar. 12:3.

Go na le gore o eletse go nna le maemo mo phuthegong, itumelele go rera!!

17, 18. (a) Umaka dikai tse di mo Baebeleng tsa batho ba ba neng ba le boikokobetso le ba ba neng ba le boikgogomoso. (b) Mokaulengwe mongwe o ne a dira jang gore a se ka a letla boikgogomoso bo mo katosetsa kgakala le Jehofa?

17 Baebele e na le dikai tsa batho ba ba neng ba le boikgogomoso le ba ba neng ba ikokobeditse. Kgosi Dafide o ne a ikokobetsa mme a batla kaelo ya ga Jehofa, mme Jehofa o ne a mo segofatsa. (Pes. 131:1-3) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a kokobetsa dikgosi tse pedi tse di boikgogomoso e bong Kgosi Nebukadenesare le Beleshasare. (Dan. 4:30-37; 5:22, 30) Le gompieno go na le maemo mangwe a a ka dirang gore go nne thata gore re ikokobetse. Motlhanka mongwe wa bodiredi yo o nang le dingwaga di le 32 yo o bidiwang Ryan o ne a fudugela kwa phuthegong  e nngwe. O ne a re: “Ke ne ke solofetse gore go ise go ye kae ke tla buelelwa gore ke nne mogolwane, mme go ne ga feta ngwaga go se sepe se se diregang.” A Ryan o ne a tla galefa kgotsa go utlwa botlhoko a akanya gore bagolwane ga ba a mmontsha tlotlo e e mo tshwanelang? A o ne a tla emisa go ya dipokanong a letla boikgogomoso gore bo mo katosetse kgakala le Jehofa le batho ba Gagwe? Wena o ka bo o dirile eng?

18 Ryan o ne a re: “Ke ne ka bala sengwe le sengwe se se mo dikgatisong se se buang ka “tebelelo e e busediwang morago.” (Dia. 13:12) “Ke ne ka simolola go lemoga gore ke tshwanetse go ithuta go nna pelotelele le go ikokobetsa. Ke ne ke tshwanetse go letla Jehofa gore a nthapise.” Ryan o ne a simolola go tlhoma mogopolo mo go thuseng ba bangwe mo phuthegong le mo bodireding. Go ise go ye kae, o ne a tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele di le mmalwa tse di gatelang pele. A re: “Fa ke ne ke tlhomiwa go nna mogolwane morago ga ngwaga le halofo, seno se ne sa direga ke sa lebelela. Ke ne ke sa tlhole ke tshwenyega ka gone ka gonne ke ne ke itumelela bodiredi fela thata.”—Bala Pesalema 37:3, 4.

ATAMALANA LE JEHOFA!

19, 20. (a) Re ka tlhomamisa jang gore ditiro tsa letsatsi le letsatsi ga di re katosetse kgakala le Jehofa? (b) Ke dikao dife tse re ka di etsang tsa batho ba ba neng ba nna ba atamalane le Jehofa?

19 Dilo tsotlhe tse re tlotlileng ka tsone mo setlhogong seno le se se fetileng, ga di phoso. Re motlotlo go bo re le batlhanka ba ga Jehofa. Lelapa le le itumetseng le le le nang le botsogo jo bo siameng ke dingwe tsa dimpho tse di molemo tse di tswang kwa go Jehofa. Re a tlhaloganya gore tiro ya boitshediso le madi di ka re thusa gore re nne le dilo tse re di tlhokang. Re a itse gore boitlosobodutu bo ka re lapolosa le gore thekenoloji e ka nna mosola. Le fa go ntse jalo, go nna re dira nngwe ya dilo tseno ka nako e e sa tshwanelang, ka tsela e e feteletseng kgotsa go di letla gore di re kgoreletse mo kobamelong, go ka re katosetsa kgakala le Jehofa.

Se letle sepe se go katosetsa kgakala le Jehofa!

20 Boammaaruri ke gore, Satane o batla gore seno se re diragalele. Le fa go ntse jalo, o ka kgona go dira gore wena le ba lelapa la gago lo se ka lwa welwa ke masetlapelo ano! (Dia. 22:3) Atamalana le Jehofa mme o se ka wa mo katoga. Re na le dikai di le dintsi mo Baebeleng tse di ka re thusang gore re dire seo. Enoke le Noa ba ne ba “tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” (Gen. 5:22; 6:9) Moshe “o ne a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.” (Baheb. 11:27) Modimo o ne a nna a ema Jesu nokeng ka gonne ka metlha o ne a dira se se itumedisang Rraagwe yo o kwa legodimong. (Joh. 8:29) Etsa dikao tseno. “Ipeleng ka metlha. Rapelang lo sa kgaotse. Lebogang ka ga dilo tsotlhe.” (1 Bathes. 5:16-18) Mme o se ka wa letla sepe se go katosetsa kgakala le Jehofa!

^ ser. 4 Maina a fetotswe.

^ ser. 5 Bona setlhogo se se reng, “Kafa o ka Godisang Bana ba ba Nang le Maikarabelo ka Teng” mo kgatisong ya October 2011 ya Tsogang!

^ ser. 7 Bona setlhogo se se reng “Ditsela Tse Tlhano Tsa Botsogo jo bo Botoka” mo kgatisong ya March 2011 ya Tsogang!!