Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moshe—Monna yo o Nang le Lorato

Moshe—Monna yo o Nang le Lorato

LORATO KE ENG?

Lorato ke go amega thata ka batho ba bangwe. Motho yo o nang le lorato o bontsha ka mafoko le ka ditiro tsa gagwe kafa a ikutlwang ka teng ka batho ba a ba ratang, tota le fa seo se raya gore a ithontshe dilo dingwe.

MOSHE O NE A BONTSHA JANG LORATO?

Moshe o ne a rata Modimo. Ka tsela efe? Gakologelwa mafoko a a mo go 1 Johane 5:3 a a reng: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe.” Moshe o ne dira seo. Mo dilong tsotlhe tse Modimo a neng a mo kopa gore a di dire—go tloga ka kabelo e e thata ya go lebana le Faro yo o maatla go ya go tiro ya go otlololela thobane ya gagwe mo Lewatleng le Lehibidu—Moshe o ne a dira fela jalo. Le fa go ka tswa go ne go le motlhofo kgotsa go le thata go diragatsa taelo eo, Moshe o ne a e dira. “A dira fela jalo.”—Ekesodo 40:16.

Moshe o ne a rata Baiseraele ka ene. Ba ne ba itse gore Jehofa o ne a dirisa Moshe go kaela batho ba gagwe, ka jalo ba ne ba isa mathata a bone a a farologaneng kwa go Moshe. Re bala jaana: “Batho ba tswelela ba eme fa pele ga ga Moshe go simolola mo mosong go fitlha maitseboa.” (Ekesodo 18:13-16) Akanya gore Moshe o tshwanetse a bo a ne a lapile jang morago ga gore a reetse ka diura di le dintsi fa batho ba ntse ba mmolelela mathata a bone a mantsi! Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a itumelela go thusa batho ba a neng a ba rata.

Mo godimo ga gore Moshe a ba reetse, gape o ne a rapelela batho ba a neng a ba rata. O ne a bo a rapelela le ba ba neng ba mo diretse diphoso! Ka sekai, fa kgaitsadie Moshe e bong Miriame a ne a ngongorega kgatlhanong le Moshe, Jehofa o ne a mo itaya ka lepero. Go na le gore Moshe a itumele ka ntlha ya kotlhao ya gagwe, ka bonako fela o ne a mmuelela, a rapela jaana: “Ao tlhe Modimo, tsweetswee! Mo fodise, tsweetswee!” (Dipalo 12:13) Ke lorato fela lo lo neng lo ka tlhotlheletsa Moshe go rapela thapelo e e ntseng jalo e e tswang pelong.

RE ITHUTA ENG MO GO SENO?

Re ka etsa Moshe ka go nna le lorato lo logolo mo Modimong. Lorato lo lo ntseng jalo lo tla dira gore re ikobele ditaelo tsa gagwe “go tswa pelong.” (Baroma 6:17) Fa re ikobela Jehofa go tswa pelong, re itumedisa pelo ya gagwe. (Diane 27:11) Gape le rona re solegelwa molemo. Tota e bile, fa re direla Modimo ka ntlha ya lorato lwa mmatota, re ka se dire fela dilo tse di siameng mme gape re tla itumelela go di dira!—Pesalema 100:2.

Tsela e nngwe e re ka etsang Moshe ka yone ke go lwela go bontsha ba bangwe lorato lwa go intsha setlhabelo. Fa ditsala kgotsa ba lelapa ba re bolelela mathata a bone, lorato lo tla re tlhotlheletsa go (1) ba reetsa ka kelotlhoko; (2) go ba utlwela botlhoko kgotsa leka go tlhaloganya kafa ba ikutlwang ka teng le (3) go dira gore ba itse gore re amega ka bone.

Jaaka Moshe, re ka rapelela batho ba re ba ratang. Ka dinako tse dingwe re ka nna ra ikutlwa re sa itse gore re dire eng fa ba re bolelela mathata a bone. Re ka nna ra bo ra re, “Ke maswabi gore ga go na sepe se nka se dirang fa e se go go rapelela fela.” Mme gakologelwa: “Fa motho yo o siameng a rapela, thapelo eo e na le maatla a magolo.” (Jakobe 5:16, The Kingdom New Testament) Mme e bile dithapelo tsa rona di ka nna tsa tlhotlheletsa Jehofa go direla motho yoo sengwe se a neng a ka se se mo direle. Ka jalo, ga go na sepe se se botoka se re ka se dirang go na le go rapelela batho ba re ba ratang. *

A ga o dumalane gore go na le dilo tse dintsi tse re ka di ithutang mo go Moshe? Le fa e ne e le motho yo o tlwaelegileng, o ne a tlhoma sekao se se tlhomologileng sa tumelo, boikokobetso le lorato. Fa re latela sekao sa gagwe ka botlalo, re tla solegelwa molemo re bo re dira gore le ba bangwe ba solegelwe molemo le go feta.—Baroma 15:4.

^ ser. 8 Fa re batla gore Modimo a reetse dithapelo tsa rona, re tshwanetse go leka ka natla go dira se a se batlang. Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 17 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.