Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Anaanela Boswa Jwa Rona Jwa Semoya?

A o Anaanela Boswa Jwa Rona Jwa Semoya?

“Modimo [o ne] a lebisa tlhokomelo ya gagwe . . . kwa ditšhabeng gore a ntshe batho ba leina la gagwe.”—DIT. 15:14.

1, 2. (a) “Loobo lwa ga Dafide” ke eng, mme lo ne lo tla agiwa sesha jang? (b) Ke bomang ba ba dirang mmogo e le batlhanka ba ga Jehofa gompieno?

MO POKANONG e e botlhokwa e setlhopha se se laolang se neng se e tshwere kwa Jerusalema ka 49 C.E., morutwa Jakobe o ne a re: “Semeone [Petere] o boletse ka botlalo kafa Modimo a neng a lebisa tlhokomelo ya gagwe ka gone lekgetlo la ntlha kwa ditšhabeng gore a ntshe batho ba leina la gagwe mo go tsone. Mme mafoko a Baporofeti a dumalana le seno, fela jaaka go kwadilwe go twe, ‘Morago ga dilo tseno ke tla boa ke ba ke aga sesha loobo lwa ga Dafide lo lo wetseng fa fatshe; e bile ke tla aga sesha marope a lone ke ba ke lo emisa gape, gore batho ba ba salang ba batle Jehofa ka tlhoafalo, mmogo le batho ba ditšhaba tsotlhe, batho ba ba bidiwang ka leina la me, go rialo Jehofa, yo o dirang dilo tseno, yo o itsiweng go tswa bogologolong.’”—Dit. 15:13-18.

2 “Loobo lwa ga Dafide [kgotsa ntlo ya segosi]” lo ne lwa wa fa Kgosi Sedekia a ne a tlosiwa mo bogosing. (Amos. 9:11) Le fa go ntse jalo, “loobo” loo lo tla agiwa sesha fa Jesu yo e leng setlogolwana sa ga Dafide a tlhomiwa go nna Kgosi ya bosakhutleng. (Esek. 21:27; Dit. 2:29-36) Fela jaaka Jakobe a ile a tlhalosa kwa pokanong eo ya botlhokwa, boporofeti joo jwa ga Amose bo ne bo diragadiwa fa go kokoanngwa baruaboswa ba Bogosi go tswa mo Bajudeng le mo Baditšhabeng. Gompieno masalela a Bakeresete ba batlodiwa le dimilione tsa “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu ba dira mmogo go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele e le batlhanka ba ga Jehofa.—Joh. 10:16.

BATHO BA GA JEHOFA BA LEBANA LE KGWETLHO

3, 4. Batho ba ga Jehofa ba ne ba kgona jang go nna ba ikanyega kwa Babelona?

3 Fa Bajuda ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona, go ne go bonala sentle gore “loobo lwa ga Dafide” lo ole. E re ka bodumedi jwa maaka bo ne bo ne bo aname kwa  Babelona, batho ba Modimo ba kgonne jang go nna ba ikanyega ka dingwaga di le 70 tse ba neng ba isitswe botshwarwa koo go simolola ka 607 B.C.E. go ya go 537 B.C.E.? Ba ile ba kgona go nna ba ikanyega fela jaaka le rona batho ba ga Jehofa re kgona go nna re ikanyega mo lefatsheng leno le le laolwang ke Satane. (1 Joh. 5:19) Boswa jo bontsi jwa semoya jo re nang le jone bo re thusa gore re tswelele re ikanyega.

4 Gompieno re na le Lefoko la Modimo le le kwadilweng, le le lone e leng karolo ya boswa jwa rona jwa semoya. Bajuda ba ba neng ba isitswe botshwarwa kwa Babelona ba ne ba se na Dikwalo tse di Boitshepo tse di feletseng, le fa go ntse jalo, ba ne ba itse Molao wa ga Moshe o o neng o akaretsa Melao e e Lesome. Ba ne ba itse “dipina tsa Siona,” ba kgona go gopola diane tse dintsi e bile ba itse kafa batlhanka ba ga Jehofa ba ileng ba nna ba ikanyega ka gone. Ee, batho bao ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba ne ba lela fa ba gopola Siona, mme ga ba a ka ba lebala Jehofa. (Bala Pesalema 137:1-6.) Seo se ne sa dira gore ba nne ba ikanyega, tota le fa ba ne ba le kwa Babelona e e neng e na le dithuto le dingwao tse dintsi tsa maaka.

THARONNGWE GA SE SELO SE SESHA

5. Re na le bosupi bofe jwa gore Bababelona le Baegepeto ba bogologolo ba ne ba obamela medimo ya tharonngwe?

5 Kwa Babelona wa bogologolo, batho ba ne ba tlwaetse go obamela medimo ya tharonngwe. Modimo mongwe wa Bababelona wa tharonngwe e ne e le Sin (modimo wa ngwedi), Shamash (modimo wa letsatsi) le Ishtar (modimo wa sesadi wa tsalo le ntwa). Kwa Egepeto wa bogologolo, gantsi modimo o ne a tsewa e le “lelapa la medimo e meraro, rre, mmè le morwa, mme gone medimo eo e ne e sa tsewe e lekana ka gonne go bolelwa gore ka nako nngwe, rre o ne a itsaya e le mopati wa morwawe yo e neng e le kgosana, mme mmè e ne e le modimo yo mogolo.” (New Larousse Encyclopedia of Mythology) Modimo mongwe wa tharonngwe ya Baegepeto e ne e le Osiris, modimo wa sesadi e bong Isis, le morwaabone e bong Horus.

6. O ka tlhalosa Tharonngwe jang, mme re sireleditswe jang gore re se ka ra dumela thuto eo ya maaka?

6 Madumedi a a ipitsang a Bokeresete le one a na le Tharonngwe ya one. Baruti ba ruta gore Rre, Morwa le moya o o boitshepo ke Modimo a le mongwe. Le fa go ntse jalo, seo ke go nyatsa bolaodi jwa ga Jehofa, ba dira e kete o bo kopanetse le batho ba bangwe—tota e bile ba tsaya gore ke karolo fela ya se se tsewang e le modimo o o nang le ditlhogo tse tharo. Batho ba ga Jehofa ba ile ba sirelediwa gore ba se ka ba dumela thuto eo ya maaka ka gonne ba dumalana le mafoko ano a a tlhotlheleditsweng: “Reetsa, wena Iseraele: Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela.” (Dute. 6:4) Jesu o ne a nopola mafoko ao, mme a go na le Mokeresete ope fela wa boammaaruri yo o ka mo ganetsang?—Mar. 12:29.

7. Ke eng fa go sa kgonege gore motho yo o dumelang Tharonngwe a kolobediwe e le go bontsha gore o ineetse ka botlalo mo Modimong?

7 Thuto ya Tharonngwe e kgatlhanong le taelo e Jesu a e neileng balatedi ba gagwe ya gore ba “dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, [ba] ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.” (Math. 28:19) Gore motho a kolobediwe go nna Mokeresete wa mmatota le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o tshwanetse go itse gore Rre, e leng Jehofa, ke Molaodimogolo le gore Jesu ke Morwa Modimo. Motho yo o kolobediwang gape o tshwanetse go dumela gore moya o o boitshepo ke maatla a Modimo a a dirang, e seng karolo ya Tharonngwe. (Gen. 1:2) Motho yo o tswelelang a dumela Tharonngwe, a ka se kolobediwe e le go bontsha gore o ineetse ka botlalo mo go Jehofa Modimo. Ruri re leboga go bo boswa jwa rona jwa semoya bo ile jwa re sireletsa gore re se ka ra dumela thuto eo e e tlontlololang Modimo!

 TIRISABADIMO E A TLHAGELELA!

8. Ke eng se Bababelona ba neng ba se dumela malebana medimo le madimona?

8 Batho ba kwa Babelona ba ne ba sa dumele fela mo medimong e mentsi, gape ba ne ba dumela mo madimoneng le mo tirisabadimong. The International Standard Bible Encyclopaedia ya re: “Sengwe gape se se neng se le botlhokwa mo bodumeding jwa Bababelona go gaisa medimo ya bone, e ne e le madimona a ba neng ba dumela gore a na le maatla a go bakela batho malwetse a a farologaneng mo mmeleng le mo tlhaloganyong. Batho ba ne ba rapela medimo ya bone ba e kopa gore e ba sireletse mo madimoneng.”

9. (a) Fa Bajuda ba boa kwa botshwarwa kwa Babelona, bontsi jwa bone bo ne jwa wela jang mo seraing sa dikgopolo tsa bodumedi jwa maaka? (b) Re sirelediwa jang mo dikotsing tsa go dirisana le madimona ka boomo?

9 Morago ga gore Bajuda ba boe kwa botshwarwa kwa Babelona, bontsi jwa bone bo ne jwa wela mo seraing sa dikgopolo tse di sa dumalaneng le Dikwalo. Fa dithuto tsa Bagerika di ntse di anama, Bajuda ba le bantsi ba ne ba wela mo seraing sa go dumela mo bodimoneng ka gonne ba ne ba amogela kgopolo ya gore madimona a ka nna bosula kgotsa molemo. Boswa jwa rona jwa semoya bo re sireletsa mo dikotsing tsa go wela mo seraing sa madimona, ka gonne re a itse gore Modimo o ne a kgala tirisabadimo ya kwa Babelona. (Isa. 47:1, 12-15) Mo godimo ga moo, re kaelwa ke tsela e Modimo a lebang tirisabadimo ka yone.—Bala Duteronome 18:10-12; Tshenolo 21:8.

10. Go ka tweng ka mekgwa le ditumelo tsa Babelona o mogolo?

10 Bababelona ga se bone fela ba ba neng ba dirisa tirisabadimo, mme balatedi ba Babelona yo Mogolo e leng bodumedi jwa maaka le bone ba a e dirisa. (Tshen. 18:21-24) The Interpreter’s Dictionary of the Bible e tlhalosa gore Babelona yo mogolo o amogetse dithuto le dikgopolo tsa maaka tse di tswang kwa Babelona wa bogologolo. Babelona yo mogolo o tla tloga a senngwa ka ntlha ya tirisabadimo, kobamelo ya medingwana le maleo a mangwe.—Bala Tshenolo 18:1-5.

11. Re ile ra gatisa ditlhagiso dife malebana le tirisabadimo?

11 Jehofa o ne a re: “Ga ke na go itshokela go dirisiwa ga maatla a masaitseweng.” (Isa. 1:13) Tirisabadimo e ne ya tuma thata mo lekgolong la bo19 la dingwaga. Ke gone ka moo Zion’s Watch Tower ya May 1885 e neng ya re: “Tumelo ya gore baswi ba tshela mo lefelong lengwe kgotsa ba mo sebopegong sengwe se se rileng ga e ntšha. E ne e le karolo ya bodumedi jwa bogologolo e bile ke yone e simolotseng ditlhamane tsotlhe.” Setlhogo seno gape se ne sa bua gore ‘madimona’ a itirile e kete ke batho ba ba suleng ba ba lekang go bua le batshedi. A ile a kgona go fitlha se tota a leng sone mme a tlhotlheletsa megopolo ya batho ba le bantsi. Bukana ya bogologolo ya What Say the Scriptures About Spiritism? le yone e ne e na le ditlhagiso, fela jaaka dikgatiso tsa bosheng le tsone di ntse di re tlhagisa.

A MEYA E A BOGA GOLO GONGWE?

12. Solomone o ne a tlhotlhelediwa go bua eng ka boemo jwa baswi?

12 “Botlhe ba . . . ba itseng boammaaruri,” ba ka kgona go araba potso eo. (2 Joh. 1) Ga go pelaelo gore re dumalana le mafoko ano a ga Solomone: “Ntša e e tshelang e botoka go na le tau e e suleng. Gonne batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele . . . Sotlhe se seatla sa gago se se bonang go se dira, se dire ka maatla a gago, gonne ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole [lebitla le le tlwaelegileng la batho], lefelo le o yang kwa go lone.”—Mor. 9:4, 5, 10.

13. Bajuda ba ne ba amiwa jang ke bodumedi le setso sa Bagerika ba bogologolo?

13 Bajuda ba ne ba ka kgona go itse boammaaruri malebana le baswi. Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa go ne go busa bojenerale ba ga Alexander yo Mogolo kwa Gerika, go  ne ga dirwa maiteko a go kopanya Juda le Siria go dirisiwa bodumedi le setso sa Bagerika ba bogologolo. Ka ntlha ya seo, Bajuda ba ne ba amogela dithuto tsa maaka tsa gore moya wa motho ga o swe le gore go na le lefelo lengwe kwa moya wa batho o bogisiwang gone. Bagerika ga se bone ba simolotseng kgopolo ya gore go na le lefelo lengwe le meya ya batho e bogisiwang kwa go lone, ka gonne Bababelona le bone ba ne ba akanya gore ‘go na le lefelo lengwe le meya ya batho e bogang kwa go lone, le le boifisang mme le okametswe ke medimo le madimona a a nang le maatla a magolo e bile a galefile thata.’ (The Religion of Babylonia and Assyria) Eleruri, Bababelona ba ne ba dumela gore moya ga o swe.

14. Ke eng se Jobe le Aborahame ba neng ba se itse ka loso le tsogo ya baswi?

14 Le fa monna yo o siameng e bong Jobe a ne a se na Dikwalo, o ne a itse boammaaruri ka baswi. Gape o ne a itse gore Jehofa ke Modimo yo o lorato mme o tla tlhologelelwa go mo tsosa. (Jobe 14:13-15) Aborahame le ene o ne a dumela mo tsogong ya baswi. (Bala Bahebera 11:17-19.) E re ka go sa kgonege gore motho yo o sa swang a tsosiwe mo baswing, batho ba ba boifang Modimo ba ne ba sa dumele gore moya wa motho ga o swe. Ga go pelaelo gore moya wa Modimo o ne wa thusa Jobe le Aborahame go tlhaloganya boemo jwa baswi le gore ba nne le tumelo mo tsogong. Dithuto tseno tsa boammaaruri le tsone ke boswa.

“GO GOLOLWA KA THEKOLOLO”—GO BOTLHOKWA

15, 16. Re golotswe jang mo boleong le mo losong?

15 Gape re itumelela gore Modimo o re senoletse boammaaruri malebana le se a se dirileng go re golola mo boleong le mo losong tse re di ruileng mo go Adame. (Bar. 5:12) Re lemoga gore Jesu “o ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe go nna thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mar. 10:45) Ruri go a itumedisa go itse ka “go gololwa ka thekololo e e neng ya duelwa ke Keresete Jesu”!—Bar. 3:22-24.

16 Bajuda le Baditšhaba ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhoka go ikwatlhaela  maleo a bone ba bo ba bontshe tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu. Go seng jalo, ba ne ba ka se itshwarelwe. Go sa ntse go ntse jalo le gompieno. (Joh. 3:16, 36) Fa motho a tswelela a kgomaretse dithuto tsa maaka tse di jaaka Tharonngwe le gore moya ga o swe, a ka se ka a solegelwa molemo ke thekololo. Le fa go ntse jalo, rona e ka re solegela molemo. Re itse boammaaruri malebana le “Morwa wa lorato lwa [Modimo], yo re gololwang ka ene ka thekololo, e leng boitshwarelo jwa maleo a rona.”—Bakol. 1:13, 14.

TSWELELANG LO DIRELA JEHOFA!

17, 18. Re ka bona kae tshedimosetso e e mosola e e malebana le hisitori ya rona, mme re ka solegelwa molemo jang ke go ithuta go tswa mo go yone?

17 Go sa ntse go na le go le gontsi mo re ka go buang ka dithuto tsa boammaaruri tse re ithutileng tsone, maitemogelo a re nnileng le one re le batlhanka ba Modimo, le masego a mantsi a re nang le one. Ka masomesome a dingwaga di-Yearbook di ile tsa ntsha dipego tse di kgatlhang malebana le ditiro tsa rona mo dinageng tse di farologaneng lefatshe ka bophara. Hisitori ya rona e tlhalosiwa mo dibidiong tsa Basupi ba ga JehofaBa Bontsha Tumelo ka Ditiro, Karolo 1 le 2 le mo dikgatisong tse di jaaka Basupi ba ga JehofaBaboledi ba Bogosi jwa Modimo. Mme gantsi dimakasine tsa rona di na le dipego tsa badumedimmogo le rona ba ba rategang, tse mo go tsone motho a re bolelelang maitemogelo a gagwe.

18 Re solegelwa molemo ke go sekaseka ka kelotlhoko hisitori ya phuthego ya ga Jehofa, fela jaaka batho ba Iseraele ba ne ba solegelwa molemo ke go gakologelwa tsela e Modimo a neng a ba golola ka yone mo bokgobeng kwa Egepeto. (Ekes. 12:26, 27) Fa Moshe e le monnamogolo, o ne a kgona go naya bosupi jwa ditiro tse di molemo tsa Modimo, o ne a rotloetsa Baiseraele a re: “Gakologelwa malatsi a bogologolo, akanyang ka dingwaga tse di kwa morago go tswa kokomaneng go ya kokomaneng; botsa rrago, mme a ka go bolelela; bannabagolo ba gaeno, mme ba ka go bolelela.” (Dute. 32:7) Rona ‘batho ba ga Jehofa le letsomane la mafulo a gagwe’ re mmaka ka boitumelo le go bolelela ba bangwe ka ditiro tsa gagwe tse dikgolo. (Pes. 79:13) Mo godimo ga moo, re tla bo re dira sentle fa re sekaseka hisitori ya rona, re ithuta go tswa mo go yone re bo re rulaganyetsa isagwe.

19. E re ka re itumelela lesedi la semoya, re tshwanetse go dira eng?

19 Re a itumela gore ga re tlhole re kgarakgatshega mo lefifing mme re itumelela lesedi la semoya le le tswang kwa Modimong. (Dia. 4:18, 19) Ka jalo, a re ithuteng Lefoko la Modimo ka tlhoafalo, re bo re bolelele ba bangwe boammaaruri ka tlhagafalo, mme re nne le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga mopesalema yo o neng a baka Morena Molaodimogolo Jehofa ka mafoko ano: “Ke tla umaka tshiamo ya gago, ya gago o le esi. Wena Modimo, o nthutile go tswa bosheng jwa me go ya pele, mme go fitlha jaanong ke ntse ke bolela ka ditiro tsa gago tse di gakgamatsang. Le e leng go fitlha botsofeng le botlhogoputsweng, tlhe Modimo, o se ka wa ntlogela, go fitlha ke bolelela kokomana ka lebogo la gago, ke bolelela botlhe ba ba tla tlang, ka thata ya gago.”—Pes. 71:16-18.

20. Go na le dikgang dife tse di malebana le bolaodi, mme o ikutlwa jang ka tsone?

20 Rona batho ba ba ineetseng ba ga Jehofa, re itse dikgang tse di malebana le bolaodi jwa Modimo le go ikanyega ga batho. Eleruri, re bolelela ba bangwe ka boammaaruri jo bo ka se ganediweng jwa gore Jehofa ke Molaodimogolo wa Lobopo, yo o tshwanelwang ke boineelo jo bo feletseng. (Tshen. 4:11) E re ka moya wa gagwe o le mo go rona, re bolelela batho ba ba pelonolo dikgang tse di molemo, re hapa ba ba dipelo di phatlogileng, e bile re gomotsa ba ba hutsafetseng. (Isa. 61:1, 2) Go sa kgathalesege maiteko a lefela a ga Satane a go laola batho ba Modimo le batho ba bangwe botlhe, rona re anaanela boswa jwa rona jwa semoya mme re ititeile sehuba gore re nne re thokgame mo Modimong le go baka Morena Molaodimogolo Jehofa, gone jaanong le ka bosakhutleng.—Bala Pesalema 26:11; 86:12.