Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba baakanyetsa go fitlhiwa ga baswi jang?

Bajuda ba ne ba fitlha baswi ba bone ka bonako fa ba sena go swa, gantsi e le ka lone letsatsi le ba suleng ka lone. Go ne go na le mabaka a mabedi a a neng a dira gore ba ba fitlhe ka bonako jalo. Sa ntlha, e ne e le ka go bo ditopo di ne di senyega ka bonako mo tlelaemeteng e e mogote ya kwa Botlhabagare. Sa bobedi, go ya ka tsela e batho ba neng ba leba dilo ka yone ka nako eo, go tlogela setopo se sa fitlhiwe ka malatsi a a rileng go ne go tlontlolola moswi le ba lelapa la gagwe.

Diefangele le buka ya Ditiro di bega bobotlana ka batho ba le banè ba ba ileng ba fitlhiwa ka letsatsi le ba suleng ka lone. (Mathaio 27:57-60; Ditiro 5:5-10; 7:60–8:2) Makgolokgolo a dingwaga pele ga foo, mosadi yo o rategang wa ga Jakobe e bong Ragele o ne a swa fa Jakobe le ba lelapa la gagwe ba ntse ba le mo loetong. Go na le gore Jakobe a busetse setopo sa gagwe kwa lefelong la lelapa la bone la go fitlha, o ne a mo fitlha mo lebitleng “mo tseleng e e yang . . . Bethelehema.”—Genesise 35:19, 20, 27-29.

Dipego tsa Baebele tse di buang ka dithulaganyo tsa phitlho di bontsha gore Bajuda ba ne ba dira matsapa a magolo go baakanya ditopo gore di fitlhiwe. Ba lelapa le ditsala ba ne ba tlhapisa setopo, mme ba se tshasa ka ditswaiso le leokwane le le tlhwatlhwakgolo ba bo ba se phuthela ka matsela. (Johane 19:39, 40; Ditiro 9:36-41) Baagelani le ba bangwe ba ne ba tla go bontsha kutlobotlhoko ya bone le go gomotsa ba lelapa.—Mareko 5:38, 39.

A Jesu o ne a fitlhiwa ka tsela e Bajuda ba neng ba tlwaetse go fitlha ka yone?

Malapa a le mantsi a Bajuda a ne a fitlha baswi ba bone mo magageng le mo mabitleng a a gabilweng mo letlapeng le le boleta le le tlwaelegileng mo mafelong a mantsi kwa Iseraele. Ka go dira jalo, ba ne ba dira se se neng se dirwa ke ditlhogo tsa lotso. Aborahame, Sara, Isake, Jakobe le ba bangwe ba ne ba fitlhelwa mo logageng lwa Makapela gaufi le Heberone.—Genesise 23:19; 25:8, 9; 49:29-31; 50:13.

Jesu o ne a fitlhiwa mo lebitleng le le gabilweng mo lefikeng. (Mareko 15:46) Gantsi lebitla le le ntseng jalo le ne le na le kgoro e tshesane. Mo teng ga lone, go ne go gabiwa diphatlha tse di tshwanang le dishelofo, mo ditopo tsa ba malapa ba ba suleng di neng di bewa gone. Fa nama e sena go bola, marapo a a omileng a ne a phuthiwa a bo a tsenngwa mo teng ga lebokoso la leje le le bidiwang bobolokelo jwa marapo, jaaka go ne go ntse mo motlheng wa ga Jesu. Ka tsela eno, ba lelapa ba ne ba ka kgona go dira gore go nne le lefelo le ba ka fitlhelang ba bangwe gone mo nakong e e tlang.

Nako ya go ikhutsa ya Sabata e e neng e tlhomilwe mo Molaong wa ga Moshe e ne e thibela Bajuda go dira dithulaganyo tsa phitlho ka letsatsi leo. E re ka Jesu a ile a swa mo e ka nnang diura di le tharo pele ga letsatsi la Sabata le simologa, Josefa wa kwa Arimathea le ba bangwe ba ne ba mo fitlha kwantle ga go baakanyetsa mmele wa gagwe sentle go fitlhiwa. (Luke 23:50-56) Ka ntlha ya seo, bangwe ba ditsala tsa ga Jesu ba ne ba ya kwa lebitleng la gagwe morago ga Sabata, ba solofetse gore ba tla feleletsa tiro ya go baakanya mmele wa gagwe.—Mareko 16:1; Luke 24:1.