Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 RUTA BANA BA GAGO

Petere le Ananiase Ba ne Ba Bua Maaka—Re ka Ithuta Eng mo go Seno?

Petere le Ananiase Ba ne Ba Bua Maaka—Re ka Ithuta Eng mo go Seno?

Jaaka o itse, maaka ke sengwe se o se buang se o itseng gore ga se boammaaruri. A o kile wa bua maaka? *Tota le batho ba ba godileng ba ba ratang Jehofa ba kile ba bua maaka. Gongwe o itse ka mongwe mo Baebeleng yo o ileng a bua maaka. Leina la gagwe ke Petere, mongwe wa baaposetoloi ba le 12 ba ga Jesu. A re utlwe gore ke ka ntlha yang fa a ile a bua maaka.

Fa Jesu a sena go tshwarwa, o isiwa kwa ntlong ya moperesiti yo mogolo. Go setse go le bosigogare thata. Petere o tsena mo lelwapeng la moperesiti yo mogolo mme ga go na ope yo o lemogang gore ke mang. Mo leseding la molelo, mosetsana wa lelata la moperesiti yo mogolo yo o neng a tsenya Petere o lemoga gore ke mang. A re: “Le wena o ne o na le Jesu.” E re ka Petere a boifa, a re o ne a sa tsamaye le ene.

Baebele ya re moragonyana, “mosetsana yo mongwe a mo lemoga.” O ne a re: “Monna yono o ne a na le Jesu.” Petere o itatola gape. Morago ga nakwana, ba bangwe ba ya kwa go Petere mme ba re: “Eleruri le wena o mongwe wa bone.”

Petere o tshogile. Ka jalo, ka lekgetlho la boraro, o bua maaka, a re: “Ga ke itse monna yono!” Mokoko wa lela. Jesu o leba Petere, mme Petere o gakologelwa gore diura di le mmalwa tse di fetileng, Jesu o ne a mo raya a re: “Pele ga mokoko o lela, o tla intatola makgetlo a le mararo.” Petere o thubega ka selelo. O ikwatlhaya tota!

A le wena o ka diragalelwa ke sengwe se se ntseng jalo?— O ka nna wa bo o le kwa sekolong mme o bo o utlwa baithuti ba bangwe ba bua ka Basupi ba ga Jehofa. Mongwe wa bone a re: “Ga ba dumedise folaga.” Yo mongwe o oketsa ka gore, “Ga ba lwele naga ya bone.” Mme yo mongwe ene a re, “Ga se Bakeresete, ka gonne ga ba keteke Keresemose.” Go tswa foo mongwe wa bone o retologela kwa go wena mme a bo a botsa a re, “A ga o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?” O tla reng?

 O tshwanetse go ipaakanyetsa go neela karabo e e siameng pele ga go direga sengwe se se ntseng jalo. Petere o ne a sa ipaakanyetsa seemo seo. Fa a lebana le kgatelelo, o ne a bua maaka! Le fa go ntse jalo, o ne a ikwatlhaya ka ntlha ya se a se dirileng mme Modimo o ne a mo itshwarela.

Ananiase, morutwa yo mongwe wa ga Jesu wa bogologolo le ene o ne a bua maaka. Mme Modimo ga a ka a mo itshwarela e bile ga a ka a itshwarela mosadi wa gagwe e bong Safira. O ne a dumalana le monna wa gagwe go bua maaka. Mma re bone gore ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a se ka a itshwarela Ananiase le Safira.

Malatsi a le lesome morago ga gore Jesu a tlogele baaposetoloi mme a bo a boela kwa Modimong kwa legodimong, go ile ga kolobediwa batho ba ba ka nnang 3 000 kwa Jerusalema. Ba le bantsi ba ne ba tswa kwa dinageng tse di kgakala go ya go keteka Moletlo wa Pentekosete mme fa ba sena go nna barutwa ba ga Jesu ba ne ba batla go nna lobakanyana gore ba ithute mo go oketsegileng ka tumelo ya bone e ntšha. Ka jalo, bangwe ba barutwa ba ga Jesu ba ne ba dirisa madi a bone go ba tlhokomela.

Ananiase le mosadi wa gagwe ba ne ba rekisa setsha sa bone go bona madi gore ba thuse batho ba ba neng ba sa tswa go kolobediwa. Fa Ananiase a tlisa madi mo baaposetoloing, o ba bolelela gore ke one madi otlhe a setsha se ba se rekisitseng. Mme ga se boammaaruri! O ipolokela madi a mangwe! Modimo o dira gore Petere a itse seno mme Petere o raya Ananiase a re: “O tsieditse Modimo, e seng batho.” Ka ntlha ya seo, Ananiase o wela fa fatshe a bo a swa! Mo e ka nnang diura di le tharo morago ga foo, go tsena mosadi wa gagwe. E re ka a sa itse se se diragaletseng monna wa gagwe le ene o bua maaka mme o wela fa fatshe a bo a swa.

Ruri eno ke thuto e e nonofileng: Go bua boammaaruri go botlhokwa! Ee, rotlhe re tlhoka go ithuta thuto eno! Le fa go ntse jalo, rotlhe re tla dira diphoso, segolobogolo fa re le basha. A ga o itumele go bo Jehofa a go rata le gore o tla go itshwarela jaaka a ile a itshwarela Petere?— Mme gakologelwa gore, re tshwanetse go bua boammaaruri. Mme fa go ka direga gore re dire phoso e kgolo ya go bua maaka, re tshwanetse go ikuela mo Modimong gore a re itshwarele. Ke se Petere a tshwanetseng a bo a ile a se dira mme o ne a itshwarelwa. Fa re leka ka natla gore re se ka ra tlhola re bua maaka le rona Modimo o tla re itshwarela!

^ ser. 3 Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.