Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Na le ‘Pelo ya go Itse’ Jehofa?

A o Na le ‘Pelo ya go Itse’ Jehofa?

 A o Na le ‘Pelo ya go Itse’ Jehofa?

“Ke tla ba naya pelo ya go nkitse, gore ke nna Jehofa; mme ba tla nna batho ba me.”—JER. 24:7.

1, 2. Ke eng fa batho bangwe ba ka tswa ba rata difeige?

A O RATA difeige? Batho ba le bantsi ba a di rata, ka jalo, di lemiwa mo mafelong a le mantsi. Bajuda ba bogologolo le bone ba ne ba di rata. (Nah. 3:12; Luke 13:6-9) Difeige di na le dikotla, ka jalo, bangwe ba re di siametse pelo.

2 Nako nngwe Jehofa o ne a amanya difeige le pelo. O ne a sa tlhalose mosola wa go ja difeige. Mme o ne a bua ka tsela ya tshwantshetso. Se a neng a se bua a dirisa moporofeti Jeremia se ka ama pelo ya gago le dipelo tsa batho ba o ba ratang. Fa re ntse re sekaseka se a se buileng, akanya kafa seno se ka solegelang Bakeresete molemo ka gone.

3. Difeige tse go buiwang ka tsone mo go Jeremia 24 di ne di emela eng?

3 A re simololeng ka go sekaseka sengwe se Modimo a neng a se bua malebana le difeige mo motlheng wa ga Jeremia. Ka 617 B.C.E., setšhaba sa Juda se ne se koafetse semoyeng. Modimo o ne a bontsha Jeremia ponatshegelo malebana le se se tla diregang mo isagweng, a dirisa mefuta e mebedi ya difeige go bontsha seo—difeige “tse di molemo thata” le difeige tse di “bosula thata.” (Bala Jeremia 24:1-3.) Difeige tse di bosula di ne di emela Kgosi Sedekia le batho bangwe ba ba jaaka ene ba ba neng ba bogisiwa setlhogo ke Kgosi Nebukadenesare le masole a gagwe. Mme go tweng ka Esekiele, Daniele le ditsala tsa bone tse tharo tse di neng di setse di le kwa Babelona, mmogo le Bajuda bangwe ba ba neng ba tla tloga ba isiwa botshwarwa koo? Bone ba ne ba tshwana le difeige tse di molemo. Masalela a bone a ne a tla boela kwa Jerusalema go ya go aga motse sesha mmogo le tempele. Mme seo se ne sa direga fa nako e ntse e ya.—Jer. 24:8-10; 25:11, 12; 29:10.

4. Se Modimo a se buileng malebana le difeige tse di molemo se ka re kgothatsa jang?

4 Jehofa o ne a bua jaana ka batho ba ba neng ba emelwa ke difeige tse di molemo: “Ke tla ba naya pelo ya go nkitse, gore ke nna Jehofa; mme ba tla nna batho ba me.” (Jer. 24:7) Eno ke temana e setlhogo seno se theilweng mo go yone, mme ruri e a kgothatsa! Modimo o iketleeditse go naya batho  ‘pelo ya go mo itse.’ Lefoko “pelo” fano le amana le tshekamelo ya motho. Ga go pelaelo gore le wena o batla go nna le pelo e e ntseng jalo mme o nne mongwe wa batho ba gagwe. Gore o kgone go fitlhelela seno, o tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo le go le dirisa, o ikwatlhaye o bo o sokologe, o ineele mo Modimong o bo o kolobediwe mo leineng la Rara, la Morwa le la moya o o boitshepo. (Math. 28:19, 20; Dit. 3:19) O ka tswa o setse o dirile seno kgotsa gongwe o kopanela ka metlha le Basupi ba ga Jehofa mme o ipaakanyetsa go tsaya dikgato tseo.

5. Se Jeremia a se kwadileng, se ne se bua ka pelo ya bomang segolobogolo?

5 Le fa re ka tswa re dirile sengwe sa dilo tseno kgotsa re di dirile tsotlhe, re sa ntse re tlhoka go ela tlhoko tsela e re lebang dilo ka yone le boitshwaro jwa rona. Re kgona go bona lebaka la seo mo go sengwe se Jeremia a neng a se kwala gape malebana le pelo. Dingwe tsa dikgaolo tsa buka ya Jeremia di tlotla ka ditšhaba tse di neng di le gaufi le Juda, le fa go ntse jalo, selo sa konokono se buka eno e buang ka sone ke setšhaba sa Juda, ka nako ya fa go ne go busa dikgosi tse tlhano. (Jer. 1:15, 16) Jeremia o ne a bua segolobogolo ka banna, basadi le bana ba ba neng ba ineetse mo go Jehofa mme ba na le kamano le ene. Borraabonemogologolwane ba ne ba ile ba ithaopa go nna setšhaba se se nang le kamano le Modimo. (Ekes. 19:3-8) Mme mo motlheng wa ga Jeremia, batho ba ne ba tlhomamisa gore ba ineetse mo Modimong. Ba ne ba re: “Re tlile kwa go wena, gonne wena, Jehofa, o Modimo wa rona.” (Jer. 3:22) Le fa go ntse jalo, o akanya gore boemo jwa pelo ya bone e ne e le bofe?

A RE TLHOKA KARO YA PELO YA TSHWANTSHETSO?

6. Ke eng fa segolobogolo re tshwanetse go kgatlhegela se Modimo a ileng a se bua malebana le pelo?

6 Dingaka tsa bosheng di kgona go dirisa thekenoloji ya maemo a a kwa godimo go bona gore boemo jwa pelo ya motho ke bofe le gore a e itekanetse sentle. Mme Jehofa ene o kgona go dira se se fetang seo, fela jaaka a ile a dira mo motlheng wa ga Jeremia. Modimo o tshwanelega fela thata go dira jalo, jaaka re bona mo mafokong ano a gagwe: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang. Ke mang yo o ka e itseng? Nna, Jehofa, ke hukutsa pelo, . . . go naya mongwe le mongwe go ya ka ditsela tsa gagwe, go ya ka maungo a ditiro tsa gagwe.” (Jer. 17:9, 10) Go “hukutsa pelo” ga go akaretse go tlhatlhoba pelo ya mmatota, e mo dingwageng di le 70 kgotsa 80 e ka kgonang go itaya makgetlo a le dibilione di le tharo. Go na le moo, Jehofa o ne a bua ka pelo ya tshwantshetso. “Pelo” eo e kaya se motho a leng sone ka fa gare, go akaretsa dikeletso, maikutlo, tshekamelo, mekgwa le mekgele ya gagwe. Le wena o na le pelo e e ntseng jalo. Modimo a ka kgona go e sekaseka, mme le wena o ka kgona go dira jalo.

7. Jeremia o ne a tlhalosa jang boemo jwa dipelo tsa Bajuda ba le bantsi ba mo motlheng wa gagwe?

7 Gore re ipaakanyetse go tlhatlhobiwa ka tsela e e ntseng jalo, re ka nna ra ipotsa gore, ‘Boemo jwa pelo ya tshwantshetso ya bontsi jwa Bajuda ba mo motlheng wa ga Jeremia e ne e le bofe?’ Go araba potso eo, akanya ka polelwana e e sa tlwaelegang e Jeremia a neng a e dirisa: “Ntlo yotlhe ya Iseraele ga e a rupa mo pelong.” O ne a sa bue ka go rupa mo go tlwaelegileng ga banna ba Bajuda, ka gonne o ne a re: “‘Bonang! Metlha e etla,’ go bua Jehofa, ‘mme ke tla dira gore mongwe le mongwe yo o rupileng mme a sa ntse a sa rupa, a ikarabelele.’” Ka jalo, tota le banna ba Bajuda ba ba neng ba rupile, ba ne ba sa “rupa mo pelong.”(Jer. 9:25, 26) Seno se ne se kaya eng?

8, 9. Bajuda ba le bantsi ba ne ba tshwanetse go dira eng ka dipelo tsa bone?

8 Re kgona go bona ntlha e e ka re thusang go lemoga bokao jwa ‘go sa rupe mo pelong’ mo go se Modimo a neng a kgothaletsa Bajuda go se dira, o ne a re: “Lo ntshe matlalo a dipelo tsa lona, lona banna ba Juda le banni ba Jerusalema; gore tšararego ya me e se ka ya tswa . . . ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa lona.” Mme gone bosula jwa ditiro tsa bone bo ne bo simologile kae? Go tswa mo dipelong tsa bone. (Bala Mareko 7:20-23.) Modimo o ne a dirisa  Jeremia go bontsha gore tota ditiro tse di bosula tsa Bajuda di ne di tswa kae. Dipelo tsa bone di ne di tsuologile. Maikaelelo a bone le dikakanyo tsa bone di ne di sa itumedise Modimo. (Bala Jeremia 5:23, 24; 7:24-26.) Modimo o ne a ba raya a re: “Rupelang Jehofa, mme lo ntshe matlalo a dipelo tsa lona.”—Jer. 4:4; 18:11, 12.

9 Ka jalo, Bajuda ba motlha wa ga Jeremia ba ne ba tlhoka karo ya pelo ya tshwantshetso—‘go rupa mo pelong’—fela jaaka batho ba motlha wa ga Moshe. (Dute. 10:16; 30:6) Go ‘ntsha matlalo a dipelo tsa bone’ go ne go kaya go tlosa se se neng se dira gore dipelo tsa bone di kgwaralale—dikakanyo tsa bone, dilo tse ba neng ba di rata kgotsa maikaelelo a bone a a neng a sa dumalane le a Modimo.—Dit. 7:51.

‘PELO YA GO MO ITSE’ GOMPIENO

10. Fela jaaka Dafide a re tlhometse sekao, ke eng se re tshwanetseng go batla go se dira?

10 Ruri re leboga Modimo go bo a re thusa go tlhaloganya se pelo ya tshwantshetso e leng sone! Mme batho bangwe ba ka ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go tshwenyega ka seno gompieno?’ Ga se gore Bakeresete ba le bantsi mo phuthegong ba dira bosula kgotsa ke “difeige tse di bosula,” fela jaaka Bajuda ba le bantsi ba ne ba ntse mo motlheng o o fetileng. Go na le moo, gompieno batlhanka ba Modimo ke batho ba ba ineetseng le ba ba phepa. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko se Dafide a neng a se kopa Jehofa: “Mphukutse, tlhe Modimo, o itse pelo ya me. Ntlhatlhobe, o itse dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang, mme o bone gore a go na le tsela epe e e botlhoko mo go nna.”—Pes. 17:3; 139:23, 24.

11, 12. (a) Ke eng fa mongwe le mongwe wa rona a tshwanetse go tlhatlhoba pelo ya gagwe? (b) Modimo a ka se ka a dira eng?

11 Jehofa o batla gore rotlhe re nne mo boemong jo bo amogelesegang mo go ene mme re tswelele re le mo go jone. Jeremia o ne a bua jaana malebana le batho ba ba siameng: “Mme wena, Jehofa wa masomosomo, o tlhatlhoba yo o siameng; o bona diphilo le pelo.” (Jer. 20:12) Fa e le gore Mothatayotlhe o tlhatlhoba tota le pelo ya mosiami, a rona ka borona ga re a tshwanela go itlhatlhoba ka boikanyegi? (Bala Pesalema 11:5.) Fa re ntse re itlhatlhoba, re ka lemoga gore re na le mokgwa mongwe, mokgele kgotsa boikutlo bongwe jo re tlhokang go bo fetola. Re ka nna ra lemoga sengwe se se dirang gore pelo ya rona e kgwaralale—se re ka se bitsang ‘letlalo la pelo ya rona’—se re lemogang gore se tshwanetse go tlosiwa. Eo e tla bo e le karo ya pelo ya tshwantshetso. Fa e le gore o dumela gore go ka nna molemo go tlhatlhoba pelo ya gago ya tshwantshetso, ke eng se o ka batlang go se tlhatlhoba mo go yone? Mme gone, o ka kgona jang go dira diphetogo tse di tlhokegang?—Jer. 4:4.

12 Re ka tlhomamisega ka seno: Ga re a tshwanela go lebelela gore Jehofa a re pateletse go dira diphetogo. O ne a re “difeige tse di molemo,” o tla di ‘naya pelo ya go mo itse.’ Ga a ka a re o tla pateletsa dipelo tsa bone go fetoga. Ba ne ba tshwanetse go nna le pelo e e bontshang gore ba batla go itse Modimo. A le rona ga re tlhoke sone seo?

Go tlhatlhoba pelo le go baakanya dikakanyo tse di sa siamang go tla dira gore re nne le masego

13, 14. Pelo ya Mokeresete e ka mo gobatsa ka tsela efe?

13 Jesu o ne a re: “Mo pelong go tswa dikakanyo tse di boikepo, dipolao, maakafalo, dikgokafalo, bogodu, ditshupo tsa maaka, ditlhapatso.” (Math. 15:19) Ga go pelaelo gore fa pelo e e kgwaraletseng ya mokaulengwe e mo tlhotlheletsa gore a dire boaka kgotsa kgokafalo  mme a bo a sa ikwatlhaye, Modimo a ka nna a se ka a tlhola a mo amogela. Le fa go ntse jalo, tota le motho yo o sa dirang phoso e e ntseng jalo a ka letla gore keletso e e sa siamang e gole mo pelong ya gagwe. (Bala Mathaio 5:27, 28.) Ke yone nako e motho a ka nnang a tshwanelwa ke go tlhatlhoba pelo ya gagwe ka yone. Fa o sekaseka pelo ya gago, a o fitlhela gore o na le boikutlo jo bo sa siamang ka motho mongwe wa bong bo sele, e leng sengwe se se fitlhegileng se o se eletsang se Modimo a sa se amogeleng se o tshwanetseng go se tlosa?

14 Kgotsa mokaulengwe mongwe yo o sa ‘bolayang’ ope a ka letlelela bogale go gola mo pelong ya gagwe mo a feleletsang a tlhoile Mokeresete mmogo le ene. (Lefi. 19:17) A o tla tsaya matsapa go tlosa maikutlo a a ntseng jalo a a ka dirang gore pelo ya gagwe e kgwaralale?—Math. 5:21, 22.

15, 16. (a) Naya sekai sa kafa Mokeresete a ka nnang ‘a se ka a rupa mo pelong’ ka gone. (b) Ke eng fa ‘pelo e e sa rupang’ e ka se ka ya itumedisa Jehofa?

15 Se se itumedisang ke gore Bakeresete ba le bantsi ga ba na ‘bothata jo bo ntseng jalo jwa pelo.’ Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bua gape ka “dikakanyo tse di boikepo.” Dikakanyo tseno ke tsela e re lebang dilo ka yone kgotsa mekgwa mengwe e e ka tshwaetsang dikarolo tse dintsi tsa botshelo jwa motho. Ka sekai, motho a ka nna a akanya gore go ikanyega mo go ba losika go botlhokwa thata go feta sengwe le sengwe. Ke boammaaruri gore Mokeresete o batla go bontsha ba losika “lorato lwa tlholego,” a se ka a nna jaaka batho ba le bantsi ba ba se nang lorato mo “metlheng [eno] ya bofelo.” (2 Tim. 3:1, 3) Le fa go ntse jalo, go ka direga gore motho a feteletse dilo fa a ba bontsha lorato. Batho ba le bantsi ba dumela gore “seboba re bata sa mokwatla sa mpa re a mpampetsa.” Ka jalo, ba ka nna ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go femela ba losika kgotsa ba kgopisega fa wa losika a utlwisitswe botlhoko. Akanya ka se maikutlo a a ntseng jalo a a feteletseng a ileng a dira gore bomorwarraagwe Dina ba se dire. (Gen. 34:13, 25-30) Gape akanya ka se se neng se le mo pelong ya ga Abesalome, se se ileng sa felela ka gore a bolaye Amenone yo e neng e le morwarraagwe ka rraagwe. (2 Sam. 13:1-30) A “dikakanyo tse di boikepo” ga se tsone tse di ba tlhotlheleditseng go dira dilo tseno?

16 Gone ke boammaaruri gore Bakeresete ba boammaaruri ga ba bolaye. Le fa go ntse jalo, a ba ka tswa ba tlhoile mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe yo o buileng sengwe kgotsa a dirile sengwe se se bontshang gore o nyaditse mongwe wa losika, kgotsa yo ba akanyang gore o dirile jalo? Ba ka nna ba gana go amogela mongwe yo e leng modumedi ka bone yo ba akanyang gore ga a tshwara mongwe wa losika lwa bone sentle kgotsa ba gana fa a ba laletsa. (Baheb. 13:1, 2) Ga re a tshwanela  go itirela diipato tsa go nna le maikutlo ao a a sa siamang le go nna le moya wa go gana go amogela ba bangwe, ka gonne seno se bontsha gore motho ga a na lorato. Ee, Motlhatlhobi wa dipelo a ka nna a lemoga gore re na le ‘pelo e e sa rupang.’ (Jer. 9:25, 26) Gopola batho ba Modimo a neng a ba rotloetsa jaana: “Lo ntshe matlalo a dipelo tsa lona.”—Jer. 4:4.

GO NNA LE ‘PELO YA GO ITSE’ MODIMO LE GO TSWELELA RE NA LE YONE

17. Go boifa Jehofa go ka re thusa jang gore re nne le pelo e e siameng?

17 Go tweng fa e le gore o tlhatlhobile pelo ya gago ya tshwantshetso mme o lemogile gore ga e amogele kgakololo ya ga Jehofa ka tsela e e neng e tshwanetse go dira ka yone, le gore ka tsela nngwe ‘ga e a rupa’? Gongwe o lemogile gore o boifa batho, o eletsa go tuma kgotsa go nna le dikhumo, o na le tshekamelo ya go nna bodipa kgotsa moya wa boitaolo. O tla bo o se motho wa ntlha go nna le mathata a a ntseng jalo. (Jer. 7:24; 11:8) Jeremia o ne a re Bajuda ba ba sa ikanyegeng ba motlha wa gagwe ba ne ba na le “pelo e e logwadi le e e botsuolodi.” Gape o ne a re: “Ga ba a bua mo pelong ya bone ba re: ‘Jaanong, a re boifeng Jehofa Modimo wa rona, Yo o re nayang pula e kgolo le pula ya letlhafula.’” (Jer. 5:23, 24) A seno ga se kaye gore sengwe se se ka re thusang go tlosa ‘matlalo a pelo ya rona’ ke go boifa Jehofa thata le go mo anaanela? Poifo eno e e siameng e ka re thusa gore re nne le pelo e e dirang se Modimo a eletsang gore re se dire.

18. Jehofa o ne a solofetsa ba ba leng mo kgolaganong e ntšha eng?

18 Re ka dira mmogo le Jehofa fa a ntse a re naya ‘pelo ya go mo itse.’ Tota e bile ke sone se a se solofeditseng batlodiwa gore o tla ba direla sone mo kgolaganong e ntšha, o ne a re: “Ke tla tsenya molao wa me mo go bone, e bile ke tla o kwala mo dipelong tsa bone. Ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna batho ba me.” Mme go tweng ka go mo itse ka tsela ya mmatota? O ne a re: “Mme mongwe le mongwe ga a kitla a tlhola a ruta molekane wa gagwe le mongwe le mongwe morwarraagwe, a re, ‘Itseng Jehofa!’ gonne botlhe ba tla nkitse, go simolola ka yo mmotlana thata wa bone go fitlha ka yo mogolo thata wa bone . . . Gonne ke tla itshwarela tlolo ya bone, le boleo jwa bone ga nkitla ke tlhola ke bo gakologelwa.”—Jer. 31:31-34. *

19. Bakeresete ba boammaaruri ba na le tsholofelo efe e e itumedisang?

19 O tshwanetse go batla go itse Jehofa le go nna karolo ya batho ba gagwe, le fa o ka tswa o lebile pele go bona melemo e e sa feleng ya kgolagano eo e ntšha kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng. Sengwe se se tlhokegang gore motho a bone melemo eo, ke gore a itshwarelwe maleo a gagwe mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete. Kgang fela ya gore o ka itshwarelwa maleo, e tshwanetse go go tlhotlheletsa gore le wena o itshwarele ba bangwe, tota le fa ba ka tswa ba go kgopisitse. Go bo o iketleeleditse go tlosa se se sa siamang mo pelong ya gago go tla solegela pelo ya gago molemo. Fa o dira jalo, o tla bo o bontsha gore o batla go direla Jehofa le gore o batla go mo itse botoka. O tla bo o tshwana le batho ba Jehofa a neng a bua le bone jaana a dirisa Jeremia: “Eleruri lo tla mpatla mme lo tla mpona, gonne lo tla mpatla ka pelo yotlhe ya lona. Ke tla itetla gore lo mpone.”—Jer. 29:13, 14.

^ ser. 18 Mo go kgaolo 14 ya buka ya Modimo o Bua le Rona ka Jeremia, go tlotliwa ka kgolagano e ntšha.