Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlotla Leina la ga Jehofa le Legolo

Tlotla Leina la ga Jehofa le Legolo

“Ke tla galaletsa leina la gago ka bosakhutleng.”—PES. 86:12.

1, 2. Go farologana le dikereke tsa madumedi a a ipitsang a Bokeresete, Basupi ba ga Jehofa ba leba jang leina la Modimo?

BONTSI jwa dikereke tsa madumedi a a ipitsang a Bokeresete di ile tsa tlogela go dirisa leina la Modimo. Ka sekai, ketapele ya Revised Standard Version e ne ya re: “Go dirisa leinatota le fa e ka nna lepe fela fa go bidiwa Modimo yo o esi . . . ga go a tshwanela gotlhelele mo tumelong ya lefatshe lotlhe ya Kereke ya Bokeresete.”

2 Basupi ba ga Jehofa bone ba motlotlo go bo ba bidiwa ka leina la Modimo le go le tlotlomatsa. (Bala Pesalema 86:12; Isaia 43:10.) Mo godimo ga moo, ke tshiamelo tota mo go rona go tlhaloganya bokao jwa leina leo le kgang ya lobopo lotlhe e e akaretsang go itshepisiwa ga lone. (Math. 6:9) Le fa go ntse jalo, eno ke tshiamelo e re sa tshwanelang go e tseela kwa tlase. Ka jalo, a re sekasekeng dipotso tse tharo tsa botlhokwa: Go itse leina la Modimo go kaya eng? Ke jang Jehofa a ileng a dira se leina la gagwe le se kayang, ka go dira jalo, a dira gore le galalediwe? Mme gone, re ka tsamaya jang mo leineng la ga Jehofa?

SE GO ITSE LEINA LA MODIMO GO SE KAYANG

3. Go itse leina la Modimo go kaya eng?

3 Go itse leina la Modimo ga go akaretse fela go itse lefoko “Jehofa.” Go akaretsa go itse gore Jehofa o itsege jang, dinonofo tsa gagwe, maikaelelo le ditiro tsa gagwe tse di tlhalositsweng mo Baebeleng tse di jaaka kafa a neng a dirisana ka gone le batlhanka ba gagwe. Eleruri Jehofa o re naya kitso eno kgato ka kgato go ya kafa a batlang go diragatsa maikaelelo a gagwe ka gone. (Dia. 4:18) Jehofa o ne a senolela batho ba babedi ba ntlha leina la gagwe; ke gone ka moo Efa a neng a le dirisa fa a sena go tshola Kaine. (Gen. 4:1) Banna ba ba ikanyegang ba e neng e le ditlhogo tsa lotso e bong Noa, Aborahame, Isake le Jakobe, ba ne ba itse leina la Modimo. Mo godimo ga moo, tsela e ba neng ba anaanela leina leno ka yone e ne ya oketsega fa Jehofa a ntse a ba segofatsa, a ba tlhokomela e bile a ba senolela dikarolo dingwe tsa boikaelelo jwa gagwe. Modimo  o ne a senolela Moshe sengwe se se kgethegileng malebana le bokao jwa leina la gagwe.

Moshe o ne a itse bokao jwa leina la Modimo, mme seo se ne sa nonotsha tumelo ya gagwe

4. Ke eng fa Moshe a ne a botsa Modimo ka se se kaiwang ke leina la gagwe, mme ke eng fa seo se ne se utlwala?

4 Bala Ekesodo 3:10-15. Fa Moshe a ne a na le dingwaga di le 80, Modimo o ne a mo naya boikarabelo jono jo bo masisi: “O ntshe batho ba me bomorwa Iseraele mo Egepeto.” Moshe o ne a tsibogela seno ka tlotlo, ka go botsa potso e e botlhokwa thata. Tota Moshe o ne a botsa gore: ‘Leina la gago ke mang?’ E re ka leina la Modimo le ne le sa bolo go itsewe, potso ya ga Moshe e ne e kaya eng? Ga go pelaelo gore o ne a batla go itse mo go oketsegileng ka mong wa leina leo—dintlha tse di neng di tla dira gore batho ba Modimo ba tlhatswege pelo gore tota Modimo o tla ba golola. Go ne go tshwanela gore Moshe a ikutlwe jalo, ka gonne Baiseraele ba ne ba na le lobaka lo loleele e le makgoba. Ba ne ba ka nna ba ipotsa gore a tota Modimo wa borraabonemogologolwane a ka kgona go ba golola. Tota e bile, Baiseraele bangwe ba ne ba setse ba obamela medimo ya Baegepeto!—Esek. 20:7, 8

5. Ke eng se Jehofa a neng a se senolela Moshe malebana le bokao jwa leina la gagwe?

5 Jehofa o ne a araba jang potso ya ga Moshe? O ne a mo raya a re: “O tla raya bomorwa Iseraele o re, ‘KE TLA NNA o nthomile kwa go lona.’” * Go tswa foo o ne a re: “Jehofa Modimo wa borraalonamogologolwane . . . o nthomile kwa go lona.” Modimo o ne a senola gore o tla nna se a batlang go nna sone gore a diragatse maikaelelo a gagwe, gore ka metlha o tla diragatsa lefoko la gagwe. Ke gone ka moo mo temaneng ya 15, Jehofa a neng a re: “Leno ke leina la me ka bosakhutleng, mme seno ke segopotso sa me go tswa kokomaneng go ya kokomaneng.” Ruri go senolelwa bokao jwa leina la Modimo go tshwanetse ga bo go ile ga nonotsha Moshe ga ba ga dira gore a nne le kanaanelo e kgolo!

JEHOFA O NE A DIRA SE LEINA LA GAGWE LE SE KAYANG

6, 7. Ke jang Jehofa a ileng a dira dilo go dumalana le bokao jwa leina la gagwe le legolo?

6 Nakwana fela morago ga gore Jehofa a neye Moshe ditaelo, o ne a dira se leina la gagwe le se kayang, ka ‘go nna’ Mogolodi wa Iseraele. O ne a tlontlolola Egepeto ka dipetso tse di lesome tse di utlwisang botlhoko a bo a senola gore medimo ya Egepeto—go akaretsa le Faro—ga e na mosola. (Ekes. 12:12) Go tswa foo, Jehofa o ne a kgaoganya Lewatle le Lehibidu ka bogare, a dira gore Baiseraele ba kgone go kgabaganya mo gare ga lone mme a dira gore Faro le mophato wa gagwe wa sesole o nwele. (Pes. 136:13-15) ‘Mo nageng e kgolo le e e boitshegang,’ Jehofa o ne a nna Mmoloki wa botshelo fa a ne a naya batho ba gagwe, ba gongwe ka nako eo ba neng ba  ka nna dimilione di le tharo kgotsa go feta, dijo le metsi! Gape o ne a dira gore diaparo tsa bone le bompaatšhane ba bone ba se ka ba onala. (Deut. 1:19; 29:5) Ga go sepe se se ka thibelang Jehofa gore a diragatse se se kaiwang ke leina la gagwe le le ka se bapisiweng le sepe. Moragonyana o ne a raya Isaia a re: “Nna—ke nna Jehofa, mme kwantle ga me ga go na mmoloki.”—Isa. 43:11.

7 Motlhatlhami wa ga Moshe e bong Joshua le ene o ne a bona ditiro tse di boifisang tsa ga Jehofa kwa Egepeto le kwa nageng. Ka jalo, fa Joshua a le gaufi le go swa o ne a ka kgona go bua a tlhatswegile pelo, a bolelela Baiseraele mmogo le ene jaana: “Lo itse sentle ka dipelo tsa lona tsotlhe le ka meya ya lona yotlhe gore ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela. Ga go na le fa le le lengwe la one le le sa diragalang.” (Josh. 23:14) Ka metlha Jehofa o ne a diragatsa lefoko la gagwe—o ne ‘a nna.’

8. Mo motlheng ono, Jehofa o diragatsa jang se leina la gagwe le se kayang?

8 Le gompieno Jehofa o sa ntse a diragatsa se a se solofeditseng. O ne a dirisa Morwawe go bolelelapele gore mo metlheng ya bofelo, molaetsa wa Bogosi o ne o tla rerwa “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.” (Math. 24:14) Ke Modimo Mothatayotlhe fela yo o neng a ka kgona go bolelelapele gore go tla dirwa tiro e e ntseng jalo, yo o ka tlhomamisang gore e a dirwa, mme a dirisa batho “ba ba sa rutegang” gore ba dire tiro eo. (Dit. 4:13) Ka jalo, fa re nna le seabe mo tirong eno, tota re a bo re diragatsa boporofeti jo bo mo Baebeleng. Re tlotla Rraarona mme re bontsha gore tota re kaya se re se buang fa re rapela re re: “A leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Math. 6:9, 10.

LEINA LA GAGWE LE LEGOLO

Faro o ne a gana go lemoga gore Jehofa ke Modimo

9, 10. Jehofa o ne a bontsha jang gape se se kaiwang ke leina la gagwe ka tsela e a neng a dirisana le Baiseraele ka yone, mme seno se ne sa felela ka eng?

9 Nakwana fela morago ga Khudugo ya Baiseraele, Jehofa o ne a tlhalosetsa batho ba gagwe sengwe gape se se kaiwang ke leina la gagwe. O ne a dirisa kgolagano ya Molao go nna ‘monna yo e leng mong wa bone,’ a ikemiseditse go diragatsa maikarabelo otlhe a gagwe a a neng a amana le seo. (Jer. 3:14) Baiseraele bone ba ne ba nna mosadi wa gagwe wa tshwantshetso, batho ba ba bidiwang ka leina la gagwe. (Isa. 54:5, 6) Fa ba ntse ba iketleeditse go mo ikobela le go boloka melao ya gagwe, o ne a tla nna ‘Monna’ wa bone yo o molemo. O ne a tla ba segofatsa, a ba sireletse, a bo a dire gore ba nne le kagiso. (Dipa. 6:22-27) Ka jalo, leina le legolo la ga Jehofa le ne le tla tlotlomadiwa mo ditšhabeng. (Bala Duteronome 4:5-8; Pesalema 86:7-10.) Ee ruri, mo hisitoring yotlhe ya Iseraele batswakwa ba bantsi ba ne ba tla mo kobamelong ya boammaaruri. Mme ba ne ba bua se se neng sa buiwa ke Ruthe yo o tswang kwa Moabe fa a ne a raya Naomi  a re: “Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me.”—Ruthe 1:16.

10 Mo dingwageng di ka nna 1 500 tse Jehofa a neng a dirisana le Baiseraele ka tsone, o ne a senola dikarolo tse dingwe tse disha tsa botho jwa gagwe. Le fa setšhaba seno se ne se tlhoka kutlo, gangwe le gape Jehofa o ne a nna “Modimo yo o kutlwelobotlhoko” le “yo o bonya go galefa.” E ne e le Modimo yo o pelotelele thata. (Ekes. 34:5-7) Le fa go ntse jalo, bopelotelele jwa ga Jehofa bo ne bo na le mo bo felelang gone, bo ne jwa fela fa setšhaba sa Bajuda se ne se gana Morwawe le go mmolaya. (Math. 23:37, 38) Baiseraele ba tlholego ga ba a ka ba tlhola ba bidiwa ka leina la Modimo. Ba ne ba swa semoyeng fela jaaka setlhare se se swabileng. (Luke 23:31) Seno se ne sa dira gore ba ikutlwe jang ka leina la Modimo?

11. Go tlile jang gore leina la Modimo le se ka la tlhola le dirisiwa mo tumelong ya Sejuda?

11 Hisitori e bontsha gore fa nako e ntse e ya, Bajuda ba ne ba nna le kgopolo e e sa siamang ka leina la Modimo, ba ne ba le leba e le sengwe se se sa tshwanelwang go buiwa. (Ekes. 20:7) Fa nako e ntse e ya, ba ne ba se ka ba tlhola ba dirisa leina la Modimo mo tumelong ya Sejuda. Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a utlwa botlhoko fa a bona leina la gagwe le sa tlotliwe. (Pes. 78:40, 41) Le fa go ntse jalo, Modimo “yo leina la gagwe e leng Lefufa” o ne a ka se letle gore batho ba ba neng ba mo itatotse le ba ene a neng a ba latlhile, ba bidiwe ka leina la gagwe ka bosakhutleng. (Ekes. 34:14) Seno se tshwanetse go gatelela botlhokwa jwa go bontsha gore re tlotla leina la Mmopi wa rona thata.

BATHO BA BASHA BA BA BIDIWANG KA LEINA LA MODIMO

12. Jehofa o ne a simolola jang setšhaba sa batho ba ba bidiwang ka leina la gagwe se se neng se boleletswe pele?

12 Jehofa o ne a dirisa Jeremia go senola maikaelelo a gagwe a go tlhoma “kgolagano e ntšha” le setšhaba se sesha, Iseraele wa semoya. Jeremia o ne a bolelela pele gore maloko otlhe “go simolola ka yo mmotlana thata wa bone go fitlha ka yo mogolo thata wa bone” ba tla ‘itse Jehofa.’ (Jer. 31:31, 33, 34) Boporofeti joo bo ne jwa simolola go diragadiwa ka Pentekosete ya 33 C.E. fa Modimo a ne a tlhoma kgolagano e ntšha. Setšhaba se sesha, “Iseraele wa Modimo,” se se neng se akaretsa Bajuda le batho ba e neng e se Bajuda, se ne sa nna “batho ba leina la [Modimo]” kgotsa ba Jehofa a neng a re ke “batho ba ba bidiwang ka leina la me.”—Bagal. 6:16; bala Ditiro 15:14-17; Math. 21:43.

13. (a) A Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dirisa leina la Modimo? Tlhalosa. (b) O leba jang tshiamelo ya go dirisa leina la ga Jehofa mo bodireding?

13 E re ka maloko a setšhaba seo sa semoya e le “batho ba ba bidiwang ka leina la [Modimo],” ba ne ba dirisa leina la Modimo segolobogolo fa ba nopola Dikwalo tsa Sehebera. * Ke gone ka moo moaposetoloi Petere a neng a dirisa leina la Modimo makgetlo a le mmalwa fa a ne a bua le Bajuda ba tlholego le basokologi ka Pentekosete ya 33 C.E. (Dit. 2:14, 20, 21, 25, 34) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tlotla Jehofa, ka jalo, le ene o ne a segofatsa maiteko a ba neng ba a dira mo tirong ya go rera. Le gompieno Jehofa o segofatsa bodiredi jwa rona fa re bua ka leina la gagwe re le motlotlo le go bontsha batho ba ba kgatlhegang leina leo mo Dibaebeleng tsa bone fa go kgonega. Ka go dira jalo, re dira gore ba itse Modimo wa boammaaruri. Ruri eo ke tshiamelo—mo go bone le mo go rona! Ka dinako dingwe go ba itsise leina la Modimo go ka dira gore ba simolole go nna le kamano e e molemo le Jehofa, e e tla nonofang le e e tla nnelang ruri.

14, 15. Le fa botlhanogi bo ile jwa anama, ke eng se Jehofa a ileng a se dira ka leina la gagwe le legolo?

14 Moragonyana botlhanogi bo ne jwa tsenelela mo phuthegong ya Bokeresete, segolobogolo morago ga loso lwa baaposetoloi. (2 Bathes.  2:3-7) Barutisi ba maaka ba ne ba bo ba amogela ngwao ya Sejuda ya go se dirise leina la Modimo. A mme gone Jehofa o ne a tla letla gore leina la gagwe le legolo le tlosiwe? Legoka! Gone ke boammaaruri gore ga re tlhomamisege gore le ne le bidiwa jang, mme gone leina leo le sa ntse le le teng. Fa nako e ntse e ya, le ne la tlhagelela mo dithanolong tse di farologaneng tsa Baebele mmogo le mo mekwalong e mengwe ya bakanoki ba Baebele. Ka sekai, ka 1757, Charles Peters o ne a re, go farologana le direto tse dingwe tsa Modimo, leina “Jehofa” “e ne e le tsela e e molemo e go ka tlhalosiwang botho jwa Modimo ka yone.” Mo bukeng ya 1797 ya go obamela Modimo, Hopton Haynes o ne a simolola kgaolo ya bosupa jaana: “JEHOFA ke leina le le tshwanetseng la MODIMO mo Bajudeng; yo ba neng ba obamela ene fela; fela jaaka Keresete le Baaposetoloi le bone ba ne ba dira.” Henry Grew (1781-1862) ga a ka a dirisa leina la Modimo fela, mme gape o ne a lemoga gore le ne le kgobilwe, ka jalo, le ne le tlhoka go itshepisiwa. Ka tsela e e tshwanang, George Storrs (1796-1879), le Charles T. Russell, ba e neng e le ditsala, ba ne ba dirisa leina la Modimo.

15 Ngwaga wa 1931, e ne e le ngwaga o o botlhokwa thata ka gonne mo go one ngwaga oo, batho ba Modimo ba ka nako eo ba neng ba bidiwa Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba ba ne ba simolola go dirisa leina le le mo Dikwalong la Basupi ba ga Jehofa. (Isa. 43:10-12) Ka go dira jalo, ba ne ba bontsha lefatshe gore ba motlotlo go nna batlhanka ba Modimo yo o esi wa boammaaruri, go nna “batho ba leina la gagwe,” ba ba bakang leina la gagwe. (Dit. 15:14) Fa re akanya kafa Jehofa a sireleditseng leina la gagwe ka gone, re gopola mafoko ano a a mo go Malaki 1:11: “Go tswa botlhabatsatsi le go ya bophirimong jwa lone leina la me le tla nna legolo mo ditšhabeng.”

TSAMAYA MO LEINENG LA GA JEHOFA

16. Ke eng fa re tshwanetse go tsaya go tsamaya mo leineng la ga Jehofa e le tlotla?

16 Moporofeti Mika o ne a kwala jaana: “Ditšhaba tsotlhe, di tla tsamaya sengwe le sengwe mo leineng la modimo wa sone; mme fa e le rona, re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.” (Mik. 4:5) Go bo Jehofa a ile a letla Baithuti ba Baebele go dirisa leina la gagwe e ne e se tlotla e kgolo fela. Gape go ne go dira gore ba tlhatswege pelo gore Modimo o a ba amogela. (Bala Malaki 3:16-18.) Mme go tweng ka wena? A o leka ka natla go “tsamaya mo leineng la ga Jehofa”? A o tlhaloganya gore seno se akaretsa eng?

17. Go tsamaya mo leineng la Modimo go akaretsa eng?

17 Go tsamaya mo leineng la Modimo go akaretsa dilo di ka nna tharo. Sa ntlha, re tshwanetse go bolelela ba bangwe ka leina leo, re lemoga gore ba ba ‘bitsang leina la ga Jehofa ke bone fela ba ba tla bolokwang.’ (Bar. 10:13) Sa bobedi, re tshwanetse go bontsha dinonofo tsa ga Jehofa, segolobogolo lorato lwa gagwe. Mme sa boraro, re tsamaya mo leineng la ga Jehofa fa re ikobela melao ya gagwe e e siameng ka go rata mme re sa tlisetse leina le le boitshepo la Rraarona kgobo. (1 Joh. 4:8; 5:3) A o ikemiseditse go “tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng”?

18. Ke eng fa botlhe ba ba tlotlang leina le legolo la ga Jehofa ba ka leba pele mo isagweng ba tlhatswegile pelo?

18 Go ise go ye kae, ba ba itlhokomolosang Jehofa le ba ba ganang go mo obamela ba tla patelesega go itse gore Jehofa ke mang. (Esek. 38:23) Batho bano ba akaretsa ba ba tshwanang le Faro yo o neng a re: “Jehofa ke mang, gore nka utlwa lentswe la gagwe?” Ruri o ne a bona karabo ya potso eno ka bonako tota! (Ekes. 5:1, 2; 9:16; 12:29) Le fa go ntse jalo, rona re ile ra ithaopa go itse gore Jehofa ke mang. Re motlotlo go bo re bidiwa ka leina la gagwe le go nna batho ba gagwe ba ba kutlo. Ka jalo, re lebile pele mo isagweng mme re tlhatswegile pelo gore re tla bona go diragadiwa ga tsholofetso eno e e mo go Pesalema 9:10: “Ba ba itseng leina la gago ba tla go ikanya, gonne ruri ga o na go tlogela ba ba go batlang, wena Jehofa.”

^ ser. 5 Leina la Modimo ke mofuta wa lediri la Sehebera le le kayang, “go nna.” Ka jalo leina “Jehofa” le kaya, “O Dira Gore go Diragale.”—Gen. 2:4, ntlha e e kwa tlase mo go NW.

^ ser. 13 Mokwalo wa Sehebera o o neng o dirisiwa ke Bakeresete ba bogologolo o ne o na le Thaterakeramatone. Bosupi bo bontsha gore mekwalo ya bogologolo ya Septuagint, e leng thanolo ya Segerika ya Dikwalo tsa Sehebera, le yone e ne e na le Thaterakeramatone.