Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE KA FA NTLE: BOTSHELO JO BO NANG LE BOKAO BO A KGONEGA

A Ruri go a Kgonega go Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao?

A Ruri go a Kgonega go Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao?

“Boleele jwa malatsi a rona ke dingwaga di le masome a supa—kgotsa masome a robedi fa re na le maatla; le fa go ntse jalo a tletse ka mathata le bohutsana.” — Pesalema 90:10, New International Version.

RURI mafoko ao a boammaaruri! Gantsi botshelo mo lefatsheng leno bo tletse ka “mathata le bohutsana.” Gongwe o kile wa ipotsa go re, ‘A gone jaanong go a kgonega go tshela botshelo jo tota bo nang le bokao?’

Ka sekai, akanya ka Maria. O kile a bo a le matlhagatlhaga, mme gone jaanong e re ka a na le dingwaga di le 84, o nna fela a le mo ntlong. Tlhaloganyo ya gagwe e sa ntse e le matlhagatlhaga, mme mmele wa gagwe one o bokoa. A tota a ka ikutlwa a tshela botshelo jo bo nang le bokao?

Go tweng ka wena? O ka tswa o kile wa ipotsa gore a botshelo jwa gago bo na le bokao. O ka tswa o bereka tiro e e lapisang le e e kgobang marapo. Go ka nna ga bo go se na ope yo o anaanelang tiro ya gago. Le fa dilo di ka tswa di go tsamaela sentle gone jaanong, o ka tswa o tlhobaela ka se se tla diregang mo isagweng. Ka dinako tse dingwe, o ka tswa o ikutlwa o jewa ke bodutu kgotsa o ngomogile pelo. Go ka nna ga bo go na le dikgotlhang le go sa utlwane mo lelapeng la gago. O ka tswa o tlhokafaletswe ke mongwe yo o mo ratang. Monna mongwe yo o bidiwang André, o ne a atamalane thata le rraagwe, yo o neng a lwala mme morago a tlhokafala. André o ne a utlwa botlhoko thata mo a neng a akanya gore bohutsana jwa gagwe ga bo kitla bo fela.

Le fa re ka tswa re lebane le mathata afe, go na le potso e re tlhokang go bona karabo ya yone: A ruri go a kgonega go tshela botshelo jo bo nang le bokao? Re ka bona karabo ka go sekaseka botshelo jwa monna yo o tshetseng mo lefatsheng dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng—Jesu Keresete. Le mororo a ile a lebana le dikgwetlho di le dintsi, o ile a tshela botshelo jo bo nang le bokao. Go ka nna jalo le ka rona fa re etsa sekao sa gagwe.