Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu—Se se Dirileng Gore a Nne le Botshelo jo bo Nang le Bokao

Jesu—Se se Dirileng Gore a Nne le Botshelo jo bo Nang le Bokao

A TOTA Jesu o ne a tshela botshelo jo bo nang le bokao? Ga go pelaelo gore o ne a golela mo lelapeng le le humanegileng, mme o ne a se na dilo tse dintsi tsa lefatshe leno. Tota e bile o ne a se na “gope kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone.” (Luke 9:57, 58) Mo godimo ga moo, o ne a tlhoilwe, a senngwa leina mme kwa bofelong a bolawa ke baba ba gagwe.

O ka nna wa re, ‘Ga ke akanye gore botshelo jo bo ntseng jalo bo na le bokao!’ Mme go na le dilo di le dintsi tse re tlhokang go di ela tlhoko ka botshelo jwa ga Jesu. Mma re sekaseke dintlha di le nnè tsa botshelo jwa gagwe.

1. JESU O NE A NA LE BOIKAELELO MO BOTSHELONG—GO DIRA THATO YA MODIMO.

“Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng.”—Johane 4:34.

Jesu o ne a bontsha gore o batla go dira thato ya ga Rraagwe e bong Jehofa, * ka mafoko le ka ditiro tsa gagwe. Jesu o ne a itumedisiwa thata ke go dira thato ya Modimo. Tota e bile, o ne a tshwantsha go dira thato ya Modimo le dijo, jaaka go bontshitswe mo temaneng e e sa tswang go nopolwa. Ela tlhoko maemo a mo go one a ileng a dira papiso eo.

Jesu o ne a bua mafoko ao mo e ka nnang ka thapama. (Johane 4:6) Ruri o tshwanetse a bo a ne a tshwerwe ke tlala ka gonne moso otlhe o ne a tsamaya mo nageng e e dithaba ya Samarea. Tota e bile, barutwa ba gagwe ba ne ba mo rotloetsa jaana: “Rabi, ja.” (Johane 4:31) Tsela e Jesu a neng a ba araba ka yone e ne e bontsha gore o ne a ikutlwa a nonotshiwa ke go dira tiro ya Modimo. A seo ga se bontshe gore e ne e le motho yo botshelo jwa gagwe bo neng bo na le bokao?

2. JESU O NE A RATA RRAAGWE THATA.

“Ke rata Rara.”—Johane 14:31.

Jesu o ne a na le kamano e e gaufi thata le Rraagwe fa a le kwa legodimong. Lorato lo logolo lo Jesu a neng a rata Modimo ka lone lo ne lwa mo tlhotlheletsa gore a itsise batho ka Rraagwe—leina la gagwe, maikaelelo a gagwe le dinonofo tsa gagwe. Ka mafoko a gagwe, ditiro tsa gagwe le boikutlo jwa gagwe, Jesu o ne a bontsha gore o tshwana le Rraagwe—mo e leng gore re bona mo go Jesu kafa Rraagwe a leng ka teng. Ka jalo, fa Filipo a kopa Jesu a re: “Re bontshe Rara,” Jesu o ne a araba a re: “Yo o mponeng o bone le Rara.”—Johane 14:8, 9.

Jesu o ne a rata Rraagwe thata mo e leng gore o ne a ikemiseditse go mo ikobela go fitlha losong. (Bafilipi 2:7, 8; 1 Johane 5:3) Go rata Modimo thata jalo go ile ga dira gore botshelo jwa ga Jesu bo nne le bokao.

 3. JESU O NE A RATA BATHO.

“Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.”—Johane 15:13.

E re ka re le batho ba ba sa itekanelang, go bonala ditebelelo tsa rona ka botshelo di le letobo. Baebele ya re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe [Adame] le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Re ka se tile ditlamorago tsa boleo e leng loso ka borona.—Baroma 6:23.

Se se itumedisang ke gore, Jehofa o ne a dira tsela ya go baakanya seemo sa batho. O ne a letla Morwawe e bong Jesu yo o itekanetseng e bile a se na boleo, go boga le go swa gore a ntshe thekololo e e neng e tlhokega go golola batho mo bokgobeng jwa boleo le loso. E re ka Jesu a ne a tlhotlhelediwa ke go rata Rraagwe le batho, o ne a ikobela seo ka go rata mme a re ntshetsa botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng. (Baroma 5:6-8) Lorato loo lo lo seng pelotshetlha lo ile lwa dira gore botshelo jwa gagwe bo nne le bokao. *

4. JESU O NE A ITSE GORE RRAAGWE O A MO RATA LE GORE O A MO AMOGELA.

“Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.”—Mathaio 3:17.

Jehofa o ne a bua mafoko ao go tswa kwa legodimong fa Jesu a kolobediwa. Jehofa o ne a bolela phatlalatsa gore o rata Morwawe e bong Jesu le gore o a mo amogela. Ga go gakgamatse go bo Jesu a ne a bua jaana a sa okaoke: ‘Rara o a nthata’! (Johane 10:17) Ka gonne Jesu o ne a itse gore Rraagwe o a mo rata le go mo amogela, o ne a lebana le kganetso le go tshwaiwa diphoso ka bopelokgale. Lorato lono le kamogelo di ne tsa mo thusa gore a lebane le loso. (Johane 10:18) Ga go pelaelo gore go bo Jesu a ne a itse gore Rraagwe o a mo rata le go mo amogela go ile ga dira gore botshelo jwa gagwe bo nne le bokao le go feta.

Ruri Jesu o ne a tshela botshelo jo bo nang le bokao. Eleruri, re ka ithuta go le gontsi mo go ene malebana le kafa re ka tshelang botshelo jo bo nang le bokao jwa mmatota ka teng. Mo setlhogong se se latelang re tla sekaseka dikgakololo dingwe tse di utlwalang sentle tse Jesu a ileng a di neela balatedi ba gagwe gore ba ka tshela jang.

^ ser. 6 Jehofa ke leina la Modimo le le mo Baebeleng.

^ ser. 15 Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka boleng jwa thekololo ya loso lwa ga Jesu, bona kgaolo 5 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.