Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

A go a kgonega go tlhaloganya Baebele?

Baebele ke Lefoko la Modimo. E ntse jaaka lekwalo le le tswang kwa go rre yo o lorato. (2 Timotheo 3:16) Mo Baebeleng, Modimo o tlhalosa gore re ka mo itumedisa jang, gore ke ka ntlha yang fa a letlelela bosula le gore o tla direla batho eng mo isagweng. Mme baruti ba bodumedi ba sokamisitse dithuto tsa Baebele; ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba akanya gore le ka motlha ba ka se tlhaloganye Baebele.—Ditiro 20:29, 30.

Jehofa Modimo o batla gore re itse boammaaruri ka ene. Ka ntlha ya seo, o re neile buka e re ka kgonang go e tlhaloganya.—Bala 1 Timotheo 2:3, 4.

O ka tlhaloganya jang Baebele?

Mo godimo ga go re naya Baebele, Jehofa o re diretse tsela e e ka re thusang go e tlhaloganya. O rometse Jesu gore a re rute. (Luke 4:16-21) Jesu o ne a thusa bareetsi ba gagwe gore ba tlhaloganye Dikwalo, a tlhalosa temana nngwe le nngwe.—Bala Luke 24:27, 32, 45.

Jesu o ne a tlhoma phuthego ya Bokeresete gore tiro e a e simolotseng e tswelele pele. (Mathaio 28:19, 20) Gompieno, balatedi ba ga Jesu ba mmatota ba thusa batho go tlhaloganya se Baebele e se rutang ka Modimo. Fa o batla go tlhaloganya Baebele, Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go go thusa.—Bala Ditiro 8:30, 31.