Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dirisa Lefoko la Modimo go Thusa Wena le ba Bangwe

Dirisa Lefoko la Modimo go Thusa Wena le ba Bangwe

‘Ke tsere ditaelo tsotlhe kaga dilo tsotlhe di siame.’—PES. 119:128.

1. Ke eng fa re tshwanetse go ikanya Lefoko la Modimo ka botlalo?

FA BAGOLWANE ba batla go tlhomamisa gore a moithuti mongwe wa Baebele o tshwanelegela go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo, ba ipotsa gore, ‘A motho yono o bontsha gore o dumela gore Baebele ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng?’ * Fa mongwe a batla go nna mmoledi wa Bogosi, karabo ya potso eno e tshwanetse go nna ee—mme go ntse jalo le ka batlhanka botlhe ba ga Jehofa. Ka ntlha yang? Fa re ikanya Lefoko la Modimo e bile re kgona go le dirisa mo bodireding, seno se tla dira gore re kgone go thusa ba bangwe go itse Jehofa le gore ba bolokwe.

2. Ke eng fa re tshwanetse go ‘tswelela mo dilong tse re di ithutileng’?

2 Moaposetoloi Paulo o ne a gatelela botlhokwa jwa Lefoko la Modimo fa a ne a kwalela Timotheo jaana: “Tswelela mo dilong tse o di ithutileng wa ba wa tlhotlhelediwa go di dumela.” ‘Dilo’ tse Paulo a neng a di umaka ke dithuto tsa boammaaruri tse di mo Baebeleng tse di tlhotlheleditseng Timotheo gore a nne le tumelo mo dikgannyeng tse di molemo. Le gompieno dithuto tseno tsa boammaaruri di ile tsa re ama ka tsela e e tshwanang mme di sa ntse di re ‘tlhalefisa gore re bone poloko.’ (2 Tim. 3:14, 15) Gantsi re dirisa mafoko a a latelang a ga Paulo go bontsha batho ba bangwe gore Baebele ke Lefoko la Modimo, mme gone le rona re ka solegelwa molemo ke mafoko ao a a mo go 2 Timotheo 3:16. (E bale.) A re sekasekeng temana eno ka mo go oketsegileng. Go dira jalo go tla dira gore re tlhatswege pelo le go feta gore dithuto tsotlhe tsa ga Jehofa di ‘siame.’—Pes. 119:128.

“LO TSWELA MOSOLA MO GO RUTENG”

3-5. (a) Batho ba le bantsi ba ile ba tsibogela jang puo ya ga Petere ka Pentekosete, mme ka ntlha yang? (b) Ke eng fa batho ba le bantsi kwa Thesalonika ba ile ba amogela boammaaruri? (c) Ke eng se se ka kgatlhang batho ka bodiredi jwa rona gompieno?

3 Jesu o ne a raya setšhaba sa Iseraele a re: “Ke lo romelela baporofeti le batho ba ba botlhale le batlhatlheledi ba batho.”  (Math. 23:34) Jesu o ne a bua ka barutwa ba gagwe ba a neng a ba rutile go dirisa Dikwalo fa ba le mo bodireding. Ka Pentekosete ya 33 C.E., mongwe wa “batlhatlheledi [bao] ba batho” e bong moaposetoloi Petere, o ne a nopola ditemana di le mmalwa go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera fa a ne a neela boidiidi jwa batho puo kwa Jerusalema. Fa bareetsi ba le bantsi ba utlwa Petere a dirisa mafoko ano, ba ne ba “tlhabega mo pelong.” Ba ne ba ikwatlhaela maleo a bone a mo nakong e e fetileng. Batho ba ka nna dikete di le tharo ba ne ba kopa Modimo gore a ba itshwarele mme ba nna Bakeresete.—Dit. 2:37-41.

4 Moaposetoloi Paulo yo e neng e le mongwe wa batlhatlheledi ba batho, o ne a rera dikgang tse di molemo le kwa metseng e e kgakala kwa ntle ga Jerusalema. Ka sekai, o ne a bua le batho ba ba neng ba obamela kwa sinagogeng, kwa motseng wa Thesalonika wa kwa Makedonia. Ka boSabata ba le bararo, Paulo o ne “a ba bontsha mabaka go tswa mo Dikwalong, a tlhalosa e bile a ntsha bosupi ka go nopola gore go ne go tlhokega gore Keresete a boge le go tsoga mo baswing.” Seno se ne sa felela ka eng? ‘Bangwe ba Bajuda e ne ya nna badumedi’ mme le “Bagerika ba le bantsi thata” ba ne ba nna badumedi.—Dit. 17:1-4.

5 Gompieno tsela e batlhanka ba Modimo ba dirisang Baebele ka yone e kgatlha batho ba le bantsi. Fa kgaitsadi mongwe a sena go tlotla le mong wa ntlo kwa Switzerland, mong wa ntlo o ne a mmotsa jaana: “Lo romilwe ke mang?” Kgaitsadi yoo o ne a mo raya a re: “Nna le motho yo ke tsamayang le ene re Basupi ba ga Jehofa.” Mong wa ntlo o ne a re: “Ke itsile. Ke mang yo o ka tlang mo ntlong ya me go tla go mpalela Baebele kwantle ga Basupi ba ga Jehofa?”

6, 7. (a) Ba ba nnang le seabe mo go ruteng phuthego ba ka dirisa Baebele jang ka tsela e e siameng? (b) Ke eng fa go le botlhokwa go dirisa Dikwalo ka tsela e e siameng fa re tshwere dithuto tsa magae tsa Baebele?

6 Re ka dirisa jang Baebele ka botlalo fa re ruta? Fa e le gore o na le tshiamelo ya go ema fa pele ga phuthego o e ruta, dirisa ditemana tsa Baebele tse di maleba. Go na le go tlhalosa ditemana tsa konokono ka mafoko a gago fela o sa di bale kgotsa go bala ditemana tse di printilweng kgotsa go dirisa sedirisiwa se se rileng sa ileketeroniki, bula Baebele mme o di bale ka tlhamalalo go tswa mo go yone, o bo o kgothaletse bareetsi gore le bone ba dire jalo. Gape, iphe nako ya go tlhalosa ditemana tseno ka tsela e e ka thusang bareetsi gore ba atamalane le Jehofa. Go na le gore o dirise dipapiso tse di raraaneng le maitemogelo e le fela gore o tshegise batho, iphe nako go tlhalosa Lefoko la Modimo.

7 Re tshwanetse go nna re akantse ka eng fa re tshwere dithuto tsa magae tsa Baebele? Fa re ntse re dirisa dikgatiso tsa rona tsa Baebele, re tshwanetse go tlhomamisa gore re bala ditemana tsa Baebele tse di umakilweng. Re tshwanetse go kgothaletsa motho yo re ithutang le ene gore a bale ditemana tse di umakilweng mme re mo thuse gore a di tlhaloganye. Re ka dira seno jang? Ga re a tshwanela gore e nne rona re buang thata fa re tshwere thuto mme re tshwanetse go kgothaletsa moithuti gore a tlhalose gore ene o ikutlwa jang ka se re tlotlang ka sone. Go na le go mmolelela gore a dumele eng le gore a dire dilo jang, re ka mmotsa dipotso tse re di akanyeditseng sentle tse di ka dirang gore a dire ditshwetso tse di siameng. *

“LO TSWELA MOSOLA . . . MO GO KGALEMELENG”

8. Paulo o ne a lwa le eng?

8 Gantsi re akanya gore bagolwane ba Bakeresete ke bone ba tshwanetseng go ‘kgalemela’ batho ba bangwe. Gone ke boammaaruri gore balebedi ba na le boikarabelo jwa go “kgalemela batho ba ba dirang boleo.” (1 Tim. 5:20; Tito 1:13) Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore le rona re ikgalemele. Paulo e ne e le Mokeresete yo o tlhomang sekao yo o neng a na le segakolodi se se phepa. (2 Tim. 1:3) Le fa go ntse jalo, o ne a re: “Ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo.” Fa re ithuta ditemana tse di dikologileng  temana eno, re tla kgona go tlhaloganya gore Paulo o ne a tlhoka go lwa ntwa efe go lwantsha bosaitekanelang jo a bo ruileng jwa boleo.—Bala Baroma 7:21-25.

9, 10. (a) Go ka direga gore Paulo o ile a tshwanelwa ke go lwa le makoa afe? (b) Paulo a ka tswa a ile a tswelela a lwa jang le bosaitekanelang jwa gagwe?

9 Paulo o ne a lwantshana le makoa afe? Le fa a ile a se ka a umaka makoa ao ka tlhamalalo, fa a ne a kwalela Timotheo o ne a ipitsa gore e ne e le “motho yo o se nang maitseo.” (1 Tim. 1:13) Pele ga Paulo a sokologa, o ne a tshwara Bakeresete makgwakgwa thata. O ne a bua jaana fa a tlhalosa kafa a neng a ikutlwa ka teng ka balatedi ba ga Keresete: “Ke ne ke tsenwa mo go feteletseng ka bone.” (Dit. 26:11) Paulo o ne a ithuta go laola bogale jwa gagwe, mme ka dinako dingwe go ka tswa go ile ga nna thata gore a laole kafa a neng a ikutlwa ka teng le se a neng a se bua. (Dit. 15:36-39) Ke eng se se neng sa mo thusa go atlega?

10 Fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha, o ne a tlhalosa se a ileng a se dira go ikgalemela. (Bala 1 Bakorintha 9:26, 27.) O ne a tsaya matsapa a magolo go lwantsha bosaitekanelang jwa gagwe. Go bonala sentle gore o ne a batla dintlha tse di tla mo kaelang tse di mo Dikwalong, a rapela Jehofa gore a mo thuse gore a di dirise le go dira ka natla gore a tokafatse botho jwa gagwe. * Re ka solegelwa molemo ke sekao sa gagwe ka gonne le rona re lwantsha ditshekamelo tsa rona tsa bosaitekanelang.

11. Re ka ‘nna re leka’ jang go bona gore a re tsamaya mo tseleng ya boammaaruri?

11 Fa re obamela Modimo, ga re a tshwanela go tsaya dilo motlhofo. Go na le moo, re tshwanetse ‘go nna re leka’ go tlhomamisa gore re tsamaya mo tseleng ya boammaaruri. (2 Bakor. 13:5) Fa re bala ditemana tse di jaaka Bakolosa 3:5-10, re ka ipotsa jaana: ‘A ke dira ka natla go bolaya ditshekamelo tse ke nang le tsone tsa go dira boleo, kgotsa ke simolola go nna le boitsholo jo bo sa siamang? Fa ke dirisa Internet mme go bo go tlhaga ditshwantsho tse di sa siamang, a ke a e tswala, kgotsa ke batla di-website tse di sa siamang mo go yone?’ Go dirisa kgakololo ya Lefoko la Modimo ka tsela e e ntseng jalo mo botshelong go tla re thusa gore ‘re nne re tsogile re bo re nne re thantse mo ditlhaloganyong.’—1 Bathes. 5:6-8.

“LO TSWELA MOSOLA . . . MO GO TLHAMALATSENG DILO”

12, 13. (a) Boikaelelo jwa rona e tshwanetse go nna eng fa re ‘tlhamalatsa dilo’ mme re ka latela jang sekao sa ga Jesu fa re dira jalo? (b) Ga re a tshwanela go dirisa puo e e ntseng jang fa re ‘tlhamalatsa dilo’ le batho ba bangwe?

12 Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le ‘go tlhamalatsa dilo’ le kaya “go siamisa, go baakanya, go dira gore sengwe se boe se siame gape, se nne mo boemong jo bo siameng.” Ka dinako dingwe re tshwanetse go tsaya kgato go tlhamalatsa dilo le batho ba bangwe ba ba sa re tlhaloganyang sentle kgotsa ba ba sa tlhaloganyang sengwe se re se dirileng. Ka sekai, baeteledipele ba Bajuda ba ne ba ngongorega gore Jesu o dirisana le “bakgethisi le baleofi.” Jesu o ne a ba araba ka go re: “Batho ba ba tsogileng sentle ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka. Tsamayang, mme lo ithute gore seno se rayang, ‘Ke batla kutlwelobotlhoko, e seng setlhabelo.’” (Math. 9:11-13) O ne a tlhalosetsa botlhe mafoko a Modimo ka bopelotelele le ka bopelonomi. Ke ka moo batho ba ba boikokobetso ba neng ba simolola go itse Jehofa e le, “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri.” (Ekes. 34:6) Batho ba le bantsi ba ne ba tsibogela se Morwa Modimo a neng a se dira go ‘tlhamalatsa dilo’ ka go nna le tumelo mo dikgannyeng tse di molemo.

13 Sekao sa ga Jesu se re ruta kafa re tshwanetseng go thusa ba bangwe ka gone. Mongwe yo o galefileng a ka nna a bua jaana ka tsela e e tlhabang, ‘Gompieno gone ke batla gore o ntlhaloganye sentle gore ke mang.’ Go bua le motho yo mongwe ka tsela e e ntseng jalo ga go dumalane le se se mo go 2 Timotheo 3:16. “Lokwalo lotlhe” ga lo re kgothaletse gore re tlhabe ba bangwe ka mafoko. Fela jaaka “ditlhabo tsa  tšhaka,” go tlhaba batho ba bangwe ka mafoko gantsi go ba utlwisa botlhoko fela thata mme ga go ke go nna le melemo epe.—Dia. 12:18.

14-16. (a) Bagolwane ba ka ‘tlhamalatsa dilo’ jang ka tsela e e tla thusang ba bangwe go rarabolola mathata a bone? (b) Ke eng fa go ‘tlhamalatsa dilo’ o dirisa Baebele go le botlhokwa thata fa o godisa bana?

14 Mme gone re ka dirisa bopelotelele le bopelonomi jang fa re ‘tlhamalatsa dilo’ le ba bangwe? A re re banyalani ba kopile mogolwane wa Mokeresete gore a ba thuse go rarabolola dikgotlhang tse ba nnang le tsone gantsi. Mogolwane yono o tla dira eng? Go na le gore a tseye letlhakore le mongwe wa bone, a ka tlotla le bone ka melaometheo ya Baebele gongwe a dirisa melaometheo e e fitlhelwang mo kgaolo 3 ya buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. Fa mogolwane yono a ntse a leka go ba gakolola, monna le mosadi ba ka lemoga gore mongwe le mongwe wa bone o tlhoka go dirisa kgakololo efe ka botlalo. Moragonyana go ka nna molemo gore mogolwane a batle go utlwa gore dilo di ntse di tsamaya jang mo lelapeng le go thusa mo go oketsegileng fa go tlhokega.

15 Batsadi ba ka ‘tlhamalatsa dilo’ jang ka tsela e e tla dirang gore bana ba bone ba nonofe semoyeng? A re re o batla go thusa ngwana wa gago wa mosetsana wa dingwaga tsa bolesome gore a tile go itsalanya le batho ba ba sa siamang. Sa ntlha, o tshwanetse go tlhomamisa gore a seo se boammaaruri. Go tswa foo, fa o na le lebaka le le dirang gore o tshwenyege, o ka buisana le ene, gongwe o dirisa dintlha tse di mo bukeng ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2. Mo malatsing a a latelang, o ka fetsa nako e e oketsegileng le ene. Gape o ka nna wa ela tlhoko tsela e a akanyang ka yone fa a le mo tirelong ya tshimo kgotsa fa a itlosa bodutu le lelapa. Fa o bontsha morwadio bopelotelele le bopelonomi, o tla bona gore o a mo rata le gore o a mo kgatlhegela. Seno se ka nna sa mo tlhotlheletsa gore a dirise kgakololo ya gago mme a tile dikotsi tse a ka welang mo go tsone mo botshelong.

Fa batsadi ba dirisa Baebele ka bopelonomi go ‘tlhamalatsa dilo’ le bana ba bone, ba ba thusa go tila dikotsi tse ba ka welang mo go tsone (Bona serapa 15)

16 Re ka bontsha bopelotelele le bopelonomi ka tsela e e ntseng jalo fa re kgothatsa batho ba ba tshwenyegileng ka botsogo jwa bone, ba ba kgobegileng marapo ka ntlha ya go latlhegelwa  ke tiro kgotsa ba ba sa tlhaloganyeng sentle dithuto dingwe tsa Baebele. Go dirisa Lefoko la Modimo go ‘tlhamalatsa dilo,’ go leretse batho ba ga Jehofa melemo e mentsi.

“LO TSWELA MOSOLA . . . MO GO OTLHAYENG KA TSHIAMO”

17. Ke eng fa re tshwanetse go amogela kotlhao e re e newang mme re e anaanele?

17 “Ga go kotlhao epe e mo nakong eno e bonalang e ipedisa, mme e a hutsafatsa.” Le fa go ntse jalo, “morago ga moo, ba ba thapisitsweng ka yone e ba ungwela leungo la kagiso, e leng tshiamo.” (Baheb. 12:11) Bakeresete ba le bantsi ba ba godileng ba dumela gore kotlhao e ba neng ba e newa ke batsadi ba bone ba Bakeresete e ba thusitse. Go amogela kotlhao e e tswang kwa go Jehofa a dirisa bagolwane ba Bakeresete le gone go dira gore re nne re tsamaya mo tseleng ya botshelo.—Dia. 4:13.

18, 19. (a) Ke eng fa kgakololo e e fitlhelwang mo go Diane 18:13 e le botlhokwa thata mo go “otlhayeng ka tshiamo”? (b) Gantsi go felela ka eng fa bagolwane ba bontsha bopelonomi le lorato fa ba dirisana le batho ba ba dirileng diphoso?

18 Go naya kgalemelo ka tsela e e tla solegelang molemo go tlhoka botlhale. Jehofa o ne a laela Bakeresete gore ba dire jalo ka “tshiamo.” (2 Tim. 3:16) Ka jalo, re tshwanetse go kaelwa ke melaometheo ya Baebele. Mongwe wa melaometheo eo o fitlhelwa mo go Diane 18:13: “Fa ope a fetola kgang pele a e utlwa, seo ke boeleele mo go ene le matlhabisa ditlhong.” Ka jalo, fa bagolwane ba tlhoka go bua le mongwe yo o latofadiwang ka gore o dirile boleo jo bo masisi, ba tshwanetse gore ba dire dipatlisiso ka botlalo ka kgang eo gore ba nne le dintlha tsotlhe tse di boammaaruri tse di amanang le yone. (Dute. 13:14) Fa ba dirile jalo, ke gone fela ba ka kgonang go atlhola ka “tshiamo.”

19 Mo godimo ga moo, Lefoko la Modimo le laela bagolwane ba Bakeresete gore ba gakolole ba bangwe “ka bonolo.” (Bala 2 Timotheo 2:24-26.) Gone ke boammaaruri gore motho a ka nna a dira gore leina la ga Jehofa le kgobiwe mmogo le go utlwisa batho ba ba seng molato botlhoko. Le fa go ntse jalo, fa mogolwane a galefa fa a gakolola motho yo o dirileng phoso, motho yoo a ka se solegelwe molemo. Mme fa bagolwane ba etsa “nonofo ya bopelonomi ya Modimo,” seno se ka tlhotlheletsa motho yo o dirileng phoso gore a ikwatlhaye.—Bar. 2:4.

20. Batsadi ba tshwanetse go dirisa melaometheo efe fa ba otlhaya bana ba bone?

20 Batsadi ba tshwanetse go dirisa melaometheo ya Baebele fa ba godisetsa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baef. 6:4) Rre o tshwanetse go tila go otlhaya morwawe a ise a utlwe dintlha tse di feletseng ka boitshwaro jwa gagwe. Ga go Mokeresete ope yo o tshwanetseng go galefa thata mo a feleletsang a dirisa dikgoka mo lelapeng. ‘Jehofa o pelonomi tota mo go bontsheng lorato e bile o kutlwelobotlhoko,’ mme ba ba nang le boikarabelo jwa go otlhaya bana ba tshwanetse go lwela go bontsha dinonofo tseo tsa gagwe tsa lorato.—Jak. 5:11.

MPHO E E TLHWATLHWAKGOLO E JEHOFA A RE E NEILENG

21, 22. Ke mafoko afe a a fitlhelwang mo go Pesalema 119:97-104 a a tlhalosang sentle tsela e o ikutlwang ka yone ka Lefoko la ga Jehofa?

21 Motlhanka mongwe wa ga Jehofa o ne a tlhalosa lebaka la go bo a rata molao wa Gagwe. (Bala Pesalema 119:97-104.) Go ithuta molao wa Modimo go ne go dira gore a nne botlhale, a nne le temogo le go tlhaloganya dilo. Go dirisa kgakololo ya one go ne ga mo thusa gore a tile ditsela tse di sa siamang tse di neng tsa utlwisa ba bangwe botlhoko. Go ithuta Dikwalo go ne go mo itumedisa e bile go dira gore a kgotsofale. O ne a ikemiseditse go ikobela Modimo yo ditaelo tsa gagwe di neng di dirile gore a solegelwe molemo thata mo botshelong.

22 A o tsaya “Lokwalo lotlhe” lo le tlhwatlhwakgolo? Lo tla go thusa gore o nonotshe tumelo ya gago malebana le gore boikaelelo jwa Modimo bo tla diragadiwa. Kgakololo ya lone e e tlhotlheleditsweng e go sireletsa mo diphelelong tse di kotsi tsa go dira boleo. Mme fa o le tlhalosetsa ba bangwe ka tsela e e siameng, o ka kgona go ba thusa gore le bone ba tsene mo tseleng e e isang botshelong le go nna ba le mo go yone. E kete re ka dirisa “Lokwalo lotlhe” ka botlalo fa re ntse re direla Modimo yo o botlhale thata le yo o lorato, e bong Jehofa.

^ ser. 1 Bona buka ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa tsebe 79.

^ ser. 7 Gantsi fa Jesu a ne a ruta o ne a botsa batho jaana: “Lo akanyang?” Go tswa foo a bo a ba letla go araba.—Math. 18:12; 21:28; 22:42.

^ ser. 10 Makwalo a ga Paulo a na le dintlha di le dintsi tse di ka re thusang go lwantsha ditshekamelo tsa go dira boleo. (Bar. 6:12; Bagal. 5:16-18) Go a utlwala go bo re ka swetsa ka gore le ene o ne a dirisa kgakololo e a neng a e naya ba bangwe.—Bar. 2:21.