Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 A O NE O ITSE?

A o Ne o Itse?

A tempele ya kwa Jerusalema e ne ya agiwa sesha morago ga 70 C.E.?

JESU o ne a re ga go na leje lepe la tempele ya ga Jehofa le le neng le tla tlogelwa mo godimo ga le lengwe—boporofeti joo bo diragaditswe fa masole a Roma a a neng a eteletswe pele ke Titus, a ne a senya Jerusalema ka 70 C.E. (Math. 24:2) Moragonyana Mmusimogolo Julian o ne a rulaganya gore go agiwe tempele sesha.

Julian o ne a bidiwa mmusimogolo wa bofelo wa moheitane wa kwa Roma. Setlogolo seno sa ga Constantine yo Mogolo se ne sa amogela thuto e go tweng ke ya Bokeresete. Le fa go ntse jalo, morago ga gore a tlhomiwe go nna mmusimogolo ka 361 C.E., o ne a bontsha phatlalatsa gore ga a dumalane le thuto eo mmogo le mofuta o o neng o leswafetse wa Bokeresete mo motlheng wa gagwe mme a tlhopha go nna moheitane. Dibuka tsa hisitori di mmitsa “Motlhanogi.”

Julian o ne a tlhoile Bokeresete. Lebaka lengwe e ka nna gore, fa a ne a le dingwaga di le thataro, o ne a bona baemedi ba Bokeresete ba bolaya rraagwe le ba masika a gagwe. Go ya ka baitsehisitori ba kereke, Julian o ne a rotloetsa Bajuda go aga tempele sesha, a dumela gore seo se ne se tla supa gore Jesu e ne e le moporofeti wa maaka. *

Ga go pelaelo gore Julian o ne a ikaeletse go aga tempele sesha. Baitsehisitori ba sa ntse ba sa dumalane ka gore a tota o ne a simolola tiro ya go aga tempele sesha le gore fa e le gore o ne a dira jalo, ke eng se se neng sa dira gore tiro eo e se ka ya wediwa. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega ka selo se le sengwe. Julian o ne a bolawa pele ga a fetsa dingwaga di le pedi a busa mme tiro e a neng a e simolotse le yone e ne ya emisiwa.

Lefelo le tempele e neng e le mo go lone le na le setshwantsho se se bontshang kafa tempele e neng e lebega ka gone mo motlheng wa ga Jesu

^ ser. 5 Jesu ga a ise a re tempele e ne e ka se agiwe sesha go na le moo, o ne a re e tla senngwa, mme seo se ne sa diragala ka 70 C.E.