Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o ‘Tlhoafaletse Ditiro Tse di Molemo’?

A o ‘Tlhoafaletse Ditiro Tse di Molemo’?

‘Keresete Jesu o ne a ineela ka ntlha ya rona gore a intlafaletse setlhopha sa batho ba ka tsela e e kgethegileng e leng ba gagwe, ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.’—TITO 2:13, 14.

1, 2. Ke tlotla efe e Basupi ba ga Jehofa e leng bone fela ba nang le yone, mme wena o ikutlwa jang ka yone?

BATHO ba le bantsi ba go tsaya e le tlotla e kgolo gore ba newe sekgele ka gonne ba fitlheletse sengwe se se botlhokwa. Ka sekai, batho bangwe ba ile ba newa Sekgele sa Nobel ka go bo ba ile ba lwela gore go nne le kagiso magareng ga mekgatlho e e sa utlwaneng kgotsa e e lwantshanang. Ruri ke tlotla e kgolo go romiwa ke Modimo gore re nne baemedi ba gagwe gore re thuse batho go nna le kagiso le Mmopi wa bone!

2 Rona Basupi ba ga Jehofa ke rona fela re nang le tlotla eno. Modimo le Keresete ba re laetse gore re kope batho gore ba ‘letlane le Modimo.’ (2 Bakor. 5:20) Jehofa o a re dirisa gore re gogele batho kwa go ene. Eno ke yone tsela e batho ba le dimilionemilione mo dinageng tse di fetang 235 ba ileng ba thusiwa ka yone gore ba nne le kamano e e molemo le Modimo, mme ka go dira jalo ba nne le tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. (Tito 2:11) Re laletsa batho ka tlhoafalo e e tswang pelong gore “le fa e le mang yo o eletsang, a . . . tseye metsi a botshelo mahala.” (Tshen. 22:17) E re ka re anaanela kabelo eno e e botlhokwa e bile re e dira ka tlhagafalo, go ka tshwanela gore re bidiwe batho “ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.” (Tito 2:14) Mma jaanong re sekasekeng kafa go tlhoafalela ditiro tse di molemo go ka re thusang ka gone go ngokela batho kwa go Jehofa. Tsela nngwe e re ka dirang seo ka yone ke ka tiro ya rona ya go rera.

ETSA TLHOAFALO YA GA JEHOFA LE JESU

3. “Tlhoafalo ya ga Jehofa” e re tlhomamisetsa eng?

3 Isaia 9:7 e bua jaana malebana le se puso ya Morwa Modimo e tla se dirang: “Tlhoafalo ya ga Jehofa wa masomosomo e tla dira seno.” Mafoko ano a gatelela kafa Rraarona yo o kwa legodimong a ratang thata go boloka batho ka teng. Sekao sa ga Jehofa sa go tlhoafala se bontsha sentle gore tiro e re e neilweng ke Modimo ya go nna bareri ba Bogosi e tlhoka gore re e dire ka pelo yotlhe, ka tlhagafalo le ka tlhoafalo. Keletso ya rona e kgolo ya go batla go thusa batho gore ba itse Modimo e bontsha tlhoafalo e Jehofa a nang le yone. Ka  jalo, e re ka re le badirimmogo le Modimo, a re ikemiseditse go nna le seabe ka botlalo go rera dikgang tse di molemo go ya kafa maemo a rona a re letlang ka gone?—1 Bakor. 3:9.

4. Jesu o re tlhometse jang sekao sa go itshoka ka tlhoafalo mo bodireding?

4 Gape akanya ka tlhoafalo ya ga Jesu. O tlhomile sekao se se molemo thata sa go itshoka ka tlhoafalo mo bodireding. Le fa a ne a bogisiwa, o ne a nna a tlhoafaletse tiro ya go rera go fitlha a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng fa a ne a bolawa setlhogo. (Joh. 18:36, 37) Fa nako e e beilweng ya gore Jesu a swe loso lwa go intsha setlhabelo e ntse e atamela, go ikemisetsa ga gagwe go thusa batho ba bangwe go itse Jehofa go ne ga oketsega.

5. Ke eng se Jesu a neng a se dira go dumalana le setshwantsho sa gagwe sa setlhare sa mofeige?

5 Ka sekai, ka letlhabula la 32 C.E., Jesu o ne a dirisa setshwantsho sa monna yo mo tshimong ya gagwe ya mofine, a neng a na le setlhare sa mofeige se se neng se sa ungwe ka dingwaga tse tharo. Fa mmaakanyi yoo wa mofine a ne a laelwa gore a reme setlhare seo, o ne a kopa go okelediwa nako gore a se tshele motshotelo. (Bala Luke 13:6-9.) E ne e le barutwa ba le mmalwa fela ba ka nako eo ba neng ba ka tsewa e le maungo a tiro ya go rera ya ga Jesu. Mme jaaka go bontshitswe mo setshwantshong seno sa mmaakanyi wa mofine, Jesu o ne a dirisa nako ya gagwe e khutshwane e e setseng—mo e ka nnang dikgwedi di le thataro—go oketsa tiro ya gagwe ya go rera kwa Judea le kwa Perea. Malatsi a se kae pele Jesu a swa, o ne a lelela batho ba gaabo ba ba neng ba ‘utlwa mme ba sa arabele.’—Math. 13:15; Luke 19:41.

6. Ke eng fa re tshwanetse go oketsa tiro ya rona mo bodireding?

6 E re ka jaanong re le mo garegare ga metlha eno ya bokhutlo, a ga re a tshwanela go dira maiteko a a oketsegileng mo tirong ya rona ya go rera? (Bala Daniele 2:41-45.) A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go bo re le Basupi ba ga Jehofa! Ke rona fela mo lefatsheng ba re kgonang go naya batho tsholofelo ya tharabololo ya mmatota ya mathata a bone. Bosheng jaana mokwadi mongwe wa lokwalodikgang o ne a tlhalosa gore potso eno ga e na karabo, “Ke eng fa batho ba ba siameng ba diragalelwa ke dilo tse di bosula?” Ke tshiamelo e bile ke maikarabelo a rona a Bokeresete, go bolelela batho ba ba iketleeditseng go reetsa dikarabo tse di tswang mo Baebeleng tsa dipotso tse di tshwanang le tseno. Re na le lebaka le le utlwalang la go ‘tuka mo moyeng’ fa re ntse re dira tiro e re e neilweng ke Modimo. (Bar. 12:11) Modimo o tla re segofatsa mme go rera ga rona ka tlhoafalo go ka thusa ba bangwe gore ba itse Jehofa ba bo ba mo rate.

MOYA WA GO INTSHA SETLHABELO O TLOTLA JEHOFA

7, 8. Moya wa go intsha setlhabelo o tlotla Jehofa jang?

7 Jaaka re bone mo go se se diragaletseng moaposetoloi Paulo, bodiredi jwa rona bo ka dira gore ‘re se robale bosigo’ re bo re nne le “dinako tsa go tlhoka dijo.” (2 Bakor. 6:5) Dipolelwana tseno di bontsha sentle moya wa go intsha setlhabelo mme di ka re gopotsa babulatsela ba ba dirang gore bodiredi bo tle pele mo matshelong a bone fa ba ntse ba itlamela ka se ba se tlhokang. Gape akanya ka barongwa ba ba ineetseng ba ba ‘itshololang jaaka tshupelo ya senō’ gore ba direle kwa dinageng di sele. (Bafil. 2:17) Go tweng ka bagolwane ba rona ba ba dirang ka natla, ba ka dinako dingwe ba sa jeng kgotsa ba sa robale gore ba tlhokomele dinku tsa ga Jehofa? Gape re na le bagodi le bangwe ba ba bokoa mo mmeleng ba ba lekang ka natla gore ba nne gone mo dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo tirelong ya tshimo. Dipelo tsa rona di tlala kanaanelo fa re akanya ka batlhanka bano ba Modimo ba ba intshang setlhabelo. Seo se ama kafa ba bangwe ba lebang bodiredi jwa rona ka gone.

8 Mo lekwalong le monna mongwe yo e seng Mosupi a neng a le kwalela lekwalodikgang la Boston Target la kwa Lincolnshire, kwa United Kingdom, o ne a re: “Batho ga ba tlhole ba ikanya madumedi . . . Baruti bano ba dikereke ba dira eng letsatsi lotlhe? Ga go pelaelo gore ga ba ye kwa bathong jaaka Keresete a ne a dira . . . Bodumedi bo le bosi fela jo go bonalang bo amegile ka batho, ke jwa Basupi ba ga Jehofa, ba ba yang kwa bathong e bile ba nna le seabe  ka botlalo mo tirong ya go ba rerela boammaaruri.” Mo lefatsheng leno le le tletseng moya wa go ikgotsofatsa, moya wa rona wa go intsha setlhabelo o tlotla Jehofa Modimo fela thata.—Bar. 12:1.

Go nna gone mo bodireding go naya bosupi jo bogolo mo bathong ba ba lebileng

9. Ke eng se se ka re tlhotlheletsang gore re nne re tlhoafetse mo ditirong tse di molemo mo bodireding jwa rona?

9 Ke eng se re ka se dirang fa go bonala e kete ga re tlhole re tlhagafaletse bodiredi? Go ka nna molemo gore re akanye ka se Jehofa a se fitlhelelang ka tiro eno ya go rera. (Bala Baroma 10:13-15.) Gore batho ba bolokwe go ikaegile ka gore ba bontshe tumelo ka go bitsa leina la ga Jehofa, le fa go ntse jalo, batho ga ba ka ke ba dira jalo fa re sa ba rerele. Go lemoga seno go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re nne re tlhoafetse mo ditirong tse di molemo le go dira ka natla fa re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi.

BOITSHWARO JO BO SIAMENG BO NGOKELA BATHO KWA MODIMONG

Batho ba lemoga boikanyegi jwa gago le go dira ka natla ga gago

10. Ke eng fa go ka twe boitshwaro jwa rona jo bo siameng bo ngokela batho kwa go Jehofa?

10 Le fa tlhoafalo e le botlhokwa mo bodireding, ga e a lekana gore e ngokele batho kwa Modimong. Sengwe gape se se ka ba ngokang ke boitshwaro jwa rona jo bo siameng jwa Bokeresete. Paulo o ne a gatelela botlhokwa jwa boitshwaro jwa rona fa a ne a kwala jaana: “Ka tsela epe ga re neye lebaka lepe la go kgopisa, gore bodiredi jwa rona bo se ka jwa bonwa molato.” (2 Bakor. 6:3) Puo ya rona e e molemo le boitshwaro jwa rona jo bo siameng di kgabisa thuto ya Modimo, di dira gore batho ba bangwe ba kgatlhegele kobamelo ya ga Jehofa. (Tito 2:10) Tota e bile, gantsi re a tle re utlwe ka diphelelo tse di molemo fa batho ba ba peloephepa ba lemoga boitshwaro jwa rona jo bo tshwanang le jwa ga Keresete.

11. Ke eng fa re tshwanetse go akanyetsa diphelelo tsa boitshwaro jwa rona ka thapelo?

11 Boitshwaro jwa rona jo bo siameng bo ka dira gore batho ba batle go ithuta boammaaruri mme boitshwaro jwa rona jo bo sa siamang jone bo ka dira gore batho ba se ka ba batla go itse Jehofa. Ka jalo, le fa re ka tswa re le kwa tirong, kwa gae kgotsa kwa sekolong, re tshwanetse go dira gore go se ka ga nna le lebaka  lepe la gore bodiredi jwa rona le boitshwaro jwa rona bo tshwaiwe phoso. Fa re ka dira boleo ka boomo, re tla nna le ditlamorago tse di botlhoko. (Baheb. 10:26, 27) Ntlha eno e tshwanetse go dira gore re akanyetse ka thapelo se re se dirang le gore tsela e re tshelang ka yone e ama batho ba bangwe jang. Fa melao ya boitsholo ya lefatshe leno e ntse e senyegela pele, batho ba ba peloephepa ba tla “bona . . . pharologanyo . . . fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direlang.” (Mal. 3:18) Eleruri, boitshwaro jwa rona jo bo molemo jwa Bokeresete bo na le seabe se segolo go dira gore batho ba letlane le Modimo.

12-14. Tsela e re itshokelang go lekiwa ga tumelo ya rona ka yone, e ka ama jang tsela e ba bangwe ba lebang bodiredi jwa rona ka yone? Naya sekai.

12 Fa Paulo a ne a kwalela Bakorintha, o ne a tlhalosa gore o ne a nna le dipitlagano le mathata, a itewa a bo a tsenngwa mo kgolegelong. (Bala 2 Bakorintha 6:4, 5.) Fa tumelo ya rona e lekiwa, boitshoko jwa rona bo ka thusa batho ba ba re lebileng gore ba amogele boammaaruri. Ka sekai: Dingwaga tse di fetileng, go ne ga dirwa maiteko a go fedisa Basupi ba ga Jehofa kwa Angola. Basupi ba babedi ba ba kolobeditsweng le batho ba le 30 ba ba kgatlhegang ba ba neng ba le kwa dipokanong tsa rona ba ne ba tlhaselwa. Go tswa foo, batho ba lefelo leo ba ne ba bidiwa gore ba tle go bona fa batho bano ba ntse ba itewa go fitlha ba tswa madi. Tota le basadi le bana le bone ba ne ba itewa ka tsela eno e e setlhogo. Maikaelelo a go dira seo e ne e le go tshosa batho gore ba se ka ba reetsa Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa ba sena go itewa batho ba ntse ba ba lebile, batho ba le bantsi mo lefelong leo ba ne ba kopa Basupi gore ba ithute Baebele le bone! Morago ga foo, tiro ya go rera ka Bogosi e ne ya tswela pele, mme ya felela ka koketsego e kgolo le masego a mantsi.

13 Sekai seno se bontsha kafa go emela melaometheo ya Baebele re nitame go ka amang ba bangwe ka tsela e e molemo ka teng. Re ka akanya fela kafa batho ba le bantsi ba neng ba letlana le Modimo ka gone fa ba bona bopelokgale jwa ga Petere le baaposetoloi ba bangwe. (Dit. 5:17-29) Batho ba re tsenang sekolo le bone, ba re berekang le bone kgotsa ba masika ba ka amogela boammaaruri fa ba bona tsela e re emelang se se siameng ka yone.

14 Ka metlha go na le bakaulengwe bangwe ba rona ba ba bogisiwang. Ka sekai, kwa Armenia, bakaulengwe ba ka nna 40 ba tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya go se tseye letlhakore, mme go ka direga gore ba bangwe ba le bantsi ba tshwarwe mo dikgweding tse di tlang. Kwa Eritrea, batlhanka ba ga Jehofa ba le 55 ba tsentswe mo kgolegelong mme bangwe ba bone ke batho ba ba godileng ba ba nang le dingwaga di feta 60. Kwa Korea Borwa, Basupi ba ka nna 700 ba tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya bone. Boemo jono bo ntse bo tsweletse ka dingwaga di le 60. Re rapela gore boikanyegi jwa bakaulengwe ba rona ba ba bogisiwang kwa dinageng tse di farologaneng bo dire gore Modimo a galalediwe le go thusa batho ba ba ratang tshiamo gore ba emele kobamelo ya boammaaruri.—Pes. 76:8-10.

15. Naya sekai sa kafa go ikanyega go ka ngokelang ba bangwe mo boammaaruring ka gone.

15 Kgang fela ya gore re a ikanyega le yone e ka ngokela batho mo boammaaruring. (Bala 2 Bakorintha 6:4, 7.) Ka sekai, akanya ka maitemogelo ano: Kgaitsadi mongwe o ne a tsenya madi mo motšhineng wa dithekete mo beseng, fa tsala ya gagwe e ne e mmolelela gore ga go tlhokege gore a duele ka gonne o ne a tsaya loeto lo lokhutshwane. Kgaitsadi yoo o ne a mo tlhalosetsa gore o ne a tshwanetse go duela tota le fa e le gore o ne a tla fologa mo lefelong le le latelang le bese e emang mo go lone. Morago ga foo, tsala eo ya gagwe e ne ya fologa bese. Ka yone nako eo, mokgweetsi wa bese o ne a botsa kgaitsadi yoo a re, “A o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?” Kgaitsadi yoo o ne a mo araba ka go re, “Ee, ke eng fa o botsa?” “Ke utlwile motlotlo wa lona o o malebana le go reka thekete mme ke a itse gore Basupi ba ga Jehofa ke bangwe ba batho ba le mmalwa fela ba ba dirang jalo e bile ba ikanyega mo dilong tsotlhe.” Dikgwedi di le mmalwa morago ga foo, monna mongwe o ne a tla kwa go kgaitsadi yono kwa dipokanong mme a mo raya a re, “A o a nkitse?  Ke nna mokgweetsi wa bese yo o neng a bua le wena ka kgang ya go reka thekete. Fa ke bona tsela e o neng o itshwere ka yone, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke ithute Baebele le Basupi ba ga Jehofa.” Tsela e re itsegeng re ikanyega ka yone e a re buelela gore re badiredi ba ba ikanyegang.

KA METLHA BONTSHA DINONOFO TSE DI TLOTLANG MODIMO

16. Ke eng fa dinonofo tse di jaaka bopelotelele, lorato, le bopelonomi di ama dipelo tsa batho? Naya sekai.

16 Gape re dira seabe sa rona sa go ngokela batho kwa go Jehofa fa re bontsha dinonofo tse di jaaka bopelotelele, lorato le bopelonomi. Batho bangwe ba ba re lebileng ba ka nna ba eletsa go ithuta ka Jehofa, ka maikaelelo a gagwe le ka batho ba gagwe. Mekgwa ya Bakeresete ba boammaaruri le tsela e ba itshwarang ka yone e farologane thata le tsela e batho ba ba itirang e kete ba bontsha boineelo jwa bomodimo ba itshwarang ka yone, e gantsi e leng leano la boitimokanyi fela. Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba humisitswe ke go tsietsa letsomane la bone ka go dirisa bontsi jwa madi a koleke gore ba reke matlo le dikoloi tse di turang—mo lekgetlong lengwe mongwe o ne a reka ntlo ya ntša e e nang le sedirisiwa se se fetlhang moya. Ee ruri, bontsi jwa batho ba ba ipitsang balatedi ba ga Keresete ga ba ikaelela go ‘naya mahala.’ (Math. 10:8) Go na le moo, fela jaaka baperesiti ba ba tlhogoethata ba kwa Iseraele wa bogologolo, ba “ruta fela ba gabile tlhwatlhwa”—mme bontsi jwa dithuto tsa bone ga di dumalane le Dikwalo. (Mik. 3:11) Boitsholo joo jwa boitimokanyi ga bo dire gore batho ba letlane le Modimo.

17, 18. (a) Re tlotla Jehofa jang fa re bontsha dinonofo tsa gagwe mo botshelong? (b) Ke eng se se go tlhotlheletsang gore o tswelele o dira ditiro tse di molemo?

17 Ka fa letlhakoreng le lengwe, dipelo tsa batho di amiwa ke dithuto tsa boammaaruri tsa Bakeresete le ditiro tse di molemo tse ba di direlang baagisani ba bone. Ka sekai, nako nngwe fa mmulatsela mongwe a ne a rera ka ntlo le ntlo, motlholagadi mongwe yo o tsofetseng o ne a mo raya a re a tsamaye. O ne a mmolelela gore fa a ne a kokota o ne a palame setepise a leka go tsenya tleloupo. Mmulatsela yono o ne a mo raya a re: “Ga go a babalesega gore o itsenyetse tleloupo o le esi.” Go tswa foo o ne a mo tsenyetsa tleloupo eo a bo a tsamaya. Fa morwa wa mosadi yoo a utlwa ka se se diragetseng, o ne a kgatlhiwa ke seo thata jaana mo a neng a leka go batla mokaulengwe yoo gore a mo leboge. Kgabagare morwa yono o ne a amogela thuto ya Baebele.

18 Ke eng fa o ikemiseditse go tswelela o dira ditiro tse di molemo? Lebaka e ka nna gore o itse gore fa re bontsha go tlhoafalela bodiredi le go dira dilo go dumalana le thato ya Modimo, re tlotla Jehofa e bile re thusa ba bangwe gore ba bolokwe. (Bala 1 Bakorintha 10:31-33.) Go tlhagafalela ditiro tse di molemo fa re rera dikgang tse di molemo le tsela e re itshwarang ka yone go dumalana le thato ya Modimo, go tlhotlhelediwa ke keletso e kgolo ya go bontsha gore re rata Modimo le batho. (Math. 22:37-39) Fa re tlhagafaletse ditiro tse di molemo, re tla segofadiwa fela thata ka gore re itumele re bo re kgotsofale gone jaanong. Mo godimo ga moo, re ka leba pele mo nakong e ka yone batho botlhe ba tla bong ba tlhagafaletse kobamelo ya boammaaruri e e tlotlang Mmopi wa rona Jehofa.