Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batsadi le Bana—Buisanang ka Lorato

Batsadi le Bana—Buisanang ka Lorato

“Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.”—JAK. 1:19.

1, 2. Ka kakaretso fela, batsadi le bana ba ikutlwa jang mongwe ka yo mongwe, mme ka dinako dingwe ba lebana le mathata afe?

“FA KA tsela nngwe o ne o ka utlwa gore batsadi ba gago ba tlile go tlhokafala ka moso, ke eng se o neng o tla batla go ba bolelela sone gompieno?” Eo ke potso e e neng ya bodiwa bana ba le makgolokgolo kwa United States. Go na le gore ba tlhome mogopolo mo mathateng a bone le dilo tse ba sa dumalaneng ka tsone le batsadi ba bone, diperesente di le 95 tsa bana bao ba ne ba re ba tla raya batsadi ba bone ba re: “Intshwarele” kgotsa ba re, “Ke go rata thata.”—For Parents Only, ka Shaunti Feldhahn le Lisa Rice.

2 Ka kakaretso fela, bana ba rata batsadi ba bone mme le batsadi ba rata bana ba bone. Gantsi go ntse jalo mo malapeng a Bakeresete. Le fa gone bana le batsadi ba eletsa go atamalana, ka dinako dingwe, go nna thata go buisana. Tota le fa ba kgona go buisana ba phuthologile, ke eng fa go na le dikgang dingwe tse di sa buiweng gotlhelele? Ke dilo dife tse di ka kgoreletsang puisano e e molemo? Mme seno se ka rarabololwa jang?

Lo se ka lwa letla go ikgogona kgotsa go dira dilo tse dingwe go kgoreletsa puisano mo lelapeng la lona

‘ITHEKELENG’ NAKO YA GO BUISANA

3. (a) Ke eng fa malapa a le mantsi a na le kgwetlho ya go nna le puisano e e molemo? (b) Ke eng fa malapa a le mantsi a kwa Iseraele wa bogologolo a ne a se na bothata fa go tla mo kgannyeng ya go fetsa nako mmogo?

3 Malapa a le mantsi a fitlhela go le thata go nna le nako e e lekaneng ya go nna le puisano e e molemo. Go ne go sa nna jalo bogologolo. Moshe o ne a laela borre ba Baiseraele jaana: “O . . . jalele [mafoko a Modimo] kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.” (Dute. 6:6, 7) Bana ba ne ba fetsa letsatsi lotlhe gongwe ba na le bommaabone kwa gae kgotsa ba na le borraabone kwa masimong kgotsa kwa lefelong la bone la tiro. Batsadi le bana ba ne ba na le nako e ntsi ya gore ba tlotle mmogo. Ka jalo, batsadi ba ne ba kgona go itse dilo tse bana ba bone ba neng ba di tlhoka, se ba se ratang le botho jwa bone. Bana  le bone ba ne ba na le nako e e lekaneng ya gore ba itse batsadi ba bone sentle.

4. Ke eng fa malapa a le mantsi a na le kgwetlho ya go buisana?

4 Ruri dilo di farologane gompieno! Kwa dinageng dingwe bana ba simolola go tsena keretšhe ba sa ntse ba le bannye thata, ka dinako dingwe ba le dingwaga di le pedi fela. Bommè le borre ba le bantsi ba bereka kgakala thata le legae. Fa batsadi ba na le bana, gantsi ga ba kgone go buisana ka gonne ba fetsa nako e ntsi ba le mo khomputareng, ba lebile thelebishene kgotsa ba dirisa didirisiwa tse dingwe tsa ileketeroniki. Gantsi bana le batsadi ba tshela matshelo a a farologaneng; go ntse jaaka e kete ke batho ba ba sa itsaneng. Ba nna le puisano e e molemo ka sewelo.

5, 6. Ke jang batsadi bangwe ba ‘ithekelang’ nako gore ba e fetse le bana ba bone?

5 A o ka ‘ithekela’ nako mo dilong tse dingwe gore o e fetse le ba lelapa la gago? (Bala Baefeso 5:15, 16.) Malapa mangwe a dumalana ka gore ba fokotse nako e ba e dirisang ba lebile thelebishene kgotsa ba dirisa khomputara. A mangwe a leka ka natla gore ba je mmogo le fa e ka nna gangwe ka letsatsi. Mme ruri thulaganyo ya kobamelo ya lelapa e naya batsadi le bana tshono e e molemo ya gore ba nne le nako ya go atamalana le go tlotla ka dilo tsa semoya ba phuthologile! Go beela ura e le nosi kwa thoko beke le beke gore ba dire seno ke sengwe se se molemo, mme gone go tlhokega go le gontsi gore malapa a nne le puisano e e tswang pelong. Gore ba fitlhelele seno, ba tshwanetse go nna le puisano e e molemo ka metlha. Pele ga ngwana wa gago a ya sekolong, mmolelele sengwe se se kgothatsang, bala le ene temana ya letsatsi, kgotsa o rapele le ene. Go dira jalo go ka dira gore a nne le letsatsi le le molemo.

6 Batsadi bangwe ba ile ba kgona go dira diphetogo mo matshelong a bone gore ba kgone go fetsa nako e ntsi le bana ba bone. Ka sekai, Laura, * mmè wa bana ba le babedi o ne a tlogela go bereka letsatsi le letsatsi gore a kgone go fetsa nako le bana ba gagwe. A re: “Mo mosong, rotlhe re ne re itlhaganelela go ya tirong kgotsa sekolong. Fa ke boa kwa tirong maitseboa, ke ne ke fitlhela bana ba setse ba robetse,  ba robaditswe ke mmè yo o ba tlhokomelang. Fa ke tlogela tiro, seo se ne se raya gore re tla tshwanelwa ke go tshela ka madi a mannye, mme gone jaanong ke kgona go itse gore bana ba me ba akanya eng le gore ba na le mathata afe. Ke reetsa se ba se buang mo thapelong mme ke kgona go ba kaela, go ba kgothatsa le go ba ruta.”

NNANG “BONAKO GO UTLWA”

7. Ke eng se se tshwanang se bana le batsadi ba ngongoregang ka sone?

7 Fa bakwadi ba buka ya For Parents Only ba sena go botsolotsa basha ba le bantsi, ba ne ba lemoga sengwe gape se se kgoreletsang puisano. Ba re: “Selo sa ntlha se bana ba neng ba ngongorega ka sone e ne e le gore batsadi ba bone ga ba ba reetse.” Bothata joo bo ama matlhakore oomabedi. Gantsi batsadi le bone ba ngongorega ka sone seo ka bana ba bone. Gore batsadi le bana ba kgone go nna ba buisana, ba tshwanetse go reetsana—ba reetsane ka tlhoafalo.—Bala Jakobe 1:19.

8. Batsadi ba ka reetsa bana ba bone jang ka tlhoafalo?

8 Batsadi, a lo reetsa bana ba lona ka tlhoafalo? Seno se ka nna thata segolobogolo fa o lapile kgotsa fa go lebega se ba batlang go bua ka sone se se botlhokwa. Le fa go ntse jalo, se se ka lebegang se se botlhokwa mo go wena se ka tswa se le botlhokwa thata mo ngwaneng wa gago. Go nna “bonako go utlwa” go kaya go reetsa ka tlhoafalo se ngwana wa gago a se buang le tsela e a se buang ka yone. Segalo sa lentswe la ngwana wa gago le tsela e a itshwarang ka yone fa lo bua e ka go thusa go lemoga gore o ikutlwa jang. Sengwe gape se se botlhokwa ke go botsa dipotso. Baebele ya re: “Dikakanyo tsa motho di tshwana le metsi mo sedibeng se se boteng, mme motho yo o nang le temogo a ka kgona go di gelela.” (Dia. 20:5, Today’s English Version) Botlhale le temogo di botlhokwa thata fa o batla gore bana ba gago ba ntshe se se mo mafatlheng a bone, segolobogolo ka dikgang tse go seng motlhofo go bua ka tsone.

9. Ke eng fa bana ba tshwanetse go reetsa batsadi ba bone?

9 Bana, a lo ikobela batsadi ba lona? Lefoko la Modimo la re: “Reetsa kotlhao ya ga rrago, morwaaka, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmago.” (Dia. 1:8) Gopola gore batsadi ba gago ba a go rata e bile ba batla gore dilo di go tsamaele sentle mo botshelong, ka jalo, go botlhale gore o ba reetse o bo o ba ikobele. (Baef. 6:1) Go motlhofo gore o ba ikobele fa go na le puisano e e molemo le fa o itse gore ba a go rata. Bolelela batsadi ba gago gore o ikutlwa jang ka dilo dingwe. Seno se tla ba thusa gore ba go tlhaloganye botoka. Mme le wena o tshwanetse go leka go ba tlhaloganya.

10. Re ithuta eng mo pegong ya Baebele e e ka ga Rehoboame?

10 O tshwanetse go nna kelotlhoko fa go tla mo kgannyeng ya go reetsa kgakololo ya bana ba ba lekanang le wena ka dingwaga. Ba ka nna ba go bolelela se o batlang go se utlwa mme gone kgakololo ya bone e ka nna ya se ka ya go thusa gotlhelele. Tota e bile, e ka nna ya go tsenya mo mathateng. E re ka basha ba se na botlhale le maitemogelo a batho ba ba godileng ba nang le one, ba le bantsi ba bone ga ba kgone go bonela dilo kwa pele e bile ba ka nna ba se ka ba kgona go lemoga ditlamorago tsa go dira dilo dingwe. Gopola sekai sa morwa Kgosi Solomone e bong Rehoboame. Fa a ne a nna kgosi ya Iseraele, go ka bo go nnile molemo gore a reetse kgakololo ya banna ba ba godileng. Go na le moo, o ne a reetsa kgakololo ya boeleele ya makawana a a godileng le one. Ka ntlha ya seo, bontsi jwa babusiwa ba gagwe ga ba a ka ba tlhola ba mo ema nokeng. (1 Dikg. 12:1-17) Go na le go etsa sekao se se seng botlhale sa ga Rehoboame, dira ka natla gore o nne le puisano e e molemo le batsadi ba gago. Ba bolelele maikutlo a gago. Solegelwa molemo ke kgakololo ya bone mme o ithute go tswa mo botlhaleng jwa bone.—Dia. 13:20.

11. Fa batsadi ba sa atamelesege seno se ka felela ka eng?

11 Batsadi, fa e le gore ga lo batle gore bana ba lona ba batle kgakololo kwa balekaneng ba  bone, nnang batho ba ba atamelesegang. Kgaitsadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bosha a re: “Fela fa nka umaka leina la mosimane mongwe, batsadi ba me ba simolola go tlhobaela. Seno se dira gore ke se ka ka ikutlwa ke gololesegile e bile ke sa batle go tswelela ka motlotlo.” Kgaitsadi yo mongwe yo mosha o ne a re: “Basha ba le bantsi ba batla kgakololo ya batsadi ba bone, mme fa batsadi ba sa ba reetse, ba ya kwa go mongwe yo o tla ba reetsang tota le fa motho yoo a se na maitemogelo.” Fa e le gore o iketleeditse go reetsa bana ba gago ka tsela e e bontshang gore o tlhaloganya tsela e ba ikutlwang ka yone nako le nako fa ba bua le wena, ba ka nna ba simolola go go bulela mafatlha mme ba reetsa kgakololo ya gago.

NNANG “BONYA GO BUA”

12. Tsela e batsadi ba tsibogang ka yone e ka dira jang gore bana ba se ka ba tlhola ba ba bulela mafatlha?

12 Sengwe gape se se ka kgoreletsang puisano ke fa batsadi ba bua ba galefile le ka tsela e e bontshang gore ga ba dumalane le se bana ba bone ba ba bolelelang sone. Go a utlwala gore batsadi ba Bakeresete ba batle go sireletsa bana ba bone. ‘Metlha eno ya bofelo’ e tletse ka dikotsi—tsa semoya le tse dingwe. (2 Tim. 3:1-5) Le fa go ntse jalo, se batsadi ba se tsayang e le go sireletsa bana ba bone, e ka lebega e le go feteletsa dilo mo baneng ba bone.

13. Ke eng fa batsadi ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba ntsha maikutlo a bone ka bonako?

13 Go tla bo go le botlhale gore batsadi ba se ka ba itlhaganelela go ntsha maikutlo a bone. Gone ke boammaaruri gore ga se ka metlha go leng motlhofo go didimala fa bana ba go bolelela sengwe se se ngomolang pelo. Mme gone, go botlhokwa gore o reetse ka kelotlhoko pele ga o araba. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a re: “Fa ope a fetola kgang pele a e utlwa, seo ke boeleele mo go ene le matlhabisa ditlhong.” (Dia. 18:13) Fa o nna o ritibetse, bana ba gago ba tla go bolelela dilo tse dintsi mme ba tla tswelela ba bua le wena. O tshwanetse go utlwa kgang ka botlalo pele ga o ka leka go mo thusa. Fa o dira jalo, o ka kgona go tlhaloganya lebaka la go bo ngwana wa gago a bua “puo e e phomesegelang fela.” (Jobe 6:1-3) Lona batsadi ba ba lorato, reetsang bana ba lona gore lo kgone go ba tlhaloganya mme lo bue ka tsela e e tla ba thusang.

14. Ke eng fa bana ba tshwanetse go nna bonya go bua?

14 Bana, le lona lo tshwanetse go nna “bonya go bua,” lo sa ganetse ka bonako fela se batsadi ba lona ba se buang, ka gonne Modimo o ba neile boikarabelo jwa gore ba lo thapise. (Dia. 22:6) Ba ka tswa ba ile ba diragalelwa ke dilo tse di lo diragalelang gone jaanong. Mo godimo ga moo, ba ikwatlhaela diphoso tse ba di dirileng fa ba sa ntse ba le basha mme ba batla go go sireletsa gore le wena o se ka wa dira diphoso tse di tshwanang. Ka jalo, leba batsadi ba gago e le ditsala e seng baba; e le bagakolodi, e seng batho ba ba kgatlhanong le wena. (Bala Diane 1:5.) “Tlotla rrago le mmago” mme o ba bontshe gore o a ba rata fela jaaka le bone ba go rata. Seno se tla dira gore go nne motlhofo gore ba go ‘godisetse mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.’—Baef. 6:2, 4.

NNANG “BONYA GO SHAKGALA”

15. Ke eng se se tla re thusang gore re se ka ra felelwa ke bopelotelele mme ra kgotswela batho ba re ba ratang?

15 Ga se ka metlha re nnang pelotelele mo bathong ba re ba ratang. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Ke kwalela baitshepi le bakaulengwe ba ba ikanyegang ba ba seoposengwe le Keresete kwa Kolosa . . . Lona banna ba lo nyetseng, nnang lo rate basadi ba lona mme lo se ka lwa ba galefela mo go botlhoko. Lona borrabana, lo se ka lwa galefisa bana ba lona, gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.” (Bakol. 1:1, 2; 3:19, 21) Paulo o ne a gakolola Baefeso jaana: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona.” (Baef. 4:31) Go lwela go nna le bopelotelele, bonolo le boikgapo —dikarolo tsa dinonofo tse moya wa Modimo o di tlhagisang—go tla re thusa go nna re ritibetse tota le fa re ngomogile pelo.—Bagal. 5:22, 23.

16. Jesu o ne a gakolola barutwa ba gagwe jang, mme ke eng fa seno se ne se tlhomologile?

16 Akanya ka sekai sa ga Jesu. Akanya fela gore o ne a ngomogile pelo jang ka nako ya dijo tsa bofelo tsa maitseboa tse a neng a di ja le baaposetoloi ba gagwe. Jesu o ne a itse gore mo diureng di le mmalwa fela o ne a tlile go swa loso lo lo botlhoko. Go itshepisiwa ga leina la ga Rraagwe le go bolokiwa ga batho go ne go ikaegile ka gore a nne a ikanyega. Le fa go ntse jalo, ka yone nako eo ya dijo, “go ne ga tsoga gape kganetsano e e gotetseng mo gare ga [baaposetoloi] ka ga gore ke ofe wa bone yo o neng a bonala a le mogolo.” Jesu ga a ka a ba omanya kgotsa a ba galefela. Go na le moo, o ne a buisana le bone a digile makgwafo. Jesu o ne a ba gakolola gore ba ne ba ile ba ngaparelana le ene mo dinakong tsa mathata. Le fa Satane a ne a batla go ba fefera jaaka korong, Jesu o ile a bontsha gore o a ba tshepa gore ba tla nna ba ikanyega. O ne a bo a dira kgolagano le bone.—Luke 22:24-32.

A o reetsa bana ba gago ka tlhoafalo?

17. Ke eng se se tla thusang bana gore ba nne ba digile makgwafo?

17 Bana le bone ba tshwanetse go diga makgwafo. Segolobogolo fa ba tsena mo dingwageng tsa bolesome, ba ka nna ba akanya gore tsela e batsadi ba ba beelang melao ka yone e bontsha e kete ga ba ba tshepe. Le fa ka dinako dingwe go ka lebega go ntse jalo, lemoga gore tsela e ka yone batsadi ba gago ba amegileng ka wena e bontsha gore ba a go rata. Fa o ba reetsa o digile makgwafo e bile o dirisana sentle le bone, o tla dira gore ba go tlotle, mme seo se tla dira gore ba bone gore o na le maikarabelo. Boitshwaro jo bo ntseng jalo bo ka dira gore ba go neye tetla ya go dira dilo dingwe mo botshelong. Go nna le boikgapo go bontsha gore o botlhale. Seane se se botlhale sa re: “Sematla se ntsha moya wa sone otlhe, mme yo o botlhale o o boloka o ritibetse go fitlha kwa bofelong.”—Dia. 29:11.

18. Lorato lo dira jang gore go nne le puisano e e molemo?

18 Lona batsadi le bana ba ba rategang, lo se ka lwa kgobega marapo fa go lebega lo sa buisane ka kgololesego mo lelapeng la lona jaaka lo ne lo solofetse. Nnang lo tokafatsa mme lo tswelele lo tsamaya mo boammaaruring. (3 Joh. 4) Mo lefatsheng le lesha, batho ba ba itekanetseng ba tla kgona go buisana sentle go se na go sa tlhaloganyane le dikgogakgogano. Le fa go ntse jalo, gone jaanong rotlhe re dira dilo tse moragonyana re di ikwatlhaelang. Ka jalo, o se ka wa okaoka go kopa maitshwarelo. Itshwarelaneng lo gololesegile. ‘Kopanngwang mmogo ka kutlwano mo loratong.’ (Bakol. 2:2) Lorato lo maatla. ‘Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Ga lo gakatsege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe.’ (1 Bakor. 13:4-7) Tswelelang lo leka ka natla gore go nne le lorato mme puisano ya lona e tla atlega, mme seo se tla dira gore lelapa la lona le itumele le bo le leretse Jehofa pako.

^ ser. 6 Leina le fetotswe.