Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 RUTA BANA BA GAGO

Re ka Ithuta Eng mo Sekebekweng?

Re ka Ithuta Eng mo Sekebekweng?

Sekebekwa se re ka ithutang mo go sone ke se o bonang Jesu a bua le sone mo setshwantshong seno. Sekebekwa seo se ikwatlhaela bokebekwa jwa sone. Se kopa Jesu jaana: “O nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.” Jaanong, jaaka o bona mo setshwantshong, Jesu o bua le sekebekwa seno. A o itse gore Jesu o se raya a reng? * Jesu o se solofetsa jaana: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, o tla nna le nna mo Paradaiseng.”

O akanya gore Paradaise e tla nna jang?—Go tlhomamisa gore o bona karabo e e siameng, a re tlotle ka Paradaise e Modimo a neng a e diretse monna le mosadi wa ntlha e bong Adame le Efa. Paradaise eo e ne e le kae? A e ne e le kwa legodimong kgotsa a e ne e le mo lefatsheng?

O nepile fa o re e ne e le mo lefatsheng. Ka jalo, fa re akanya ka sekebekwa seno se le “mo Paradaiseng,” re tshwanetse go akanya ka sone se tshela mo lefatsheng fa le fetolwa go nna paradaise. Paradaise eo e tla nna jang?—Mma re bone.

Fa Jehofa Modimo a sena go bopa batho ba ntlha, Adame le Efa, Baebele ya re o ne a ba baya mo paradaiseng gone mo lefatsheng. E ne e bidiwa “tshimo ya Edene.” O akanya gore “tshimo ya Edene” e ka tswa e ne e le ntle go le kana kang?—Ga go pelaelo gore e ne e le lefelo le lentle go gaisa lepe fela le le leng teng gompieno!

O akanya eng? A Jesu o tla bo a le mo lefatsheng le sekebekwa se se neng sa ikwatlhaela maleo a sone?—Nnyaa, Jesu o tla bo a le kwa legodimong a busa lefatshe la Paradaise e le Kgosi. Ka jalo, Jesu o tla nna le sekebekwa seo ka tsela ya gore o tla se tsosa mo baswing le go bona gore  a se tlhokometswe mo lefatsheng la Paradaise. Mme ke eng fa Jesu a ka letla monna yo e neng e le sekebekwa go nna mo Paradaiseng?—Mma re tlotle ka seno.

Gone ke boammaaruri gore sekebekwa seno se dirile dilo tse di bosula thata. Mme le batho ba bangwe ba le dibilione ba ba tshetseng mo lefatsheng ba di dirile. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bone ba dirile dilo tse di bosula ka gonne ba sa rutiwa ka Jehofa le gore o batla gore ba dire eng.

Ka jalo, batho ba ba tshwanang le bao, go akaretsa le sekebekwa se Jesu a neng a bua le sone mo koteng, ba tla tsosediwa go tshela mo Paradaiseng gone mono mo lefatsheng. Ba tla rutiwa gore thato ya Modimo ke eng. Go tswa foo, ba tla kgona go bontsha gore ba rata Jehofa.

A o itse gore ba ka bontsha seo jang?— Ka go dira se Modimo a batlang ba se dira. A bo go tla itumedisa jang ne go tshela mo Paradaiseng le go nna ka metlha le batho ba ba ratang Jehofa le ba ba ratanang!

Bala mo Baebeleng ya gago

^ ser. 3 Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.