Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

Go Ikobela Jehofa go Ntliseditse Masego a Mantsi

Go Ikobela Jehofa go Ntliseditse Masego a Mantsi

Rre o ne a re: “Ruri re ithuta thuto e e molemo mo go Noa! Noa o ne a ikobela Jehofa e bile o ne a rata lelapa la gagwe, mme botlhe ba ne ba falola Morwalela ka gonne lelapa lotlhe la gagwe le ne la tsena mo teng ga araka.”

SEO ke sengwe sa dilo tse ke di gopolang ka rre fa ke sa ntse ke le monnye, e ne e le monna yo o boingotlo le yo o dirang ka natla. O ne a rata tshiamiso tota, ka jalo, ka 1953, o ne a kgatlhegela molaetsa wa Baebele ka bonako fela fa a sena go o utlwa. Fa e sa le ka nako eo, o ne a dira bojotlhe gore a rute rona bana ba gagwe se a neng a se ithuta. Kwa tshimologong mmè o ne a okaoka go tlogela tumelo ya gagwe ya Bokatoliki. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya le ene o ne a amogela dithuto tsa Baebele.

Go ne go le thata gore batsadi ba rona ba ithute le rona. Mmè o ne a sa itse go bala go le kalo, mme Rre ene o ne a bereka ka natla diura di le dintsi kwa masimong. Ka dinako dingwe o ne a lapile thata jaana mo a neng a otsela ka nako ya thuto. Le fa go ntse jalo, maiteko a a neng a a dira a ne a atlega. Ke ne ke le leitibolo, ka jalo, ke ne ke thusa batsadi ba me go ruta nnake le bokgaitsadiake ba babedi. Gantsi re ne re ithuta ka tsela e Noa a neng a rata lelapa la gagwe ka yone le kafa a neng a ikobela Modimo ka gone. Ruri ke ne ke rata pego eno ya Baebele! Go ise go ye kae, rotlhe re ne re ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi kwa Roseto degli Abruzzi, e leng toropo e e mo lobopong lwa Adriatic kwa Italy.

Ka 1955, ke ne ke na le dingwaga di le 11 fela, fa nna le mmè re ne re kgabaganya dithaba re ya kwa bophirima kwa kopanong ya rona ya ntlha kwa Roma. Fa e sa le ka nako eo, ke tsaya dikokoano tseo tse dikgolo e le nngwe ya dikarolo tse di molemo thata tsa botshelo jwa Bokeresete.

Ke ne ka kolobediwa mo ngwageng o o latelang, mme go ise go ye kae ka tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Fa ke na le dingwaga di le 17, ke ne ka nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa Latina e e kwa borwa jwa Roma, e e leng bokgakala jwa dikilometara di ka nna 300 go tswa kwa gae. E ne e le toropo e e sa tswang go agiwa, ka jalo, ga go ope yo o neng a tshwenyega ka gore baagisani ba tla ikutlwa jang. Nna le kgaitsadi yo re neng re direla mmogo re le babulatsela, re ne re itumelela go tsamaisa dikgatiso tsa Baebele, mme e re ka ke ne ke le monnye, ke ne ke tlhologelelwa gae tota. Le fa go ntse jalo, ke ne ke batla go ikobela taelo e ke neng ke e neilwe.

Letsatsi la rona la lenyalo

Moragonyana ke ne ka newa kabelo ya go ya kwa Milan go ya go thusa ka dithulaganyo tsa Kopano ya Ditšhabatšhaba ya 1963 ya “Mafoko a a Molemo a Bosakhutleng.” Ka nako ya kopano ke ne ke bereka le batho ba le bantsi re le baithaopi, go akaretsa le  Paolo Piccioli, mokaulengwe wa mosha wa kwa Florence. Mo letsatsing la bobedi la kopano, o ne a neela puo e e maatla malebana le go sa tsene mo lenyalong. Ke gopola ke akanya gore, ‘Ruri mokaulengwe yono a ka se ka a nyala.’ Le fa go ntse jalo, re ne ra simolola go kwalelana mme ke ne ka lemoga gore re kgatlhegela dilo tse dintsi tse di tshwanang—mekgele ya rona, lorato lwa rona mo go Jehofa le keletso ya rona e kgolo ya go mo obamela. Nna le Paolo re ne ra nyalana ka 1965.

FA RE NE RE KOPANA LE BARUTI

Ke ne ka nna mmulatsela kwa Florence ka dingwaga di le lesome. Go ne go kgatlha tota go bona koketsego mo diphuthegong, segolobogolo go bona basha ba gatela pele. Nna le Paolo re ne re itumelela go fetsa nako le bone re tlotla ka dilo tsa semoya mmogo le go intsha bodutu le bone, mme gantsi Paolo ene o ne a rata go tshameka le bone kgwele ya dinao. Gone ke ne ke itumelela go fetsa nako le monna wa me, le fa go ntse jalo, ke ne ke lemoga gore basha bao le malapa a a mo phuthegong a ne a solegelwa molemo ke nako e monna wa me a neng a e fetsa le bone le tsela e a neng a ba kgatlhegela ka yone.

Ke sa ntse ke itumela fa ke akanya ka dithuto tse dintsi tsa Baebele tse re neng re kgona go di tshwara. Mongwe wa batho ba re neng re ithuta le bone e ne e le Adriana, yo o neng a tlotlela malapa a mangwe a mabedi ka se a neng a se ithuta. Ba ne ba rulaganya gore re kopane le moruti go tlotla ka dithuto tsa kereke tse di jaaka Tharonngwe le moya o o sa sweng. Baruti ba le bararo ba bagolo mo kerekeng ba ne ba nna gone kwa pokanong eo. Ba ne ba tlhalosa dilo ka tsela e e raraaneng le e e sa dumalaneng, mme batho ba re neng re ithuta Baebele le bone ba ne ba lemoga seo ka bonako fela fa ba bapisa se ba se buang le dithuto tse di utlwalang sentle tsa Baebele. Pokano eo e ne ya lere diphetogo. Fa nako e ntse e ya, batho ba le 15 mo malapeng ao ba ne ba nna Basupi.

Gone ke boammaaruri gore gompieno ditsela tsa rona tsa go rera di farologane thata le tsa bogologolo. Ka nako eo, Paolo o ne a na le bokgoni jwa go buisana le baruti—mme o ne a buisana le bone ka makgetlo a le mantsi. Ke gopola nako nngwe fa a ne a buisana le bone fa pele ga batho ba e seng Basupi. Go ne ga bonala sentle gore baganetsi bao ba ne ba rulagantse go sa le gale gore batho ba botse dipotso tse go tsewang gore di thata. Le fa go ntse jalo, dilo ga di a ka tsa tsamaya ka tsela e ba neng ba rulagantse ka yone. Mongwe o ne a botsa gore a go siame gore kereke e itshunye nko mo dipolotiking jaaka e sa bolo go dira jalo ka makgolokgolo a dingwaga. Ka yone nako eo, go ne go bonala sentle gore baruti ba mo dipharagobeng. Ka tshoganyetso fela dipone di ne tsa tima, mme pokano ya emisiwa. Dingwaga di le mmalwa morago ga foo, re ne ra utlwa gore go ne go rulagantswe gore dipone di timiwe fa dilo di sa tsamaye kafa baruti ba neng ba solofetse ka gone.

DIKABELO TSE DI FAROLOGANENG TSA TIRELO

Fa nna le Paolo re na le dingwaga di le lesome re nyalane, re ne ra kopiwa go direla mo tirong ya potologo.  Paolo o ne a dira tiro e e mo duelang sentle, ka jalo go ne go se motlhofo go dira tshwetso ya go tsenela tirelo eo. Le fa go ntse jalo, fa re sena go rapelela kgang eo, re ne ra dira tshwetso ya go amogela kabelo eo. Re ne re itumelela go fetsa nako le malapa a a neng a re amogetse. Gantsi maitseboa re ne re ithuta re le setlhopha, morago ga moo Paolo o ne a thusa bana ka tiro ya bone ya sekolo e e direlwang kwa gae, segolobogolo fa e le mathematiki. Mo godimo ga moo, Paolo o ne a rata go bala mme o ne a ba tlotlela dilo tse di kgatlhang le tse di agang tse a di badileng. Gantsi ka Mantaga re ne re ya go rera kwa ditoropong tse go se nang Basupi kwa go tsone, re bo re laletsa batho go tla go reetsa puo e e neng e tla neelwa mo maitseboeng ao.

Re ne re itumelela go fetsa nako le basha mme gantsi Paolo o ne a rata go tshameka le bone kgwele ya dinao

Morago ga dingwaga di le pedi fela re le mo tirong ya potologo, re ne ra kopiwa go ya go direla kwa Bethele ya kwa Roma. Paolo o ne a direla mo lefapheng la tsa molao mme nna ke ne ke abetswe go direla mo Lefapheng la Dimakasine. Go ne go se motlhofo go dira diphetogo mme gone, re ne re ikemiseditse go ikobela ditaelo. Go ne go itumedisa go bona fa lekala le okediwa ka bonya ka bonya le go bona palo ya bakaulengwe e oketsega kwa Italy. Ka nako eo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kwadisiwa semolao kwa Italy. Re ne re itumetse tota mo kabelong eno.

Paolo o ne a rata tiro ya gagwe ya kwa Bethele

Fa re ntse re direla kwa Bethele, kgang ya go bo Basupi ba sa batle go tshelwa madi ka ntlha ya segakolodi sa bone se se thapisitsweng ke Baebele, e ne ya nna kgang ya moruthutha kwa Italy. Mo masimologong a bo1980, go ne ga nna le kgetsi ya molao e e malebana le kgang eno, e e neng ya baka tlhakatlhakano e kgolo. Banyalani bangwe ba Basupi ba ne ba latofadiwa ka maaka gore ke bone ba bakileng loso lwa morwadiabone, le fa gone a ne a bolailwe ke bolwetse jo bo masisi jwa madi jo bo neng bo tlwaelegile mo kgaolong ya Mediterranean. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Bethele ba ne ba thusa babueledi ba ba neng ba buelela batsadi bano ba Bakeresete. Batho ba ne ba thusiwa ke pampitshana le kgatiso e e kgethegileng ya Tsogang! gore ba itse boammaaruri le go tlhaloganya se Lefoko la Modimo le se buang ka madi. Mo dikgweding tseo, gantsi Paolo o ne a bereka diura di ka nna 16 ka letsatsi a sa ikhutse. Ke ne ke leka ka natla gore ke mo eme nokeng mo tirong eno e e botlhokwa.

PHETOGO E NNGWE GAPE MO BOTSHELONG

Re ne re na le dingwaga di le 20 re nyalane fa dilo di ne di fetoga ka tsela e re neng re sa e lebelela. Ke ne ke na le dingwaga di le 41 mme Paolo ene o ne a na le dingwaga di le 49, fa ke ne ke mmolelela gore ke akanya gore ke imile. Ke ne ka fitlhela mafoko ano a a neng a a kwadile mo tayaring ya gagwe mo letsatsing leo: “Thapelo: Fa e le gore seno se boammaaruri, re thuse gore re nne mo tirelong ya nako e e tletseng, re se ka ra koafala semoyeng, mme re thuse gore re nne batsadi ba ba tlhomang sekao se se molemo. Mme gape, nthuse gore ke dirise bobotlana peresente e le nngwe ya se ke neng ke se ruta mo phuthegong dingwaga di le 30 tse di fetileng.” Fa ke leba se se ileng sa diragala morago ga moo, ke lemoga gore Jehofa o ile a araba thapelo ya gagwe le ya me.

 Go tsholwa ga ga Ilaria go ne ga fetola matshelo a rona fela thata. Boammaaruri ke gore, ka dinako dingwe re ne re kgobega marapo, fela jaaka Diane 24:10 e tlhalosa: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” Mme re ne re kgothatsana e re ka re ne re itse gore go dira jalo go botlhokwa.

Ilaria ga a okaoke go bua gore o itumetse jang go bo a tshotswe ke batsadi ba Basupi, ba ba neng ba tshwaregile mo tirelong ya nako e e tletseng. Ga a ise a ko a ikutlwe a tlhokomologilwe; o ne a ikutlwa a ratiwa ka metlha. Ke ne ke mo tlhokomela motshegare. Gantsi fa Paolo a goroga mo gae maitseboa, o ne a na le tiro e a tshwanetseng go e dira; le fa go ntse jalo, o ne a ipha nako le ene, a tshameka le ene e bile a mo thusa ka tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae. O ne a dira jalo le fa seo se ne se raya gore a robale ka ura ya bobedi kgotsa ya boraro mo mosong gore a feleletse tiro ya gagwe. Gantsi Ilaria o ne a re: “Papa ke tsala ya me e kgolo.”

E le gore re thuse Ilaria gore a dire se se siameng, re ne re tshwanetse go mo otlhaya, ka dinako dingwe re dira jalo re gagamaditse seatla. Ke gopola nako nngwe fa a ne a tshameka le tsala ya gagwe, a bo a sa itshware sentle. Re ne ra mmontsha go tswa mo Baebeleng lebaka la go bo a sa tshwanela go itshwara jalo. Gape re ne ra mmolelela gore a kope maitshwarelo mo tsaleng ya gagwe fa pele ga rona.

Ilaria ga a okaoke fa a tlhalosa gore o anaanela tsela e batsadi ba gagwe ba bontshitseng gore ba rata bodiredi ka yone. E re ka gone jaanong a nyetswe, o tlhaloganya ka botlalo kafa go leng botlhokwa ka gone go ikobela Jehofa le go latela kaelo ya gagwe.

GO IKOBELA JEHOFA TOTA LE MO DINAKONG TSA KUTLOBOTLHOKO

Ka 2008, Paolo o ne a bolelelwa gore o tshwerwe ke kankere. Kwa tshimologong go ne go lebega e kete Paolo o tla kgona go fola, mme o ne a nkgothatsa fela thata. Re ne ra batla kgakololo e e molemo thata ya kalafi mme gape nna le Ilaria re ne ra rapela Jehofa fela thata, re mo kopa gore a re thuse go itshokela se se tla diregang mo isagweng. Le fa go ntse jalo, ke ne ke lebile fa monna wa me yo o kileng a bo a nonofile e bile a le matlhagatlhaga, a koafala ka bonya ka bonya. Ke ne ka utlwa botlhoko thata fa a tlhokafala ka 2010. Mme gone, ke gomodiwa thata ke se re se fitlheletseng mo dingwageng di le 45 tse re di feditseng mmogo. Re diretse Jehofa ka sotlhe se re nang le sone. Ke a itse gore tiro ya rona e tla nna le melemo e e nnelang ruri. Mme gape ke swegaswega pelo go bona Paolo a tsosiwa, go dumalana le mafoko a ga Jesu a a mo go Johane 5:28, 29.

“Mo pelong, ke sa ntse ke le mosetsanyana yole yo o ratang kgang ya ga Noa. Ga ke ise ke fetole maikemisetso a me”

Mo pelong, ke sa ntse ke le mosetsanyana yole yo o ratang kgang ya ga Noa. Ga ke ise ke fetole maikemisetso a me. Ke batla go ikobela Jehofa go sa kgathalasege gore ke kopiwa gore ke dire eng. Ke tlhomamisegile gore dikgoreletsi dipe fela, dilo tse re ithontshang tsone kgotsa tse di re latlhegelang, ga se sepe fa di bapisiwa le masego a a itumedisang a Modimo wa rona yo o lorato a re nayang one. Ke iponetse seno—mme nka go tlhomamisetsa gore seno ga se matsapa a bophiri fela.