Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Anaanela Bopelotshweu Jwa ga Jehofa le go Nna Tekatekano ga Gagwe

Anaanela Bopelotshweu Jwa ga Jehofa le go Nna Tekatekano ga Gagwe

“Jehofa o molemo mo go botlhe, le mautlwelobotlhoko a gagwe a mo ditirong tsa gagwe tsotlhe.”—PES. 145:9.

1, 2. Ditsala tsa ga Jehofa di tla nna le tshono efe?

MOSADI mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Monika o ne a re: “Re na le dingwaga di ka nna 35 re nyalane. Nna le monna wa me re itsane sentle. Le fa go ntse jalo, tota le morago ga dingwaga tse dintsi jaana, mongwe le mongwe wa rona o sa ntse a ithuta dilo di le dintsi tse a neng a sa di itse ka yo mongwe!” Ga go pelaelo gore go ntse jalo ka banyalani ba le bantsi le ka ditsala.

2 Re itumelela go itsane botoka le batho ba re ba ratang. Le fa go ntse jalo, mo ditsaleng tsotlhe tse re ka nnang le tsone, ga go na botsala jo bo botlhokwa go feta jo re nang le jone le Jehofa. Ga re kitla re fetsa go ithuta ka ene. (Bar. 11:33) Ka nako e re tla bong re tshela ka bosakhutleng, re tla nna le tshono ya go itumelela go anaanela dinonofo tsa ga Jehofa ka botlalo.—Mor. 3:11.

3. Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

3 Setlhogo se se fetileng se re thusitse go nonotsha tsela e re anaanelang ka yone go atamelesega ga ga Jehofa le go sa nne le tlhaolele ga gagwe. A jaanong re sekasekeng dinonofo tse dingwe gape tse pedi tsa ga Jehofa tse di dirang gore re mo rate—bopelotshweu le go nna tekatekano. Seno se tla dira gore re lemoge ka botlalo gore, “Jehofa o molemo mo go botlhe, le mautlwelobotlhoko a gagwe a mo ditirong tsa gagwe tsotlhe.”—Pes. 145:9.

JEHOFA O PELOTSHWEU

4. Ke eng se tota se kaiwang ke go nna pelotshweu?

4 Go nna pelotshweu go kaya eng? Re fitlhela karabo ya seo mo mafokong ano a ga Jesu a a mo go Ditiro 20:35: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” Ka mafoko ano, Jesu o ne a tlhalosa se tota go nna pelotshweu go se kayang. Motho yo o pelotshweu o ithaopela go dirisa nako ya gagwe, maatla a gagwe le dilwana tsa gagwe go thusa ba bangwe—mme o dira jalo ka boitumelo. Eleruri, bopelotshweu ga bo a ikaega ka bogolo  jwa mpho e motho a e ntshang mme bo ikaegile ka maitlhomo a gagwe a go ntsha mpho eo. (Bala 2 Bakorintha 9:7.) Ga go na motho ope yo o pelotshweu go gaisa ‘Modimo wa rona yo o itumetseng’ e bong Jehofa.—1 Tim. 1:11.

5. Jehofa o bontsha ka ditsela dife gore o pelotshweu?

5 Jehofa o bontsha jang gore o pelotshweu? O tlamela batho botlhe ka dilo tse ba di tlhokang, go akaretsa le ba ba sa mo obameleng. Eleruri, “Jehofa o molemo mo go botlhe.” O ‘tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe, e bile o nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.’ (Math. 5:45) Ke gone ka moo e neng ya re fa moaposetoloi Paulo a ne a bua le batho ba ba sa dumeleng a ileng a re, Jehofa ‘o ne a dira molemo, a lo naya dipula go tswa legodimong le dipaka tsa maungo, a tlatsa dipelo tsa lona ka botlalo ka dijo le boitumelo jo bogolo.’ (Dit. 14:17) Ga go pelaelo gore Jehofa o pelotshweu mo bathong botlhe.—Luke 6:35.

6, 7. (a) Ke bomang ba segolobogolo Jehofa a itumelelang go ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang? (b) Bontsha kafa Modimo a tlamelang baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang ka gone.

6 Jehofa o itumelela thata go tlamela segolobogolo baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang ka dilo tse ba di tlhokang. Kgosi Dafide o ne a lemoga seo, mme a re: “Nkile ka bo ke le lekau, jaanong ke tsofetse, mme le fa go ntse jalo ga ke ise ke bone ope yo o siameng a tlogetswe gotlhelele, le fa e le bana ba gagwe ba batla senkgwe.” (Pes. 37:25) Bakeresete ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ile ba bona bosupi jwa gore Jehofa o amega ka bone. Akanya ka sekai seno.

7 Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, modiredi mongwe wa nako e e tletseng e bong Nancy, o ne a iphitlhela a le mo mathateng. A re: “Ke ne ke tlhoka madi a a kana ka R570 go duela rente mme ke ne ke tshwanetse go e duela letsatsi le le latelang. Ke ne ke sa itse gore ke tla bona kae madi ao. Ke ne ka rapelela kgang eo, mme ka ya tirong kwa ke neng ke bereka gone ke le weitara. Ke ne ke sa solofela go bona madi a tebogo a le mantsi mo bosigong joo, e re ka mo nakong eo ya beke re ne re se na bareki ba le bantsi. Se se gakgamatsang ke gore go ne ga tla bareki ba le bantsi mo resetšhurenteng e ke neng ke bereka mo go yone mo bosigong joo. Fa ke wetsa tiro ya me mme ke bala madi otlhe a tebogo a ke a amogetseng, a ne a fitlha go R570.” Nancy o tlhatswegile pelo gore Jehofa o ne a mmontsha bopelotshweu ka go mo tlamela ka se tota a neng a se tlhoka.—Math. 6:33.

8. Mpho ya ga Jehofa e kgolo go di gaisa tsotlhe ke efe?

8 Mongwe le mongwe a ka solegelwa molemo ke mpho e kgolo go di gaisa tsotlhe e Jehofa a e ntshitseng ka bopelotshweu. Mpho eo ke eng? Ke setlhabelo sa thekololo sa Morwawe. Jesu o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 3:16) Mo temaneng eno, “lefatshe” le kaya batho. Eleruri, mongwe le mongwe yo o tlhophang go amogela mpho eno e e di gaisang tsotlhe ya ga Jehofa, a ka e newa. Batho ba ba bontshang tumelo  mo go Jesu ba tla bona letlepu la botshelo—botshelo jo bo sa khutleng! (Joh. 10:10) Ruri ga go na bosupi jo bo fetang jono jwa gore Jehofa o pelotshweu!

ETSA BOPELOTSHWEU JWA GA JEHOFA

Baiseraele ba ne ba kgothalediwa gore ba etse bopelotshweu jwa ga Jehofa (Bona serapa 9)

9. Re ka etsa jang bopelotshweu jwa ga Jehofa?

 9 Re ka etsa jang bopelotshweu jwa ga Jehofa? Jehofa ‘o re naya dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele’; ka jalo, re tshwanetse “go iketleeletsa go abelana” le ba bangwe, mme ka go dira jalo re tla dira gore le bone ba itumele. (1 Tim. 6:17-19) Re itumelela go dirisa dithoto tsa rona go abelana dimpho le ba re ba ratang le go thusa ba ba tlhokang. (Bala Duteronome 15:7.) Ke eng se se ka re thusang gore re gopole go nna pelotshweu? Bakeresete bangwe ba bone go le mosola go dira seno: Fa ba amogela mpho, le bone ba batla tsela e ka yone ba ka abelang yo mongwe mpho. Phuthego ya Bokeresete e segofaditswe ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba lekang ka natla go nna le moya wa bopelotshweu.

10. Ke tsela efe e e tlhomologileng e re ka bontshang bopelotshweu ka yone?

10 Tsela e nngwe e e molemolemo e re ka bontshang bopelotshweu ka yone, ke ka mafoko a rona le ka ditiro tsa rona. Re ka dira seo jang? Ka go dirisa nako ya rona le maatla a rona go kgothatsa ba bangwe. (Bagal. 6:10) E le go bona gore re dira jang mo ntlheng eno, re ka ipotsa jaana: ‘A batho ba bangwe ba lemoga gore ke iketleeditse go intsha setlhabelo le go ba reetsa fa ba mpolelela mathata a bone? Fa mongwe a nkopa gore ke mo thuse ka go mo direla sengwe, a ke a dumela fa e le gore ke kgona go dira jalo? Ke leng la bofelo ke neng ka akgola mongwe wa lelapa kgotsa modumedi mmogo le nna go tswa pelong?’ Fa re ‘itlwaetsa go aba,’ re tlhomamisegile gore re tla atamalana gaufi le Jehofa mmogo le ditsala tsa rona.—Luke 6:38; Dia. 19:17.

11. Dingwe tsa ditsela tse re ka bontshang Jehofa bopelotshweu ka tsone ke dife?

 11 Gape re ka bontsha Jehofa bopelotshweu. Dikwalo di re rotloetsa jaana: “Tlotla Jehofa ka  dilo tsa gago tse di tlhwatlhwakgolo.” (Dia. 3:9) ‘Dilo tseo tse di tlhwatlhwakgolo’ di akaretsa nako ya rona, maatla le dithoto tsa rona, tse re ka di dirisang ka go rata mo tirelong ya gagwe. Tota le bana ba bannye ba ka ithuta go bontsha Jehofa bopelotshweu. Rre mongwe yo o bidiwang Jason a re: “Fa lelapa la rona le ntsha moneelo kwa Holong ya Bogosi, re letla bana ba rona gore e nne bone ba tsenyang madi mo lebokoseng la moneelo. Ba itumelela go dira jalo, ka gonne fa ba tsenya madi ao mo lebokoseng ba ‘naya Jehofa sengwe.’” Bana ba ba itumelelang go abela Jehofa fa ba sa ntse ba le bannye, ba ka nna ba tswelela ba mo abela ka bopelotshweu le fa ba godile.—Dia. 22:6.

JEHOFA O TEKATEKANO

12. Go kaya eng go nna tekatekano?

12 Nngwe ya dinonofo tsa ga Jehofa tse di dirang gore re mo rate ke go nna tekatekano ga gagwe. Go kaya eng go nna tekatekano? Mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha, lefoko la puo ya ntlhantlha le gantsi le ranotsweng e le “tekatekano” le kaya “go ineela.” (Tito 3:1, 2) Motho yo o tekatekano ga a gatelele gore ka metlha sengwe le sengwe se dirwe go ya ka molao le fa go sa tlhokege, ga a gagamatse letsogo ka tsela e e feteletseng, ga a bogale e bile ga a peloethata. Go na le moo, o leka ka natla go dirisana le batho ba bangwe ka bopelonomi, a akanyetsa maemo a bone. O iketleeditse go reetsa ba bangwe, mme fa go tshwanela, o a ineela gore a dire dilo ka tsela ya bone le go fetola tsela e a batlang di dirwa ka yone.

13, 14. (a) Jehofa o bontsha jang go nna tekatekano? (b) Re ka ithuta eng malebana le go nna tekatekano mo tseleng e Modimo a neng a dirisana le Lote ka yone?

13 Jehofa o bontsha jang go nna tekatekano? O akanyetsa maikutlo a batlhanka ba gagwe ka bopelonomi mme gantsi o diragatsa dikopo tsa bone. Ka sekai, akanya kafa Jehofa a neng a dirisana ka teng le monna yo o siameng e bong Lote. Fa Jehofa a ne a dira tshwetso ya gore o tlile go senya metse ya Sodoma le Gomora, o ne a naya Lote taelo e e utlwalang sentle ya gore a tshabele kwa dithabeng. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya lebaka lengwe le le sa tlhalosiwang, Lote o ne a kopa tetla ya gore a tshabele kwa lefelong le lengwe. Akanya fela—tota Lote o ne a kopa Jehofa gore a fetole ditaelo tsa Gagwe!—Bala Genesise 19:17-20.

14 Go ka nna motlhofo gore motho a akanye gore Lote e ne e le motho yo o bokoa kgotsa yo o seng kutlo. Tota e bile, ga go pelaelo gore Jehofa o ne a ka kgona go boloka Lote a tshela go sa kgathalesege gore o nna kae, ka jalo, ruri o ne a se na lebaka la go boifa. Le fa go ntse jalo, Lote o ne a boifa—eo ke tsela e a neng a ikutlwa ka yone mme Jehofa o ne a mo direla se a neng a se kopa. O ne a letlelela Lote gore a tshabele kwa motseng o a neng a ikaeletse go o senya. (Bala Genesise 19:21, 22.) Ga go pelaelo gore Jehofa ga a bogale ka tsela e e feteletseng e bile ga a gagamatse letsogo thata. O ikemiseditse go fetofetoga le maemo e bile o tekatekano.

15, 16. Molao wa ga Moshe o ne o bontsha jang gore Jehofa o tekatekano? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

15 Akanya ka sekai se sengwe sa go nna tekatekano ga ga Jehofa, se se bontshitsweng mo Molaong wa ga Moshe. Fa Moiseraele a ne a humanegile thata mme a sa kgone go ntsha tshupelo ya kwanyana kgotsa ya potsane, o ne a ka ntsha maeba a mabedi kgotsa maphoi. Mme go tweng fa Moiseraele a ne a humanegile thata mo a neng a sa kgone go ntsha tota le maphoi a mabedi? Mo boemong joo, Jehofa o ne a letla Moiseraele yoo yo o tlhokang, gore a ntshe bupi jo bonnye. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko ntlha eno ya botlhokwa: E ne e se bupi bongwe le bongwe fela, mme e ne e tshwanetse go nna “bupi jo bo boleta” jo bo neng bo dirisiwa fa go na le baeng ba ba kgethegileng. (Gen. 18:6) Ke eng fa seo se ne se le botlhokwa?Bala Lefitiko 5:7, 11.

16 Akanya fela o le Moiseraele, mme o humanegile thata. Fa o goroga kwa motlaaganeng o tshotse bupinyana jo o tla bo ntshang e le tshupelo, o bona Baiseraele ba bahumi ba tlisitse matsomane a bone. O ka nna wa ikutlwa o tlhabilwe ke ditlhong ka ntlha ya tshupelo ya gago ya bupi e e lebegang e se ya sepe. Mme o gopola gore Jehofa o tsaya tshupelo ya gago e le botlhokwa. Ka ntlha yang? Ka gonne, Jehofa o ne  a batla gore bupi joo e nne jwa boleng jo bo kwa godimo. Tota e bile, Jehofa o ne a raya Baiseraele ba ba humanegileng a re: ‘Ke lemoga gore ga o kgone go ntsha se ba bangwe ba kgonang go se ntsha, mme ke a itse gore se o nnayang sone ke se se molemolemo se o nang le sone.’ Eleruri, Jehofa o bontsha go nna tekatekano ka go akanyetsa maemo a batlhanka ba gagwe le dilo tse ba sa kgoneng go di dira.—Pes. 103:14.

17. Ke tirelo ya mofuta ofe e o ka tlhomamisegang gore Jehofa o a e amogela?

 17 Re ka kgothadiwa ke go itse gore Jehofa o re bontsha gore o tekatekano ka go amogela tirelo ya rona e re e dirang ka moya otlhe. (Bakol. 3:23) Kgaitsadi mongwe yo o godileng wa kwa Italy yo o bidiwang Constance o ne a re: “Go bua le batho ba bangwe ka Mmopi ke sengwe se ke sa bolong go rata thata go se dira. Ke gone ka moo ke tswelelang ke rera e bile ke tshwara dithuto tsa Baebele. Ka dinako dingwe ke utlwisiwa botlhoko ke gore ga ke kgone go dira mo go oketsegileng ka ntlha ya botsogo jwa me. Mme gone, ke a lemoga gore Jehofa o itse dilo tse ke sa kgoneng go di dira mme o a nthata e bile o anaanela se ke kgonang go se dira.”

ETSA GO NNA TEKATEKANO GA GA JEHOFA

18. Tsela nngwe e batsadi ba ka etsang sekao sa ga Jehofa ka yone ke efe?

18 Re ka etsa jang go nna tekatekano ga ga Jehofa? Akanya gape ka tsela e Jehofa a ileng a dirisana le Lote ka yone. Jehofa ke ene yo a neng a na le taolo; le fa go ntse jalo, o ne a nna pelonomi mme a reetsa Lote fa a ntse a ntsha maikutlo a gagwe. Mme Modimo o ne a diragatsa kopo ya ga Lote. Fa e le gore o motsadi, a o ka etsa sekao sa ga Jehofa? A o ka reetsa dikopo tsa bana ba gago, mme o bo o dumalana le se ba se kopang fa go tshwanela? Go dumalana le ntlha eno, makasine wa Tora ya Tebelo wa September 1, 2007, o ne wa bontsha gore batsadi ba ka tlotla le bana ba bone fa ba tlhoma melao mo lelapeng. Ka sekai, batsadi ke bone ba bayang nako e bana ba bone ba tshwanetseng go fitlha mo gae ka yone, mme ba na le tshwanelo ya go dira jalo. Le fa go ntse jalo, batsadi ba Bakeresete ba ka reetsa maikutlo a bana ba bone malebana le nako e ba e beileng. Mo maemong mangwe, batsadi ba ka nna ba tlhoka go dira diphetogo dingwe malebana le nako e e beilweng fa fela seno se sa dire gore ba tlole melaometheo ya Baebele. Batsadi ba ka nna ba lemoga gore fa ba akanyetsa maikutlo a bana ba bone malebana le melao e ba e tlhomang, bana ba ka nna ba tlhaloganya melao eo le go e ikobela.

19. Bagolwane ba ka leka jang ka natla go etsa go nna tekatekano ga ga Jehofa?

19 Bagolwane mo phuthegong ba tshwanetse go leka ka natla go etsa go nna tekatekano ga ga Jehofa ka go akanyetsa maemo a badumedimmogo le bone. Se lebale gore Jehofa o ne a anaanela tota le ditlhabelo tse di neng di ntshiwa ke Baiseraele ba ba humanegileng thata. Ka tsela e e tshwanang, bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ga ba kgone go dira go le gontsi mo bodireding, gongwe ka ntlha ya botsogo kgotsa ka ntlha ya bogodi. Go tweng fa bakaulengwe bano ba ba rategang ba ikutlwa ba kgobegile marapo ka ntlha ya se ba sa kgoneng go se fitlhelela? Bagolwane ba ka ba tlhomamisetsa ka bopelonomi gore Jehofa o a ba rata ka gonne ba dira bojotlhe jwa bone.—Mar. 12:41-44.

20. A go nna tekatekano go raya gore re ikgogone fa re direla Modimo? Tlhalosa.

20 Gone mme, ga re batle go akanya gore go nna tekatekano go kaya gore re ikgogone go direla Modimo, e le fela ka gonne re batla go ikutlwela botlhoko. (Math. 16:22) Ga re batle go goga dinao re bo re buelela mokgwa oo wa rona ka go re, re tekatekano. Go na le moo, rotlhe re tshwanetse go ‘iteka ka tlhagafalo’ go ema nokeng dilo tse di direlwang Bogosi. (Luke 13:24) Ka jalo, re tshwanetse go nna tekatekano. Re dira bojotlhe mo bodireding jwa rona re sa ikgogone. Mme gape ga re lebale gore Jehofa a ka se re kope gore re dire sengwe se re ka se kgoneng go se dira. Fa re dira bojotlhe jwa rona, re ka tlhomamisega gore o a itumela. A ga re itumelele go direla Mong yo o anaanelang le yo o tekatekano jaana? Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka dikarolo tse dingwe gape tse pedi tsa botho jwa ga Jehofa tse di dirang gore re mo rate.—Pes. 73:28.

“Tlotla Jehofa ka dilo tsa gago tse di tlhwatlhwakgolo.”—Dia. 3:9 (Bona serapa 11)

“Le fa e le eng se lo se dirang, se direng ka moya otlhe.”—Bakol. 3:23 (Bona serapa 17)