Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letla Kotlhao ya ga Jehofa e go Bope

Letla Kotlhao ya ga Jehofa e go Bope

“O tla nkgoga ka kgakololo ya gago, mme morago ga moo o tla nkisa kgalalelong.”—PES. 73:24.

1, 2. (a) Ke dilo dife tse di tlhokegang gore re nne le kamano e e molemo le Jehofa? (b) Re tla solegelwa molemo jang ke go sekaseka dipego tsa Baebele tsa kafa batho ba ileng ba tsibogela kotlhao ya Modimo ka gone?

“FA E le nna, go atamela Modimo go molemo mo go nna. Ke beile botshabelo jwa me mo go Morena Molaodimogolo Jehofa.” (Pes. 73:28) Ka mafoko ano, mopesalema o ne a bontsha gore o ikanya Modimo. Ke maemo afe a a dirileng gore a fitlhelele tshwetso eno e e botlhale? Fa mopesalema a lemoga kagiso e baikepi ba nang le yone, kwa tshimologong o ne a utlwa botlhoko thata. O ne a bua jaana ka kutlobotlhoko: “Ke ntlafaditse pelo ya me lefela ka ba ka tlhapela diatla tsa me lefela mo go tlhokeng molato.” (Pes. 73:2, 3, 13, 21) Le fa go ntse jalo, fa a tla mo “lefelong le legolo le le boitshepo la Modimo,” seno se ne sa mo thusa gore a fetole mogopolo le gore a tswelele a na le kamano le Modimo. (Pes. 73:16-18) Maitemogelo ano a ne a ruta monna yono yo o boifang Modimo thuto ya botlhokwa: Go nna le batho ba Modimo, go amogela kgakololo le go e dirisa, go botlhokwa fa motho a batla go nna le kamano e e gaufi le Jehofa.—Pes. 73:24.

2 Le rona re eletsa go nna le kamano e e gaufi le Modimo wa rona yo o boammaaruri le yo o tshelang. Gore re fitlhelele seno, go botlhokwa thata gore re letle kgakololo kgotsa kotlhao ya gagwe e re bope gore re nne batho ba ba mo itumedisang. Mo nakong e e fetileng, Modimo o ne a bontsha ditšhaba le batho bopelonomi ka go ba naya tshono ya gore ba tsibogele kotlhao ya gagwe. Dipego tsa kafa ba ileng ba tsiboga ka gone di kwadilwe mo Baebeleng gore ‘di re laye’ le gore e nne “tlhagiso mo go rona ba bokhutlo jwa ditsamaiso tseno tsa dilo bo gorogileng mo go rona.” (Bar. 15:4; 1 Bakor. 10:11) Go sekaseka dipego tseno ka kelotlhoko go tla re thusa gore re tlhaloganye botho jwa ga Jehofa ka botlalo le go re bontsha kafa re ka solegelwang molemo ka teng fa re mo letla gore a re bope.

 KAFA MMOPI WA LETSOPA A DIRISANG TAOLO YA GAGWE KA GONE

3. Tsela e Jehofa a dirisang taolo ya gagwe ka yone e tlhalosiwa jang ka tsela ya tshwantshetso mo go Isaia 64:8 le mo go Jeremia 18:1-6? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

3 Fa Isaia 64:8 e tlhalosa ka tsela ya tshwantshetso kafa Jehofa a laolang batho le ditšhaba ka gone, ya re: “Mme jaanong, wena Jehofa, o Rraarona. Re letsopa, wena o Mmopi wa rona wa Letsopa; mme rotlhe re tiro ya seatla sa gago.” Mmopi wa letsopa o na le taolo ya go dirisa letsopa go bopa mofuta mongwe le mongwe wa sejana se a batlang go se bopa. Letsopa ga le na taolo ya gore le tla bopiwa jang. Go ntse jalo le mo kgannyeng ya Modimo le batho. Motho a ka se ka a ganetsana le Modimo fela jaaka letsopa le ka se ganetsane le mmopi wa lone.—Bala Jeremia 18:1-6.

4. A Jehofa o tlhopha batho kgotsa ditšhaba tse a tla di bopang? Tlhalosa.

4 Jehofa o ne a dirisa Baiseraele ba bogologolo go bontsha se mmopi wa letsopa a kgonang go se dira ka letsopa. Mme gone, go na le pharologano e kgolo. Mmopi wa letsopa a ka kgona go bopa sejana sa mofuta mongwe le mongwe ka letsopa. A Jehofa o tlhopha batho kgotsa ditšhaba tse a tla di bopang, a dira ba bangwe gore ba nne molemo mme ba bangwe a ba dira gore ba nne bosula? Baebele ga e dumalane le kgang eno. Jehofa o neile batho mpho e e molemolemo—mpho ya go itlhophela. Ga a dirise taolo ya gagwe ka tsela e e tla dirang gore mpho ya gagwe e se ka ya tlhola e dira. Batho ba tshwanetse go itlhophela gore Mmopi e bong Jehofa a ba bope.—Bala Jeremia 18:7-10.

5. Jehofa o dirisa taolo ya gagwe jang fa batho ba gana gore a ba bope?

5 Go tweng fa batho ba le tlhogoethata mme ba sa batle go bopiwa ke Mmopi yo Mogolo wa letsopa? Fa go ntse jalo, Modimo o bontsha jang taolo e a nang le yone? Akanya ka se se diregang ka letsopa fa le sa tlhole le siametse go dirisediwa maikaelelo a lone. Ebu, mmopi wa letsopa a ka dira mofuta o mongwe wa sejana ka lone kgotsa a ka le latlha! Le fa go ntse jalo, fa letsopa le se na mosola, gantsi mmopi wa letsopa ke ene a leng phoso. Mme gone, ga go a nna jalo ka Mmopi wa rona wa letsopa. (Dute. 32:4) Fa motho a sa letle gore Jehofa a mmope, ka metlha motho yoo ke ene a leng phoso. Jehofa o dirisa taolo ya gagwe ya go nna mmopi wa letsopa mo bathong ka go fetola tsela e a dirisanang le bone ka yone go ikaegile ka gore ba tsibogela jang tsela e a ba bopang ka yone. Ba ba tsibogang ka tsela e e siameng ba tla bopiwa ka tsela e e molemo. Ka sekai, Bakeresete ba ba tloditsweng ke ‘dijana tsa kutlwelobotlhoko’ tse di bopilweng go nna ‘dijana tsa tiriso e e tlotlegang.’ Mme ba ba ganetsang Modimo ba le tlhogoethata bone, ba tla feleletsa e le “dijana tsa tšhakgalo tse di dirilweng gore di tshwanele tshenyego.”—Bar. 9:19-23.

6, 7. Kgosi Dafide le Kgosi Saulo ba farologana jang ka tsela e ba neng ba tsibogela kgakololo ya ga Jehofa ka yone?

 6 Tsela nngwe e Jehofa a re bopang ka yone ke ka kgakololo kgotsa kotlhao. Re kgona go bona kafa a dirisang taolo ya gagwe ka gone mo bathong ba a ba bopang fa re leba se se diragaletseng dikgosi tsa ntlha tse pedi tsa Iseraele—Saulo le Dafide. Fa Kgosi Dafide a ne a dira boaka le Bathesheba, ditiro tsa gagwe di ne tsa ama ene le batho ba bangwe ka tsela e e botlhoko. Le fa Dafide e ne e le kgosi, Jehofa o ne a mo otlhaya botlhoko. Modimo o ne a romela moporofeti wa gagwe e bong Nathane kwa go Dafide gore a ye go mo naya kgalemelo e e maatla. (2 Sam. 12:1-12) Dafide o ne a itshwara jang? Kgalemelo eo e ne ya mo ama pelo fela thata mme a ikwatlhaya. Modimo o ne a bontsha Dafide kutlwelobotlhoko.—Bala 2 Samuele 12:13.

 7 Kgosi Saulo yo o neng a busa pele ga Dafide o ne a farologane le ene ka gonne ene o ne a gana kgakololo. Jehofa o ne a neile Saulo taelo e e tlhamaletseng a dirisa moporofeti Samuele: Kgemetha Baamaleke botlhe le diruiwa tsa bone. Saulo ga a ka a ikobela taelo eo e e tswang kwa Modimong. O ne a tlogela Agage yo e neng e le kgosi, a tshela mmogo  le leruo lengwe le a neng a le itlhophetse. Ka ntlha yang? Lengwe la mabaka ke ka gonne Saulo o ne a batla go itlotlomatsa. (1 Sam. 15:1-3, 7-9, 12) Fa Saulo a ne a kgalemelwa a ka bo a ile a nolofatsa pelo ya gagwe mme a letla Mmopi yo Mogolo wa letsopa gore a mmope. Go na le moo, Saulo o ne a gana go bopega. O ne a buelela se a neng a se dirile. O ne a sa bone bomasisi jwa se a se dirileng, a dira seipato sa gore diphologolo tseo di ne di ka ntshediwa Modimo setlhabelo mme o ne a nyatsa kgakololo ya ga Samuele. Jehofa ga a ka a tlhola a amogela Saulo e le kgosi, mme Saulo ga a ka a tlhola a nna le kamano e ntle le Modimo wa boammaaruri.—Bala 1 Samuele 15:13-15, 20-23.

Saulo o ne a nyatsa kgakololo a bo a e gana. Ga a ka a itetla go bopiwa! (Bona serapa 7)

Dafide o ne a amiwa pelo ke kgakololo mme o ne a e amogela. O ne a letla Modimo gore a mmope. A wena o dira jalo? (Bona serapa 6)

MODIMO GA A NA TLHAOLELE

8. Re ka ithuta eng mo tseleng e ka yone setšhaba sa Iseraele se neng sa tsibogela go bopiwa ke Jehofa?

8 Jehofa o naya le ditšhaba tshono ya gore di amogele gore a di bope. Ka 1513 B.C.E., bomorwa Iseraele ba ba neng ba golotswe mo bokgobeng kwa Egepeto, ba ne ba tsena mo kgolaganong le Modimo. Iseraele e ne e le setšhaba sa gagwe se se tlhophilweng mme se ne se na le tshiamelo ya gore a se bope, jaaka e kete o se bopa mo leotwaneng la Mmopi yo Mogolo wa letsopa. Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba tswelela ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, tota le e leng go obamela medingwana ya ditšhaba tse di neng di agile gaufi le bone. Gangwe le gape, Jehofa o ne a ba romelela baporofeti go ba thusa gore ba itharabologelwe mme Iseraele ga e a ka ya reetsa. (Jer. 35:12-15) Iseraele e ne ya tshwanelwa ke gore e otlhaiwe botlhoko ka ntlha ya go nna tlhogoethata ga bone. Fela jaaka sejana se se tshwanelang tshenyego, bogosi jwa bokone jwa ditso tse di lesome bo ne jwa fenngwa ke Baasiria mme bogosi jwa ditso tse pedi jwa kwa borwa jone bo ne jwa fenngwa ke Bababelona. Ruri seno  se tshwanetse go re ruta thuto e e maatla! Re tla solegelwa molemo ke go bopiwa ke Jehofa fa fela re mo letla gore a re bope.

9, 10. Baninife ba ne ba tsibogela jang tlhagiso e e tswang kwa Modimong?

9 Gape Jehofa o ne a naya batho ba motse wa Ninife o e neng e le motsemogolo wa Asiria tshono ya gore ba tsibogele tlhagiso ya gagwe. O ne a raya Jona a re: “Nanoga, ya kwa Ninife motse o mogolo, mme o bolele teng gore bosula jwa bone bo tlile fa pele ga me.” Motse wa Ninife o ne o tshwanelwa ke go senngwa.—Jona 1:1, 2; 3:1-4.

10 Le fa go ntse jalo, fa Jona a ne a bolela molaetsa wa tshenyego, “banna ba Ninife ba [ne ba] simolola go dumela mo Modimong, mme ba bolela gore go itingwe dijo ba bo ba apara letsela la kgetsi, go simolola ka yo mogolo thata mo go bone go ya go yo mmotlana thata mo go bone.” Kgosi ya bone e ne “ya ema mo setulong sa yone sa bogosi ya apola seaparo sa yone se se e tlhaolang mme ya ipipa ka letsela la kgetsi e bo e nna fa fatshe mo meloreng.” Baninife ba ne ba letla Jehofa gore a ba bope mme ba ikwatlhaya. Ka jalo, Jehofa ga a ka a senya Ninife.—Jona 3:5-10.

11. Ke nonofo efe ya ga Jehofa e o e gakologelwang ka bonako fa o leba tsela e a neng a dirisana le Baiseraele le Baninife ka yone?

11 Go bo Baiseraele e ne e le setšhaba se se tlhophilweng ga go a ka ga dira gore ba se ka ba otlhaiwa. Baninife bone ba ne ba se mo kgolaganong le Modimo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dira gore ba bolelelwe molaetsa wa gagwe wa katlholo mme a ba bontsha kutlwelobotlhoko fa ba ne ba itshupa e le letsopa le le bopegang mo diatleng tsa gagwe. Ruri dikai tseno tse pedi di bontsha sentle gore Jehofa Modimo wa rona ga a ‘tshware ope ka go mo tlhaola’!—Dute. 10:17.

JEHOFA O TEKATEKANO E BILE O FETOFETOGA LE MAEMO

12, 13. (a) Ke ka ntlha yang fa Modimo a fetola maikaelelo a gagwe fa batho ba itetla gore a ba bope? (b) Go bo Jehofa a ‘ikwatlhaya’ go ne go kaya eng malebana le Saulo? malebana le Ninife?

12 Tsela e Modimo a ikaeletseng go re bopa ka yone e bontsha gore o tekatekano e bile o fetofetoga le maemo. Re kgona go bona seno mo tseleng e Jehofa a ikaeletseng go tsaya kgato ka yone go ikaegile ka katlholo ya gagwe ya tshiamiso e a atlholang batho ka yone mme a bo a fetola mogopolo go ikaegile ka gore batho bao ba tsiboga jang. Fa Dikwalo di bua malebana le kgosi ya ntlha ya Iseraele, tsa re, Jehofa o ne a ‘ikwatlhaela go bo a dirile gore Saulo a buse e le kgosi.’ (1 Sam. 15:11) Baebele ya re, fa batho ba Ninife ba ne ba ikwatlhaya ba bo ba tlogela ditsela tsa bone tse di bosula: “Modimo wa boammaaruri [o ne] a ikwatlhaela masetlapelo a a neng a buile gore o tla a ba tlisetsa; mme a se ka a a tlisa.”—Jona 3:10.

13 Polelwana ya Sehebera e e ranotsweng e le ‘go ikwatlhaya,’ totatota e kaya go fetola maikutlo kgotsa boikaelelo. Jehofa o ne a fetola maikutlo a gagwe malebana le Saulo mme a se ka a tlhola a mo amogela e le kgosi. Jehofa ga a ka a fetola maikutlo a gagwe ka gonne a dirile phoso fa a ne a tlhopha Saulo gore e nne kgosi, mme e ne e le ka gonne Saulo ga a ka a bontsha tumelo e bile ga a ka a nna kutlo. Modimo wa boammaaruri o ne a ikwatlhaela se a neng a tshwanetse go se dira ka Baninife; ke gore, o ne a fetola boikaelelo jwa gagwe malebana le bone. Ruri go a gomotsa go itse gore Jehofa, Mmopi wa rona wa letsopa o tekatekano e bile o fetofetoga le maemo, o pelontle le kutlwelobotlhoko, o iketleeleditse go fetoga go ikaegile ka gore a baleofi ba fetola ditsela tsa bone tse di sa siamang!

A RE SE KA RA GANA KOTLHAO YA GA JEHOFA

14. (a) Jehofa o re bopa jang gompieno? (b) Re tshwanetse go itshwara jang fa Modimo a re bopa?

14 Dilo tsa konokono tse Jehofa a di dirisang go re bopa gompieno ke Baebele e leng Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe. (2 Tim. 3:16, 17) Ka jalo, re tshwanetse go amogela kgakololo kgotsa kotlhao epe fela e e tswang mo go tsone. Re tshwanetse go ikobela kgakololo ya gagwe re e letle gore e re bope go nna dijana tse di tshwanelang tiro e e molemo, go sa kgathalesege gore re na le dingwaga di le kae  re kolobeditswe kgotsa gore re na le ditshiamelo tsa tirelo di le kae mo phuthegong ya ga Jehofa.

15, 16. (a) Re ka nna le maikutlo afe a a sa siamang fa kotlhao e akaretsa go latlhegelwa ke ditshiamelo? Bontsha. (b) Ke eng se se ka re thusang go lepalepana le maikutlo a a sa siamang fa re newa kotlhao?

15 Ka dinako dingwe re ka otlhaiwa ka go kaelwa kgotsa ka go kgalemelwa. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe re ka otlhaiwa ka gonne re dirile sengwe se se phoso. Kotlhao eo e ka dira gore re latlhegelwe ke ditshiamelo. Akanya ka sekai sa ga Dennis * yo e neng e le mogolwane. O ne a dira phoso ka go sa dire dilo sentle mo dikgannyeng tsa kgwebo mme o ne a kgalemelwa le fa gone phuthego e ile ya se ka ya itsisiwe gore o kgalemetswe. Dennis o ne a ikutlwa jang fa phuthego e ne e itsisiwe gore ga e tlhole e le mogolwane? A re: “Ke ne ke ikutlwa ke paletswe. Ke ne ke feditse dingwaga di le 30 ke na le ditshiamelo tse dintsi. Ke ne nkile ka nna mmulatsela wa ka metlha, ka direla kwa Bethele ka nna motlhanka wa bodiredi ka bo ka nna mogolwane. Gape ke ne ke sa tswa go neela puo ya me ya ntlha kwa kopanong ya kgaolo. Jaanong tsotlhe tseo di ne di ntatlhegetse. Mo godimo ga go ikutlwa ke tlhabilwe ke ditlhong, ke ne ke akanya gore ga ke tlhole ke tshwanelega go nna karolo ya phuthego ya ga Jehofa.”

16 Dennis o ne a tshwanelwa ke go fetola tsela ya gagwe, a ikwatlhaele phoso e e dirileng gore a kgalemelwe. Mme gone, ke eng se se neng sa mo thusa gore a tlogele go nna le maikutlo a a sa siamang? A re: “Ke ne ke ikemiseditse go tswelela ke na le thulaganyo e e siameng ya dilo tsa semoya. Mme gape, bakaulengwe ba Bakeresete ba ne ba nkema nokeng e bile ke ne ka kgothadiwa ke dikgatiso tsa rona. Setlhogo se se reng, ‘A o Kile wa Direla? A o ka Direla Gape?’ se se leng mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa August 15, 2009, se ne se tshwana le lekwalo le ke le kwaletsweng le le neng le araba dithapelo tsa me. Kgakololo e ke neng ke e rata thata ke e e reng, ‘Fa o sa ntse o se na maikarabelo a mantsi mo phuthegong, tlhoma mogopolo mo go nonotsheng kamano ya gago le Jehofa.’” Dennis o solegetswe molemo jang ke kotlhao e a e amogetseng? O tlhalosa gore, morago ga dingwaga di le mmalwa, Jehofa o ne a mo segofatsa gape ka tshiamelo ya go nna motlhanka wa bodiredi.

17. Thulaganyo ya go kgaola e ka thusa moleofi jang gore a itharabologelwe? Bontsha.

17 Go kgaola ke mofuta o mongwe wa kotlhao e e tswang kwa go Jehofa. Go sireletsa phuthego mo tlhotlheletsong e e sa siamang mme go thusa motho yo o leofileng gore a boe a baakanye kamano ya gagwe le Jehofa. (1 Bakor. 5:6, 7, 11) Robert o ne a na le dingwaga di ka nna 16 a kgaotswe, mme mo dingwageng tseo tsotlhe, batsadi ba gagwe le bomorwarraagwe ba ne ba dirisa kgakololo ya Lefoko la Modimo ya gore ba tlogele go ikopanya le batho ba ba dirileng phoso tota le e leng go ba dumedisa. Gone jaanong, Robert o na le dingwaga di le mmalwa a buseditswe mo phuthegong, mme o gatela pele semoyeng. Fa a bodiwa gore ke eng se se mo thusitseng gore a boele kwa go Jehofa le kwa bathong ba Gagwe, o ne a re go nitama ga ba lelapa la gagwe ke gone go mo thusitseng. “Fa ba lelapa la me ba ka bo ba ile ba tsalana le nna le fa e ka nna go se kae fela, seo se ka bo se ile sa nkgotsofatsa mme gongwe sa dira gore ke se ka ka batla go boela kwa Modimong.”

18. Re tshwanetse go nna letsopa le le ntseng jang mo diatleng tsa Mmopi yo Mogolo wa letsopa?

18 Re ka tswa re sa tlhoke go otlhaiwa ka tsela e e ntseng jalo, mme gone, re tla nna letsopa le le ntseng jang mo diatleng tsa Mmopi yo Mogolo wa letsopa? Re tla itshwara jang fa re otlhaiwa? A re tla nna jaaka Dafide kgotsa jaaka Saulo? Mmopi yo Mogolo wa letsopa ke Rraarona. Se lebale gore, “Jehofa o kgalemela yo a mo ratang, fela jaaka rre a kgalemela morwawe yo a mo ipelelang.” Ka jalo, ‘o se ka wa gana kotlhao ya ga Jehofa, mme o se ka wa ila kgalemelo ya gagwe.’—Dia. 3:11, 12.

^ ser. 15 Maina a fetotswe.