Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SE SE KA FA NTLE: A O TSHWANETSE GO IKANYA BODUMEDI?

Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Sekaseka Bodumedi?

Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Sekaseka Bodumedi?

A re re o tlhoka go ariwa ka go bo o na le bolwetse jo bo ka go bolayang. O ne o tla batla go ikanya ngaka e e tla go arang ka gonne botshelo jwa gago bo ikaegile ka yone. A go ne go ka se nne botlhale go sekaseka tiro e a e dirileng mo nakong e e fetileng?

Ka tsela e e tshwanang, go botlhale go sekaseka bodumedi ka kelotlhoko. Fa o le leloko la bodumedi bongwe, tota re ka re botshelo jwa gago bo ikaegile ka jone. Seno se akaretsa tsholofelo e o nang le yone ya go bolokiwa.

Jesu o ne a re naya melaometheo e e ka re thusang go tlhatlhoba bodumedi jwa rona ka kelotlhoko. O ne a re: “Setlhare sengwe le sengwe se itsiwe ka leungo la sone.” (Luke 6:44) Ka sekai, fa o leba bodumedi jo bo rileng, o bona bo na le maungo a a ntseng jang? A baeteledipele ba bodumedi ba tlhoma mogopolo thata mo mading? A maloko a teng a latela melaometheo ya Baebele fa go tliwa mo ntweng le mo boitsholong? Sa bofelo, a go na le bodumedi jo o ka bo ikanyang? Re kopa gore o sekaseke ditlhogo tse di latelang.

“Setlhare sengwe le sengwe se itsiwe ka leungo la sone.”—Luke 6:44