Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Leba Ditshwantsho!”

“Leba Ditshwantsho!”

Ke ga kae o kileng wa akanya jalo kgotsa wa bolelela ba bangwe jalo fa o sena go bula kgatiso e ntšha ya makasine wa Tora ya Tebelo? Ditshwantsho tse dintle tse di tseetsweng matsapa di na le lebaka la go bo di tsentswe foo. Ke didirisiwa tse di re rutang le tse di dirang gore re akanye ka se re ithutang sone re bo re se itumelele. Di ka re thusa fela thata fa re baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo le fa re akgela mo go yone.

Ka sekai, akanya ka lebaka la go bo go tsentswe setshwantsho se se mo tshimologong ya setlhogo sengwe le sengwe se se ithutiwang. Se emela eng? Se tsamaisana jang le setlhogo kgotsa temana ya setlhogo? Akanya kafa setshwantsho sengwe le sengwe se amanang ka gone le kgang e go tlotliwang ka yone le gore wena se go ama jang.

Motshwari wa Thuto ya Tora ya Tebelo o tshwanetse go naya phuthego tshono ya gore e akgele ka setshwantsho sengwe le sengwe mme ba tlhalose gore se amana jang le se se ithutiwang kgotsa se ba ama jang. Ka dinako dingwe, mo setshwantshong go kwalwa mafoko a a amanyang setshwantsho seo le serapa se se rileng. Mo ditshwantshong tse dingwe, motshwari wa thuto o tla dira tshwetso ya gore ke setshwantsho sefe se go tla tlotliwang ka sone fa go balwa serapa se se rileng. Ka tsela eno, botlhe ba tla solegelwa molemo ka botlalo ke se se dirilweng go thusa mmadi go bona ka leitlho la mogopolo se a ithutang sone mo Lefokong la Modimo.

Mokaulengwe mongwe o ne a tlhalosa kgang eno ka gore, “Morago ga go bala setlhogo se se kwadilweng ka matsetseleko, ditshwantsho di dira gore motho a kgatlhegele setlhogo se se ithutiwang le go feta.”