Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Bonang! Ke na Le Lona Malatsi Otlhe”

“Bonang! Ke na Le Lona Malatsi Otlhe”

“Bonang! Ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” —MATH. 28:20.

1. (a) Tlhalosa setshwantsho sa korong le mefero ka bokhutshwane. (b) Jesu o ne a tlhalosa jang bokao jwa sone?

SENGWE sa ditshwantsho tsa ga Jesu tse di malebana le Bogosi se bua ka molemi yo o jalang peo e e molemo ya korong le mmaba yo o jalang mefero mo gare ga peo e e molemo. Mefero e hupetsa korong, mme molemi o laela batlhanka ba gagwe gore ba ‘di lese di gole mmogo go fitlha ka nako ya thobo.’ Ka paka ya thobo, mefero e a senngwa mme korong yone e a phuthiwa. Jesu o ne a tlhalosa bokao jwa setshwantsho seno. (Bala Mathaio 13:24-30, 37-43.) Setshwantsho seno se senola eng? (Bona tšhate ya setlhogo se se reng, “Korong le Mefero.”)

2. (a) Ke eng se se tshwantshediwang ke ditiragalo tse di diregang mo tshimong ya molemi? (b) Re tla sekaseka karolo efe ya setshwantsho seno?

2 Ditiragalo tse di diregang mo tshimong ya molemi di bontsha gore Jesu o tla phutha leng le gone jang setlhopha sotlhe sa korong—Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tla busang le ene mo Bogosing jwa gagwe—go tswa mo bathong. Tiro ya go jala e simolotse ka Pentekosete ya 33 C.E. Tiro ya go phutha e tla wediwa fa batlodiwa ba ba tla bong ba sa ntse ba tshela mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo, ba tshwaiwa la bofelo mme go tswa foo ba bo ba tseelwa kwa legodimong. (Math. 24:31; Tshen. 7:1-4) Fela jaaka motho yo o palameng mo setlhoeng sa thaba a kgona go bona sengwe le sengwe se se mo dikologileng, setshwantsho seno se re thusa gore re kgone go bona sentle ditiragalo tse di neng di tla diragala mo lobakeng lwa dingwaga di ka nna 2 000. Go ya ka tsela e re tlhaloganyang dilo botoka ka yone, ke ditiragalo dife tse di amanang le Bogosi tse re di lemogang? Setshwantsho seno se tlhalosa nako ya go jala, ya go gola le ya thobo. Setlhogo seno se tla remelela thata mo nakong ya thobo. *

JESU O ETSE TLHOKO SE SE DIRAGALANG

3. (a) Go ne ga diragala eng morago ga lekgolo la ntlha la dingwaga? (b) Go ya ka Mathaio 13:28, go ne ga tsoga potso efe, mme e ne ya bodiwa ke bomang? (Bona gape le dintlha tse di konelang.)

3 Mo tshimologong ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E.,  ‘mefero e ne ya bonala’ fa Bakeresete ba e seng ba boammaaruri ba ne ba tlhagelela mo lefatsheng. (Math. 13:26) Mo lekgolong la bonè la dingwaga, palo ya Bakeresete ba ba tshwantshediwang ke mefero e ne ya feta kgakala palo ya Bakeresete ba ba tloditsweng. Se lebale gore mo setshwantshong seno, batlhanka ba ne ba kopa mong wa bone gore a ba neye tetla ya gore ba kumole mefero. * (Math. 13:28) Mong wa bone o ne a reng?

4. (a) Karabo ya Mong e bong Jesu e senola eng? (b) Bakeresete ba ba tshwantshediwang ke korong ba ne ba lemogiwa leng?

4 Fa Jesu a bua ka korong le mefero, o ne a re: “Di leseng di gole mmogo go fitlha ka nako ya thobo.” Taelo eno e bontsha gore fa e sa le go tloga mo lekgolong la ntlha la dingwaga go tla go fitlha gompieno, go ntse go na le bangwe ba Bakeresete ba batlodiwa ba ba tshwantshediwang ke korong mo lefatsheng. Seo se tlhomamisiwa ke se moragonyana Jesu a neng a se bolelela barutwa ba gagwe fa a ne a re: “Ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Math. 28:20) Ka jalo, Jesu o tla sireletsa Bakeresete ba ba tloditsweng malatsi otlhe go fitlha kwa bokhutlong jwa metlha. Le fa go ntse jalo, e re ka ba ne ba hupeditswe ke Bakeresete ba ba tshwantshediwang ke mofero, ga re tlhomamisege gore ke bomang ba ba neng ba le mo setlhopheng sa korong mo lobakeng loo lo loleele lwa nako. Mme gone, masomesome a dingwaga pele ga paka ya thobo e simolola, setlhopha sa korong se ne sa simolola go lemotshega. Seo se ne sa direga jang?

MORONGWA O “BULA TSELA”

5. Boporofeti jwa ga Malaki bo ne jwa diragadiwa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

 5 Makgolokgolo a dingwaga pele ga Jesu a bua ka setshwantsho sa korong le mefero, Jehofa o ne a tlhotlheletsa moporofeti Malaki go bolelela pele ditiragalo tse di tlhalosiwang mo setshwantshong sa ga Jesu. (Bala Malaki 3:1-4.) Johane Mokolobetsi e ne e le ene ‘morongwa yo o neng a bula tsela.’ (Math. 11:10, 11) Fa a ne a goroga ka 29 C.E., nako ya go atlholwa ga setšhaba  sa Iseraele e ne e le gaufi. Jesu e ne e le morongwa wa bobedi. O ne a phepafatsa tempele ya kwa Jerusalema gabedi—la ntlha fa a ne a simolola bodiredi jwa gagwe mme la bobedi, go ela kwa bokhutlong jwa bodiredi jwa gagwe. (Math. 21:12, 13; Joh. 2:14-17) Ka jalo, tiro ya ga Jesu ya go phepafatsa e ne e tla tsaya lobaka lo lo rileng.

6. (a) Boporofeti jwa ga Malaki bo diragadiwa jang ka tsela e kgolwane? (b) Jesu o ne a tlhatlhoba tempele ya semoya ka nako efe? (Bona gape le dintlha tse di konelang.)

 6 Boporofeti jwa ga Malaki bo diragadiwa jang ka tsela e kgolwane? Mo masomesomeng a dingwaga a a neng a lebisa go 1914, C. T. Russell le batho ba a neng a bereka le bone ba ne ba dira tiro e e tshwanang le ya ga Johane Mokolobetsi. Tiro eo ya botlhokwatlhokwa e ne e akaretsa go tsosolosa dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele. Baithuti ba Baebele ba ne ba ruta bokao jwa boammaaruri jwa setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete, ba senola gore thuto ya molelo wa dihele ke maaka ba bo ba bolela gore Metlha ya Baditšhaba e tla fela. Le fa go ntse jalo, go ne go sa ntse go na le ditlhopha tsa bodumedi tse dintsi tse di neng di ipolela gore ke balatedi ba ga Keresete. Ka jalo, potso eno ya botlhokwa e ne e tshwanetse go arabiwa: Ke bomang mo ditlhopheng tseo ba e neng e le korong? Go araba potso eo, Jesu o ne a simolola go tlhatlhoba tempele ya semoya ka 1914. Tiro eo ya go tlhatlhoba le go phepafatsa e ne ya dirwa mo lobakeng lo lo rileng lwa nako—go simolola ka 1914 go fitlha mo masimologong a 1919. *

DINGWAGA TSA GO TLHATLHOBA LE GO PHEPAFATSA

7. Fa Jesu a ne a simolola tiro ya gagwe ya go tlhatlhoba ka 1914, o ne a fitlhela eng?

7 Fa Jesu a ne a simolola tiro ya gagwe ya go tlhatlhoba, o ne a fitlhela eng? O ne a fitlhela setlhopha se sennye sa Baithuti ba Baebele ba ba tlhagafetseng, ba mo dingwageng tse di fetang 30 ba neng ba dirisa maatla le dithoto tsa bone go tsweletsa pele letsholo la go rera. * Ruri go tshwanetse ga bo go ne go itumedisa Jesu  le baengele go bona gore setlhopha seo se sennye le se se nonofileng se se neng se tshwana le lotlhaka lwa korong, ga se a ka sa hupediwa ke mefero ya ga Satane! Le fa go ntse jalo, go ne ga tlhokega gore ‘go ntlafadiwe bomorwa Lefi,’ e leng batlodiwa. (Mal. 3:2, 3; 1 Pet. 4:17) Ka ntlha yang?

8. Go ne ga diragala eng morago ga 1914?

8 Kwa bokhutlong jwa 1914, Baithuti ba Baebele bangwe ba ne ba kgobega marapo ka gonne ba ne ba sa ya legodimong. Ka 1915 le 1916, batho ba ba neng ba se mo phuthegong ba ba neng ba le kgatlhanong le batho ba Modimo, ba ne ba dira gore tiro ya go rera e nne bonya. Se se maswe le go feta ke gore, morago ga loso lwa ga Mokaulengwe Russell ka Diphalane 1916, go ne ga tsoga kganetso mo teng ga phuthego ya Modimo. Batsamaisi ba le banè mo go ba le supa ba Watch Tower Bible and Tract Society ba ne ba tsuologela tshwetso ya gore Mokaulengwe Rutherford e nne ene a etelelang pele. Ba ne ba leka go baka dikgaogano mo gare ga bakaulengwe, le fa go ntse jalo, ka Phatwe 1917, ba ne ba tswa mo Bethele—ruri seo e ne e le go phepafatsa phuthego ya Modimo! Baithuti ba Baebele bangwe le bone ba ne ba ineela ka ntlha ya go boifa batho. Le fa go ntse jalo, Baithuti ba Baebele e le setlhopha, ba ne ba itetla go phepafadiwa ke Jesu mme ba dira diphetogo tse di neng di tlhokega. Ka jalo, Jesu o ne a ba atlhola gore ke Bakeresete ba boammaaruri ba ba tshwantshediwang ke korong, mme a gana Bakeresete ba e seng ba boammaaruri, go akaretsa le ba ba neng ba le mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete. (Mal. 3:5; 2 Tim. 2:19) Go ne ga diragala eng morago ga foo? Gore re bone karabo ya potso eo, a re sekasekeng gape setshwantsho sa korong le mefero.

GO DIRAGALANG MORAGO GA TSHIMOLOGO YA PAKA YA THOBO?

9, 10. (a) Gone jaanong re tla sekaseka eng malebana le paka ya thobo? (b) Ke eng sa ntlha se se diragetseng mo pakeng ya thobo?

9 Jesu o ne a re: “Thobo ke bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo.” (Math. 13:39) Paka eo ya thobo e ne ya simolola ka 1914. Re tla tlotla ka ditiragalo di le tlhano tse Jesu a ileng a bolelela pele gore di tla diragala ka nako eo.

10 Ya ntlha, go phutha mefero. Jesu a re: “Mo pakeng ya thobo ke tla bolelela barobi ke re, Phuthang pele mefero lo bo lo e bofe ka dingata.” Morago ga 1914, baengele ba ne ba simolola go ‘phutha’ Bakeresete ba ba tshwantshediwang ke mofero, ka go ba kgaoganya le batlodiwa, e leng “bana ba bogosi.”—Math. 13:30, 38, 41.

11. Go tla go fitlha gompieno, ke eng se se dirang gore Bakeresete ba boammaaruri ba farologane le ba e seng ba boammaaruri?

11 Fa tiro ya go phutha e ntse e tsweletse, pharologano magareng ga ditlhopha tseno tse pedi e ne ya bonala sentle. (Tshen. 18:1, 4) Ka 1919, go ne ga bonala sentle gore Babelona yo Mogolo o ole. Ke eng se segolobogolo se neng se dira gore Bakeresete ba boammaaruri ba farologane le ba e seng ba boammaaruri? Ke tiro ya go rera. Ba ba neng ba eteletse Baithuti ba Baebele pele ba ne ba simolola go gatelela botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe a nne le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi. Ka sekai, bukana ya To Whom the Work Is Entrusted, e e gatisitsweng ka 1919, e ne ya rotloetsa Bakeresete botlhe ba batlodiwa gore ba rere ka ntlo le ntlo. E ne ya re: “Tiro e bonala e le kgolo, le fa go ntse jalo, ke tiro ya Morena, mme re tla e dira ka maatla a gagwe. Lo na le tshiamelo ya go nna le seabe mo go yone.” Batho ba ne ba itshwara jang fa ba utlwa seo? Go ya ka Tora ya Tebelo ya 1922, go simolola ka nako eo go ya pele, Baithuti ba Baebele ba ne ba oketsa tiro ya go rera. Go ise go ye kae, tiro ya go rera ka ntlo le ntlo e ne ya nna letshwao la Bakeresete bao ba ba ikanyegang—go tla go fitlha gompieno.

12. Setlhopha sa korong se ne sa simolola go phuthiwa leng?

12 Ya bobedi, go phutha korong. Jesu o laela baengele ba gagwe jaana: ‘Yang go phuthela korong mo ntlong ya me ya polokelo.’ (Math. 13:30) Fa e sa le ka 1919, batlodiwa ba ntse ba phuthelwa mo phuthegong ya Bokeresete e e tsosolositsweng. Bakeresete ba batlodiwa ba ba tla bong ba tshela mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo, ba tla phuthiwa la bofelo fa ba amogela  tuelo ya bone ya go tshela kwa legodimong.—Dan. 7:18, 22, 27.

13. Tshenolo 18:7 e senola eng malebana le boikutlo jwa seaka kgotsa Babelona yo Mogolo, go akaretsa le madumedi a a ipitsang a Bokeresete?

13 Ya boraro, selelo le phuranyo ya meno. Fa baengele ba sena go phutha mefero, go direga eng? Fa Jesu a bua ka boemo jwa setlhopha sa mofero a re: “Ke gone koo selelo sa bone le phuranyo ya meno a bone di tla nnang gone.” (Math. 13:42) A seo se a direga gone jaanong? Nnyaa. Gompieno, madumedi a a ipitsang a Bokeresete a e leng karolo ya seaka, a sa ntse a bua jaana: “Ke ntse jaaka kgosigadi, ga ke motlholagadi, e bile ga ke kitla ke bona khutsafalo.” (Tshen. 18:7) Eleruri, madumedi a a ipitsang a Bokeresete a ikutlwa e le one a laolang, e bile a ipolela gore a “ntse jaaka kgosigadi” mo godimo ga baeteledipele ba dipolotiki. Gone jaanong, batho bao ba ba emelwang ke mefero ba a ikgantsha, ga ba lele. Le fa go ntse jalo, seo se tloga se fetoga.

Kamano e madumedi a a ipitsang a Bokeresete a nang le yone le baeteledipele ba dipolotiki e tloga e fela (Bona serapa 13)

14. (a) Bakeresete ba e seng ba boammaaruri ba tla ‘phuranya meno a bone’ leng mme gone ka ntlha yang? (b) Tsela e ntšha e re tlhaloganyang ka yone Mathaio 13:42, e dumalana jang le se se tlhalosiwang mo go Pesalema 112:10? (Bona dintlha tse di konelang.)

14 Ka nako ya pitlagano e kgolo, morago ga gore bodumedi jotlhe jwa maaka bo senngwe, ba e neng e le balatedi ba jone ba tla sia ba batla lefelo la go iphitlha, mme gone, ga ba kitla ba bona lefelo lepe le le sireletsegileng. (Luke 23:30; Tshen. 6:15-17) Go tswa foo, e re ka ba tla bo ba lemoga gore ga go na kwa ba tla iphitlhelang tshenyego gone, ba tla lela ka ntlha ya go tlalelwa ba bo ba ‘phuranya meno a bone’ ka ntlha ya go galefa. Fela jaaka Jesu a boleletse pele mo boporofeting jwa gagwe jo bo malebana le pitlagano e kgolo, mo nakong eo e e thata, ba tla “ititaya [ba] lela selelo sa khutsafalo.” *Math. 24:30; Tshen. 1:7.

15. Go tla diragala eng ka mefero, mme seo se tla direga leng?

15 Ya bonè, go latlhelwa mo bokepisong. Go tla diragala eng ka batho ba ba tshwantshediwang ke dingata tsa mefero? Baengele “ba tlaa ba latlhela mo bokepisong jo bo tukang.” (Math. 13:42) Seo se kaya go senngwa gotlhelele. Ka jalo, batho bao ba e neng e le balatedi ba mekgatlho ya bodumedi jwa maaka ba tla senngwa ka nako ya karolo ya bofelo ya pitlagano e kgolo, Haramagedona.—Mal. 4:1.

16, 17. (a) Tiragalo ya bofelo e Jesu a e umakang mo setshwantshong sa gagwe ke efe? (b) Ke eng fa re ka dira tshwetso ya gore tiragalo eo e sa ntse e tla diragala mo nakong e e tlang?

16 Ya botlhano, go phatsima thata. Jesu o konela boporofeti jwa gagwe ka go re: “Ka nako eo basiami ba tla phatsima thata fela jaaka letsatsi mo bogosing jwa ga Rraabone.” (Math. 13:43) Seo se tla diragala leng le gone kae? Mafoko ano a sa ntse a tla diragadiwa mo nakong e e tlang. Jesu o ne a bolelela pele tiragalo e e neng e tla diragala kwa legodimong, e seng se se diragalang gone jaanong mo lefatsheng. * Ela tlhoko mabaka a le mabedi a go bo re bua jalo.

17 A re simololeng ka go sekaseka potso ya ntlha e e malebana le gore seo se tla diragala  leng. Jesu o ne a re: “Ka nako eo basiami ba tla phatsima.” Ga go pelaelo gore polelwana “ka nako eo” e bua ka tiragalo e Jesu a neng a sa tswa go e umaka, e leng ‘go latlhela mefero mo bokepisong jo bo tukang.’ Seo se direga mo karolong ya bofelo ya pitlagano e kgolo. Ka jalo, ‘go phatsima thata’ ga batlodiwa le gone go tshwanetse ga direga mo nakong e e tlang. Mma jaanong re sekasekeng potso ya bobedi ya gore seno se tla diragala kae. Jesu o ne a re basiami ba tla ‘phatsima mo bogosing.’ Seo se kaya eng? Batlodiwa botlhe ba ba ikanyegang ba ba tla bong ba sa ntse ba le mo lefatsheng fa karolo ya ntlha ya pitlagano e kgolo e sena go feta ba tla bo ba setse ba tshwailwe la bofelo. Go tswa foo, jaaka go bontshitswe mo boporofeting jwa ga Jesu jo bo malebana le pitlagano e kgolo, ba tla phuthelwa kwa legodimong. (Math. 24:31) Fa ba le koo, ba tla phatsima “mo bogosing jwa ga Rraabone,” mme nakwana fela morago ga ntwa ya Haramagedona, ba tla nna monyadiwa yo o itumetseng wa ga Jesu mo ‘lenyalong la Kwana.’—Tshen. 19:6-9.

KAFA RE SOLEGELWANG MOLEMO KA GONE

18, 19. Setshwantsho sa ga Jesu sa korong le mefero se ka solegela mongwe le mongwe wa rona molemo ka ditsela dife?

18 Re solegelwa molemo jang ke go tlhaloganya ka botlalo se setshwantsho seno se se kayang? A re sekasekeng ditsela di le tharo. Ya ntlha, setshwantsho seno se dira gore temogo ya rona e oketsege. Se senola lebaka la botlhokwa la go bo Jehofa a letleletse boikepo. O ne a “leseletsa dijana tsa tšhakgalo” gore a baakanye ‘dijana tsa kutlwelobotlhoko’—ba setlhopha sa korong. * (Bar. 9:22-24) Tsela ya bobedi, se nonotsha tsholofelo ya rona. Fa bokhutlo bo ntse bo atamela, baba ba rona ba tla nonotsha ntwa e ba e lwang kgatlhanong le rona, mme ‘ga ba na ba fenya.’ (Bala Jeremia 1:19.) Fela jaaka Jehofa a ile a sireletsa setlhopha sa korong go ralala dingwaga, Rraarona yo o kwa legodimong o tla dirisa Jesu le baengele gore a nne le rona “malatsi otlhe” a a tlang.—Math. 28:20.

19 Tsela ya boraro, setshwantsho seno se re thusa gore re bone gore ba setlhopha sa korong ke bomang. Ke eng fa seo se le botlhokwa thata? Go itse gore Bakeresete ba ba tshwantshediwang ke korong ke bomang, go tla re thusa gore re kgone go bona karabo ya potso e Jesu a ileng a e botsa mo boporofeting jwa gagwe jo bo malebana le metlha ya bofelo. O ne a botsa jaana: “Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang?” (Math. 24:45) Ditlhogo tse pedi tse di latelang di tla re naya karabo e e kgotsofatsang ya potso eo.

 

^ ser. 2 Serapa 2: Gore o ikgopotse bokao jwa dikarolo tse dingwe tsa setshwantsho seno, re go rotloetsa gore o bale setlhogo se se reng, “Basiami ba Tla Phatsima Thata Fela Jaaka Letsatsi” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 15, 2010.

^ ser. 3 Serapa 3: E re ka baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba sule mme batlodiwa ba ba setseng mo lefatsheng ba tshwantshediwa ke korong e seng ke batlhanka, batlhanka bano ba tshwanetse ba bo ba tshwantshetsa baengele. Moragonyana mo setshwantshong seo, ba ba kumolang mefero ba tlhalosiwa e le baengele.—Math. 13:39.

^ ser. 6 Serapa 6: Eno ke tsela e ntšha e re tlhaloganyang dilo ka yone. Mo nakong e e fetileng re ne re akanya gore Jesu o ne a dira tiro ya go tlhatlhoba ka 1918.

^ ser. 7 Serapa 7: Go tloga ka 1910 go ya go 1914, Baithuti ba Baebele ba anamisitse dibuka di ka nna 4 000 000 le dipampitshana di feta 200 000 000.

^ ser. 14 Serapa 14: Eno ke tsela e ntšha e re tlhaloganyang Mathaio 13:42 ka yone. Mo nakong e e fetileng dikgatiso tsa rona di ne di tlhalosa gore Bakeresete ba e seng ba boammaaruri, ba ntse ba ‘lela e bile ba phuranya meno’ ka dingwagangwaga, ba lelela gore “bana ba bogosi” ba senola se tota ba leng sone—“bana ba yo o boikepo.” (Math. 13:38) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ela tlhoko gore kgang ya go phuranya meno e tsamaisana le tshenyego.—Pes. 112:10.

^ ser. 16 Serapa 16: Daniele 12:3 e tlhalosa gore “ba ba nang le temogo [Bakeresete ba ba tloditsweng] ba tla phatsima jaaka phatsimo ya phuthologo.” Fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng ba dira seno ka go nna le seabe mo tirong ya go rera. Le fa go ntse jalo, Mathaio 13:43 e tlhalosa nako e ka yone ba tla bong ba phatsima thata mo Bogosing jwa legodimo. Mo nakong e e fetileng, re ne re akanya gore ditemana tseno tsoopedi di bua ka tiragalo e le nngwe—tiro ya go rera.