Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lo Itshepisitswe

Lo Itshepisitswe

“Lo tlhapisitswe lwa nna phepa, lo itshepisitswe.”—1 BAKOR. 6:11.

1. Ke dilo dife tse di sa itumediseng tse Nehemia a di fitlhelang fa a boela kwa Jerusalema? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

BAAGI ba Jerusalema ba a bua. Motswakwa yo o itsegeng ka dilo tse di bosula o nna mo tempeleng. Balefi ba tlogetse ditiro tsa bone. Go na le gore bagolwane ba etelele pele mo kobamelong, ba dira kgwebo ka Sabata. Baiseraele ba le bantsi ba nyalana le batho ba e seng Bajuda. Tseno ke dingwe tsa dilo tse di sa itumediseng tse Nehemia a fitlhelang di direga fa a boela kwa Jerusalema nako nngwe morago ga 443 B.C.E.—Neh. 13:6.

2. Iseraele e ne ya nna jang setšhaba se se itshepisitsweng?

2 Iseraele e ne e le setšhaba se se ineetseng mo Modimong. Ka 1513 B.C.E., Baiseraele ba ne ba ikemiseditse go dira thato ya ga Jehofa. Ba ne ba re: “Re iketleeleditse go dira mafoko otlhe a Jehofa a a buileng.” (Ekes. 24:3) Ka jalo, Modimo o ne a ba itshepisa mme a ba tlhopha gore e nne batho ba gagwe. Ruri eo e ne e le tshiamelo e kgolo! Dingwaga di le masomeamanè morago ga foo, Moshe o ne a ba gakolola jaana: “O setšhaba se se boitshepo mo go Jehofa Modimo wa gago. Jehofa Modimo wa gago o tlhophile wena gore o nne setšhaba sa gagwe, thuo e e kgethegileng, mo ditšhabeng tsotlhe tse di mo godimo ga lefatshe.”—Dute. 7:6.

3. Boemo jwa semoya jwa Bajuda e ne e le bofe fa Nehemia a ne a boela kwa Jerusalema lekgetlo la bobedi?

3 Se se utlwisang botlhoko ke gore tlhagafalo e Baiseraele ba neng ba na le yone kwa tshimologong ka go bo e le setšhaba se se boitshepo, e nnile selo sa nakwana fela. Le fa gone ka metlha go ne go na le batho ba ba neng ba direla Modimo, Bajuda ka kakaretso ba ne ba amegile ka gore ba bonale e le batho ba ba boitshepo kgotsa ba ba nang le tumelo go na le go amega ka go dira thato ya Modimo. Fa Nehemia a ne a boela kwa Jerusalema lekgetlo la bobedi, go ne go setse go fetile mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo fa e sa le masalela a a ikanyegang a boile kwa Babelona go tla go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri. Le mo lekgetlong leno, setšhaba se ne se sa tlhole se tlhoafaletse dilo tsa semoya.

4. Re tla sekaseka dintlha dife tse di ka re thusang gore re nne re le batho ba ba boitshepo?

 4 Fela jaaka Baiseraele, re ka re le gompieno Modimo o itshepisitse Basupi ba ga Jehofa. Bakeresete ba ba tloditsweng le ba “boidiidi jo bogolo” le bone ba boitshepo, ba tlhophilwe go dira tirelo e e boitshepo. (Tshen. 7:9, 14, 15; 1 Bakor. 6:11) Ga go ope wa rona yo o batlang gore Modimo a se ka a tlhola a mo tsaya a le boitshepo fela jaaka kgabagare go ne ga direga ka Baiseraele. Ke eng se se ka re thusang go thibela gore seno se se ka sa direga, e le gore re nne re le boitshepo le gore Jehofa a nne a re dirisa mo tirelong ya gagwe? Mo setlhogong seno, re tla sekaseka dintlha tseno tse nnè tse di gatelelwang mo go kgaolo 13 ya Nehemia: (1) Tila ditsala tse di sa siamang; (2) ema nokeng dithulaganyo tsa puso ya Modimo; (3) dira gore dilo tsa semoya di tle pele; le (4) sireletsa letshwao la gago la Bokeresete. A jaanong re sekasekeng nngwe le nngwe ya dintlha tseno.

TILA DITSALA TSE DI SA SIAMANG

Nehemia o ne a bontsha jang gore o ikanyega mo go Jehofa? (Bona serapa 5, 6)

5, 6. Eliashibe le Tobia e ne e le bomang, mme ke eng se se ka tswang se dirile gore e nne ditsala?

5 Bala Nehemia 13:4-9. Re dikologilwe ke tlhotlheletso e e sa siamang, ka jalo, ga go motlhofo gore re nne re le boitshepo. Akanya ka Eliashibe le Tobia. Eliashibe e ne e le moperesiti yo mogolo, mme Tobia ene e ne e le Moamona, e bile go ka direga gore e ne e le modiredimogolo wa maemo a a kwa tlase mo kgaolong ya Judea e e neng e laolwa ke Peresia. Tobia le ditsala tsa gagwe ba ne ba le kgatlhanong le maiteko a ga Nehemia a go aga dipota tsa Jerusalema sesha. (Neh. 2:10) Baamona ba ne ba ileditswe go tsena mo lolwapeng lwa tempele. (Dute. 23:3) Ka jalo, ke eng fa moperesiti yo mogolo a ne a letlile gore monna yo o jaaka Tobia a tsene mo phaposing ya bojelo mo tempeleng?

6 Tobia e ne e le tsala e kgolo ya ga Eliashibe. Tobia le morwawe e bong Jehohanane ba ne ba nyetse basadi ba Bajuda, mme Bajuda ba le bantsi ba ne ba bua dilo tse di molemo ka Tobia. (Neh. 6:17-19) Ngwana wa ngwana wa ga Eliashibe o ne a nyetse morwadia Sanabalate, yo e neng e le mmusi wa kwa Samarea e bile e le mongwe wa ditsala tse dikgolo tsa ga Tobia. (Neh. 13:28) Seno se dira gore re lemoge lebaka la go bo Moperesiti yo Mogolo e bong Eliashibe a ne a letlelela gore monna yono yo e neng e se modumedi mme gape e le moganetsi a mo tlhotlheletse. Le fa go ntse jalo, Nehemia o ne a bontsha gore o ikanyega mo go Jehofa ka go latlhela thoto yotlhe ya ga Tobia kwa ntle ga phaposi ya bojelo.

7. Bagolwane le batho ba bangwe ba dira jang gore ba tswelele ba le boitshepo mo go Jehofa?

7 E re ka re le batho ba ba ineetseng mo go Jehofa, re tshwanetse go dira gore go ikanyega mo go ene e nne selo se se tlang pele mo matshelong a rona. Fa re sa ikobele melao ya gagwe e e siameng, re ka se tswelele re le boitshepo mo go ene. Ga re a tshwanela go letla gore dikamano tsa lelapa di dire gore re se ka ra ikobela melao e e mo Baebeleng. Bagolwane ba Bakeresete ba kaelwa ke Jehofa e seng ke se bone ba se akanyang kgotsa maikutlo a bone. (1 Tim. 5:21) Bagolwane ba kelotlhoko gore ba se ka ba dira sepe se se ka dirang gore Modimo a se ka a tlhola a ba amogela.—1 Tim. 2:8.

8. Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba ba ineetseng ba tshwanetse go gakologelwa eng malebana le ditsala tsa bone?

8 Go tla bo go le molemo gore re gopole gore, “go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakor. 15:33) Bangwe ba masika a rona ba ka tswa ba sa re tlhotlheletse go dira dilo tse di siameng mo botshelong. Eliashibe o ne a tlhometse batho sekao se se molemo ka go ema Nehemia nokeng ka botlalo fa go ne go agiwa sesha dipota tsa kwa Jerusalema. (Neh. 3:1) Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, go bonala tlhotlheletso e e sa siamang ya ga Tobia le ya batho ba bangwe e ne ya dira gore Eliashibe a dire dilo tse di neng tsa dira gore a leswafale fa pele ga ga Jehofa. Ditsala tse di siameng di re kgothaletsa go dira dilo tsa semoya tse di jaaka go bala Baebele, go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, le go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. Fa ba lelapa ba re tlhotlheletsa go dira se se siameng, seno se dira gore re ba rate fela thata re bo re ba anaanele.

 EMA NOKENG DITHULAGANYO TSA PUSO YA MODIMO

9. Ke eng fa dithulaganyo tsa tempele di ile tsa kgoreletsega, mme Nehemia o ne a pega bomang molato ka ntlha ya seno?

9 Bala Nehemia 13:10-13. Go bonala go ne go sa tlhole go ntshiwa meneelo yotlhe e e neng e ntshediwa tempele fa Nehemia a ne a boela kwa Jerusalema. E re ka Balefi ba ne ba sa tlhole ba amogela meneelo eno, ba ne ba tlogela dikabelo tsa bone mme ba ya go bereka kwa masimong a bone. Nehemia o ne a pega bathusi ba mmusi molato ka ntlha ya seno. Go bonala ba ne ba sa tlhole ba dira ditiro tsa bone. Gongwe ba ne ba sa kokoanye ditsabosome tse batho ba neng ba tshwanetse go di ntsha kgotsa ba ne ba sa di ise kwa tempeleng jaaka ba ne ba tshwanetse go dira. (Neh. 12:44) Ka jalo, Nehemia o ne a dira gore ditsabosome di kokoanngwe. O ne a tlhoma banna ba ba ikanyegang gore ba okamele mabolokelo a tempele le meneelo e e neng e tla ntshiwa.

10, 11. Batho ba Modimo ba na le tshiamelo efe ya go ema nokeng kobamelo ya boammaaruri?

10 A re ka ithuta sengwe mo go seno? Ee, ka gonne re a gopodiwa gore re na le tshiamelo ya go tlotla Jehofa ka dilo tsa rona tse di tlhwatlhwakgolo. (Dia. 3:9) Fa re ntsha meneelo e e emang tiro ya ga Jehofa nokeng, tota re a bo re mo naya se e setseng e le sa gagwe. (1 Ditir. 29:14-16) Re ka tswa re sa akanye gore re na le mo gontsi mo re ka go ntshang, mme gone fa re na le keletso ya go dira jalo, rotlhe re ka kgona go aba.—2 Bakor. 8:12.

11 Ka dingwaga di le dintsi, lelapa lengwe le legolo le ne le laletsa banyalani ba ba godileng ba babulatsela ba ba kgethegileng gore ba tle go ja le bone gangwe mo bekeng. Le fa lelapa leno le ne le na le bana ba le robedi, mmaabone o ne a tle a re: “Bothata ke eng ka go oketsa dipoleite di le lesome ka tse pedi fela?” Go laletsa motho go tla go ja le wena gangwe fela ka beke e ka lebega e se sepe se se kalo, le fa go ntse jalo, babulatsela bao ba ne ba itumelela bopelotshweu joo tota! Mme le bone ba ne ba nna tshegofatso mo lelapeng leo. Bana ba lelapa leo ba ne ba tlhotlheletsega gore ba gatele pele semoyeng ka ntlha ya maitemogelo a banyalani bao ba neng ba a tlotlela lelapa leo, le mafoko a bone a a kgothatsang. Moragonyana, bana bao botlhe ba ne ba tsenela tirelo ya nako e e tletseng.

12. Banna ba ba tlhomilweng mo phuthegong ba tlhoma sekao sefe se se molemo?

12 Sengwe gape se re ka ithutang sone ke seno: Fela jaaka Nehemia, gompieno banna ba ba tlhomilweng ba etelela pele go ema nokeng dithulaganyo tsa puso ya Modimo. Ba bangwe mo phuthegong ba solegelwa molemo ke sekao sa bone. Gape bagolwane ba etsa Paulo mo ntlheng eno. O ne a ema nokeng kobamelo ya boammaaruri mme a naya ditaelo tse di mosola. Ka sekai, o ne a ntsha dikakantsho di le mmalwa tse di mosola tsa kafa go ka ntshiwang  meneelo ka gone.—1 Bakor. 16:1-3; 2 Bakor. 9:5-7.

DIRA GORE DILO TSA SEMOYA DI TLE PELE

13. Bangwe ba Bajuda ba ne ba bontsha jang gore ga ba tlotle Sabata?

13 Bala Nehemia 13:15-21. Fa re itetla go nna re tshwaregile ka go ikgobokanyetsa dithoto, ka bonya ka bonya re ka koafala semoyeng. Go ya ka Ekesodo 31:13, Sabata ya beke le beke e ne e tshwanetse go gopotsa Baiseraele gore e ne e le batho ba ba itshepisitsweng. Ba ne ba tshwanetse go beela letsatsi la Sabata kwa thoko gore ba dire kobamelo ya lelapa, ba rapele, ba bo ba tlhatlhanye ka Molao wa Modimo. Le fa go ntse jalo, mo go bangwe ba ba neng ba tshela ka nako ya ga Nehemia, Sabata e ne e ntse fela jaaka letsatsi lengwe le lengwe le le tlwaelegileng—ba ne ba dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi. Ba ne ba kgaphetse kobamelo kwa thoko. Fa Nehemia a bona se se diregang, o ne a dira gore dikgoro tsa motse di tswalwe ka lotlatlana mo letsatsing la borataro, a koba bagwebi ba batswakwa pele ga Sabata e simolola.

14, 15. (a) Re ka diragalelwa ke eng fa re sa laole tsela e re ratang dilo tse di bonalang ka yone? (b) Re ka tsena jang mo boikhutsong jwa Modimo?

14 Re ithuta eng mo sekaong sa ga Nehemia? Sengwe se re ka ithutang sone ke gore, re tshwanetse go laola tsela e re ratang dilo tse di bonalang ka yone. Go seng jalo, go ka nna motlhofo gore re iteege tsebe—kgotsa re nne pelopedi—segolobogolo fa e le gore re itumelela tiro ya rona ya boitshediso. Se lebale tlhagiso ya ga Jesu e e malebana le go direla beng ba babedi. (Bala Mathaio 6:24.) Le fa gone Nehemia a ne a na le dilo tse a ka itshedisang ka tsone, o ne a dirisa jang nako ya gagwe kwa Jerusalema? (Neh. 5:14-18) Go na le gore a dire kgwebo le Bature le ditšhaba tse dingwe, o ne a ineela gore a thuse bakaulengwe ba gagwe le go dira dilo tse di neng di dira gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe. Le gompieno, bagolwane ba Bakeresete le batlhanka ba bodiredi ba tlhoma mogopolo mo go direng dilo tse di solegelang phuthego molemo, mme badumedimmogo le bone ba ba rata ka ntlha ya moya o ba o bontshang. Ka ntlha ya seo, go na le lorato, kagiso le polokesego mo bathong ba Modimo.—Esek. 34:25, 28.

15 Le fa Bakeresete ba sa tlhoke go keteka Sabata ya beke le beke, Paulo o re bolelela gore “go na le boikhutso jwa sabata jwa batho ba Modimo.” Gape o ne a re: “Motho yo o tseneng mo boikhutsong jwa Modimo le ene ka boene o ikhuditse mo ditirong tsa gagwe, fela jaaka Modimo a ne a ikhutsa mo go tsa gagwe.” (Baheb. 4:9, 10) Rona Bakeresete re ka tsena mo boikhutsong jwa Modimo ka go nna boikobo re bo re dira dilo go dumalana le maikaelelo a gagwe. A wena le ba o ba ratang lo dira gore kobamelo ya lelapa, go nna gone kwa dipokanong le kwa bodireding jwa tshimo e nne tsone dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa lona? Re ka nna ra tshwanelwa ke go bolelela mothapi wa rona re sa okaoke kgotsa ba re dirang kgwebo le bone gore dilo tsa semoya di tla pele mo botshelong jwa rona. Tota e bile, re ka nna ra tshwanelwa ke go ‘tswala dikgoro tsa motse mme re kobe Bature,’ gore re dire gore dilo tse di boitshepo di tle pele mo matshelong a rona. Ka gonne re itshepisitswe, go tla bo go le molemo gore re ipotse jaana, ‘A tsela e ke tshelang ka yone e bontsha gore ke tlhophilwe gore ke dire tiro ya ga Jehofa?’—Math. 6:33.

SIRELETSA LETSHWAO LA GAGO LA BOKERESETE

16. Mo motlheng wa ga Nehemia, Baiseraele ba ne ba le mo kotsing ya go latlhegelwa ke letshwao la bone e le setšhaba se se itshepisitsweng ka tsela efe?

16 Bala Nehemia 13:23-27. Mo motlheng wa ga Nehemia, banna ba Baiseraele ba ne ba nyala basadi ba batswakwa. Fa Nehemia a ne a etela Jerusalema lekgetlho la ntlha, o ne a dira gore banna botlhe ba bagolwane ba saene tumalano e mo go yone ba neng ba ikana gore ga ba kitla ba nyala baheitane. (Neh. 9:38; 10:30) Le fa go ntse jalo, dingwaga di le mmalwa morago ga foo, o ne a fitlhela gore banna ba Bajuda ba ne ba nyetse basadi ba batswakwa e bile ba ne ba le gaufi le go latlhegelwa ke letshwao la bone la go nna batho ba Modimo ba ba itshepisitsweng! Bana ba basadi bao ba batswakwa ba ne ba sa kgone go bala Sehebera le go se bua. Fa ba gola, a ba ne ba tla ipitsa Baiseraele? A gongwe ba ne ba tla itsaya e le Baashedoda,  Baamona kgotsa Bamoabe? E re ka ba ne ba sa itse Sehebera, a ba ne ba ka kgona go tlhaloganya Molao wa Modimo? Ba ne ba ka kgona jang go itse Jehofa le go tlhopha go mo direla go na le go direla medimo ya maaka e bommaabone ba neng ba e obamela? Go ne go tlhokega gore go dirwe tshwetso ka bonako, mme Nehemia o ne a dira tshwetso eo.—Neh. 13:28.

Thusa bana ba gago gore ba nne le kamano e e gaufi le Jehofa (Bona serapa 17, 18)

17. Batsadi ba ka thusa jang bana ba bone gore ba nne le kamano e e gaufi le Jehofa?

17 Gompieno re tshwanetse go tsaya kgato gore re thuse bana ba rona gore ba nne le letshwao la Bokeresete. Batsadi, ipotseng jaana, ‘Bana ba me ba kgona go bua “puo e e itshekileng” ya boammaaruri jwa Dikwalo go le kana kang? (Sefa. 3:9) A metlotlo ya bana ba me, e bontsha gore ba tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo kgotsa wa lefatshe?’ O se ka wa kgobega marapo ka bonako fela fa o lemoga gore o tlhoka go tokafatsa dilo. Go tsaya nako go ithuta puo, bogolo jang fa e le gore go na le dilo tse di go itayang tsebe. Bana ba gago ba lebane le kgatelelo e kgolo ya gore ba tlogele go ikobela Jehofa. Ka jalo, nna pelotelele mme o dirise nako ya Kobamelo ya Lelapa le ditshono tse dingwe, go thusa bana ba gago gore ba nne le kamano e e gaufi le Jehofa. (Dute. 6:6-9) Gatelela melemo ya go se tshwane le lefatshe la ga Satane. (Joh. 17:15-17) Leka ka natla go ba fitlhelela pelo.

18. Ke eng fa batsadi ba Bakeresete e le bone fela ba ka kgonang go thusa bana ba bone gore ba ineele mo go Jehofa?

18 Kwa bofelong, ngwana mongwe le mongwe o tla itirela tshwetso ya gore a o tla direla Modimo kgotsa nnyaa. Le fa go ntse jalo, go na le mo gontsi mo batsadi ba ka go dirang. Seno se akaretsa go ba tlhomela sekao se se molemo, go ba beela melao le go tlotla le bone ka diphelelo tsa ditshwetso tse ba di dirang. Batsadi, ke lona fela lo ka kgonang go thusa bana ba lona gore ba ineele mo go Jehofa. Ba tlhoka gore o ba thuse gore ba nne le letshwao la Bokeresete le gore ba tswelele ba na le lone. Boammaaruri ke gore, rotlhe re tlhoka go nna re ntshitse matlho dinameng gore re se ka ra latlhegelwa ke ‘diaparo tsa rona tsa kafa ntle’ tsa tshwantshetso—dinonofo le melaometheo e e bontshang gore re balatedi ba ga Keresete.—Tshen. 3:4, 5; 16:15.

GO GOPOLWA KA SE SE “MOLEMO”

19, 20. Jehofa a ka re gopola jang ka se se “molemo”?

19 Mongwe wa batho ba ba neng ba tshela mo motlheng wa ga Nehemia e ne e le moporofeti Malaki, yo o neng a bontsha gore, “buka ya kgakologelo [e ne] ya simolola go kwalwa . . . e kwalelwa ba ba boifang Jehofa le ba ba akanyang ka leina la gagwe.” (Mal. 3:16, 17) Modimo ga a kitla a lebala ba ba mmoifang ka tlotlo e e boteng le ba ba ratang leina la gagwe.—Baheb. 6:10.

20 Nehemia o ne a rapela jaana: “A ko o nkgakologelwe, tlhe Modimo wa me, ka tsela e e molemo.” (Neh. 13:31) Fela jaaka Nehemia, maina a rona a tla kwalwa mo bukeng ya Modimo ya kgakologelo fa re tswelela re tila ditsala tse di sa siamang, re ema nokeng dithulaganyo tsa puso ya Modimo, re dira gore dilo tsa semoya e nne tsone di tlang pele e bile re sireletsa letshwao la rona la Bokeresete. A re ‘nneng re leke gore a re mo tumelong.’ (2 Bakor. 13:5) Fa re tswelela re ipoloka re le boitshepo mo go Jehofa, o tla re gakologelwa ka se se “molemo.”