Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa ‘o Nthwalela Morwalo Letsatsi le Letsatsi’

Jehofa ‘o Nthwalela Morwalo Letsatsi le Letsatsi’

Botshelo jotlhe jwa me, ke lemogile gore Rraarona yo o rategang yo o kwa legodimong o nkeme nokeng ka lorato, le fa gone ke ne ke na le mathata a botsogo a go neng go bonala nka se kgone go a itshokela. Mme mo dingwageng di feta 20, ke ntse ke itumelela thata go direla Jehofa ke le mmulatsela.

Ke tshotswe ka 1956 ke na le bolwetse jwa spina bifida. E re ka lerapo la mokwatla wa me le ne le sa tswalega sentle, mothapo mongwe wa me o ne wa senyega mme seo se ne sa dira gore ke se ka ka kgona go tsamaya sentle, sa bo sa dira gore ke nne le mathata a mangwe a a masisi a botsogo.

Nako nngwe pele ga ke tsholwa, barongwa bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go ithuta Baebele le batsadi ba me. Fa ke sa ntse ke le ngwana, go ne go na le baboledi ba le mmalwa fela ba ba neng ba nna mo mafelong a a kwa thoko mo toropong e re neng re nna mo go yone ya Usakos kwa Namibia. Ka jalo, re ne re tshwara dipokano re le lelapa. Fa ke le dingwaga di le supa, ke ne ka dirwa karo e e bidiwang urostomy gore ke kgone go ntsha motlhapo. Fa ke na le dingwaga di le 14, ke ne ka tshwarwa ke bolwetse jwa go wa. E re ka sekolo se segolwane se ke neng nka ya kwa go sone se ne se le kgakala, mme gape ke tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng ya batsadi ba me, ga ke a ka ka kgona go fetsa sekolo.

Le fa go ntse jalo, ke ne ka ikemisetsa gore ke nonotshe kamano ya me le Jehofa. Bontsi jwa dikgatiso tsa rona tsa Bokeresete di ne di seyo ka puo ya gaetsho ya Se-Afrikaans. Ka jalo, ke ne ka ithuta go bala Seesemane gore ke kgone go ithuta dibuka tsa rona. Ke ne ka nna mmoledi wa Bogosi mme ka kolobediwa ke na le dingwaga di le 19. Mo dingwageng tse nnè tse di neng tsa latela, ke ne ka nna le mathata a mantsi a botsogo le a maikutlo. Mo godimo ga moo, e re ka ke ne ke nna mo lefelong le bontsi jwa batho ba lone ba neng ba itsane, ke ne ke sa kgone go nna le seabe mo bodireding ka tlhagafalo ka ntlha ya go boifa batho.

Fa ke ne ke le mo masimologong a dingwaga tsa bo20, re ne ra fudugela kwa Afrika Borwa go tswa Namibia mme ka nako eo, ke ne ka simolola go kopanela le phuthego lekgetlho la ntlha. Ruri seo se ne se itumedisa! Le fa go ntse jalo, ke ne ka tshwanelwa ke go dirwa karo gape—mo lekgetlhong leno e le ya colostomy, karo ya go bula phatla mo leleng le legolo.

Nako nngwe moragonyana, ke ne ka utlwa molebedi wa potologo a bua ka go tsenela tirelo ya bobulatsela. Mafoko a gagwe a ne a nkama pelo. Ke ne ke itse gore ke na le mathata a botsogo, mme gone ke ne ke bone kafa Jehofa a neng a ntshegetsa ka gone mo mathateng a le mantsi. Ka jalo, ke ne ka tsenya kopo ya go nna mmulatsela wa ka metlha. Le fa go ntse jalo, ka gonne ke ne ke na le mathata a botsogo, bagolwane ba ne ba okaoka go amogela kopo ya me.

Mme gone, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke dire sotlhe se nka se kgonang mo bodireding. Mo dikgweding tse thataro, ke ne ka kgona go fitlhelela diura tse babulatsela ba tshwanetseng go di fitlhelela, ke thusiwa ke mmè le ba bangwe. Seno se ne sa bontsha gore ke ikemiseditse go nna mmulatsela le gore ke kgona go lepalepana le mathata a me a botsogo. Ke ne ka tsenya kopo ya go nna mmulatsela gape, mme mo lekgetlhong leno e ne ya amogelwa. Ka Lwetse 1, 1988, ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha.

Jehofa o ntse a nkeme nokeng ka metlha fa ke ntse ke le mmulatsela. Go ruta ba bangwe boammaaruri go na le go akanya thata ka boemo jwa me, go ntshireleditse, go nnonotshitse e bile go nthusitse gore ke gole semoyeng. Ke ile ka itumedisiwa thata ke go thusa batho ba le mmalwa gore ba ineele ba bo ba kolobediwe.

Ke sa ntse ke na le mathata a botsogo. Mme Jehofa ‘o nthwalela morwalo letsatsi le letsatsi.’ (Pes. 68:19) Ga a nthuse fela gore ke itshokele maemo a me; mme gape o nthusa gore ke itumelele botshelo!